LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w18 December ts. 10-14
  • Tlotla “se Modimo a se Kopantseng Mmogo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlotla “se Modimo a se Kopantseng Mmogo”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SE SE ILENG SA FETOLA LENYALO
  • LEBAKA LE LE LENGWE FELA LA GO TLHALA
  • TLOTLA LENYALO LE FA LE NA LE MATHATA
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Tlhalo—Tota Bibela ya Reng ka Yone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Fa Lenyalo le Setse le Tla Thubega
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Leba Lenyalo le le Boitshepo?
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
w18 December ts. 10-14
Jesu a ruta batho ba ba mo dikologileng

Tlotla “se Modimo a se Kopantseng Mmogo”

“Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se ka a se kgaoganya.”—MAR. 10:9.

PINA: 131, 132

O NE O KA ARABA JANG?

  • Jehofa le Jesu ba leba lenyalo jang?

  • Dikwalo di letla batho go tlhalana ka lebaka lefe mme ke eng fa banyalani bangwe ba tsaya tshwetso ya go sa tlhale?

  • Motho yo o batlang go kgaogana le molekane wa gagwe o tshwanetse go akanyetsa eng?

1, 2. Bahebera 13:4 e tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira eng?

ROTLHE re itumelela go tlotla Jehofa. O tshwanelwa ke tlotlo mme le ene o re solofetsa gore o tla re tlotla. (1 Sam. 2:30; Dia. 3:9; Tshen. 4:11) Gape o batla gore re tlotle batho ba bangwe, jaaka badiredipuso. (Bar. 12:10; 13:7) Re tshwanetse go bontsha tlotlo segolobogolo mo lenyalong.

2 Moaposetoloi Paulo o ne a re: “A lenyalo le tlotlege mo go botlhe, le bolao jwa lenyalo bo nne bo sa leswafala.” (Baheb. 13:4) O ne a sa bue fela a feta ka kgang eno. Go na le moo, o ne a laela Bakeresete gore ba tseye lenyalo le le botlhokwa. A o leba lenyalo le le botlhokwa, segolobogolo fa o na le molekane?

3. Jesu o ile a naya kgakololo efe ka lenyalo? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

3 Fa o tlotla lenyalo, o etsa sekao sa ga Jesu. Fa Bafarasai ba ne ba mmotsa ka tlhalo o ne a ba bolelela se Modimo a neng a se bua ka banyalani ba ntlha a re: “Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe.” Gape o ne a re: “Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se ka a se kgaoganya.”—Bala Mareko 10:2-12; Gen. 2:24.

4. Jehofa o ne a batla gore lenyalo le nne jang?

4 Jesu o ne a dumela gore Modimo ke ene a simolotseng lenyalo le gore le tshwanetse go nnela ruri. Modimo ga a ka a raya Adame le Efa a re ba ka nna ba tlhalana. Go na le moo, o ne a batla gore “bobedi jono” bo nne mmogo go ya go ile.

SE SE ILENG SA FETOLA LENYALO

5. Loso lo nnile le diphelelo dife mo lenyalong?

5 Fa Adame a sena leofa, go ile ga nna le diphetogo. Nngwe ya tsone ke loso mme lo ile lwa ama lenyalo. Re kgona go bona seo mo go se moaposetoloi Paulo a ileng a se kwala fa a ne a tlhalosetsa Bakeresete gore ga ba tlhole ba le kafa tlase ga Molao wa ga Moshe. O ile a bontsha gore loso le fedisa kgolagano ya lenyalo mme molekane yo o swetsweng a ka kgona go nyala gape.—Bar. 7:1-3.

6. Molao wa ga Moshe o re thusa jang go bona tsela e Modimo a lebang lenyalo ka yone?

6 Modimo o ile naya setšhaba sa Iseraele Molao o o neng o bua ka dintlha tsotlhe tsa lenyalo. Molao o ne o letlelela go nyala lefufa mme tlwaelo eo e ne e ntse e le teng pele Modimo a naya setšhaba seno Molao. Le fa go ntse jalo, molao o ne o sireletsa basadi le bana gore ba se ka ba sotliwa. Ka sekai, fa Moiseraele a ne a nyetse lelata morago a bo a nyala mosadi wa bobedi, o ne a sa tshwanela go fokotsa dijo tsa mosadi wa ntlha, diaparo le tshwanelo ya gagwe ya lenyalo. Modimo o ne a lebeletse gore a nne a mo tlhokometse. (Ekes. 21:9, 10) Le fa gone re se kafa tlase ga Molao wa ga Moshe, re kgona go bona gore Jehofa o tsaya lenyalo le le botlhokwa. A le wena o le tsaya le le botlhokwa?

7, 8. (a) Go ya ka Duteronome 24:1, Molao o ne o reng ka tlhalo? (b) Jehofa o ikutlwa jang ka tlhalo?

7 Molao o ne o reng ka tlhalo? Le fa gone Modimo a ne a tsaya lenyalo le le botlhokwa, o ne a letlelela tlhalo fa go na le mabaka a a utlwalang. (Bala Duteronome 24:1.) Ka sekai, monna wa Moiseraele o ne a kgona go tlhala mosadi wa gagwe fa a fitlhela “sengwe se se seng sentle mo go ene.” Molao o ne o sa tlhalose gore “sengwe se se seng sentle” ke eng. E tshwanetse ya bo e ne e le sengwe se se tlhabisang ditlhong kgotsa se se masisi, e seng phoso fela e e sa reng sepe. (Dute. 23:14) Ka maswabi, ka nako ya ga Jesu, Bajuda ba le bantsi ba ne ba tlhala basadi ba bone ka ‘lebaka la mofuta mongwe le mongwe.’ (Math. 19:3) Ga re batle go tshwana le bone.

8 Moporofeti Malaki o ne a tlhalosa gore Modimo o ikutlwa jang ka tlhalo. Ka nako eo go ne go tlwaelegile gore monna a tlhale ‘mosadi wa bosha jwa gagwe’ a bo a nyala mosadi yo mosha yo o sa obameleng Jehofa. Malaki o ne a tlhalosa gore Modimo “o tlhoile tlhalo.” (Mal. 2:14-16) Seo se dumalana le se Modimo a ileng a se bua ka lenyalo la ntlha fa a ne a re: “[Monna] o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.” (Gen. 2:24) Jesu o ne a bontsha gore o leba lenyalo jaaka Rraagwe fa a ne a re: “Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.”—Math. 19:6.

Modimo o Ile a Dira Eng fa Baiseraele Ba ne Ba sa Ikanyege?

Baiseraele le Bajuda ba ne ba sa ikanyege mo Modimong. Ba ne ba ikgolaganya le batho ba ba obamelang medimo ya maaka mme le bone ba simolola go obamela medimo eo. Jehofa o ne a re ba “dira boaka le maje le ditlhare.” (Jer. 2:13, 20; 3:1-3, 9; bapisa Esekiele 16:28; Jakobe 4:4.) Fa ba ne ba gana go fetoga mme ba tswelela jaaka “mosadi yo o dirang boaka,” Modimo o ne a dira tshwetso. O ne a re: “E rile ke bona seo, ka tsamaisa Iseraele yo o sa ikanyegeng ka lone lebaka la go bo a dirile boaka, mme ka mo naya lekwalo la go mo tlhala gotlhelele.”—Jer. 3:6-8.

LEBAKA LE LE LENGWE FELA LA GO TLHALA

9. Re tshwanetse go tlhaloganya jang mafoko a ga Jesu a a mo go Mareko 10:11, 12?

9 Mongwe a ka botsa gore, ‘A go na le lebaka lengwe le le ka dirang gore Mokeresete a tlhale a bo a nyala gape?’ Jesu o ne a re: “Le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe mme a nyala yo mongwe o mo direla boaka, mme fa go direga gore mosadi, fa a sena go tlhala monna wa gagwe, a nyalwe ke yo mongwe, o dira boaka.” (Mar. 10:11, 12; Luke 16:18) Seno se bontsha gore Jesu o tlotla lenyalo mme o batla gore le rona re le tlotle. Monna yo o tlhalang mosadi wa gagwe yo o ikanyegang (kgotsa mosadi yo o tlhalang monna wa gagwe yo o ikanyegang) ka ntlha ya mabaka a a sa utlwaleng a bo a nyala yo mongwe, o dira boaka. Seno se boammaaruri ka gonne tlhalo ga e fedise lenyalo. Mo matlhong a Modimo, bobedi jono e sa ntse e le “nama e le nngwe.” Mo godimo ga moo, Jesu o ne a re fa monna a tlhala mosadi wa gagwe ka mabaka a a sa utlwaleng, o mmaya mo kotsing ya go dira boaka. Jang? Ka nako eo, mosadi yo o tlhadilweng o ne a ka nyalwa gape gore a kgone go tlhokomelwa. Go dira jalo go tshwana le go dira boaka.

Lebaka le le Lengwe Fela la Dikwalo

Mo makgetlong a mabedi, Jesu o ile a tlhalosa gore lebaka le le lengwe fela le motho a ka tlhalang a bo a nyala kgotsa a nyalwa gape ke fa molekane wa gagwe a dirile por·neiʹa. Lefoko leno la Segerika le kaya eng? Por·neiʹa ke boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo jo bo dirwang ke batho ba ba sa nyalanang. Bo akaretsa boaka, go gweba ka mmele, tlhakanelodikobo ya batho ba ba sa nyalanang, tlhakanelodikobo ya molomo le ya marago le go tshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo tsa motho yo o sa nyalanang le ene.—Bona setlhogo se se reng “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 15, 2006.

10. Mokeresete a ka tlhala le go nyala gape ka lebaka lefe?

10 Jesu o ne a re go na le lebaka le le lengwe fela le le ka fedisang lenyalo. O ne a re: “Ke a lo raya ka re le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka lebaka la kgokafalo [ka Segerika e leng por·neiʹa] mme a nyala yo mongwe o dira boaka.” (Math. 19:9) O ne a bua jalo gape mo Therong ya kwa Thabeng. (Math. 5:31, 32) Mo makgetlhong ano a mabedi Jesu o ne a bua ka “kgokafalo.” Lefoko leno le akaretsa: boaka, go gweba ka mmele, go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang, bosodoma le go robala le diphologolo. Ka sekai, fa monna yo o nyetseng a ka dira kgokafalo, mosadi wa gagwe a ka tlhopha go mo tlhala kgotsa go se mo tlhale. Fa a mo tlhala, mo Modimong lenyalo leo le fedile.

11. Ke eng fa Mokeresete a ka tlhopha go sa tlhale le fa a na le lebaka la Dikwalo la go dira jalo?

11 Jesu ga a ka a re fa mongwe mo lenyalong a dirile boaka, molekane yo o seng molato o tshwanetse go tlhala. Ka sekai, mosadi a ka tlhopha go sa tlhale le fa monna wa gagwe a dirile boaka. A ka tswa a sa ntse a mo rata e bile a batla go mo itshwarela le go baakanya lenyalo la bone. Boammaaruri ke gore fa a ka mo tlhala a bo a nna a sa nyalwa o tla lebana le dikgwetlho. O tla tlhokomelwa ke mang le gone o tla dira jang fa a na le keletso ya tlhakanelodikobo? Ke mang yo o tla mo ntshang bodutu? Fa ele gore ba na le bana, a go tla nna motlhofo gore a ba godisetse mo boammaaruring a le esi? (1 Bakor. 7:14) Ga go pelaelo gore fa a ka tlhala, o tla lebana le dikgwetlho.

12, 13. (a) Go ile ga direga eng mo lenyalong la ga Hosea? (b) Ke eng fa Hosea a ne a itshwarela Gomere, mme seno se re ruta eng ka lenyalo?

12 Se se diragaletseng moporofeti Hosea se re thusa go tlhaloganya gore Modimo o leba lenyalo jang. Modimo o ne a laela Hosea gore a nyale Gomere yo o neng a tla nna “mosadi wa kgokafalo le [go tshola] bana ba kgokafalo.” Gomere o ne ‘a ima mme fa nako e ntse e tsamaya a tsholela [Hosea] morwa.’ (Hos. 1:2, 3) Moragonyana o ne a nna le bana ba babedi, ba go ka diregang gore e ne e le ba boaka. Le fa Gomere a ne a dira boaka, Hosea ga a ka a mo tlhala. O ne a feleletsa a tlogetse Hosea a bo a nna lekgoba. Go sa kgathalesege se Gomere a se dirileng, Hosea o ne a ya go mo tsaya. (Hos. 3:1, 2) Jehofa o ne a dirisa Hosea go bontsha kafa a neng a itshwarela Baiseraele gangwe le gape ka gone fa ba ne ba obamela medimo ya maaka. Re ithuta eng mo go seno?

13 Fa Mokeresete a ka dira boaka, molekane wa gagwe o tshwanetse go dira tshwetso. Jesu o ne a re molekane yo o diretsweng boaka o na le lebaka la go tlhala a bo a nyala kgotsa a nyalwa gape. Mme gone, a ka nna a tlhopha go mo itshwarela. O tla bo a sa dire phoso. Hosea o ile a itshwarela Gomere. Fa Gomere a sena go boelana le Hosea, o ne a sa tshwanela go tlhakanela dikobo le monna yo mongwe. Go ne ga feta nako Hosea a sa tlhakanele dikobo le mosadi wa gagwe. (Hos. 3:3) Le fa go ntse jalo, morago ga nako o ile a tlhakanela dikobo le ene gape. Seno se ne se bontsha gore Modimo o iketleeleditse go amogela batho ba gagwe le go nna le kamano e e molemo le bone. (Hos. 1:11; 3:3-5) Seno se re ruta eng ka lenyalo? Fa molekane yo o diretsweng boaka a tlhopha go sa tlhale, fa a tlhakanela dikobo le molekane wa gagwe o tla bo a bontsha gore o mo itshwaretse. (1 Bakor. 7:3, 5) O tla bo a sa tlhole a na le lebaka la go mo tlhala. Go tswa foo, ene le molekane wa gagwe ba tshwanetse go leka ka natla go leba lenyalo jaaka Modimo a le leba.

TLOTLA LENYALO LE FA LE NA LE MATHATA

14. Go ya ka 1 Bakorintha 7:10, 11 go ka nna ga direga eng mo lenyalong?

14 Bakeresete botlhe ba tshwanetse go tlotla lenyalo fela jaaka Jehofa le Jesu ba le tlotla. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka palelwa ke go dira jalo ka gonne re na le boleo. (Bar. 7:18-23) Ka jalo, ga re a tshwanela go gakgamalela gore Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le mathata mo lenyalong. Paulo o ne a re “mosadi yo o nyetsweng a se ka a tlogela monna wa gagwe” le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba go dira.—Bala 1 Bakorintha 7:10, 11.

Bagolwane ba babedi ba naya banyalani kgakololo ya Dikwalo

Banyalani ba ka dirang go baakanya mathata mo lenyalong la bone? (Bona serapa 15)

15, 16. (a) Le fa lenyalo le na le mathata, banyalani ba tshwanetse go dira eng mme ka ntlha yang? (b) Banyalani ba ka dira seo jang fa yo mongwe e se Mokeresete?

15 Paulo ga a ka a tlhalosa gore ke eng se se dirileng gore ba kgaogane. Bothata e ne e se gore monna o dirile boaka, e leng lebaka le le ka dirang gore mosadi a mo tlhale a bo a nyalwa gape. Paulo o ne a re fa mosadi a ka kgaogana le monna wa gagwe, o tshwanetse go “[nna] a sa nyalwa kgotsa go sa nneng jalo a boelane gape le monna wa gagwe.” Mo matlhong a Modimo e ne e sa ntse e le banyalani. Paulo o ne a re le fa bothata e ka tswa e le bofe, fa fela go se na ope yo o dirileng boaka, ba tshwanetse go baakanya dilo. Banyalani ba ne ba tshwanetse go kopa thuso kwa bagolwaneng. Bagolwane ba ne ba tla ba thusa ba dirisa Dikwalo mme gone ba sa tseye letlhakore la ga ope.

16 Mathata a ne a ka nna mantsi mo lenyalong fa molekane yo mongwe e se Mokeresete. Fa go le jalo, a go kgaogana go ne go tla a rarabolola? Baebele ya re banyalani ba ka tlhalana fa mongwe a dirile boaka, mme ga e bue sepe ka gore ba ka kgaogana ka mabaka afe. Paulo o ne a re: ‘Fa mosadi a na le monna yo o sa dumeleng, mme le fa go ntse jalo a dumalana go nna le ene, a a se tlogele monna wa gagwe.’ (1 Bakor. 7:12, 13) Go sa ntse go le jalo le gompieno.

17, 18. Goreng Bakeresete bangwe ba ile ba tswelela ba le mo lenyalong le le nang le mathata?

17 Le fa go ntse jalo, mo maemong mangwe “monna yo o sa dumeleng” o bontsha gore ga a ‘dumalane go nna le mosadi wa gagwe.’ A ka tswa a mo itaya mo e leng gore mosadi wa gagwe o ikutlwa a sa sireletsega. A ka tswa a gana go tlamela lelapa kgotsa a tsenya kamano ya mosadi wa gagwe le Jehofa mo kotsing. Mo maemong ao mosadi wa Mokeresete a ka swetsa ka gore monna wa gagwe ga a ‘dumalane go nna le ene’ ka jalo a bo a kgaogana le ene. Bakeresete bangwe ga ba a ka ba dira jalo mme ba ne ba leka go rarabolola mathata a bone. Ka ntlha yang?

18 Le fa banyalani ba ka kgaogana, boammaaruri ke gore ba sa ntse ba nyalane. Fa ba sa dule mmogo, ba tla lebana le dikgwetlho jaaka go tlhalositswe. Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa lebaka le lengwe la gore banyalani ba se ka ba kgaogana. O ne a re: “Monna yo o nyetseng yo o sa dumeleng o itshepisiwa ka mosadi wa gagwe, le mosadi yo o nyetsweng yo o sa dumeleng o itshepisiwa ka mokaulengwe; go seng jalo, bana ba lona ba ka bo tota ba se phepa, mme jaanong ba boitshepo.” (1 Bakor. 7:14) Bakeresete ba le bantsi ba ba ikanyegang ga ba a ka ba kgaogana le balekane ba bone ba e seng Basupi le fa lenyalo la bone le ne le na le mathata. Ba ile ba itumelela tshwetso eo fa moragonyana balekane ba bone e nna Basupi.—Bala 1 Bakorintha 7:16; 1 Pet. 3:1, 2.

19. Ke eng fa go na le manyalo a le mantsi a a atlegileng mo phuthegong?

19 Jesu o ile a bua ka tlhalo mme moaposetoloi Paulo ene o ile a bua ka go kgaogana. Ba ne ba batla gore batlhanka ba Modimo ba tlotle lenyalo. Gompieno go na le banyalani ba le bantsi ba ba itumetseng mo phuthegong. Ga go pelaelo gore le mo phuthegong ya lona ba gone. Bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ratana fela thata e bile ba bontsha gore lenyalo le ka tlotlega. Re itumelela gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba diragatsa mafoko ano a Modimo: “Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe.”—Baef. 5:31, 33.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela