LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/10 ts. 1-2
  • Masimo a Masweu go ka Rojwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Masimo a Masweu go ka Rojwa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tswelelang Pele mo Thobong!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Nnang Barobi ba ba Itumetseng!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Diphelelo Tsa go Rera—“Masimo . . . a Masweu go ka Rojwa”
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Dira Bojotlhe Jwa Gago mo Thobong e Kgolo ya Semoya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
km 11/10 ts. 1-2

Masimo a Masweu go ka Rojwa

1. Ke tiro efe e e botlhokwa e e tsweletseng?

1 Fa Jesu a sena go neela mosadi wa Mosamarea bosupi, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Tsholetsang matlho a lona mme lo lebe masimo, gore a masweu go ka rojwa.” (Joh. 4:35, 36) Thobo ya semoya e ne e setse e simolotse mme Jesu o ne a bonela pele selekanyo se segolo se tiro eno e neng e tla dirwa ka sone mo lefatsheng lotlhe. Le fa Jesu a le mo boemong jwa gagwe kwa legodimong, o sa ntse a na le seabe se segolo mo thobong. (Math. 28:19, 20) Ke eng se se bontshang gore tiro eno e tswelela go gola ka lobelo lo logolo fa e ntse e atamela konelo ya yone?

2. Ke diphetogo dife tse di bontshang gore tiro ya thobo ya lefatshe lotlhe e ntse e oketsega ka lobelo lo logolo?

2 Thobo ya Lefatshe Lotlhe: Mo ngwageng wa tirelo wa 2009, go nnile le koketsego ya diperesente di le 3,2 ya baboledi mo lefatsheng lotlhe. Mo dinageng tse kwa go tsone tiro ya go rera e thibetsweng, go nnile le koketsego ya diperesente di le 14. Palo ya dithuto tsa Baebele tse di begilweng kgwedi le kgwedi e feta 7 619 000—palo e e fetang tlhora ya baboledi mme gape e le palo e e batlileng e nna halofo ya milione go feta palo ya dithuto tse di begilweng ngwaga o o fetileng. Fa tiro eno e ntse e oketsega ka bonako mo dikgaolong di le dintsi, go ntse go nna le tlhokego e e oketsegileng ya barongwa ba ba thapisitsweng kwa Gileade. Tshimo ya dipuo di sele e nna le matswela a magolo mo dinageng di le dintsi. Go bonala sentle gore Jehofa o akofisa tiro eno fa thobo e ntse e ya kwa bokhutlong. (Isa. 60:22) A o na le boikutlo jo bo siameng ka “masimo” a lona?

3. Batho bangwe ba ka swetsa ka go reng ka thobo ya mo lefelong la bone?

3 Thobo ya Lefelo la Lona: Bangwe ba ka nna ba re: “Tshimo ya rona ga e na matswela thata.” Ke boammaaruri gore masimo mangwe a ka lebega a se na matswela jaaka a mangwe kgotsa a sa ungwe jaaka mo nakong e e fetileng. Ka jalo, Basupi bangwe ba ka nna ba swetsa ka gore bontsi jwa batho ba ba neng ba ka arabela sentle ba setse ba dirile jalo mme gone jaanong, tiro ya bone ke go phutha fela ba le mmalwa ba ba setseng. A tota go ntse jalo?

4. Re tshwanetse go tlhagolela boikutlo bofe jo bo siameng ka bodiredi jwa rona, mme ka ntlha yang?

4 Go tloga kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong, thobo ke nako ya tiro e kgolo. Ela tlhoko boikutlo jwa go potlaka mo mafokong ano a ga Jesu: “Thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana. Jalo, kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Math. 9:37, 38) Jehofa yo e leng Mong wa thobo, ke ene a ikarabelelang gore ke leng le gore ke kae mo go nnang le kgolo gone. (Joh. 6:44; 1 Bakor. 3:6-8) Kabelo ya rona ke efe? Baebele e araba jaana: “Mo mosong o jale peo ya gago mme o se ka wa letla seatla sa gago gore se ikhutse.” (Mor. 11:4-6) Ee, fa thobo e ntse e atamela konelo ya yone, ga se nako ya gore re letle seatla sa rona go ikhutsa!

5. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tswelela re rera ka tlhagafalo tota le mo tshimong e go lebegang e se na matswela?

5 Tswelelang ka Thobo: Le fa gone tshimo ya rona e setse e boeleditswe gangwe le gape mme go bonala go se na matswela, go na le lebaka le le utlwalang la go e bereka ka tlhagafalo le ka boikutlo jwa go potlaka. (2 Tim. 4:2) Dikhuduego tse dikgolo tse di diragalang mo lefatsheng di dira gore batho ba fetole boikutlo jwa bone le gore ba akanye thata ka isagwe. Fa basha ba ntse ba gola, ba ka nna ba bona go tlhokega gore ba batle pabalesego le kagiso ya mogopolo. Go tswelela pele ka tiro ya rona ya go rera go ka nna ga dira gore batho ba bangwe ba kgatlhege. Ee, batho ba ba ileng ba se ka ba reetsa mo nakong e e fetileng ba ka nna ba reetsa mo nakong e e tlang. Tota le batho ba ba ganang molaetsa wa rona ka boomo ba tlhoka go tlhagisiwa.—Esek. 2:4, 5; 3:19.

6. Fa tshimo ya rona e le thata, ke eng se se tla re thusang go nna re tlhagafetse?

6 Fa tshimo ya rona e le thata, ke eng se se tla re thusang go nna re tlhagafetse? Mo godimo ga tiro ya rona ya go rera ka ntlo le ntlo, gongwe re ka nna le seabe mo dikarolong tse dingwe tsa bodiredi tse di jaaka go neela bosupi mo mafelong a kgwebo kgotsa ka thelefouno. Kgotsa re ka nna ra fetofetola puisano ya rona e le gore re nne le ditsela tse di farologaneng tsa go bua le batho. Re ka nna ra fetola thulaganyo ya rona mme ra ya bodireding mo maitseboeng kgotsa ka dinako tse dingwe tse go ka diregang gore batho ba bo ba le kwa magaeng ka tsone. Gongwe re ka ithuta puo e sele gore re fitlhelele batho ba ba oketsegileng ka dikgang tse di molemo. Re ka nna ra oketsa bodiredi jwa rona ka go nna babulatsela ba ka metlha. Kgotsa re ka fudugela kwa lefelong le go nang le barobi ba le mmalwa kwa go lone. Fa re na le boikutlo jo bo siameng ka thobo, re tla leka go nna le seabe ka botlalo ka mo re ka kgonang ka teng mo tirong eno e e botlhokwa.

7. Re tshwanetse go tswelela go fitlha leng ka tiro ya go phutha?

7 Balemi ga ba na nako e ntsi ya go kokoanya dijalo, ka jalo ga ba iketle e bile ga ba goge dinao go fitlhela tiro eo e wediwa. Le rona re tlhoka gore re nne le boikutlo jo bo tshwanang jwa go potlaka ka thobo ya semoya. Re tshwanetse go tswelela ka tiro ya go phutha go fitlha leng? Go ralala ‘bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo’ go fitlha kwa ‘bokhutlong.’ (Math. 24:14; 28:20) Fela jaaka Modiredi yo o eteletseng pele wa ga Jehofa, re batla go wetsa tiro e re e neilweng. (Joh. 4:34; 17:4) Ka jalo, a re tsweleleng go dira bodiredi jwa rona ka tlhagafalo le ka boipelo e bile re na le boikutlo jo bo siameng go fitlha kwa bokhutlong. (Math. 24:13) Thobo ga e ise e fele!

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 2]

Go tloga kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong, thobo ke nako ya tiro e kgolo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela