Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka December 27, 2010. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 20 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya November 1 go ya go December 27, 2010.
1. Re ka ithuta eng mo mafokong a a bontshang pako a baopedi ba Balefi a a mo go 1 Ditiragalo 16:34? [w02 1/15 ts. 11 ser. 6-7]
2. A 1 Ditiragalo 22:8 e bontsha gore dintwa tse di neng di lowa ke Dafide di ne di sa siama, e re ka Jehofa a ne a sa batle gore a mo agele ntlo? Tlhalosa. [it-2-E ts. 987 ser. 1]
3. Kgosi Dafide o ne a batla gore morwawe e bong Solomone a ikutlwe jang ka Modimo? (1 Ditir. 28:9) [w08 10/15 ts. 7 ser. 18]
4. Ke ka ntlha yang fa go ne go tshwanela gore dipoo di tshwantshetse go agiwa ga motheo wa lewatle le le thetsweng? (2 Ditir. 4:2-4) [w05 12/1 ts. 19 ser. 3; w98 6/15 ts. 16 ser. 17]
5. A letlole la kgolagano le ne le na le dikwalelo di le pedi fela tsa maje kgotsa a go ne go na le dilo tse dingwe gape mo teng ga lone? (2 Ditir. 5:10) [w06 1/15 ts. 31]
6. Solomone o ne a kaya eng fa a ne a kopa Jehofa go utlwa dikopo tsa ope fela yo o neng a tla “rapela mo ntlong eno”? (2 Ditir. 6:21, 32, 33) [it-1-E ts. 137 ser. 1]
7. Mafoko a a reng “kgolagano ya letswai” a a mo go 2 Ditiragalo 13:5 a kaya eng? [w05 12/1 ts. 20 ser. 2; it-2-E ts. 842 ser. 7]
8. 2 Ditiragalo 17:9, 10 e ka dirisiwa jaaka molaomotheo jang mo bodireding jwa rona? [w09 6/15 ts. 12 ser. 7]
9. Gompieno batho ba Modimo ba ka dira dilo jang go dumalana le 2 Ditiragalo 20:17? [w03 6/1 ts. 21-22 ser. 14-17]
10. Re ka ithuta eng mo pegong ya ga Kgosi Usia malebana le go nna mabela? (2 Ditir. 26:15-21) [w99 12/1 ts. 26 ser. 1-2]