Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka February 28, 2011. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 20 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya January 3 go ya go February 28, 2011.
1. Hesekia o ne a simolola tiro efe fa a ne a simolola go busa mme re ka etsa jang sekao sa gagwe gompieno? (2 Ditir. 29:16-18) [w09 6/15 ts. 9 ser. 13]
2. Ditiragalo wa bobedi 36:21 e gatelela jang go diragadiwa ga boporofeti jo bo mo go Jeremia 25:8-11? [w06 11/15 ts. 32 ser. 1-4]
3. Esera 3:1-6 e tshegetsa jang bosupi jo bo mo Dikwalong jwa gore go kgakgabadiwa ga Jerusalema ka dingwaga di le 70 go ne ga fela ka nako e e tshwanetseng? [w06 1/15 ts. 19 ser. 2]
4. Ke eng fa Esera a ne a gamaregile fa a ne a utlwa ka go nyalana ga Bajuda le batho ba naga eo? (Esera 9:1-3) [w06 1/15 ts. 20 ser. 1]
5. ‘Batho ba ba tlotlometseng’ e ne e le bomang mme re tshwanetse go tila boikutlo bofe jo ba neng ba na le jone? (Neh. 3:5) [w06 2/1 ts. 10 ser. 1; w86 2/15 ts. 25]
6. Molaodi Nehemia o tlhometse balebedi ba Bakeresete sekao sefe se se molemo? (Neh. 5:14-19) [si ts. 90 ser. 16]
7. Fela jaaka Baiseraele ba mo motlheng wa ga Nehemia, re ka dira jang gore re se ka ra tlhokomologa “ntlo ya Modimo wa rona”? (Neh. 10:32-39) [w98 10/15 ts. 21-22 ser. 12]
8. Go akanya ka tsela e Nehemia a ileng a dira dilo ka yone go ka dira gore re ipotse dipotso dife? (Neh. 13:31) [w96 9/15 ts. 17 ser. 3]
9. A Esethere o ne a dira boitsholo jo bo sa siamang le Kgosi Ahasueruse? (Eseth. 2:14-17) [w91 1/1 ts. 31 ser. 6]
10. Ke ka ntlha yang fa Moredekai a ile a gana go ikoba fa pele ga ga Hamane? (Eseth. 3:2, 4) [it-2-E ts. 431 ser. 7]