LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 4/15 ts. 32
  • A Setlhare se se Kgaotsweng se ka Tlhoga Gape?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Setlhare se se Kgaotsweng se ka Tlhoga Gape?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Setlhare sa Motlhware se se Tala mo Ntlong ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Jobe O ne A Dumela mo Tsogong ya Baswi
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
  • ‘A Boteng Jwa Botlhale Jwa Modimo!’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Seedi se se Mosola sa Mmala wa Gouta sa Kwa Mediterranean
    Tsogang!—2008
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 4/15 ts. 32
Setlhare se se neng se kgaotswe se tlhoga gape

A Setlhare se se Kgaotsweng se ka Tlhoga Gape?

SETLHARE sa motlhware se se kobegileng ga se kgatlhise go le kalo fa o se bapisa le setlhare se sentle sa mosedara sa kwa Lebanona. Mme gone, setlhare sa motlhware se kgona go gola mo maemong a bosa a a thata. Dingwe tsa ditlhare tseno di tshela lobaka lwa dingwaga di ka nna 1 000. Medi ya setlhare seno e kgona go golela kwa teng teng ka fa tlase ga lefatshe e bile setlhare se ka boa se gola gape le fa kutu ya sone e kgaotswe. Fa fela medi ya sone e sa ntse e tshela, se kgona go gola.

Monna yo o ikanyegang e bong Jobe, o ne a tlhatswegile pelo gore le fa a swa, o tla boa a tshela gape. (Jobe 14:13-15) O ne a dirisa sekai sa setlhare, gongwe setlhare sa motlhware, go bontsha gore o ikanya Modimo gore o tla kgona go mo tsosa mo baswing. Jobe o ne a re: “Gonne le e leng setlhare se na le tsholofelo. Fa se kgaolwa, se tla tlhoga gape.” Fa pula e na morago ga komelelo, kutu ya setlhare se se omeletseng sa motlhware e kgona go boa e gola gape le go tlhagisa “kala e kgolo jaaka semela se sesha.”—Jobe 14:7-9.

Fela jaaka molemi a lebile pele go bona setlhare sa motlhware se se neng se kgaotswe se boa se gola gape, Jehofa Modimo le ene o lebile pele go tsosa batlhanka ba gagwe le batho ba bangwe. (Mathaio 22:31, 32; Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15) Akanya fela kafa re tla itumelang ka gone fa re bona baswi ba tsosiwa!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela