LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 26
  • A Modimo o Tla Nthusa Fa ke Mo Rapela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Modimo o Tla Nthusa Fa ke Mo Rapela?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • A Jehofa O a Re Reetsa?
    Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
  • A Modimo o Utlwa Dithapelo Tsa Rona?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • Go Atamela Modimo ka Thapelo
    Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Tshiamelo ya thapelo
    Baebele e re Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 26

A Modimo o Tla Nthusa Fa ke Mo Rapela?

Karabo ya Baebele

Ee, Modimo o thusa batho ba ba mo kopang ka pelo yotlhe dilo tse di dumalanang le thato ya gagwe. Tota le fa o ise o ke o rapele, dikai tsa Baebele tsa batho ba ba ileng ba rapela ba re, “Modimo nthuse” di ka go kgothatsa. Ka sekai:

  • “A ko o nthuse Jehofa Modimo wa me; a ko o mpoloke ka fa boutlwelongbotlhoko jwa gago.”​—Pesalema 109:26, Baebele e e Boitshepo.

  • “Ke a tlhoka e bile ke humanegile: Modimo, a ko o nthuse.”​—Pesalema 69:6, Douay Version.

Gone ke boammaaruri gore, mokwadi wa mafoko ao o ne a na le tumelo e e nonofileng mo Modimong. Mme gone, Modimo o reetsa botlhe ba ba tlang kwa go ene ba na le boikutlo jo bo siameng, ba ba “pelo e phatlogileng” kgotsa ba ba “moya o pitlaganeng.”​—Pesalema 34:18.

Ga o a tshwanela go boifa gore Modimo o kgakala thata mo a ka se kang a tshwenyega ka mathata a gago. Baebele ya re: “Jehofa o kwa godimo, mme le fa go ntse jalo o bona yo o ikokobeditseng; mme yo o ikgodisang o mo itsetse kgakala fela.” (Pesalema 138:6) Tota e bile, nako nngwe Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe.” (Mathaio 10:30) Modimo o go itse go feta kafa o ikitseng ka teng. Ruri Modimo o tla go reetsa fa o rapela o kopa gore a go thuse ka dilo tse di go tlhobaetsang!​—1 Petere 5:7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela