NSHOLO WE ZWIDIYO 22
LUMBO 15 Bakang Leitibolo la ga Jehofa!
Zina la Jehova—Cha li no Dwa mu na Jesu
“Ndakabazibisa zina lenyu, ngono ndowodwilila ndithama kuti lizibgwe”—JOH. 17:26.
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO
Re tlile go bona gore Jesu o ne a kaya eng fa a ne a re o rutile batho leina la ga Jehofa. Gape re tlile go bona gore o ile a bontsha jang gore Jehofa o boitshepo le gore dilo tsotlhe tse Satane a ileng a di bua ka Jehofa ke maaka.
1-2. (a) Jesu wa ka thamani mu busiku gwe a sathu a ka bulawa? (b) Kowo dabigwa buzo dzipi mu chidiyo ichechi?
MO MAITSEBOENG a Labone ka Nisane 14, 33 C.E., Jesu o ile a ja Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa le baaposetoloi ba gagwe. O ne a itse gore mo nakong e e sa fediseng pelo, Judase o ne a tlile go mo rekisa le gore baba ba gagwe ba ne ba tlile go mmogisa ba bo ba mmolaya. Ka jalo fa ba sena go ja, o ile a kgothatsa baaposetoloi ba gagwe. Pele fela ga ba tsamaya, Jesu o ile a rapela. Moaposetoloi Johane o ile a kwala thapelo eo. E mo go Johane kgaolo 17.
2 Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo dingwe tse re ka di ithutang mo thapelong eo ya ga Jesu. Re tla araba dipotso tseno: Jesu o ne a tshwenyegile ka eng pele a swa? Ke eng se se neng se le botlhokwa thata mo go ene fa a ne a le mo lefatsheng?
“NDA KA BA ZIBISA ZINA LENYU”
3. Jesu wa ka lebani ne kwe zina la Jehova, ngono wa ka be e dwa chini? (Johani 17:6, 26)
3 Jesu o ile a rapela a re: “Ke ba rutile ka ga leina la gago.” Tota e bile, o ile a bua ka makgetlo a le mabedi gore o rutile barutwa ba gagwe leina la ga Jehofa. (Bala Johane 17:6, 26.) O ne a raya jang? A o ne a raya gore o ne a tshwanetse go bolelela barutwa ba gagwe gore leina la Modimo ke Jehofa? Barutwa ba ga Jesu e ne e le Bajuda, ka jalo ba ne ba setse ba itse gore leina la Modimo ke Jehofa. Leina leo le tlhaga makgetlo a ka nna 7 000 mo Dikwalong Tsa Sehebera. Ka jalo, fa Jesu a ne a re, “Ke ba rutile ka ga leina la gago,” o ne a sa reye gore o ba rutile gore leina la Modimo ke Jehofa; go na le moo o ne a raya gore o ba rutile gore Jehofa ke Modimo yo o ntseng jang. O ile a thusa barutwa ba gagwe go itse Jehofa botoka. Seno se akaretsa boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe le ka batho, se a setseng a se dirile, se a tla se dirang mo nakong e e tlang le dinonofo tsa gagwe. Ga go na ope yo o itseng Jehofa sentle jaaka Jesu.
4-5. (a) Ti nga chenesa chini chi no dwiwa ne kwe ku ziba zina le nthu? (b) Kwa ka zha chini kuti badiyiwa ba Jesu ba zibe zina la Jehova?
4 Ka sekai, a re re mo phuthegong ya lona go na le mogolwane mongwe yo o bidiwang David e bile e le ngaka. Go fetile dingwaga di le dintsi o itse mokaulengwe yono. Mme letsatsi lengwe, go direga gore o lwale ka tshoganyetso. Ka bonako fela, o potlakisediwa kwa bookelong, kwa mokaulengwe yoo a berekang gone. Fa o le koo, mokaulengwe yono o boloka botshelo jwa gago. A seo ga se kitla se dira gore o mo rate le go feta? Ga go pelaelo gore o tla mo rata thata, e bile fa o utlwa leina la gagwe le umakiwa, o tla akanya ka se a go diretseng sone. David ga e sa tlhole e le mogolwane fela yo o mo itseng, mme gape ke ngaka e e ileng ya boloka botshelo jwa gago.
5 Ka tsela e e tshwanang, barutwa ba ga Jesu ba ne ba setse ba itse leina la ga Jehofa. Mme gone, leina leo le ile la nna botlhokwa thata mo go bone ka gonne Jesu o ile a ba thusa go itse Jehofa botoka. Goreng re ka rialo? Ka gonne Jesu o ne a etsa Rraagwe ka sengwe le sengwe se a neng a se bua le se a neng a dira. Ka jalo, barutwa ba gagwe ba ile ba “itse” Jehofa botoka ka go reetsa se Jesu a neng a se ruta le ka go ela tlhoko tsela e a neng a dirisana le batho ba bangwe ka yone.—Joh. 14:9; 17:3.
“ZINA LENYU, LA MA KA NDI PA”
6. Ko dwiwa chini ha kuyi Jehova wa ka pa Jesu zina lile? (Johani 17:11, 12)
6 Fa Jesu a ne a rapelela barutwa ba gagwe o ne a re: “Ba tlhokomele ka ntlha ya leina la gago le o le nneileng.” (Bala Johane 17:11, 12.) A seno se raya gore jaanong Jesu o ne a tla bidiwa Jehofa? Nnyaa. Ela tlhoko gore fa Jesu a rapela o ne a re “ba tlhokomele ka ntlha ya leina la gago le o le nneileng.” Ka jalo, o ne a sa reye gore o ne a tlile go bidiwa Jehofa. Mme gone, Jesu o ne a raya jang fa a re Modimo o mo neile leina la gagwe? Sa ntlha, Jesu e ne e le moemedi wa Modimo e bile e le Mmueledi wa gagwe. Fa a ne a tla mo lefatsheng, o ne a tlile ka leina la ga Rraagwe e bile a dira dikgakgamatso ka leina leo. (Joh. 5:43; 10:25) Mo godimo ga moo, leina Jesu le raya “Jehofa ke Poloko.” Ka jalo, bokao jwa leina la ga Jesu, bo na le leina Jehofa mo go jone.
7. Lakidza se kwa Jesu a nga lebelekela zina la Jehova.
7 Gore re tlhaloganye lebaka la go bo Jesu e le mmueledi wa ga Jehofa, akanya ka sekai seno. Kgosi e ka romela mongwe gore a ye go bua le morafe. Ka jalo se motho yoo a se buang, se ka tsewa jaaka e kete se buiwa ke kgosi. Ka tsela e e tshwanang, Jesu ke mmueledi wa ga Jehofa ka gonne Jehofa ke ene a mo romileng.—Math. 21:9; Luke 13:35.
8. Zina la Jehova la ka be li li “mu na” Jesu ne zila ipi a sathu a ka zha mu shango? (Ekezodo 23:20, 21)
8 Mo Baebeleng, Jesu o bidiwa “Lefoko” ka gonne Jehofa o ne a mo dirisa gore a bolelele baengele le batho se ba neng ba tshwanetse go se itse le go se dira. (Joh. 1:1-3) Fa Baiseraele ba ne ba le kwa nageng ba tswa Egepeto, Jehofa o ne a dirisa moengele gore a ba tlhokomele. Moengele yoo e ka tswa e ne e le Jesu. Fa Jehofa a ne a laela Baiseraele gore ba ikobele moengele yoo, o ne a re: “Ka gonne leina la me le mo go ene.”a (Bala Ekesodo 23:20, 21.) Jehofa o ile a bua jalo ka gonne Jesu ke mmueledi wa gagwe e bile ke ene yo o nang le bosupi jwa gore sengwe le sengwe se Jehofa a se dirang se siame le gore o boitshepo.
“TATE, KUDZANI ZINA LENYU”
9. Zina la Jehova la ka be li li chithu chikulu ku ngapani mu na Jesu? Chenesa.
9 Fela jaaka re bone, leina la ga Jehofa le ne le le botlhokwa thata mo go Jesu, tota le pele ga a tla mo lefatsheng. Fa a ne a le mo lefatsheng, o ile a bontsha ka sengwe le sengwe se a neng a se dira gore leina la ga Jehofa le botlhokwa thata mo go ene. Fa Jesu a ne a tloga a wetsa bodiredi jwa gagwe, o ne a raya Jehofa a re: “Rara, galaletsa leina la gago.” Ka yone nako eo, Rraagwe o ile a mo araba ka lentswe le le kwa godimo a re: “Ke le galaleditse e bile ke tla le galaletsa gape.”—Joh. 12:28.
10-11. (a) Jesu wa ka kudza zina la Jehova chini? (Bona itshwantsho.) (b) Ini ku sheteka kuti zina la Jehova li yengemadziwe ne ku kudziwa?
10 Jesu le ene o ile a galaletsa leina la ga Rraagwe. O ile a dira seo jang? O ile a bolelela batho ka dinonofo tse di kgatlhang tsa ga Jehofa le ka ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang. Mme go na le sengwe gape se a ileng a se dira. Leina la ga Jehofa le ne le tlhoka go itshepisiwa le go tlotlomadiwa.b Jesu o ile a bontsha gore kgang eo e botlhokwa thata fa a ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela. O ile a re: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.”—Math. 6:9.
11 Goreng leina la ga Jehofa le tlhoka go itshepisiwa le go tlotlomadiwa? Ka gonne Satane Diabolo o ile a senya Jehofa Modimo leina kwa tshimong ya Edene. O ile a re Jehofa ke moaki le gore go na le sengwe se se molemo se a se timang Adame le Efa. (Gen. 3:1-5) Gape Satane o ile a re tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone ga e a siama. Maaka ao a Satane a ileng a a bua ka Jehofa, a ne a ka dira gore batho ba akanye gore Jehofa ke Modimo yo o setlhogo. Moragonyana mo motlheng wa ga Jobe, Satane o ile a re batho ba direla Jehofa fela ka gonne ba lebeletse gore a ba direle sengwe. Gape Satane o ile a re batho ba tla tlogela go direla Jehofa fa ba na le mathata ka gonne ga se gore tota ba a mo rata. (Jobe 1:9-11; 2:4) Go ne go tlhokega nako gore go bonale sentle gore a Satane o ne a bua boammaaruri kgotsa maaka.
Jesu o ile a ruta balatedi ba gagwe gore ba tshwanetse go itshepisa leina la ga Jehofa (Bona serapa 10)
“NDO DUSA BUCHILO GWANGU”
12. Jesu wa ka be a ka zwimisila ku thamani ku lakidza se kwa e da zina la Jehova?
12 E re ka Jesu a rata Jehofa, o ne a batla go dira sotlhe se a ka se kgonang gore a itshepise leina la ga Jehofa. O ile a re: “Ke ntsha botshelo jwa me.” (Joh. 10:17, 18) Tota Jesu o ne a ikemiseditse go swela leina la ga Jehofa.c Le fa gone batho ba ntlha ba babedi e bong Adame le Efa ba ne ba se na boleo, ba ile ba tlhanogela Jehofa ba bo ba ema mo letlhakoreng la ga Satane. Mme Jesu ene o ne a ikemiseditse go tla mo lefatsheng le go bontsha gore o rata Jehofa. O ile a dira seo ka go ikobela Jehofa mo go sengwe le sengwe se a neng a se bua le se a neng a se dira. (Baheb. 4:15; 5:7-10) O ile a tswelela a ikanyega go fitlha a swa setlhogo mo koteng ya tlhokofatso. (Baheb. 12:2) Seo se ne se bontsha gore o rata Jehofa le leina la Gagwe.
13. Ini Jesu a ka be a li mu chimo cha ka lulwamila ku lakidza manyepkhwa a Satani? (Bona itshwantsho.)
13 Jesu o ile a bontsha ka tsela e a neng a tshela ka yone gore Satane ke ene moaki, e seng Jehofa. (Joh. 8:44) Jesu o ne a itse Jehofa sentle go feta ope fela yo o kileng a tshela. Fa e le gore dilo tse Satane a neng a di bua ka Jehofa e ne e le boammaaruri, Jesu o ne a ka bo a itsile ka gone. O ne a ikemiseditse go femela leina la ga Rraagwe. Tota le ka nako ya fa go ne go lebega e kete Jehofa o mo latlhile, Jesu o ne a ikemiseditse go swa le go tswelela a ikanyega mo go Jehofa go na le gore a tlhanogele Rraagwe.—Math. 27:46.d
Tsela e Jesu a neng a tshela ka yone e ile ya bontsha gore Satane ke ene moaki, e seng Jehofa (Bona serapa 13)
“NDA . . . WIDZA NSHINGO WA MA KA NDI PA”
14. Jehova wa ka boka ku thembeka kwa Jesu chini?
14 Go a utlwala go bo Jesu a ile a bua mafoko ano fa a ne a rapela mo bosigong jwa pele a swa: “Ke weditse tiro e o neng o e nneile gore ke e dire.” O ne a tlhatswegile pelo gore Jehofa o ne a tlile go mo segofatsa fa a ka tswelela a ikanyega. (Joh. 17:4, 5) Jehofa ga a a ka a mo swabisa. Ga a a ka a mo letla gore a tswelele a le mo lebitleng. (Dit. 2:23, 24) O ile a mo tsosa mo baswing a bo a mo naya maemo a a kwa godimo kwa legodimong. (Bafil. 2:8, 9) Fa nako e ntse e tsamaya, Jesu o ile a simolola go busa e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. Bogosi joo bo tlile go dira eng? Jesu o ile a araba potso eo mo karolong ya bobedi ya thapelo e a neng a e ruta barutwa ba gagwe. O ile a re: “A Bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago [Jehofa] e diragale mo lefatsheng jaaka e diragala kwa legodimong.”—Math. 6:10.
15. Jesu u nowo khona ku thamani kakale?
15 Mo nakong e e sa fediseng pelo, Jesu o tlile go lwa le baba ba Modimo a bo a fedisa batho ba ba bosula ka ntwa ya Aramagedona. (Tshen. 16:14, 16; 19:11-16) Ka bonako fela morago ga moo, o tla latlhela Satane mo ‘khuting e e kwa tengteng,’ e mo go yone a tla bong a golegilwe a sa kgone go dira sepe. (Tshen. 20:1-3) Go tswa foo, Jesu o tla busa dingwaga di le sekete, mme o tla dira gore go nne le kagiso gape mo lefatsheng e bile o tla dira gore batho ba se ka ba tlhola ba nna le boleo. O tla tsosa baswi a bo a dira lefatshe lotlhe paradaise. Ka jalo, boikaelelo jwa ga Jehofa bo tla bo bo diragaditswe.—Tshen. 21:1-4.
16. Ko wobe kwa chi khonekani ku bupelo gwe Mbuso we Makole a li 1 000?
16 Botshelo bo tla bo bo ntse jang morago ga Puso ya Dingwaga Tse di Sekete? Batho ba tla bo ba sa tlhole ba dira maleo. Ba tla bo ba sa tlhole ba tlhoka setlhabelo sa ga Jesu gore ba itshwarelwe maleo, e bile ba tla bo ba sa tlhole ba tlhoka baperesiti ba ba 144 000 kgotsa Moperesiti yo Mogolo e bong Jesu gore ba atamalane le Jehofa. Mo godimo ga moo, “mmaba wa bofelo,” e leng loso o tla bo a nyeleditswe. Go tla bo go sa tlhole go na le mabitla ka gonne baswi ba tla bo ba tsositswe. Batho botlhe mo lefatsheng ba tla bo ba se na boleo.—1 Bakor. 15:25, 26.
17-18. (a) Kowo shingikalani ku bupelo gwe Mbuso we Makole a li 1 000? (b) esu u nowo thamani ha chibaka chiche che ku busa chi wila? (1 Bakorinta 15:24, 28) (Bona itshwantsho.)
17 Ke eng gape se se tla diregang morago ga Puso ya Dingwaga Tse di Sekete? Go tla direga sengwe sa botlhokwa thata. Kgang e e amanang le go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa e tla bo e rarabologile. Goreng re rialo? Kwa tshimong ya Edene, Satane o ile a re Jehofa ke moaki le gore ga a buse batho sentle. Fa e sa le ka nako eo, batho ba ba direlang Jehofa ba ile ba bontsha gangwe le gape gore tsela e a busang ka yone e siame. Ka jalo, kwa bowelong jwa Puso ya Dingwaga Tse di Sekete, leina la ga Jehofa le tla bo tlotlomaditswe. O tla bo a itshupile gore ruri ke Rre yo o lorato.
18 Kwa bowelong jwa Puso ya Dingwaga Tse di Sekete, batho botlhe ba tla bo ba itse gore dilo tsotlhe tse Satane a ileng a di bua ka Jehofa, e ne e le maaka. Mme gone, Jesu o tla dira eng fa nako ya gagwe ya go busa e fitlha kwa bowelong? A o tla tlhanogela Jehofa jaaka Satane? Nnyaa! (Bala 1 Bakorintha 15:24, 28.) Jesu o tla busetsa Bogosi kwa go Rraagwe. O tla ikobela bolaodi jwa ga Jehofa. Ga go pelaelo gore go farologana le Satane, Jesu o ikemiseditse go busetsa Jehofa taolo yotlhe e a mo neileng yone ka gonne a mo rata.
Jesu o busetsa Bogosi kwa go Jehofa kwa bowelong jwa Puso ya gagwe ya Dingwaga Tse di Sekete (Bona serapa 18)
19. Zina la Jehova lo dwani mu na Jesu?
19 Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ne a ikemiseditse go naya Jesu leina la gagwe! Jesu o ile a bontsha batho gore tota Jehofa ke Modimo yo o ntseng jang. Mme gone, leina la ga Jehofa le botlhokwa go le kana kang mo go Jesu? Le botlhokwa thata go feta sengwe le sengwe. O ne a ikemiseditse go swela leina la ga Jehofa, e bile o ikemiseditse go busetsa Jehofa taolo yotlhe e a mo neileng yone kwa bowelong jwa Puso ya Dingwaga Tse di Sekete. Re ka mo etsa jang? Re tla araba potso eno mo setlhogong se se latelang.
LUMBO 16 Bakang Jah ka Morwawe yo o Tloditsweng
a Ka dinako dingwe, baengele le bone ba ne ba nna baemedi ba ga Jehofa fa ba ne ba isa melaetsa ya gagwe kwa bathong. Ke gone ka moo ka dinako dingwe Baebele e reng Jehofa ke ene a neng a bua le fa gone go ne go bua moengele mo boemong jwa gagwe. (Gen. 18:1-33) Le fa gone Baebele e re Jehofa o ile a naya Moshe Molao, ditemana tse dingwe di bontsha gore Jehofa o ne a dirisa baengele gore ba neye Moshe Molao oo mo leineng la gagwe.—Lefi. 27:34; Dit. 7:38, 53; Bagal. 3:19; Baheb. 2:2-4.
b TLHALOSO: Go “itshepisa” go kaya go tlotla sengwe kgotsa go se dira boitshepo. Go “tlotlomatsa” go kaya go tlhatswa motho leina, go mmuelela kgotsa go ntsha bosupi jwa gore se se buiwang ka ene ke maaka.
c Gape loso lwa ga Jesu lo naya batho tshono ya gore ba kgone go tshelela ruri.
d Bona “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa April 2021, ts. 30-31.