Watchtower LAIBURARI I MU INTERNET
Watchtower
LAIBURARI I MU INTERNET
Kalanga (Botswana)
  • BAIBILI
  • DZITSHAMBISO
  • ZWIDIYO ZWE GUBUNGANO
  • w23 February z. 8-13
  • Shathila ku Bala Baibili

Vidio ya wa shalula ha ipo.

U ti zwibatigwe, vidio ha izo ngina zwibuyanana.

  • Shathila ku Bala Baibili
  • Thungamakole i no Zibisa Bushe gwa Jehova (Ye ku Zwidiya)—2023
  • Mishogwana
  • Zwino Yendidzana
  • BALA KUTI U HWISISE
  • BALA KUTI U BONE ZWITHU ZWE NDZIMU ZWE MAMO A PEZHUGWI
  • THAMA KUTI KU BALA KUKO KU KU SHANDULE
  • KU BALA KU NO SHATHISA
  • “Thamani Chi no Legwa ne Dama”
    Thungamakole i no Zibisa Bushe gwa Jehova (Ye ku Zwidiya)——2024
  • Ku Bala Baibili ku Nga ku Batsha Chini?
    Shathila Buchilo Cha Chose!—Zwidiyo Zwe ku Batshana ku Zwidiya Baibili
Thungamakole i no Zibisa Bushe gwa Jehova (Ye ku Zwidiya)—2023
w23 February z. 8-13

NSHOLO WE ZWIDIYO 7

Shathila ku Bala Baibili

“Iwe unoubala tjini?”—LUKA 10:26.

LUMBO 97 Lefoko la Modimo le Naya Botshelo

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHOa

1. Ini chi no lakidza kuti Jesu wa ka be e tolela Hwalo pezhugwi?

AKANYA fela gore go ne go le monate jang go reetsa Jesu a ruta. O ne a itse ditemana di le dintsi ka tlhogo, ka jalo fa a ruta, go le gantsi o ne a di nopola. Tota e bile, se Jesu a ileng a se bua fa a sena go kolobediwa le pele ga a swa, se ne se tswa mo Dikwalong.b (Dute. 8:3; Pes. 31:5; Luke 4:4; 23:46) Mo godimo ga moo, ka nako ya bodiredi jwa gagwe jwa dingwaga di le tharo le halofo, go le gantsi Jesu o ne a balela batho Dikwalo, a di nopola e bile a di tlhalosa.—Math. 5:17, 18, 21, 22, 27, 28; Luke 4:16-20.

Ditshwantsho: 1. Jesu e sa ntse e le ngwana, o reeditse batsadi ba gagwe. 2. Jesu ke mosha, o na le ba lelapa la gaabo kwa Sinagogeng ba reeditse fa go balwa Dikwalo. 3. Jaanong o godile, o bala momeno.

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha gore o rata Dikwalo e bile o ne a letla gore se a se balang se tlhotlheletse se a neng a se dira (Bona serapa 2)

2. Mu ku kula kukwe, Jesu wa ka batshiwa neni kuti a zibe Hwalo zwibuyanana? (Bona itshwantsho chi mu khavara.)

2 Dingwaga pele Jesu a simolola bodiredi jwa gagwe, o ne a setse a itse Lefoko la Modimo ka gonne o ne a le bala e bile a utlwa ba bangwe ba bua ka lone. Kwa gae, o ne a tlhola a utlwa Marea le Josefa ba nopola Dikwalo fa ba tlotla.c (Dute. 6:6, 7) Gape Jesu o tshwanetse a bo a ne a tsamaya le ba lelapa la gaabo kwa sinagogeng Sabata mongwe le mongwe. (Luke 4:16) O tshwanetse a bo a ne a reetsa ka kelotlhoko tota fa Dikwalo di balwa. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a kgona go ipalela Dikwalo tseo. Ka jalo, Jesu o ne a feleletsa a itse Dikwalo sentle e bile a di rata. Mo godimo ga moo, o ne a letla gore se a se balang se tlhotlheletse se a neng a se dira. Ka sekai, gopola se se ileng sa direga kwa tempeleng fa Jesu a na le dingwaga di le 12. Barutisi ba ba neng ba itse Molao wa ga Moshe sentle ba ne ba “gakgamaditswe ke dikarabo tsa [ga Jesu] le bokgoni jwa gagwe jwa go tlhaloganya dilo.”—Luke 2:46, 47, 52.

3. Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

3 Le rona fa re bala Baebele ka metlha, re tla e itse e bile re tla e rata. Mme gone, re ka dira jang gore Baebele e re tswele mosola? Re ka ithuta sengwe mo go se Jesu a neng a se bolelela batho ba ba neng ba itse Molao, go akaretsa bakwadi, Bafarasai le Basadukae. Baeteledipele bano ba bodumedi ba ne ba bala Dikwalo ka metlha, mme gone dilo tse ba neng ba di bala di ne di sa ba tswele mosola. Jesu o ne a bua ka dilo di le tharo tse banna bano ba neng ba sa di dire tse di neng di ka ba thusa gore go bala Dikwalo go ba tswele mosola. Se Jesu a ileng a se bua se re thusa go lemoga gore fa re bala Lefoko la Modimo, re tshwanetse (1) go leka go tlhaloganya se re se balang, (2) go batla dithuto tsa botlhokwa tse di fitlhegileng, le (3) go letla Lefoko la Modimo gore le re fetole.

BALA KUTI U HWISISE

4. Luka10:25-29 i no ti diyani ne kwe ku bala Dama le Ndzimu?

4 Re tshwanetse go tlhaloganya se re se balang mo Lefokong la Modimo. Fa re sa tlhaloganye se re se balang, ga se ka ke sa re tswela mosola. Ka sekai, akanya ka se Jesu a ileng a se bolelela “monna mongwe yo o itseng Molao thata.” (Bala Luke 10:25-29.) Fa monna yoo a ne a botsa Jesu gore o tshwanetse go dira eng gore a tshelele ruri, Jesu o ne a mo thusa go bona karabo mo Lefokong la Modimo. O ne a mo raya a re: “Go kwadilwe eng mo Molaong wa ga Moshe? O o tlhaloganya jang?” Monna yoo o ne a re o tshwanetse go rata Modimo le moagelani, e leng se dikwalo di neng di se bua. (Lefi. 19:18; Dute. 6:5) Go tswa foo, o ne a re: “Tota moagelani wa me ke mang?” Potso ya monna yono e ne e bontsha gore o ne a sa tlhaloganye se a neng a se badile mo Molaong. Ka jalo, o ne a sa kgone go dirisa se a neng a se ithutile mo Dikwalong.

Re ka kgona go tlhaloganya se re se balang

5. Ku tembezela ne ku bala Baibili ta ka biga moyo ku nga ti batsha chini kuti ti hwisise?

5 Go na le dilo dingwe tse di ka re thusang gore re tlhaloganye Lefoko la Modimo. Rapela pele o simolola go bala. Re tlhoka thuso ya ga Jehofa gore re kgone go tlhaloganya Baebele, ka jalo mo kope gore a go neye moya wa gagwe o o boitshepo gore o kgone go tlhoma mogopolo. Fa o sena go rapela, bala o iketlile. Go dira jalo go tla go thusa gore o tlhaloganye se o se balang. Sengwe gape se se ka go thusang ke go balela kwa godimo kgotsa go bala o tla o tsamaisana le mmalo wa Baebele o o rekotilweng. Fa o bala o tla o reeditse, go tla nna motlhofo gore o tlhaloganye se o se balang le gore o se gopole. (Josh. 1:8) Fa o sena go bala, rapela gape o leboge Jehofa go bo a go neile Lefoko la gagwe o bo o mo kope gore a go thuse go dirisa se o se ithutileng.

Ditshwantsho: 1. Kgaitsadi o kwala dintlha mo pampiring a bo a e kgomaretsa mo Baebeleng. 2. Mokaulengwe o a thalela e bile o ikwalela dintlha fa a ntse a ithuta. 3. Kgaitsadi o a thalela e bile o ikwalela dintlha mo Baebeleng ya gagwe mo JW Library.

Go kwala dintlha tse di khutshwane go ka go thusa jang gore o kgone go tlhaloganya le go gopola se o se balang? (Bona serapa 6)

6. Ku zwibuzwa buzo ne ku kwala zwa u no bala ne kwazo ku nga ku batsha chini ha u bala? (Bona itshwantsho.)

6 Go na le dilo tse dingwe gape tse di ka go thusang go tlhaloganya Baebele. Ipotse dipotso ka se o se balang. Fa o bala, ipotse gore: ‘Ke bomang ba go buiwang ka bone thata mo pegong eno? Ke mang yo o buang? O bua le mang, mme goreng a bua le ene? Se go buiwang ka sone se direga leng le gone kae?’ Go ipotsa dipotso tseno go tla go thusa gore o akanye ka se o se balang le gore o se tlhaloganye. Fa o ntse o bala, kwala dintlha tse dikhutshwane. Fa o kwala, o akanya ka se o se badileng mme seo se tla go thusa gore o kgone go se tlhaloganya. Gape go kwala go tla go thusa gore o se ka wa lebala se o se badileng. O ka kwala dipotso tse o nnileng le tsone fa o ntse o bala le dintlha tse o di boneng fa o dira dipatlisiso. Gape o ka kwala dintlha tsa botlhokwa ka bokhutshwane, wa kwala gore o tla dirisa jang se o se ithutileng kgotsa gore o ikutlwa jang ka sone. Go kwala dintlha go tla go thusa gore o ikutlwe jaaka e kete Lefoko la Modimo le ne le kwaletswe wena.

7. Ini cha ti no sheta ha ti bala, ngono ne kutini? (Matewu 24:15)

7 Jesu o ne a re go na le sengwe se re se tlhokang gore re kgone go tlhaloganya dilo tse re di balang mo Lefokong la Modimo. O ne a re re tlhoka temogo kgotsa bokgoni jwa go tlhaloganya dilo. (Bala Mathaio 24:15.) Temogo ke eng? Ke bokgoni jwa go lemoga gore ntlha nngwe e amana jang le e nngwe, le gore e farologana jang le e nngwe. Gape motho yo o nang le temogo, o kgona go tlhaloganya dilo tse di sa tlhalosiwang. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a re temogo e tla re thusa go lemoga fa boporofeti jwa Baebele bo diragadiwa. Fa re na le temogo, dilo tse re di balang mo Baebeleng di tla re tswela mosola.

8. Ti nga bala ne buchenjedu chini?

8 Jehofa o thusa batlhanka ba gagwe gore ba nne le temogo. Ka jalo, mo kope gore a go thuse go nna le yone. (Diane 2:6) O tshwanetse go dira eng fa o sena go kopa Jehofa gore a go thuse? Bala ka kelotlhoko mme o leke go lemoga gore se o se balang se amana jang le se o setseng o se itse. Go na le dikgatiso dingwe tse di ka go thusang tse di jaaka Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa. Dikgatiso tseno di tla go thusa go tlhaloganya se o se balang mo Baebeleng, le gore o ka se dirisa jang mo botshelong jwa gago. (Baheb. 5:14) Fa o na le temogo, o tla nna o tlhaloganya Dikwalo botoka.

BALA KUTI U BONE ZWITHU ZWE NDZIMU ZWE MAMO A PEZHUGWI

9. Basadusi ba ka be be zwithokomolosa malebeswa api e Hwalo?

9 Basadukae ba ne ba tlwaetse go bala dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Dikwalo Tsa Sehebera. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa amogele dithuto tsa botlhokwa tse di mo dibukeng tseo. Ka sekai, utlwa gore Jesu o ne a ba araba jang fa ba ne ba mmotsa ka kgang ya tsogo. O ne a ba raya a re: “A lo ne lwa se ka lwa bala se se kwadilweng mo bukeng ya ga Moshe ka tsogo ya baswi mo pegong e e buang ka setlhatshana se se mmitlwa, fa Modimo a ne a mo raya a re: ‘Ke nna Modimo wa ga Aborahame le Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe’?” (Mar. 12:18, 26) Le fa Basadukae ba ka tswa ba ile ba bala pego eo gantsi, potso ya ga Jesu e ile ya bontsha gore ba itlhokomolosa thuto ya botlhokwa ya gore baswi ba tla tsosiwa.—Mar. 12:27; Luke 20:38.d

10. Ini cha ta ka fanila ku yela njele ha ti bala?

10 Re ithuta eng? Fa re bala temana kgotsa pego nngwe mo Baebeleng, re tshwanetse go ntsha matlho dinameng gore re kgone go bona dithuto tsa botlhokwa le melaometheo e go seng motlhofo go e tlhaloganya.

11. Ku yenda na 2 Timoti 3:16, 17, ti nga bona zwithu zwe Ndzimu zwe mamo a pezhugwi zwi mu Baibili chini?

11 O ka bona jang dithuto tsa botlhokwa tse di fitlhegileng fa o bala Baebele? Akanya ka se 2 Timotheo 3:16, 17 e se buang. (E bale.) Ela tlhoko gore “dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo dikwalong tse di boitshepo . . . di re tswela mosola” ka gonne (1) di a re ruta, (2) di a re kgalemela, (3) di tlhamalatsa dilo, e bile (4) di a re otlhaya. O ka kgona go bona dintlha tseno tse nnê tota le mo dibukeng tsa Baebele tse o sa di baleng thata. Sekaseka pego e o e balang mme o bone gore e go ruta eng ka Jehofa, ka se a ikaeletseng go se dira le ka melaometheo ya gagwe. Leka go bona gore e go kgalemela jang. Fa o bala ditemana dingwe, leka go bona mekgwa e e sa siamang e go buiwang ka yone le gore o ka dira jang gore o se ka wa nna le yone gore o tswelele o ikanyega mo go Jehofa. Akanya gore o ka dirisa jang temana e o e balang go tlhamalatsa dilo fa o kopane le mongwe kwa tshimong yo o sa lebeng dilo sentle. Gape leba gore ke ditemana dife tse di re otlhayang tse di re thusang go leba dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone. Fa o nna o akantse ka dintlha tseno tse nnê fa o ntse o bala Baebele, o tla kgona go bona dithuto tsa botlhokwa tse di fitlhegileng.

THAMA KUTI KU BALA KUKO KU KU SHANDULE

12. Ini Jesu a ka be e buzwa Bafarasi buzo i noti “Ha mu zo bala kene?”

12 Fa Jesu a ne a botsa Bafarasai gore “A ga lo ise lo bale?” o ne a bontsha gore ba ne ba sa lebe Dikwalo ka tsela e e siameng. (Math. 12:1-7)e Bafarasai ba ne ba re barutwa ba ga Jesu ba tlodile molao wa Sabata. Fa Jesu a ne a ba araba o ne a dirisa dikai tse pedi tse di tswang mo Dikwalong, a bo a nopola temana nngwe mo go Hosea go ba bontsha gore ba ne ba sa tlhaloganye lebaka la go bo molao wa Sabata o dirilwe le gore ba ne ba se kutlwelobotlhoko. Ke eng fa banna bano ba ne ba sa fetoge le fa ba ne ba bala Lefoko la Modimo? Ka gonne ba ne ba le boikgogomoso e bile ba rata go tshwayatshwaya diphoso. Seo se ne se dira gore ba se ka ba tlhaloganya se ba se balang.—Math. 23:23; Joh. 5:39, 40.

13. Ta ka fanila ku bala Baibili ne mazwimisilo api, ngono ne kutini?

13 Se Jesu a neng a se bua se re bontsha gore fa re bala Lefoko la Modimo, re tshwanetse go le letla gore le re fetole. Ga re a tshwanela go tshwana le Bafarasai, go na le moo re tshwanetse go nna boikokobetso re bo re ikemisetse go ithuta. Re tshwanetse go nna ‘bonolo re bo re letle Modimo a jalele lefoko la gagwe mo go rona.’ (Jak. 1:21) Fa re le bonolo, re tla letla Lefoko la Modimo gore le re fetole. Fa re sa tshwayatshwaye diphoso e bile re se mabela, Baebele e tla re thusa gore re nne kutlwelobotlhoko, re tlhomogele batho ba bangwe pelo re bo re ba rate.

Re ka lemoga jang gore re letla gore Lefoko la Modimo le re fetole? (Bona serapa 14)f

14. Ti nga lemuga chini kuti Baibili i no ti shandula? (Bona zwitshantsho.)

14 Tsela e re tshwarang ba bangwe ka yone e ka re thusa go bona gore a re letla Lefoko la Modimo gore le re fetole. Bafarasai ba ne ba sa letle gore Lefoko la Modimo le ba fetole, ka jalo ba ne ba “kgala batho ba ba se nang molato.” (Math. 12:7) Ka tsela e e tshwanang, tsela e re tshwarang batho ka yone le dilo tse re di akanyang ka bone, di bontsha gore a re letla Lefoko la Modimo gore le re fetole. Ka sekai, a go le gantsi re bua ka dilo tse dintle tse batho ba bangwe ba di dirang kgotsa re nnela go bua ka diphoso tsa bone? A re kutlwelobotlhoko e bile re itshwarela ba bangwe, kgotsa a re ba tshwayatshwaya diphoso e bile re ba tshwarela sekgopi? Go ipotsa dipotso tseno go tla re thusa go lemoga gore a re letla Lefoko la Modimo gore le fetole tsela e re akanyang ka yone, e re ikutlwang ka yone le dilo tse re di dirang.—1 Tim. 4:12, 15; Baheb. 4:12.

KU BALA KU NO SHATHISA

15. Jesu wa ka be e linga Hwalo dza ka Yengemala chini?

15 Jesu o ne a rata Dikwalo Tse di Boitshepo. Pesalema 40:8 e tlhalosa tsela e a neng a ikutlwa ka yone, e a re: “Ke itumedisiwa ke go dira thato ya gago, Modimo wa me, mme molao wa gago o mo pelong ya me.” Seo se ne se dira gore a itumele le gore a kgone go tswelela a direla Jehofa. Le rona re tla itumela e bile re tla tswelela re direla Jehofa fa re bala Lefoko la Modimo e bile re le rata.—Pes. 1:1-3.

16. I zila dzipi dza u nga shathila ku bala Dama le Ndzimu? (Bona box li noti “Mafoko a ga Jesu A ka Go Thusa go Tlhaloganyang Se o Se Balang.”)

16 Se Jesu a neng a se bua se ka re thusa gore re tokafatse tsela e re balang Baebele ka yone. Fa re rapela, re bala ka iketlo, re ipotsa dipotso e bile re kwala dintlha tse di khutshwane, tsela e re tlhaloganyang Baebele ka yone e tla tokafala. Go bala ka kelotlhoko le go dirisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng go tla re thusa gore re nne le temogo. Re ka tlhaloganya dipego tsa Baebele botoka, tota le ditemana tse re sa di baleng gantsi, fa re ipha nako ya go batla dithuto tsa botlhokwa tse di fitlhegileng. Gape re ka letla Lefoko la Modimo gore le re fetole fa re le boikokobetso e bile re ikemiseditse go ithuta. Fa re leka ka natla go dira dilo tseno, go bala Baebele go tla re tswela mosola e bile re tla atamalana le Jehofa.—Pes. 119:17, 18; Jak. 4:8.

Mafoko a ga Jesu A ka Go Thusa go Tlhaloganyang Se o Se Balang

  • Leka go tlhaloganya se o se balang o bo o nne boikokobetso gore o kgone go itse gore o ka se dirisa jang.—Math. 24:15; Luke 10:25-37.

  • Sekaseka dipego tse di mo Baebeleng ka kelotlhoko gore o bone dithuto tsa botlhokwa tse di fitlhegileng.—Mar. 12:18-27.

  • Letla Lefoko la Modimo gore le go fetole le bo le fetole tsela e o tshwarang batho ba bangwe ka yone.—Math. 12:1-8.

HA U BALA BAIBILI, INI CHI NGA KU BATSHA KU . . .

  • hwisisa cha u no bala?

  • ku bona zwithu zwe Ndzimu zwe mamo a pezhugwi?

  • ku shandugwa ne Dama le Ndzimu?

LUMBO 95 Lesedi le Phatsimela Pele

a Batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba leka go bala Lefoko la gagwe letsatsi le letsatsi. Batho ba ba sa direleng Jehofa le bone ba bala Baebele. Le fa go ntse jalo, ga ba tlhaloganye se ba se balang. Batho bangwe ba ba neng ba tshela ka motlha wa ga Jesu le bone ba ne ba sa e tlhaloganye. Go sekaseka dilo tse Jesu a ileng a di bolelela batho ba ba neng ba bala Lefoko la Modimo, go tla re thusa go bona dilo tse re ka di dirang gore Baebele e re tswele mosola.

b Fa Jesu a ne a kolobediwa a bo a tlodiwa ka moya o o boitshepo, go lebega a ile a gopola sengwe le sengwe ka botshelo jwa gagwe jwa kwa legodimong.—Math. 3:16.

c Marea o ne a itse Dikwalo sentle e bile o ne a nna a di nopola. (Luke 1:46-55) Go ka direga gore Josefa le Marea ba ne ba se na madi a go ithekela dikhopi tsa Dikwalo. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba reetsa ka kelotlhoko tota kwa sinagogeng fa go balwa Lefoko la Modimo gore ba kgone go le gopola.

d Bona setlhogo se se reng “Atamalana le Modimo—‘Ke Modimo . . . wa Batshedi’” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa February 1, 2013.

e Jesu o ne a botsa Bafarasai potso e e tshwanang mo go Mathaio 19:4-6 e e reng: “A ga lo ise lo bale?” Le fa ba ne ba badile pego e e buang ka popo, ba ne ba itlhokomolosa tsela e Modimo a lebang lenyalo ka yone.

f TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe yo o thusang ka dibuelagodimo o dira diphoso ka nako ya dipokano. Le fa go ntse jalo morago ga dipokano, bakaulengwe ba ba berekang le ene ba a mo akgola go na le go tlotla ka diphoso tse a di dirileng.

    Tshambiso Dze Ikalanga (2008-2025)
    Buda
    Ngina
    • Kalanga (Botswana)
    • Tumila
    • Zwa u no da
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Milayo ye ku Shingisa
    • Nlayo u no Bakilila
    • Privacy Settings
    • JW.ORG
    • Ngina
    Tumila