NSHOLO WE ZWIDIYO 28
LUMBO 88 Nkitsise Ditsela Tsa Gago
Ini ta ka Fanila Kumbila Batsho?
“Butjenjedu gumuna banoamutjila gumbuludzo.”—ZWIA. 13:10.
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO
Se re tshwanetseng go se dira gore kgakololo e re e newang e re tswele mosola.
1. Ti nga thama zwithu ne buchenjedu chini ne ku thama kuti mazwimisilo edu a khoneke? (Zwiani 13:10; 15:22)
ROTLHE fela re batla go dira ditshwetso tse di siameng e bile re batla gore di atlege. Lefoko la Modimo le re bolelela gore re ka dira seo jang.—Bala Diane 13:10; 15:22.
2. Jehova u no ti thembesani?
2 Boammaaruri ke gore Rraarona e bong Jehofa, ke ene a ka re nayang botlhale le kgakololo e e di gaisang tsotlhe. O re solofetsa gore o tla re thusa. A re: “Ke tla go naya kgakololo ke go beile leitlho.” (Pes. 32:8) Mafoko ano a re bontsha gore Jehofa ga a re neye fela kgakololo e re e tlhokang. Gape o amega ka mongwe le mongwe wa rona e bile o re thusa go dirisa kgakololo e a re nayang yone.
3. Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?
3 Mo setlhogong seno re tla bona kafa Lefoko la Modimo le re thusang ka gone go araba dipotso tseno tse nnê: (1) Ke tshwanetse go nna le dinonofo dife gore kgakololo e ke e newang e ntswele mosola? (2) Ke mang yo o ka nnayang kgakololo e e siameng? (3) Nka bontsha jang gore tota ke batla go newa kgakololo? (4) Goreng ke sa tshwanela go kopa ba bangwe gore ba ntirele ditshwetso?
NDA KA FANILA KU BE NE BUTHU GWA KA TINI?
4. Kuti ti batshiwe ne batsho ya ti no piwa, ta ka fanila ku be ne buthu gwa ka tini?
4 Gore kgakololo e re tswele mosola, re tshwanetse go nna boikokobetso le go nna boingotlo. Re tshwanetse go lemoga gore re ka tswa re se na maitemogelo kgotsa kitso e e ka re thusang go dira tshwetso e e siameng. Fa re se boikokobetso e bile re se boingotlo, Jehofa ga a ka ke a re thusa mme seo se tla dira gore dikgakololo tse a re nayang tsone mo Lefokong la gagwe, di tsene ka fa di bo di tswa ka fa. (Mika 6:8; 1 Pet. 5:5) Mme gone, fa re le boikokobetso e bile re le boingotlo, re tla kgona go dirisa kgakololo e re e newang mo Baebeleng ka bonako e bile e tla re tswela mosola.
5. She Dafite wa ka khonani cha ka thama kuti a shathe?
5 Akanya ka se re se ithutang mo sekaong sa ga Kgosi Dafide. O ile a dira dilo tse dintsi tse dintle tse di ka bong di ile tsa dira gore a nne mabela. Dingwaga pele Dafide e nna kgosi, o ne a itsege e le setswerere sa mmino. Tota e bile, o ile a kopiwa gore a tshamekele kgosi mmino. (1 Sam. 16:18, 19) Morago ga gore Dafide a tlodiwe go nna kgosi, Jehofa o ile a mo naya moya wa gagwe o o boitshepo. Seo se ile sa dira gore a nne le maatla. (1 Sam. 16:11-13) Baiseraele ba ne ba mo tseela kwa godimo ka gonne a ile a fenya baba ba bone, go akaretsa le mokaloba wa Mofilisitia e bong Goliathe. (1 Sam. 17:37, 50; 18:7) Fa Dafide a ka bo a ne a le mabela, o ne a ka akanya gore ga a tlhoke kgakololo mo go ope ka ntlha ya dilo tseo tse dintle tse a ileng a di dira. Mme ga a ka a dira jalo.
6. To ziba chini kuti Dafite wa ka amuchila buchenjedu? (Bona itshwantsho.)
6 Fa Dafide a sena go nna Kgosi, o ile a tswelela a itsalanya le batho ba ba neng ba mo naya kgakololo. (1 Ditir. 27:32-34) Tota e bile, pele a nna Kgosi o ne a ikemiseditse go reetsa fa ba bangwe ba mo naya kgakololo. O ne a sa reetse banna fela, mme o ile a reetsa le mosadi mongwe yo o bidiwang Abigaile. Abigaile e ne e le mosadi wa monna mongwe yo o bidiwang Nabale. Monna yono o ne a le lenyatso, a sa lebogele sepe e bile a ikgantsha. Dafide o ile a dirisa kgakololo ya ga Abigaile, mme seo se ile sa mo thusa gore a se ka a dira phoso e e masisi.—1 Sam. 25:2, 3, 21-25, 32-34.
Kgosi Dafide o ne a le boikokobetso e bile o ile a reetsa kgakololo e Abigaile a ileng a mo naya yone (Bona serapa 6)
7. Ti nga zwidiyani mu na cha ka thangwa na Dafite? (Nreri 4:13) (Bona zwitshwantsho.)
7 Re ka ithuta go le gontsi mo go Dafide. Ka sekai, fa re na le bokgoni bongwe jo bo rileng kgotsa re na le maikarabelo mangwe, ga re a tshwanela go itira bomaitsegotlhe kgotsa go akanya gore ga re tlhoke go gakololwa. Fela jaaka Dafide, re tshwanetse go ikemisetsa go reetsa kgakololo, le fa re ka tswa re e newa ke mang. (Bala Moreri 4:13.) Fa re dira jalo, re tla tila go dira diphoso tse di ka tlisetsang rona le batho ba bangwe mathata.
Re tshwanetse go reetsa kgakololo e e siameng le fa re ka tswa re e newa ke mang (Bona serapa 7)c
NDI YANI U NGA NDI PA BUCHENJEDU?
8. Ini Jonathani a ka be a li iye u no fanila ku batsha Dafite?
8 Go na le sengwe gape se re ka se ithutang mo sekaong sa ga Dafide. O ne a kopa kgakololo mo bathong ba ba neng ba rata Jehofa e bile ba tlhaloganya mathata a a neng a lebana le one. Ka sekai, fa Dafide a ne a ipotsa gore a Kgosi Saulo o ikemiseditse go dira kagiso le ene, o ile a reetsa kgakololo ya ga Jonathane e bong morwa Saulo. Ke eng se se thusitseng Jonathane gore a neye Dafide kgakololo e e siameng? Jonathane o ne a atamalane le Jehofa e bile o ne a itse Saulo sentle. (1 Sam. 20:9-13) Seno se re ruta eng?
9. Ti nga kumbila batsho mu na boyani? Chenesa. (Zwiani 13:20)
9 Fa re tlhoka kgakololo, re ka e kopa mo mothong yo o atamalaneng le Jehofa e bile a na le kitso ka kgang eo.a (Bala Diane 13:20.) Ka sekai, a re re mokaulengwe yo mosha o batla go nyala. Ke mang yo a ka mo nayang kgakololo e e siameng? Tsala ya gagwe e e iseng e nyale e ka mo naya kgakololo e e ka mo thusang fa e le gore kgakololo eo e tswa mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, banyalani ba ba mo itseng sentle e bile ba feditse dingwaga di le dintsi ba direla Jehofa, ba ka mo naya kgakololo e e maleba le e e ka mo tswelang mosola.
10. Towo zwidiyani ngwenu?
10 Re tlotlile ka dinonofo tse pedi tse re tshwanetseng go nna le tsone le gore ke mang yo o ka re nayang kgakololo e e siameng. A jaanong re boneng gore re ka bontsha jang gore tota re batla go newa kgakololo le gore goreng re sa tshwanela go kopa ba bangwe gore ba re direle ditshwetso.
NDI NGA GADZIKANYA NKUMBULO NE MOYO WANGU CHINI?
11-12. (a) Mu zwibaka zwingwe, ti nga thamani? (b) She Rehoboamu wa ka thamani ha a ka lingisana ne ku tola thabo ya ka fanila?
11 Ka dinako dingwe motho a ka kopa kgakololo fela ka gonne a batla gore batho ba bangwe ba dumalane le tshwetso e a setseng a e dirile. Motho yoo ga a bontshe gore tota o batla kgakololo. O tshwanetse go ithuta mo go se se diragaletseng Kgosi Rehoboame.
12 Rehoboame o ile a nna kgosi morago ga Kgosi Solomone. Fa a simolola go busa, batho ba ne ba na le dilo tse dintsi tse di itumedisang, mme gone ba ne ba re Kgosi Solomone o ne a ba neile tiro e e boima. Ka jalo, ba ile ba ya kwa go Rehoboame ba mo kopa gore a ba tlhofofaletse tiro. Rehoboame o ile a kopa gore ba mo neye nako gore a dire tshwetso. Kwa tshimologong o ile a ya go kopa kgakololo kwa banneng ba bagolo, ba ba neng ba thusa Solomone. (1 Dikg. 12:2-7) Le fa go ntse jalo, o ile a gana kgakololo e ba ileng ba mo naya yone. Goreng a ile a dira jalo? A Rehoboame o ne a setse a dirile tshwetso, mme a batla batho ba ba ka dumalanang le tshwetso e a e dirileng? O ile a ya go botsa ditsala tsa gagwe mme di ile tsa mo naya karabo e e dumalanang le tshwetso e a setseng a e dirile. (1 Dikg. 12:8-14) Rehoboame o ile a naya batho karabo e e dumalanang le ya ditsala tsa gagwe. Mme seo se ile sa dira gore batho ba le bantsi ba mo tlhanogele le gore ba tlhophe kgosi e nngwe. Fa e sale go tloga ka nako eo, Rehoboame o ile a nna le mathata.—1 Dikg. 12:16-19.
13. Ti nga ziba chini kuti ti na nkumbulo ne moyo wa ka gadzikana?
13 Re Ithuta eng mo go se se diragaletseng Rehoboame? Fa re kopa ba bangwe gore ba re gakolole re tshwanetse go bontsha gore tota re batla go gakololwa. Re ka itse jang gore re dira jalo? Re ka ipotsa go re, ‘A ke kopa kgakololo, go tswa foo ke bo ke e gana ka gonne e sa dumalane le se ke se akanyang?’ A re tlotleng ka sekai se se latelang.
14. Ha ti batshiwa, ta ka fanila kumbulani? Fanisa. (Bona itshwantsho.)
14 A re re mokaulengwe o solofeditswe tiro e e duelang madi a le mantsi. Pele ga a e amogela, o kopa mogolwane mongwe gore a mo neye kgakololo. Mokaulengwe yoo o tlhalosa gore tiro eo e tla mo tlhoka gore a nne kgakala le ba lelapa la gagwe ka nako e telele. Mogolwane yoo o gopotsa mokaulengwe molaomotheo wa Baebele o o tlhalosang gore maikarabelo a gagwe a botlhokwa ke go thusa ba lelapa la gagwe gore ba atamalane le Jehofa. (Baef. 6:4; 1 Tim. 5:8) Mokaulengwe yono ga a dumalane ke kgakololo e mogolwane a mo nayang yone, ka jalo o nna a kopa kgakololo mo go ba bangwe mo phuthegong go fitlha mongwe a mo raya a re a ka amogela tiro. A tota mokaulengwe yono o batla kgakololo kgotsa o setse a dirile tshwetso ya gore o tla dira eng, mme jaanong o batla mongwe yo o ka dumalanang le tshwetso ya gagwe? Re tshwanetse go gopola gore pelo e boferefere. (Jer. 17:9) Ka dinako dingwe re ka newa kgakololo e re sa e rateng mme e le yone e re e tlhokang.
A tota re batla kgakololo e e siameng kgotsa re batla motho yo o ka dumalanang le tshwetso e re setseng re e dirile? (Bona serapa 14)
NDI NGA LAWULIGWA NE BANGWE CHA NDA KA FANILA THAMA?
15. Ta ka fanila ku zwilisa kuti ti si thameni, ngono ne kutini?
15 Jehofa o lebeletse gore mongwe le mongwe wa rona a itirele ditshwetso. (Bagal. 6:4, 5) Re ithutile gore pele re dira tshwetso, go botlhokwa gore re batle kgakololo mo Lefokong la Modimo le mo Bakereseteng ba ba feditseng nako e telele ba direla Jehofa ka boikanyegi. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra kopa ba bangwe gore ba re direle ditshwetso. Bangwe ba ka dira seo ka go botsa mongwe yo ba mo tlotlang ba re, “O ne o ka dira eng fa o ne o na le bothata jo bo tshwanang le jono?” Ba bangwe bone ba ka dira tshwetso e e tshwanang le e mongwe a e dirileng ba sa ipha nako ya go akanyetsa tshwetso eo.
16. Kwa ka shingikalani ku Korinta ne kwe khani ye ku ja nyama i no phekula, ngono ndiyani wa ka fanila tola thambo ye ku ja nyama iyeyo? (1 Bakorinta 8:7; 10:25, 26)
16 Akanya ka tshwetso e Bakeresete ba kwa phuthegong ya kwa Korintha ba neng ba tshwanetse go e dira e e amanang le go ja nama e e ka tswang e ne e ntsheditswe medingwana. Paulo o ile a ba raya a re: “Re a itse gore modingwana ga se sepe le gore go na le Modimo a le mongwe fela.” (1 Bakor. 8:4) Se Paulo a ileng a se bua se ile sa dira gore bangwe mo phuthegong ba dire tshwetso ya gore ba tla ja nama e e ka tswang e ne e ntsheditswe medingwana mme moragonyana e bo e rekisiwa kwa marekisetsong. Bangwe ba ile ba dira tshwetso ya gore ga ba kitla ba ja nama eo ka gonne go dira jalo go ne go tla tshwenya segakolodi sa bone. (Bala 1 Bakorintha 8:7; 10:25, 26) Eno e ne e le tshwetso e mongwe le mongwe a neng a tshwanetse go itirela yone. Paulo ga a a ka a gakolola Bakorintha gore ba direle ba bangwe ditshwetso kgotsa ba kopise se ba bangwe ba se dirileng. O ne a re mongwe le mongwe wa bone o ne a tla ‘atlholwa go ya ka ditiro tsa gagwe.’—Bar. 14:10-12.
17. Ti nga shingikaligwa neni ha ti yedza chi no thangwa ne bangwe? Lakidzila. (Bona zwitshwantsho.)
17 Seo se ka direga jang gompieno? Akanya ka kgang ya dikarolwana tsa madi. Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso ya gore a o tla di amogela kgotsa nnyaa.b Go ka tswa go le thata go tlhaloganya kgang eno sentle, mme mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go itirela tshwetso. (Bar. 14:4) Fa re kopisa ditshwetso tse ba bangwe ba di dirileng re ka koafatsa segakolodi sa rona. Re ka katisa segakolodi sa rona fa re se dirisa ka nako ya fa re dira ditshwetso. (Baheb. 5:14) Re ka kopa leng kgakololo mo Mokereseteng yo o dirang dilo ka botlhale? Re ka dira jalo fa e le gore re dirile dipatlisiso mme re sa ntse re sa tlhaloganye gore melaometheo ya Baebele e amana jang le kgang eo.
Re ka kopa kgakololo fela fa re sena go itirela dipatlisiso (Bona serapa 17)
DWILILA U SHAKA BATSHO
18. Jehova wa ka ti thamilani?
18 Jehofa o bontshitse gore o a re tshepa ka go re letla gore re itirele ditshwetso. O re neile Lefoko la gagwe e leng Baebele. Gape o re neile ditsala tse di ka re thusang go tlhaloganya gore re ka dirisa jang melaometheo ya Baebele. Seno se bontsha gore Jehofa ke Rre yo o lorato e bile o amega ka rona. (Diane 3:21-23) Re ka bontsha jang gore re a mo leboga?
19. Ti nga dwilila ti shathisa Jehova chini?
19 Akanya ka seno: Batsadi ba itumela tota fa ba bana ba bone ba gola ba direla Jehofa e bile ba thusa ba bangwe. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o a itumela fa a bona re atamalana le ene, re kopa ba bangwe gore ba re neye kgakololo le fa re dira ditshwetso tse di bontshang gore re a mo rata.
LUMBO 127 Ke Tshwanetse go Nna Motho wa Mofuta Ofe?
a Ka dinako dingwe Bakeresete ba ka tlhoka go kopa kgakololo kwa bathong ba ba sa direleng Jehofa ka dikgang tse di amanang le tšhelete, kalafi kgotsa dilo tse dingwe.
b Fa o batla go itse dintlha tse di oketsegileng ka kgang eno, bala thuto 39, ntlha 5 le karolo ya “Dintlha Tse Dingwe” mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri!
c TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Mogolwane o gakolola mogolwane yo mongwe ka tsela e a neng a bua ka yone mo pokanong e ba neng ba e tshwere.