NSHOLO WE ZWIDIYO 40
LUMBO 111 Mabaka a Rona a go Ipela
Jehova Ndiye u no Thama Kuti ti “Shathe Kwazo”
“Ndowoyenda . . . ku Ndzimu, iwo kushatha kwangu.”—PIS. 43:4.
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO
Re tlile go bona gore ke dilo dife tse di ka re tseelang boitumelo le gore re ka dira eng gore re itumele gape.
1-2. (a) Bathu ba ka lingisana ne zwimo zwipi ngwenu? (b) Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?
BATHO ba le bantsi gompieno ba dira dilo di le dintsi gore ba itumele. Le fa go ntse jalo, matsapa a bone ke a bophiri ka gonne ba sa ntse ba sa itumela. Tota e bile, batho ba le bantsi ba itsaya e se batho ba sepe e bile ba hutsafetse. Bangwe ba batho ba ga Jehofa le bone ba ka nna ba ikutlwa ba sa ratiwe. E re ka re tshela “mo malatsing a bofelo,” re ka nna ra lebana le maemo a a boima a a dirang gore re tlhobaele thata kgotsa re hutsafale.—2 Tim. 3:1.
2 Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dilo tse di ka re tseelang boitumelo le gore ke eng se se ka re thusang gore re boe re itumele gape. Mme pele ga foo, a re boneng gore ke mang yo o ka re thusang go bona boitumelo jwa mmatota.
CHI NGA THAMA KUTI TI SHATHE KWE MALEBESWA
3. Lubumbo go ti diyani ne kwa Jehova? (Bona zwitshwantsho.)
3 Jehofa o nna a itumetse e bile o batla gore le rona re itumele. Ke gone ka moo a dirileng dilo tse dintsi gore re di itumelele. Ka sekai, re itumelela go bona polanete ya rona e ntle e e nang le dilo tse dintsi tsa mebala e e farologaneng. Re a itumela fa re lebelela diphologolo di tshameka e bile re itumelela go ja dijo tse di monate tse re di ratang. Ruri seno se bontsha gore Jehofa o a re rata e bile o batla gore re itumelele botshelo!
Baby elephant: Image © Romi Gamit/Shutterstock; penguin chicks: Vladimir Seliverstov/500px via Getty Images; baby goats: Rita Kochmarjova/stock.adobe.com; two dolphins: georgeclerk/E+ via Getty Images
Fa re bona diphologolo di tshameka, re gopola gore Jehofa ke Modimo yo o itumetseng (Bona serapa 3)
4. (a) Jehova u nga dwilila a ka shatha chini nenguba a ka lingilila ku dziyidzika ku mu shango? (b) Chipo cha ti no piwa na Jehova ini? (Pisalema 16:11)
4 Le fa Jehofa e le “Modimo yo o itumetseng,” ga a itlhokomolose dilo tse di utlwisang botlhoko tse di tletseng mo lefatsheng. (1 Tim. 1:11) Mme gone, ga a di letle gore di mo tseele boitumelo. O a itse gore dilo tseo ke tsa nakwana. O beile letsatsi le a tlileng go di tlosa ka lone. Gape o pelotelele fa a ntse a letetse letsatsi leo. Mme gone, o a itse gore re lebana le mathata afe e bile o batla go re thusa. Tsela nngwe e a re thusang ka yone ke ka go re naya boitumelo. (Bala Pesalema 16:11.) A re boneng gore o ile a naya Morwawe e bong Jesu boitumelo jang.
5-6. Ini Jesu a ka shatha?
5 Mo bathong botlhe ba Jehofa a ba bopileng, Jesu ke ene a itumetseng go gaisa. Goreng? Ka ntlha ya mabaka a le mabedi. (1) “O tshwana le Modimo yo o sa bonaleng” e bile o bontsha dinonofo tsa ga Rraagwe ka botlalo mo go sengwe le sengwe. (Bakol. 1:15; 1 Tim 6:15) (2) Jesu o feditse dingwaga di le dintsi a na le Rraagwe go gaisa ope fela.
6 Jesu o itumetse ka gonne ka metlha o dira sepe fela se Rraagwe a batlang gore a se dire. (Diane 8:30, 31; Joh. 8:29) E re ka a ikanyega, Jehofa o a mo rata e bile o a mo amogela.—Math. 3:17.
7. Ti nga shatha ne zila ye malebeswa chini?
7 Le rona re ka bona boitumelo jwa mmatota fa re atamalana le Jehofa. Fa re ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa e bile re mo etsa, re tla itumela le go feta. Gape go dira se a se batlang le go itse gore o a re amogela, go dira gore re itumele.a (Pes. 33:12) Mme go tweng fa e le gore ka dinako dingwe ga re itumele kgotsa go feta lobaka lo loleele re sa itumela? A seo se raya gore Jehofa ga a re amogele? Nnyaa! Jehofa o a tlhaloganya gore ka dinako dingwe mo lefatsheng leno, re diragalelwa ke dilo tse di re utlwisang botlhoko le tse di re hutsafatsang thata. (Pes. 103:14) Jaanong a re boneng gore ke dilo dife tse di ka re tseelang boitumelo le gore re ka dira eng gore re boe re itumele gape.
U SI TONGO LECHEDZELA KUTI CHINGWE CHI PEDZISE KU SHATHA KUKO
8. Mathatha e buchilo a nga ti ama chini?
8 Se se ka re tseelang boitumelo #1: Mathata. Gongwe ga o tshwarwe sentle ka gonne o le motlhanka wa ga Jehofa. O ka tswa o boga ka ntlha ya masetlapelo a tlholego kgotsa ka gonne o lwala, o humanegile kgotsa o tsofetse. Mathata ano a ka re tseela boitumelo segolobogolo fa re sa kgone go dira sepe ka one. Baebele e a re “pelo e e utlwileng botlhoko, e dira gore motho a kgobege marapo.” (Diane 15:13) Mogolwane mongwe yo o bidiwang Babis yo o ileng a tlhokafalelwa ke mogolowe le batsadi mo dingwageng di le nnê fela a re: “Ke ne ke ikutlwa ke le nosi e bile ke tsaya gore ga go na ope yo o ka nthusang. Gape ka dinako dingwe ke ne ke tlhobaela thata ka gonne ke sa kgona go fetsa nako le nkgonne le batsadi ba me jaaka ke ne ke batla pele ba tlhokafala.” Eleruri mathata a ka re fetsa maatla e bile a ka re kgoba marapo.
9. Ini chi nga ti batsha kuti ti shathe kakale? (Jeremiya 29:4-7, 10)
9 Ke eng se se ka re thusang gore re boe re itumele gape? Re ka itumela gape fa re sa nnele go akanya ka dilo tse re ka se kgoneng go di fetola, mme re lebogela dilo tse re nang le tsone. Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba a re re ka itumela fela fa dilo di re tsamaela sentle, mme seo ga se boammaaruri. Ka sekai, Jehofa o ile a laela Bajuda ba ba neng ba isitswe botshwarwa kwa Babelona gore ba dire sotlhe se ba ka se kgonang gore ba itumelele botshelo mo maemong a a thata kwa nageng e sele. (Bala Jeremia 29:4-7, 10.) Re ithuta eng mo kgannyeng eno? Leka go amogela maemo a o leng mo go one mme o lebogele dilo tse dintle tse Jehofa a go nayang tsone. Gopola gore Jehofa o tla nna a go thusa. (Pes. 63:7; 146:5) Effie yo o ileng a gobala thata mo a ileng a se ka a tlhola a kgona go tsamaya a re: “Jehofa, ba lelapa la gaetsho le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba nthusa fela thata. Ka jalo, fa nka ineela ke tla bo ke bontsha gore ga ke lebogele se ba ntiretseng sone. Ke batla go bontsha Jehofa le ditsala tseno tsa me gore ke lebogela tsela e ba nthusitseng ka yone.”
10. Ti nga dwilila ta ka shatha chini nenguba ta ka lingisana ne mathatha?
10 Re sa ntse re ka itumela tota le fa re lebana le mathata kgotsa fa rona kgotsa ba malapa a rona re diragalelwa ke dilo tse di utlwisang botlhoko.b (Pes. 126:5) Goreng? Ka gonne boitumelo ga bo a ikaega ka maemo a re lebanang le one. Maria yo e leng mmulatsela a re: “Fa re nna re itumetse le fa re na le mathata, seo ga se reye gore re itlhokomolosa tsela e re ikutlwang ka yone. Go na le moo, se raya gore ga re a lebala dilo tse Jehofa a re solofetsang tsone. Rraarona o tla re thusa gore re nne re itumetse le fa go ka nna jang.” Nna o gopotse gore le fa go ka nna thata jang gone jaanong, mathata a rona otlhe ke a nakwana. A tshwana le dikgato mo motlhabeng fa go le diphefo, ka bonakonyana fela di a nyelela go bo go nna jaaka e kete ga di ise di ko di nne teng.
11. Zila mpostolo Paulo ya a ka zwibata nayo i nga ku simisa chini?
11 Mme go tweng fa o simolola go akanya gore mathata a o nang le one a bontsha gore Jehofa ga a sa tlhole a go amogela? Go ka nna molemo gore o akanye ka batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba ba ileng ba lebana le maemo a a thata. Akanya ka se se ileng sa diragalela moaposetoloi Paulo. Jesu o ile a mo tlhopha gore a ise dikgang tse di molemo “kwa ditšhabeng le kwa dikgosing le kwa Baiseraeleng.” (Dit. 9:15) Ruri eo e ne e le tshiamelo e e itumedisang! Le fa go ntse jalo, Paulo o ile a lebana le mathata a a seng kana ka sepe. (2 Bakor. 11:23-27) A seno se ne se raya gore Jehofa ga a sa tlhole a amogela Paulo? Nnyaa le e seng! E re ka a ile a itshoka, seo se ne se bontsha gore Jehofa o a mo thusa. (Bar. 5:3-5) Le wena fa o tswelela o direla Jehofa ka boikanyegi le fa o na le mathata, o ka tlhatswega pelo gore Jehofa o a go thusa le gore o a go amogela.
12. Ha zwithu zwa ta ka lingilila zwi singa shingikadziwe, ichecho chi nga pedzisa ku shatha kwedu chini?
12 Se se ka re tseelang boitumelo #2: Fa re sa kgone go dira se re eletsang go se dira mo tirong ya ga Jehofa. (Diane 13:12) E re ka re rata Jehofa e bile re lebogela dilo tsotlhe tse a re diretseng tsone, re tlhotlheletsega go ipeela mekgele mo tirong ya gagwe. Le fa go ntse jalo, fa re sa kgone go fitlhelela mekgele eo ka ntlha ya maemo a re lebaneng le one, re ka kgobega marapo. (Diane 17:22) Mmulatsela mongwe yo o bidiwang Holly a re: “Ke ne ke batla go ya kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi, go ya kwa nageng e nngwe kgotsa go thusa mo porojekeng ya kago kwa Ramapo. Mme gone, maemo a me a ile a fetoga ke bo ke sa tlhole ke kgona go fitlhelela mekgele eno. Ke ne kgobegile marapo tota. Go utlwisa botlhoko tota fa o batla go dira sengwe mme o sa kgone go se fitlhelela.” Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa le bone ba ikutlwa ka tsela eo.
13. Ha ti singa khone ku thama zwithu zwingwe, ti nga zwimisila ku thamani?
13 Ke eng se se ka re thusang gore re boe re itumele gape? Nna o gopotse gore Jehofa ga a a lebelela gore re dire dilo tse re ka se kgoneng go di dira, e bile dilo tse re di dirang mo tirong ya gagwe ga se tsone tse di dirang gore a re tseye re le botlhokwa. Jehofa o batla gore re nne boingotlo le gore re ikanyege. (Mik. 6:8; 1 Bakor. 4:2) O amega thata ka se re se akanyang, tsela e re ikutlwang ka yone le dinonofo tse re nang le tsone, go feta se re kgonang go se dira. A go tla bo go utlwala go batla go dira se se fetang se Jehofa a itseng gore re ka kgona go se dira?c Nnyaa, le e seng! Ka jalo, fa e le gore ga o kgone go dira jaaka o batla mo tirong ya ga Jehofa, leka go ipeela mekgele e o ka kgonang go e fitlhelela. Ka sekai, a o ka katisa mosha kgotsa wa kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng? A gongwe o ka etela mongwe kgotsa wa mo founela kgotsa wa mo romelela molaetsa gore o mo kgothatse? Jehofa o itumela tota fa o ipeela mekgele e o ka kgonang go e fitlhelela e bile o tla go thusa gore o itumele! Mo godimo ga moo, nna o gopotse gore go ise go ye kae re tla kgona go direla Jehofa jaaka re batla kwa lefatsheng le lesha! Holly yo re buileng ka ene mo serapeng se se fetileng a re: “Fa ke simolola go kgobega marapo, ke ema go se kae ke bo ke ikgopotsa gore ke tlile go tshelela ruri. Kwa lefatsheng le lesha, Jehofa o tla nthusa go dira dilo tse ke batlang go mo direla tsone.”
14. Ini kakale chi nga pedzisa ku shatha kwedu?
14 Se se ka re tseelang boitumelo #3: Fa go ijesa monate e nna selo sa botlhokwa thata mo botshelong. Fa re dirisa metswedi ya go ikgolaganya le batho, re ka nna ra bona batho ba go lebegang e kete ba itumetse ka gonne ba na le dilo tse dintsi tse dintle. Re ka nna ra simolola go dumela gore fa re dira dilo tse re di ratang, re reka dilo tse re di batlang e bile re ya kwa mafelong a a farologaneng, re tla itumela. Dilo tseno ga di phoso. Jehofa o batla gore re itumelele dilo tse dintle tse a di bopileng. Mme gone, batho ba le bantsi ba ba ileng ba leka go ijesa monate ba ile ba lemoga gore dilo tse ba neng ba akanya gore di tla dira gore ba itumele, ga di a dira jalo. Eva yo e leng mmulatsela a re: “Fa o nna fela o ijesa monate, ga o ka ke wa kgotsofala.” Fa re nnela go ijesa monate re ka feleletsa re hutsafatse e bile re kgobegile marapo.
15. Ti nga zwidiyani mu na She Solomoni?
15 Kgosi Solomone o ile a leka go dira tse dilo dintsi tse a neng a akanya gore di tla dira gore a itumele. Ka sekai, o ile a lekeletsa dijo tse di farologaneng tse di rokotsang mathe, a reetsa mmino o o monate a bo a reka dilo tse di turang. Mme gone, dilo tseo ga di a ka tsa dira gore a itumele. O ile a re: “Leitlho le a bona mme ga le kgotsofale; e bile tsebe e a utlwa mme ga e kgotsofale.” (Mor. 1:8; 2:1-11) Batho bangwe ba akanya gore fa ba na le madi e bile ba kgona go dira sepe fela se ba se batlang ba tla itumela, mme seo ga se boammaaruri. Dilo tseo ga di ka ke tsa dira gore re bone boitumelo jwa mmatota.
16. Ku batsha bangwe ku nga thama kuti ti shathe kakale chini? (Bona zwitshwantsho.)
16 Ke eng se se ka re thusang gore re boe re itumele gape? Jesu o ile a re “go aba go itumedisa thata go feta go amogela.” (Dit. 20:35) Mogolwane mongwe yo o bidiwang Alekos a re: “Ke leka go direla batho ba bangwe dilo tse nnye tse ba di tlhokang. Fa ke dira jalo, ga ke akanye thata ka dilo tse ke di tlhokang mme seo se dira gore ke itumele.” O ka thusa batho ba bangwe jang? Fa o lemoga gore mongwe o kgobegile marapo, mo kgothatse. O ka nna wa se ka wa kgona go rarabolola mathata a gagwe, mme gone o ka mo kgothatsa ka go mo reetsa, go mo tlhomogela pelo le go mo gopotsa gore a bolelele Jehofa mathata a gagwe. (Pes. 55:22; 68:19) Gape o ka mo thusa ka go mo gopotsa gore Jehofa ga a mo latlha. (Pes. 37:28; Isa. 59:1) O ka nna wa mo direla sengwe se a se tlhokang jaaka go mo apeela kgotsa go mo kopa gore lo iphutholole maoto mmogo. Mo kope gore a ye le wena tshimong, seo se ka dira gore a itumele gape. Itetle gore Jehofa a go dirise go kgothatsa batho ba bangwe. Fa re thusa ba bangwe go na le go nna re akantse fela ka se rona re se batlang, re tla itumela.—Diane 11:25.
Go na le go nna fela o akanya ka se o se batlang, thusa batho ba bangwe (Bona serapa 16)d
17. Ku shatha kwedu ko dwa ku na Jehova ne zila ipi? (Pisalema 43:4)
17 Go atamalana le Rraarona yo o kwa legodimong, go tla re thusa go bona boitumelo jwa mmatota. Baebele e re tlhomamisetsa gore Jehofa ke ‘boitumelo jwa rona jo bogolo.’ (Bala Pesalema 43:4.) Ka jalo, ga re tlhoke go tlhobaela kgotsa go tshoga fa re lebane le mathata. Fa re tswelela re atamalane le Jehofa o tla re naya boitumelo jwa mmatota!—Pes. 144:15.
LUMBO 155 O a Re Itumedisa
a Bona lebokoso le le reng, “Jehofa o re Naya Boitumelo Jang?”
b Ka sekai, bona potsolotso ya ga Mokaulengwe Dennis le Kgaitsadi Irina Christensen mo Pegong ya Bo5 e e Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang ya 2023, mo jw.org.
c Fa o batla go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala setlhogo se se reng, “Ipeele Mekgele E o Ka Kgonang go e Fitlhelela, Mme o Ipele” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 15, 2008.
d TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Kgaitsadi o ithekela dilo tse dintsintsi, mme o itumela le go feta fa a rekela kgaitsadi yo o godileng malômô le go mo kgothatsa.