NSHOLO WE ZWIDIYO 46
LUMBO 17 “Ke a Batla”
Kumbulila Mawilangoni e Mpirisiti Nkulu—Jesu
“Atina mpirisiti nkulu usingatubule kuhwisisa kusasima kwedu.”—BAH. 4:15.
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO
Re tlile go bona gore go nna kutlwelobotlhoko go thusitse Jesu jang gore a nne Moperesiti yo Mogolo le gore o re thusa jang gompieno.
1-2. (a) Ini Jehova a ka tumila Ngwana uwe mu shango? (b) Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi? (Bahebera 5:7-9)
DINGWAGA di ka 2 000 tse di fetileng, Jehofa Modimo o ile a romela Morwawe yo a mo ratang thata gore a tle mo lefatsheng. Goreng? Lengwe la mabaka e ne e le gore a tle go golola batho mo boleong le mo losong le gore a baakanye tshenyo e Satane a e bakileng. (Joh. 3:16; 1 Joh. 3:8) Gape Jehofa o ne a itse gore se se neng se tla diragalela Jesu fa a le mo lefatsheng se ne se tla mo thusa gore e nne Moperesiti yo o re utlwelang botlhoko. Jesu o ile a simolola go nna Moperesiti yo Mogolo fa a sena go kolobediwa ka 29 C.E.a
2 Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore se se ileng sa diragalela Jesu fa a ne a le mo lefatsheng se ile sa mo thusa jang gore a tshwanelege go nna Moperesiti yo Mogolo yo o kutlwelobotlhoko. Go botlhokwa gore re tlhaloganye kgang eno ka gonne seo se tla dira gore go nne motlhofo gore re rapele Jehofa le gore re atamalane le ene, segolobogolo fa re kgobiwa marapo ke maleo a re a dirileng kgotsa diphoso tse re di dirileng.—Bala Bahebera 5:7-9.
NKOLOLO WE NDZIMU U NO DIKA U NO ZHA MU SHANGO
3-4. Buchilo gwa Jesu gwa ka shanduka ne zila dzipi wulu a chi zha mu shango?
3 Bontsi jwa rona re ka tswa re ile ra tshwanelwa ke go dira diphetogo mo botshelong, tse di jaaka go fuduga mo lefelong le re neng re le rata thata le go kgaogana le ba lelapa le ditsala. Diphetogo tseo di ka tswa di ne di se motlhofo. Mme gone, ga go na motho ope yo o ileng a dira diphetogo tse dintsi mo botshelong jaaka Jesu. Ke moengele wa ntlha yo Jehofa a ileng a mmopa e bile o ne a le botlhokwa thata mo go ene. O ne a mo rata fela thata, e bile Jesu o ne a itumela ka metlha ka gonne a ne a dira mmogo le Rraagwe. (Pes. 16:11; Diane 8:30) Mme gone, Bafilipi 2:7 e a re o ne a ikemiseditse go “tlogela sengwe le sengwe se a neng a na le sone” kgotsa go tlogela maemo a a neng a na le one kwa legodimong gore a tle go tshela le batho ba ba nang le boleo mo lefatsheng.
4 Gape leka go akanya gore botshelo jwa ga Jesu bo ne bo ntse jang mo dingwageng di se kae fa a sena go tsholwa. Setlhabelo se batsadi ba gagwe ba ileng ba se ntsha fa a sena go tsholwa se bontsha gore lelapa la gaabo le ne le humanegile. (Lefi. 12:8; Luke 2:24) Fa Kgosi Herode yo o bosula a utlwa gore Jesu o tshotswe, o ne a leka go mmolaya. Gore batsadi ba gagwe ba boloke botshelo jwa gagwe, ba ile ba tshabela kwa Egepeto ka nakwana. (Math. 2:13, 15) Ruri botshelo jwa ga Jesu fa a ne a le mo lefatsheng bo ne bo farologane thata le jo a neng a bo tshela fa a ne a le kwa legodimong!
5. Jesu wa ka bona ini apa a li mu shango, ngono ichecho cha ka mbatsha chini mu gobe lile le ku be Mpirisiti Nkulu? (Bona ne itshwantsho.)
5 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bona batho ba le bantsi ba boga. Ga go pelaelo gore o ile a utlwa botlhoko fa a bona batho ba a ba ratang ba tlhokafala, go akaretsa le rraagwe yo o mo godisitseng e bong Josefa. Ka nako ya bodiredi jwa gagwe, Jesu o ne a kopana le balepero, difofu, batho ba ba sa kgoneng go tsamaya le batsadi ba ba tlhokafaletsweng ke bana, mme o ile a ba tlhomogela pelo. (Math. 9:2, 6; 15:30; 20:34; Mar. 1:40, 41; Luke 7:13) Ke boammaaruri gore fa Jesu a ne a le kwa legodimong, o ne a bona tsela e batho ba neng ba boga ka yone. Mme gone, fa a ne a le mo lefatsheng o ne a tlhaloganya gore ba ikutlwa jang fa ba boga. (Isa. 53:4) O ne a lemoga gore maemo a a farologaneng a dira gore ba ikutlwe jang, le gore mathata a ba lebanang le one mo botshelong a dira gore ba ikutlwe jang. Fela jaaka mongwe le mongwe, Jesu le ene o ne a lapa, a tshwenyega e bile a utlwa botlhoko.
Jesu o ne a amega thata ka tsela e ba bangwe ba neng ba ikutlwa ka yone le se se neng se ba diragalela (Bona serapa 5)
JESU U NO LAKIDZA BATHU MAWILANGONI
6. Zwitshwantsho zwino shingisiwa na mporofita Izaya dzo ti diyani ne kwe mawilangoni a Jesu? (Izaya 42:3)
6 Ka nako ya bodiredi jwa gagwe, Jesu o ne a tlhomogela batho ba ba neng ba sa tshwarwe sentle pelo. Fa a ne a dira jalo, o ne a diragatsa boporofeti. Ka dinako dingwe Dikwalo Tsa Sehebera di tshwantsha batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng le tshingwana e e nosediwang sentle kgotsa le ditlhare tse di nonofileng tse ditelele. (Pes. 92:12; Isa. 61:3; Jer. 31:12) Mme di tshwantsha ba ba humanegileng le lotlhaka lo lo obegileng le mogala o o kuang mosi, e leng dilo tse di ka se kang tsa thusa motho ka sepe. (Bala Isaia 42:3; Math. 12:20) Mme gone, Jehofa o ile a dirisa moporofeti Isaia gore a kwale dikai tseno go bolelela pele gore Jesu o ne a tla rata batho ba ba tseelwang kwa tlase, le gore o ne a tla ba tlhomogela pelo.
7-8. Jesu wa ka shingikadza boporofiti gwa Izaya chini?
7 Go bontsha gore Jesu ke ene a ileng a diragatsa boporofeti jwa Isaia, Mathaio o ile a kwala mafoko a a reng: “Ga a kitla a tšhwetlakanya lotlhaka lope lo lo obegileng, e bile ga a kitla a tima mogala ope o o kuang mosi.” Dingwe tsa dikgakgamatso tse Jesu a neng a di dira di ne di tswela mosola batho ba ba neng ba tseelwa kwa tlase ba ba ka tswang ba ne ba ikutlwa jaaka e kete ke lotlhaka lo lo obegileng kgotsa ba ba se nang tsholofelo, ba ba neng ba ikutlwa jaaka e kete ke mogala o o kuang mosi o o tlogang o tima. Mongwe wa batho bao e ne e le monna mongwe yo a neng a na le bolwetse jo bo maswe jwa lepero. O tshwanetse a bo a ne a se na tsholofelo ya gore o tla fola kgotsa gore o tla kgona go nna le ba lelapa la gagwe le ditsala gape. (Luke 5:12, 13) Gape Jesu o ile a kopana le monna mongwe yo a neng a sa kgone go utlwa e bile a sa kgone go bua sentle. Akanya fela gore monna yoo o tshwanetse a bo a ne a ikutlwa jang fa a bona batho ba tlotla mme ene a sa kgone go utlwa sepe se ba se buang. (Mar. 7:32, 33) Mme ga se gone gotlhe.
8 Mo motlheng wa ga Jesu, Bajuda ba le bantsi ba ne ba dumela gore batho ba ba neng ba lwala kgotsa ba golafetse, ba ne ba otlhaelwa maleo a bone kgotsa maleo a batsadi ba bone ba a dirileng. (Joh. 9:2) Thuto eo ya maaka e ne e dira gore batho bao ba itseye e se batho ba sepe. Mme gone, Jesu o ile a diragatsa boporofeti jwa Isaia ka go ba fodisa le go ba thusa gore ba itse gore Modimo o amega ka bone. Seno se bontsha gore Jesu o ikutlwa jang ka rona?
9. Bahebera 4:15, 16 i no lakidza chini kuti Mpirisiti wedu Nkulu u ku dzimu u no lakidza chini bathu ba sa ka zwi lizanila mawilangoni kwe malebeswa?
9 Bala Bahebera 4:15, 16. Ga re belaele gore ka metlha Jesu o tla re utlwela botlhoko. Re raya jang? Motho yo o kutlwelobotlhoko o utlwa botlhoko jo batho ba bangwe ba bo utlwang. Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “utlwela botlhoko” le kaya go utlwa botlhoko jo batho ba bangwe ba bo utlwang. (Bona le Bahebera 10:34, mo Paulo a neng a dirisa lefoko le le tshwanang la Segerika.) Dikgakgamatso tse Jesu a ileng a dira, di bontsha gore o ne a amega ka batho ba bangwe. O ne a sa ba fodise fela ka gonne a kgona go dira jalo. O ne a amega ka bone e bile a batla go ba thusa. Ka sekai, fa a ne a fodisa monna yo o neng a tshwerwe ke lepero, ga a a ka a mo fodisa a le kgakala. Go na le moo, o ile a mo tshwara. Go ka tswa go ne go fetile dingwaga di le dintsi monna yoo a sa kgomiwe ke ope. Fa Jesu a ne a fodisa monna yo o neng a sa kgone go utlwa, o ile a mo ntsha mo modumong wa batho ba ba neng ba bua, a mo fodisetsa kwa thoko. Fa Mofarasai mongwe a ne a nyatsa mosadi yo o neng a ikwatlhaya, yo o ileng a tlhapisa Jesu dinao ka dikeledi tsa gagwe a bo a di phimola ka moriri wa gagwe, Jesu o ile a mmuelela a tiisitse. (Math. 8:3; Mar. 7:33; Luke 7:44) Re kgona go bona gore Jesu o ne a sa itlhokomolose batho ba ba neng ba lwala kgotsa ba ba neng ba dirile maleo a a masisi. Go na le moo, o ne a batla gore ba tle kwa go ene, e bile o ne a ba bontsha gore o a ba rata. Ga go pelaelo gore Jesu o re utlwela botlhoko.
KU EDZA MPIRISITI WEDU NKULU NGWENU
10. Ti nga batsha chini ba si nga hwe mu zebe ne ba si nga bone ku ja zojiwa zwe chimeya ngwenu? (Bona ne zwitshwantsho.)
10 E re ka re le balatedi ba ga Jesu re dira sotlhe se re ka se kgonang go rata batho, go ba utlwela botlhoko le go ba tlhomogela pelo jaaka ene. (1 Pet. 2:21; 3:8) Le fa gone re sa kgone go fodisa batho ba ba sa utlweng kgotsa ba ba sa boneng, re ka kgona go ba thusa gore ba itse Modimo. Ka sekai, gone jaanong go na le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tsa dipuo tsa diatla di feta 100. Gape go na le dikgatiso tsa mokwalo wa difofu ka dipuo di feta 60, le mafoko a a tlhalosang se se diregang mo dibidiong tse re nang le tsone ka dipuo di feta 100, tse di thusang batho ba ba sa boneng sentle kgotsa batho ba ba sa boneng gotlhelele. Dilo tseno tsotlhe di thusa ba ba sa utlweng le ba ba sa boneng gore ba atamalane le Jehofa le Morwawe.
Dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng di teng ka dipuo di feta 1 000
Ka fa molemeng: Dipuo tsa diatla di feta 100
Ka fa mojeng: Dipuo di feta 160 tsa mokwalo wa difofu
(Bona serapa 10)
11. Gubungano la Jehova lo lakidza chini se kwa Jesu a no amika ne bathu bose? (Mishingo 2:5-7, 33) (Bona ne zwitshwantsho.)
11 Phuthego ya ga Jehofa e dira sotlhe se e ka se kgonang go thusa batho ba mefuta yotlhe. Gopola gore fa Jesu a sena go tsosiwa, o ile a tshololela barutwa ba gagwe moya o o boitshepo gore botlhe ba ba neng ba le teng kwa moletlong wa Pentekosete ba kgone go utlwa dikgang tse di molemo ka ‘dipuo tsa bone.’ (Bala Ditiro 2:5-7, 33.) Jesu o kaela phuthego gore e gatise dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka dipuo di feta 1 000. Dingwe tsa tsone di buiwa ke batho ba le mmalwa fela. Ka sekai, go na le dipuo dingwe tse di buiwang ke batho ba le mmalwa fela kwa North le kwa South America. Le fa go ntse jalo, go setse go gatisitswe dikgatiso ka dipuo tseo di feta 160, go tlhomamisa gore batho ba le bantsi kafa go ka kgonegang ka gone ba amogela dikgang tse di molemo. Mo godimo ga moo, dikgatiso tsa rona di teng ka dipuo di feta 20 tsa Romany. Batho ba le bantsi ba ba buang dipuo tseo ba simolotse go direla Jehofa.
Ka fa molemeng: Dipuo di feta 160 tsa kwa North le kwa South America
Ka fa mojeng: Dipuo di feta 20 tsa Romany
(Bona serapa 11)
12. I batsho ipi kakale ya ti no piwa ne gubungano la Jehova?
12 Kwantle ga matsapa a phuthego ya ga Jehofa e a tsayang go anamisa dikgang tse di molemo, gape e thusa ba ba wetsweng ke masetlapelo a tlholego. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ithaopela go thusa ba ba tlhokang thuso. Mo godimo ga moo, phuthego ya ga Jehofa e rulaganya gore go agiwe mafelo a kobamelo a batho ba ka kgonang go kopanela mo go one gore ba ithute ka Modimo wa bone yo o lorato.
MPIRISITI WEDU NKULU U NGA KU BATSHA
13. Jesu u no ti batsha ne zila dzipi dzingwe?
13 E re ka Jesu e le modisa yo o molemo, o tlhomamisa gore mongwe le mongwe wa rona o nna le se a se tlhokang gore a tswelele a atamalane le Jehofa. (Joh. 10:14; Baef. 4:7) Ka dinako dingwe, re ka kgobega marapo thata jaana mo re ka ikutlwang jaaka e kete re lotlhaka lo lo obegileng kgotsa mogala o o kuang mosi. Re ka kgobega marapo ka gonne re lwala, re dirile diphoso kgotsa re sa nosane metsi le mongwe mo phuthegong. Re ka nna fela re akantse ka mathata a re lebaneng le one, go na le go tlhoma mogopolo mo dilong tse dintle tse di tla diregang mo nakong e e tlang. Mme gone, gopola gore Jesu o bona mathata a o lebanang le one, e bile o itse sentle gore o ikutlwa jang. E re ka a go utlwela botlhoko, o batla go go thusa. Ka sekai, a ka dirisa moya o o boitshepo go go naya maatla fa o le bokoa. (Joh. 16:7; Tito 3:6) Mo godimo ga moo, a ka dirisa bagolwane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe mo phuthegong gore ba go kgothatse le gore ba go thuse.—Baef. 4:8.
14. Ini cha ti nga thama apa ti zwiwa ta ka nyala meya?
14 Fa e le gore o kgobegile marapo, gopola gore Jesu ke Moperesiti wa rona yo Mogolo, o bo o akanyetse kwa teng ka gore seo se kaya eng mo go wena. Gopola gore fa Jehofa a ne a romela Jesu mo lefatsheng, o ne a sa mo romele fela gore a tle go ntsha botshelo jwa gagwe e le thekololo, gape o ne batla go mo thusa gore a tlhaloganye botoka mathata a batho ba ba nang le boleo ba lebanang le one. Fa re kgobegile marapo ka ntlha ya maleo a re a dirileng, kgotsa ka makoa a re nang le one, Jesu o ikemiseditse go re thusa “ka nako e e tshwanetseng.”—Baheb. 4:15, 16.
15. Ipa chilakidzilo chi no lakidza kuti nthu wa ka lecha gubungano la Jehova u nga batshiwa chini ku gwilila mu lili.
15 Gape Jesu o kaela batho ba gagwe gore ba thuse ba ba tlogetseng Jehofa gore ba boele kwa go ene. (Math. 18:12, 13) Akanya ka se se diragaletseng Stefano.b O ile a ya dipokanong morago ga dingwaga di le 12 a sena go tlosiwa mo phuthegong. A re: “Ke ne ke sa phuthologa, mme ke ne ke batla go obamela Jehofa le bakaulengwe le bokgaitsadi ba me. Bagolwane ba ba ileng ba bua le nna ba ne ba nkamogela ka lorato. Ka dinako dingwe ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe e bile ke batla go ineela. Mme gone, bagolwane bao ba ile ba nkgopotsa gore Jehofa le Jesu ba ne ba sa batle gore ke itlhoboge. Fa ke busediwa mo phuthegong, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba nkamogela, ba bo ba amogela ba lelapa la me ka lorato. Moragonyana mosadi wa me o ile a simolola go ithuta Baebele, e bile gompieno re direla Jehofa re le lelapa.” Ruri Moperesiti wa rona yo Mogolo yo o lorato o tshwanetse a bo a itumela tota fa a bona batho ba ba ikwatlhayang ba newa thuso e ba e tlhokang gore ba boele mo phuthegong!
16. Ini u bokela kwazo ku be ne Mpirisiti Nkulu u no lakidza mawilangoni?
16 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a thusa batho ba le bantsi ka nako e e tshwanetseng. Ga re belaele gore le gompieno o tla re thusa ka se re se tlhokang. Gape kwa lefatsheng le lesha o tla thusa batho ba ba kutlo gore ba se ka ba tlhola ba bogisiwa ke mathata a a bakilweng ke boleo. Ruri re lebogela go bo Jehofa Modimo wa rona a re rata thata jaana mo a ileng a re naya Morwawe gore e nne Moperesiti wa rona yo Mogolo yo o kutlwelobotlhoko!
LUMBO 13 Keresete, Sekao sa Rona
a Fa o batla tshedimosetso e e bontshang gore Jesu o ile a nna Moperesiti yo Mogolo jang mo boemong jwa moperesiti yo mogolo kwa Iseraele, bona setlhogo se se reng “Itumelele go Direla mo Tempeleng ya ga Jehofa” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 2023 ts. 26, ser. 7-9.
b Leina le fetotswe.