LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 14
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Duteronome

      • Go bontsha khutsafalo ka tsela e e sa siamang (1, 2)

      • Dijo tse di itshekileng le tse di itshekologileng (3-21)

      • Jehofa a ntshediwe karolo ya bolesome (22-29)

Duteronome 14:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “lwa dira lefatla fa gare ga matlho a lona.”

Ditshupiso

  • +Lef 19:28
  • +Lef 21:1, 5

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    9/15/2004, ts. 27

Duteronome 14:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “tlhwatlhwakgolo.”

Ditshupiso

  • +Lef 19:2; 20:26; Dut 28:9; 1Pe 1:15
  • +Ek 19:5, 6; Dut 7:6

Duteronome 14:3

Ditshupiso

  • +Lef 11:43; 20:25; Dit 10:14

Duteronome 14:4

Ditshupiso

  • +Lef 11:2, 3

Duteronome 14:7

Ditshupiso

  • +Lef 11:4-8

Duteronome 14:9

Ditshupiso

  • +Lef 11:9, 10

Duteronome 14:12

Ditshupiso

  • +Lef 11:13-20

Duteronome 14:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Ditshenekegi.”

Duteronome 14:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dikgoro.”

Ditshupiso

  • +Ek 22:31; Lef 17:15
  • +Ek 23:19; 34:26

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2005, ts. 27

    9/15/2004, ts. 26

Duteronome 14:22

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ditsabosome.”

Ditshupiso

  • +Dut 12:11; 26:12

Duteronome 14:23

Ditshupiso

  • +Dut 12:5, 17; 15:19, 20
  • +Pes. 111:10

Duteronome 14:24

Ditshupiso

  • +Dut 12:5, 6

Duteronome 14:26

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “sepe fela se o se kopang.”

Ditshupiso

  • +Dut 12:7; 26:11; Pes. 100:2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/1/2010, ts. 23

Duteronome 14:27

Ditshupiso

  • +Dip 18:21; 2Dt 31:4; 1Bk 9:13
  • +Dip 18:20; Dut 10:9

Duteronome 14:28

Ditshupiso

  • +Dut 26:12

Duteronome 14:29

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ngwana yo o se nang rre.”

Ditshupiso

  • +Ek 22:21; Dut 10:18; Jak 1:27
  • +Dut 15:10; Pes. 41:1; Dia 11:24; 19:17; Mal 3:10; Luk 6:35

Ditemana Tse dingwe

Dute. 14:1Lef 19:28
Dute. 14:1Lef 21:1, 5
Dute. 14:2Lef 19:2; 20:26; Dut 28:9; 1Pe 1:15
Dute. 14:2Ek 19:5, 6; Dut 7:6
Dute. 14:3Lef 11:43; 20:25; Dit 10:14
Dute. 14:4Lef 11:2, 3
Dute. 14:7Lef 11:4-8
Dute. 14:9Lef 11:9, 10
Dute. 14:12Lef 11:13-20
Dute. 14:21Ek 22:31; Lef 17:15
Dute. 14:21Ek 23:19; 34:26
Dute. 14:22Dut 12:11; 26:12
Dute. 14:23Dut 12:5, 17; 15:19, 20
Dute. 14:23Pes. 111:10
Dute. 14:24Dut 12:5, 6
Dute. 14:26Dut 12:7; 26:11; Pes. 100:2
Dute. 14:27Dip 18:21; 2Dt 31:4; 1Bk 9:13
Dute. 14:27Dip 18:20; Dut 10:9
Dute. 14:28Dut 26:12
Dute. 14:29Ek 22:21; Dut 10:18; Jak 1:27
Dute. 14:29Dut 15:10; Pes. 41:1; Dia 11:24; 19:17; Mal 3:10; Luk 6:35
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Duteronome 14:1-29

Duteronome

14 “Lo bana ba ga Jehofa, Modimo wa lona. Lo se ka lwa itshega+ kgotsa lwa beola ditlhogo tsa lona fa pele gore di nne lefatla* ka ntlha ya motho yo o suleng.+ 2 Gonne lo setšhaba se se boitshepo+ mo go Jehofa, Modimo wa lona, mme Jehofa o tlhophile lona gore lo nne setšhaba sa gagwe, batho ba gagwe ba ba kgethegileng,* go tswa mo ditšhabeng tsotlhe tse di mo godimo ga lefatshe.+

3 “Ga lo a tshwanela go ja selo sepe fela se se makgapha.+ 4 Tseno ke diphologolo tse lo ka di jang:+ poo, nku, podi, 5 kgama, tshephe, tholo, podi ya naga, phala, nku ya naga le nku ya dithaba. 6 Lo ka nna lwa ja phologolo epe e e nang le tlhakwana e e sa pataganang e e maphata mabedi e bile e otla. 7 Le fa go ntse jalo, ga lo a tshwanela go ja diphologolo tse di latelang tse di otlang kgotsa tse di nang le ditlhakwana tse di sa pataganang: kamela, mmutla le pela, ka gonne di a otla mme ditlhakwana tsa tsone di patagane. Di itshekologile mo go lona.+ 8 Le kolobe, ka gonne e na le tlhakwana e e sa pataganang mme ga e otle. E itshekologile mo go lona. Ga lo a tshwanela go ja nama epe ya tsone kgotsa go kgoma ditoto tsa tsone.

9 “Mo dilong tsotlhe tse di nnang mo metsing, lo ka nna lwa ja tseno: Sepe fela se se nang le mafafa le makape lo ka nna lwa se ja.+ 10 Mme ga lo a tshwanela go ja sepe fela se se se nang mafafa le makape. Se itshekologile mo go lona.

11 “Lo ka nna lwa ja nonyane nngwe le nngwe e e itshekileng. 12 Mme tseno ga lo a tshwanela go di ja: ntsu, segootsane, lenong le lentsho,+ 13 phakalane e khibidu, phakalane e ntsho, mofuta mongwe le mongwe wa mankgodi, 14 mofuta mongwe le mongwe wa legakabe, 15 ntšhe, morubisi, nonyane ya metsi, mofuta mongwe le mongwe wa segodi, 16 morubisi o monnye, morubisi o o ditsebe ditelele, makgotlwe, 17 kukara, lenong, timeletsane, 18 mogolori, mofuta mongwe le mongwe wa kokolofutwe, lerenkete le mmamanthwane. 19 Ditshedi* tsotlhe tse di nang le diphuka, tse di tsamayang di le setlhopha le tsone di itshekologile mo go lona. Di se ka tsa jewa. 20 Lo ka nna lwa ja setshedi sepe fela se se fofang se se itshekileng.

21 “Ga lo a tshwanela go ja nama ya phologolo epe e e fitlhetsweng e sule.+ Lo ka nna lwa e naya motswakwa yo o mo teng ga metse* ya lona, mme a ka nna a e ja, kgotsa e ka nna ya rekisediwa motswakwa. Gonne lo setšhaba se se boitshepo mo go Jehofa, Modimo wa lona.

“Ga lo a tshwanela go bedisa potsane ka mashi a mmaayone.+

22 “O tshwanetse go ntsha karolo ya bolesome* ya maungo a peo e o e jadileng mo tshimong ya gago ngwaga le ngwaga.+ 23 O tla jela karolo ya bolesome ya dijo tsa gago tsa ditlhaka, beine ya gago e ntšha, leokwane la gago le maitibolo a motlhape le a letsomane la gago fa pele ga ga Jehofa, Modimo wa gago, mo lefelong le a le tlhophang gore leina la gagwe le nne mo go lone,+ gore o ithute go boifa Jehofa, Modimo wa gago ka metlha.+

24 “Mme fa e le gore loeto lo loleele thata mo go wena e bile o ka se kgone go rwala dilo tseno tsotlhe o ya kwa lefelong le Jehofa, Modimo wa gago a le tlhophang gore e nne lefelo la leina la gagwe+ ka gonne le le kgakala thata le wena (ka gonne Jehofa, Modimo wa gago o tla go segofatsa), 25 foo o ka nna wa e rekisa, mme o tseye madi ao o bo o ya kwa lefelong le Jehofa, Modimo wa gago a tla le tlhophang. 26 Go tswa foo, o ka nna wa dirisa madi ao mo go sepe fela se o se eletsang, e ka tswa e le dikgomo, dinku, dipodi, beine le dinô tse dingwe tse di tagang le sepe fela se o se ratang;* mme o tla jela foo fa pele ga ga Jehofa, Modimo wa gago o bo o itumela, wena le ba lelapa la gago.+ 27 Mme o se ka wa tlhokomologa Molefi yo o mo teng ga metse ya gago+ ka gonne ga a newa kabelo epe kgotsa boswa bope le wena.+

28 “Kwa bokhutlong jwa dingwaga dingwe le dingwe tse tharo, o ntshe karolo yotlhe ya bolesome ya thobo ya gago ya ngwaga oo, mme o e beye mo teng ga metse ya gago.+ 29 Go tswa foo, Molefi yo o sa newang kabelo epe kgotsa boswa bope le wena, motswakwa, khutsana* le motlholagadi, ba ba mo metseng ya gago ba tla tla ba bo ba ja gore ba kgotsofale,+ gore Jehofa, Modimo wa gago a go segofatse mo go sotlhe se o se dirang.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela