LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Dikhutsafalo 1
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Dikhutsafalo

      • Jerusalema o tshwana le motlholagadi

        • O tlogetswe e bile ga a na ope (1)

        • Boleo jo bogolo jwa Siona (8, 9)

        • Modimo o gana Siona (12-15)

        • Ga go na ope yo o ka gomotsang Siona (17)

Dikhutsafalo 1:Maf

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgaolo 1-4 ke dipina tsa khutsafalo tse di kwadilweng go dirisiwa dialefabete kgotsa ditlhaka tsa Sehebera.

Dikhutsafalo 1:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo dikgaolong tse di nang le taolo.”

Ditshupiso

  • +Pes. 122:3, 4
  • +1Dk 4:20
  • +Dut 28:15, 48; 2Dk 25:11, 12

Dikhutsafalo 1:2

Ditshupiso

  • +Dik 1:16
  • +Jer 4:30; Esk 16:37
  • +Jer 30:14

Dikhutsafalo 1:3

Ditshupiso

  • +Lef 26:33; 2Dk 24:14, 15; 25:21; Jer 39:9; 52:27
  • +Jer 17:4
  • +Dut 28:64

Dikhutsafalo 1:4

Ditshupiso

  • +Amo 8:10
  • +Isa 3:26

Dikhutsafalo 1:5

Ditshupiso

  • +Sek 1:15
  • +2Dt 36:15, 16; Neh 9:33; Dan 9:7, 16
  • +Jer 39:9; 52:30

Dikhutsafalo 1:6

Ditshupiso

  • +Esk 24:21

Dikhutsafalo 1:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ba itumela.”

Ditshupiso

  • +1Dk 10:27
  • +Jer 52:4
  • +Pes. 137:7; Dik 2:16

Dikhutsafalo 1:8

Ditshupiso

  • +Isa 1:4; 59:2; Esk 22:4
  • +Jer 13:22; Esk 23:29
  • +Jer 4:31

Dikhutsafalo 1:9

Ditshupiso

  • +Jer 8:7
  • +Jer 50:29

Dikhutsafalo 1:10

Ditshupiso

  • +Jer 52:17, 19; Dan 1:1, 2
  • +2Dt 36:17, 18; Pes. 74:7; Jer 52:13

Dikhutsafalo 1:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa Jerusalema a mothofaditswe.

Ditshupiso

  • +Jer 38:9; 52:6; Dik 2:12; 4:4

Dikhutsafalo 1:12

Ditshupiso

  • +Jer 21:7

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/1/2007, ts. 8

Dikhutsafalo 1:13

Ditshupiso

  • +Pes. 102:3

Dikhutsafalo 1:14

Ditshupiso

  • +Lef 26:37; Esk 11:9

Dikhutsafalo 1:15

Ditshupiso

  • +2Dk 24:14, 15
  • +2Dt 36:17
  • +Tsh 14:19; 19:15

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/1/2007, ts. 8

Dikhutsafalo 1:16

Ditshupiso

  • +Jer 31:15

Dikhutsafalo 1:17

Ditshupiso

  • +Jer 4:31
  • +Dut 28:49; 2Dk 24:1, 2; 25:1
  • +Dik 1:8

Dikhutsafalo 1:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “molomo.”

Ditshupiso

  • +Neh 9:33; Dan 9:7
  • +1Sa 12:14, 15
  • +Dut 28:32

Dikhutsafalo 1:19

Ditshupiso

  • +Jer 30:14
  • +2Dk 25:3; Jer 38:9

Dikhutsafalo 1:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Mateng.”

Ditshupiso

  • +Pes. 107:11; Isa 1:2; 63:10
  • +Dut 32:25; Jer 15:2

Dikhutsafalo 1:21

Ditshupiso

  • +Esk 25:6, 7; Oba 12
  • +Isa 13:19; Jer 25:12-14; Joe 3:19
  • +Pes. 137:8, 9; Isa 51:22, 23

Dikhutsafalo 1:22

Ditshupiso

  • +Jer 51:35

Ditemana Tse dingwe

Dikhu. 1:1Pes. 122:3, 4
Dikhu. 1:11Dk 4:20
Dikhu. 1:1Dut 28:15, 48; 2Dk 25:11, 12
Dikhu. 1:2Dik 1:16
Dikhu. 1:2Jer 4:30; Esk 16:37
Dikhu. 1:2Jer 30:14
Dikhu. 1:3Lef 26:33; 2Dk 24:14, 15; 25:21; Jer 39:9; 52:27
Dikhu. 1:3Jer 17:4
Dikhu. 1:3Dut 28:64
Dikhu. 1:4Isa 3:26
Dikhu. 1:4Amo 8:10
Dikhu. 1:5Sek 1:15
Dikhu. 1:52Dt 36:15, 16; Neh 9:33; Dan 9:7, 16
Dikhu. 1:5Jer 39:9; 52:30
Dikhu. 1:6Esk 24:21
Dikhu. 1:71Dk 10:27
Dikhu. 1:7Jer 52:4
Dikhu. 1:7Pes. 137:7; Dik 2:16
Dikhu. 1:8Isa 1:4; 59:2; Esk 22:4
Dikhu. 1:8Jer 13:22; Esk 23:29
Dikhu. 1:8Jer 4:31
Dikhu. 1:9Jer 8:7
Dikhu. 1:9Jer 50:29
Dikhu. 1:10Jer 52:17, 19; Dan 1:1, 2
Dikhu. 1:102Dt 36:17, 18; Pes. 74:7; Jer 52:13
Dikhu. 1:11Jer 38:9; 52:6; Dik 2:12; 4:4
Dikhu. 1:12Jer 21:7
Dikhu. 1:13Pes. 102:3
Dikhu. 1:14Lef 26:37; Esk 11:9
Dikhu. 1:152Dk 24:14, 15
Dikhu. 1:152Dt 36:17
Dikhu. 1:15Tsh 14:19; 19:15
Dikhu. 1:16Jer 31:15
Dikhu. 1:17Jer 4:31
Dikhu. 1:17Dut 28:49; 2Dk 24:1, 2; 25:1
Dikhu. 1:17Dik 1:8
Dikhu. 1:18Neh 9:33; Dan 9:7
Dikhu. 1:181Sa 12:14, 15
Dikhu. 1:18Dut 28:32
Dikhu. 1:19Jer 30:14
Dikhu. 1:192Dk 25:3; Jer 38:9
Dikhu. 1:20Pes. 107:11; Isa 1:2; 63:10
Dikhu. 1:20Dut 32:25; Jer 15:2
Dikhu. 1:21Esk 25:6, 7; Oba 12
Dikhu. 1:21Isa 13:19; Jer 25:12-14; Joe 3:19
Dikhu. 1:21Pes. 137:8, 9; Isa 51:22, 23
Dikhu. 1:22Jer 51:35
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Dikhutsafalo 1:1-22

Dikhutsafalo

א [Aleph]*

1 Ruri motse o o neng o tletse ka batho, jaanong ga o na ope!+

Ruri ene yo o neng a na le batho ba bantsi mo ditšhabeng, o tshwana le motlholagadi!+

Ruri ene yo e neng e le mohumagadi mo diporofenseng* o patelediwa go dira tiro e e boima!+

ב [Beth]

 2 Bosigo o lela fela thata,+ e bile dikeledi tsa gagwe di elela mo marameng a gagwe.

Ga go na ope wa botlhe ba ba mo ratang yo o mo gomotsang.+

Ditsala tsa gagwe tsotlhe di mo tsieditse;+ di fetogile baba ba gagwe.

ג [Gimel]

 3 Juda o ile botshwarwa+ e bile o a boga, gape o mo bokgobeng jo bo setlhogo.+

O tshwanelwa ke go nna mo ditšhabeng;+ ga a bone lefelo la boikhutso.

Botlhe ba ba mmogisang ba mo fitlhetse a le mo matshwenyegong.

ד [Daleth]

 4 Ditsela tse di yang kwa Siona di hutsafetse, ka gonne ga go na ope yo o tlang mo moletlong.+

Dikgoro tsa gagwe tsotlhe di sentswe;+ baperesiti ba gagwe ba utlwile botlhoko.

Makgarebane a gagwe a hutsafetse, mme ene o tshwenyegile thata.

ה [He]

 5 Baba ba gagwe jaanong ba a mo laola; dira tsa gagwe ga di tshwenyege.+

Ka gonne Jehofa o mo tliseditse khutsafalo ka ntlha ya maleo a gagwe a mantsi.+

Bana ba gagwe ba ile botshwarwa ba tsamaya fa pele ga mmaba.+

ו [Waw]

 6 Kgalalelo yotlhe e dule mo go morwadia Siona.+

Dikgosana tsa gagwe di tshwana le dikgama tse ditonanyana tse di sa bonang mafulo,

Mme di tsamaya di lapile fa pele ga yo o di setseng morago.

ז [Zayin]

 7 Mo motlheng wa fa a boga le fa a se na legae, Jerusalema o gakologelwa

Dilo tsotlhe tse di tlhwatlhwakgolo tse a neng a na le tsone mo metlheng ya bogologolo.+

Fa batho ba gagwe ba ne ba wela mo seatleng sa mmaba e bile a se na mothusi,+

Baba ba ne ba mmona ba bo ba mo tshega* ka gonne a phutlhame.+

ח [Heth]

 8 Jerusalema o dirile boleo jo bogolo.+

Ke gone ka moo a fetogileng selo se se ilegang.

Botlhe ba ba neng ba mo tlotla jaanong ba a mo nyatsa, ka gonne ba ne ba mmone a sa apara.+

Tota le ene o utlwile botlhoko+ e bile o leba go sele a tlhabiwa ke ditlhong.

ט [Teth]

 9 Diaparo tsa gagwe di kgamathetse.

Ga a ka a akanya ka bokamoso jwa gagwe.+

Tsela e a oleng ka yone e ne e tshosa; ga a na ope yo o mo gomotsang.

Ao tlhe Jehofa, bona pogisego ya me, ka gonne mmaba o itlotlomaditse.+

י [Yod]

10 Mmaba o otlolotse diatla tsa gagwe a bo a gapa matlotlo a gagwe otlhe.+

Gonne o ne a bona ditšhaba di tsena mo lefelong la gagwe le le boitshepo,+

Tse o neng o laetse gore di se ka tsa tsena mo phuthegong ya gago.

כ [Kaph]

11 Batho ba gagwe botlhe ba a lela; ba batlana le senkgwe.+

Ba abile dilo tsa bone tse di tlhwatlhwakgolo gore ba bone sengwe se ba ka se jang, gore ba tswelele ba tshela.

Leba tlhe Jehofa, mme o bone gore ke fetogile mosadi* yo o se nang mosola.

ל [Lamed]

12 A seno ga se sepe mo go lona lotlhe ba lo fetang ka tsela?

Lebang mme lo bone!

A go na le botlhoko bope jo bo tshwanang le jo ke neng ka bo bakelwa,

Jo Jehofa a neng a dira gore ke bo utlwe mo letsatsing la bogale jwa gagwe jo bo tukang?+

מ [Mem]

13 O rometse molelo go tswa kwa legodimong gore o fise marapo otlhe a me.+

O tsharololetse dinao tsa me letlowa; o mpateleditse gore ke boele morago.

O dirile gore ke nne mosadi yo o setseng a le nosi.

Ke lwala letsatsi lotlhe.

נ [Nun]

14 Maleo a me a bofilwe jaaka jokwe, o a bofagantse mmogo ka seatla sa gagwe.

A beilwe mo molaleng wa me, e bile ke feletswe ke nonofo.

Jehofa o ntsentse mo seatleng sa batho ba nka se kgoneng go emelana le bone.+

ס [Samekh]

15 Jehofa o ntseetse banna botlhe ba ba maatla.+

O mpileditse phuthego gore e thubaganye makawana a me.+

Jehofa o gatakile morwadia Juda wa kgarebane mo segatisetsong sa beine.+

ע [Ayin]

16 Ke a lela ka ntlha ya dilo tseno;+ matlho a me a tshologa dikeledi.

Gonne ope fela yo o ka nkgomotsang kgotsa yo o ka ntapolosang o kgakala thata le nna.

Bomorwaake ba hutsafetse thata, ka gonne mmaba o fentse.

פ [Pe]

17 Siona o otlolotse diatla tsa gagwe;+ ga a na ope yo o ka mo gomotsang.

Jehofa o laetse botlhe ba ba dikologileng Jakobe gore ba nne baba ba gagwe.+

Mo go bone, Jerusalema o fetogile selo se se ilegang.+

צ [Tsade]

18 Jehofa o siame,+ ka gonne ke nna ke tlhanogetseng ditaelo* tsa gagwe.+

Reetsang lona lotlhe ditšhaba, mme lo bone botlhoko jwa me.

Makgarebane a me le makawana a me a isitswe botshwarwa.+

ק [Qoph]

19 Ke tlhaeleditse kwa bathong ba ba nthatang, mme ba ntsieditse.+

Baperesiti ba me le bagolwane ba me ba swetse mo motseng

Fa ba ne ba batlana le dijo gore ba tswelele ba tshela.+

ר [Resh]

20 Ao tlhe Jehofa, bona gore ke mo mathateng a magolo jang.

Mala* a me a a fuduega.

Pelo ya me e pitikologile mo teng ga me, ka gonne ke ntse ke le motlhanogi yo mogolo.+

Kwa ntle tšhaka e bolaile bongwanake;+ le mo teng ga ntlo batho ba a swa.

ש [Shin]

21 Batho ba utlwile selelo sa me; ga go na ope yo o nkgomotsang.

Baba ba me botlhe ba utlwile ka masetlapelo a me.

Ba itumetse, ka gonne ke wena o a tlisitseng.+

Mme gone, o tla tlisa letsatsi le o buileng ka lone,+ fa ba tla bo ba tshwana le nna.+

ת [Taw]

22 E kete bosula jotlhe jwa bone bo ka tla fa pele ga gago, e bile e kete o ka ba otlhaya botlhoko,+

Fela jaaka o nkotlhaile botlhoko ka ntlha ya maleo otlhe a me.

Gonne ke hutsafetse thata, e bile pelo ya me e a lwala.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela