LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Lefitiko 26
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Lefitiko

      • Lo se ka lwa obamela medingwana (1, 2)

      • Masego a go nna kutlo (3-13)

      • Kotlhao ya go tlhoka kutlo (14-46)

Lefitiko 26:1

Ditshupiso

  • +Ek 20:4; Lef 19:4; Dit 17:29; 1Bk 8:4
  • +Dut 5:8
  • +Dip 33:52
  • +Dan 3:18; 1Bk 10:14

Lefitiko 26:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “sisimoge.” Seheb., “boife.”

Lefitiko 26:3

Ditshupiso

  • +Dut 11:13-15; Mor 12:13

Lefitiko 26:4

Ditshupiso

  • +Dut 28:12; Isa 30:23; Esk 34:26; Joe 2:23
  • +Pes. 67:6; 85:12

Lefitiko 26:5

Ditshupiso

  • +Lef 25:18

Lefitiko 26:6

Ditshupiso

  • +1Dt 22:9; Pes. 29:11; Hag 2:9
  • +Mik 4:4

Lefitiko 26:8

Ditshupiso

  • +Dut 28:7; Jos 23:10; Baa 7:15, 16; 15:15, 16; 1Dt 11:20

Lefitiko 26:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “tla retologela kwa go lona.”

Ditshupiso

  • +Dut 28:4
  • +Ek 6:4

Lefitiko 26:11

Ditshupiso

  • +Ek 25:8; Esk 37:26; Tsh 21:3

Lefitiko 26:12

Ditshupiso

  • +Dut 23:14
  • +Ek 6:7; 2Bk 6:16

Lefitiko 26:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “lo tlhamaletse.”

Lefitiko 26:14

Ditshupiso

  • +Dut 28:15

Lefitiko 26:15

Ditshupiso

  • +2Dk 17:15
  • +Ek 24:7; Dut 31:16; Bah 8:9

Lefitiko 26:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Dut 28:22, 33; Baa 6:3

Lefitiko 26:17

Ditshupiso

  • +Dut 28:15, 25; Baa 2:14; 1Sa 4:10
  • +Pes. 106:41; Dik 1:5
  • +Lef 26:36

Lefitiko 26:19

Ditshupiso

  • +Dut 11:17; 1Dk 17:1

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2004, ts. 24

Lefitiko 26:20

Ditshupiso

  • +Jer 12:13; Hag 1:6, 10

Lefitiko 26:22

Ditshupiso

  • +Dut 32:24; Jer 15:3
  • +Esk 5:17
  • +Baa 5:6; Isa 33:8; Sek 7:14

Lefitiko 26:23

Ditshupiso

  • +Isa 1:16; Jer 2:30; 5:3

Lefitiko 26:25

Ditshupiso

  • +Ek 24:7
  • +Dut 28:21; Jer 24:10; Amo 4:10
  • +Baa 2:14; 1Sa 4:10

Lefitiko 26:26

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “thobane.” Gongwe go tewa dithobane tse di neng di dirisediwa go baya senkgwe.

  • *

    Kgotsa “dijo.”

  • *

    Kgotsa “obeneng.”

Ditshupiso

  • +Esk 5:16
  • +Esk 4:16
  • +Isa 9:20; Mik 6:14; Hag 1:6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2004, ts. 24

Lefitiko 26:28

Ditshupiso

  • +Jer 21:5

Lefitiko 26:29

Ditshupiso

  • +Dut 28:53; 2Dk 6:29; Jer 19:9; Dik 4:10; Esk 5:10

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Jeremia, ts. 154-155

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 26

Lefitiko 26:30

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Polelwana eno ka Sehebera e ka tswa e amana le lefoko le le kayang “boloko” mme e dirisitswe e le go bontsha letlhoo.

Ditshupiso

  • +2Dt 34:3; Isa 27:9
  • +1Dk 13:2; 2Dk 23:8, 20; Esk 6:5
  • +Pes. 78:58, 59

Lefitiko 26:31

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”

Ditshupiso

  • +2Dk 25:9, 10; 2Dt 36:17; Neh 2:3; Isa 1:7; Jer 4:7

Lefitiko 26:32

Ditshupiso

  • +Jer 9:11
  • +Dut 28:37; 29:22-24; Jer 18:16; Dik 2:15; Esk 5:15

Lefitiko 26:33

Ditshupiso

  • +Pes. 44:11
  • +Jer 9:16; Esk 12:14
  • +Sek 7:14

Lefitiko 26:34

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “boloka sabata.”

Ditshupiso

  • +2Dt 36:20, 21

Lefitiko 26:36

Ditshupiso

  • +Isa 24:6
  • +Lef 26:17; Isa 30:17

Lefitiko 26:37

Ditshupiso

  • +Jos 7:12; Baa 2:14; Jer 37:10

Lefitiko 26:38

Ditshupiso

  • +Dut 4:27; 28:48; Jer 42:17

Lefitiko 26:39

Ditshupiso

  • +Dut 28:65
  • +Ek 20:5; Dip 14:18

Lefitiko 26:40

Ditshupiso

  • +1Dk 8:33; Neh 9:2; Esk 6:9; Dan 9:5
  • +Esk 36:31

Lefitiko 26:41

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “e e sa rupang.”

Ditshupiso

  • +Lef 26:24
  • +1Dk 8:47; 2Dt 36:20
  • +Dut 30:6; Jer 4:4; Dit 7:51

Lefitiko 26:42

Ditshupiso

  • +Ge 28:13
  • +Ge 26:3
  • +Ge 12:7; Dut 4:31; Pes. 106:45

Lefitiko 26:43

Ditshupiso

  • +Lef 26:34; 2Dt 36:20, 21
  • +2Dk 17:15

Lefitiko 26:44

Ditshupiso

  • +Dut 4:31; 2Dk 13:23; Neh 9:31
  • +Dut 4:13; Jer 14:21

Lefitiko 26:45

Ditshupiso

  • +Ek 24:3, 8; Dut 9:9
  • +Esk 20:9

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 26

Lefitiko 26:46

Ditshupiso

  • +Lef 27:34; Dut 6:1

Ditemana Tse dingwe

Lefi. 26:1Ek 20:4; Lef 19:4; Dit 17:29; 1Bk 8:4
Lefi. 26:1Dut 5:8
Lefi. 26:1Dip 33:52
Lefi. 26:1Dan 3:18; 1Bk 10:14
Lefi. 26:3Dut 11:13-15; Mor 12:13
Lefi. 26:4Dut 28:12; Isa 30:23; Esk 34:26; Joe 2:23
Lefi. 26:4Pes. 67:6; 85:12
Lefi. 26:5Lef 25:18
Lefi. 26:61Dt 22:9; Pes. 29:11; Hag 2:9
Lefi. 26:6Mik 4:4
Lefi. 26:8Dut 28:7; Jos 23:10; Baa 7:15, 16; 15:15, 16; 1Dt 11:20
Lefi. 26:9Dut 28:4
Lefi. 26:9Ek 6:4
Lefi. 26:11Ek 25:8; Esk 37:26; Tsh 21:3
Lefi. 26:12Dut 23:14
Lefi. 26:12Ek 6:7; 2Bk 6:16
Lefi. 26:14Dut 28:15
Lefi. 26:152Dk 17:15
Lefi. 26:15Ek 24:7; Dut 31:16; Bah 8:9
Lefi. 26:16Dut 28:22, 33; Baa 6:3
Lefi. 26:17Dut 28:15, 25; Baa 2:14; 1Sa 4:10
Lefi. 26:17Pes. 106:41; Dik 1:5
Lefi. 26:17Lef 26:36
Lefi. 26:19Dut 11:17; 1Dk 17:1
Lefi. 26:20Jer 12:13; Hag 1:6, 10
Lefi. 26:22Dut 32:24; Jer 15:3
Lefi. 26:22Esk 5:17
Lefi. 26:22Baa 5:6; Isa 33:8; Sek 7:14
Lefi. 26:23Isa 1:16; Jer 2:30; 5:3
Lefi. 26:25Ek 24:7
Lefi. 26:25Dut 28:21; Jer 24:10; Amo 4:10
Lefi. 26:25Baa 2:14; 1Sa 4:10
Lefi. 26:26Esk 5:16
Lefi. 26:26Esk 4:16
Lefi. 26:26Isa 9:20; Mik 6:14; Hag 1:6
Lefi. 26:28Jer 21:5
Lefi. 26:29Dut 28:53; 2Dk 6:29; Jer 19:9; Dik 4:10; Esk 5:10
Lefi. 26:302Dt 34:3; Isa 27:9
Lefi. 26:301Dk 13:2; 2Dk 23:8, 20; Esk 6:5
Lefi. 26:30Pes. 78:58, 59
Lefi. 26:312Dk 25:9, 10; 2Dt 36:17; Neh 2:3; Isa 1:7; Jer 4:7
Lefi. 26:32Jer 9:11
Lefi. 26:32Dut 28:37; 29:22-24; Jer 18:16; Dik 2:15; Esk 5:15
Lefi. 26:33Pes. 44:11
Lefi. 26:33Jer 9:16; Esk 12:14
Lefi. 26:33Sek 7:14
Lefi. 26:342Dt 36:20, 21
Lefi. 26:36Isa 24:6
Lefi. 26:36Lef 26:17; Isa 30:17
Lefi. 26:37Jos 7:12; Baa 2:14; Jer 37:10
Lefi. 26:38Dut 4:27; 28:48; Jer 42:17
Lefi. 26:39Dut 28:65
Lefi. 26:39Ek 20:5; Dip 14:18
Lefi. 26:401Dk 8:33; Neh 9:2; Esk 6:9; Dan 9:5
Lefi. 26:40Esk 36:31
Lefi. 26:41Lef 26:24
Lefi. 26:411Dk 8:47; 2Dt 36:20
Lefi. 26:41Dut 30:6; Jer 4:4; Dit 7:51
Lefi. 26:42Ge 28:13
Lefi. 26:42Ge 26:3
Lefi. 26:42Ge 12:7; Dut 4:31; Pes. 106:45
Lefi. 26:43Lef 26:34; 2Dt 36:20, 21
Lefi. 26:432Dk 17:15
Lefi. 26:44Dut 4:31; 2Dk 13:23; Neh 9:31
Lefi. 26:44Dut 4:13; Jer 14:21
Lefi. 26:45Ek 24:3, 8; Dut 9:9
Lefi. 26:45Esk 20:9
Lefi. 26:46Lef 27:34; Dut 6:1
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
  • 38
  • 39
  • 40
  • 41
  • 42
  • 43
  • 44
  • 45
  • 46
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Lefitiko 26:1-46

Lefitiko

26 “‘Ga lo a tshwanela go itirela medimo e e se nang mosola+ e bile ga lo a tshwanela go itlhomela setshwantsho se se betlilweng+ kgotsa pilara e e boitshepo, gape ga lo a tshwanela go baya leje le le kgabisitsweng+ mo lefatsheng la lona gore lo le ikobele;+ ka gonne ke nna Jehofa, Modimo wa lona. 2 Lo boloke bosabata ba me lo bo lo tlotle* lefelo la me le le boitshepo. Ke nna Jehofa.

3 “‘Fa lo tswelela lo tsamaya mo melaong ya me lo bo lo boloka ditaelo tsa me e bile lo di diragatsa,+ 4 ke tla lo nesetsa dipula tsa medupe ka dinako tsa tsone,+ mme lefatshe le tla ungwa+ le ditlhare tsa naga di tla ntsha maungo a tsone. 5 Paka ya lona ya go photha e tla tswelela go fitlha ka nako ya thobo ya lona ya morara, mme nako ya thobo ya morara e tla tswelela go fitlha ka paka ya go jala peo; mme lo tla ja senkgwe sa lona gore lo bo lo kgore e bile lo tla nna ka polokesego mo lefatsheng la lona.+ 6 Ke tla tlisa kagiso mo lefatsheng la lona,+ mme lo tla rapama go se na ope yo o lo boifisang;+ mme ke tla tlosa diphologolo tse di kotsi mo lefatsheng la lona e bile tšhaka ya ntwa ga e kitla e ralala lefatshe la lona. 7 Ruri lo tla lelekisa baba ba lona mme ba tla wa ka tšhaka fa pele ga lona. 8 Ba le batlhano ba lona ba tla lelekisa ba le 100, ba le 100 ba lona ba tla lelekisa ba le 10 000, mme baba ba lona ba tla wa ka tšhaka fa pele ga lona.+

9 “‘Ke tla lo segofatsa* ke bo ke dira gore lo ate, gape ke tla dira gore lo nne bantsi,+ mme ke tla boloka kgolagano e ke e dirileng le lona.+ 10 Fa lo sa ntse lo ja thobo ya ngwaga o o fetileng, lo tla tshwanelwa ke go ntsha e kgologolo gore lo bonele e ntšha lefelo. 11 Mme ke tla baya motlaagana wa me mo gare ga lona+ e bile nka se lo latlhe. 12 Ke tla tsamaya mo gare ga lona e bile ke tla nna Modimo wa lona,+ mme fa e le lona, lo tla nna batho ba me.+ 13 Ke nna Jehofa, Modimo wa lona, yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto gore lo se ka lwa tlhola lo nna makgoba a bone mme ke ne ka robaganya mephakalego ya jokwe ya lona ka bo ka dira gore lo tsamaye lo tsholeditse ditlhogo.*

14 “‘Le fa go ntse jalo, fa lo ka se ka lwa ntheetsa kgotsa lwa boloka ditaelo tseno tsotlhe,+ 15 mme fa lo gana melao ya me+ e bile lo tlhoile ditshwetso tsa me tsa boatlhodi gore lo se ka lwa boloka ditaelo tsa me tsotlhe lo bo lo tlola kgolagano ya me,+ 16 fa e le nna, ke tla lo dira dilo tse di latelang: ke tla lo otlhaya ka matshwenyego, ka thiibii le letshoroma le le fisang, ke tla dira gore matlho a lona a nne bokoa ke bo ke dira gore botshelo* jwa lona bo koafale. Lo tla jalela peo ya lona lefela ka gonne baba ba lona ba tla e ja.+ 17 Ke tla lo galefela mme baba ba lona ba tla lo fenya;+ mme ba ba lo tlhoileng ba tla lo gataka+ e bile lo tla tshaba go se na ope yo o lo lelekisang.+

18 “‘Fa dilo tseno di sa dire gore lo ntheetse, ke tla tshwanelwa ke go lo kgwathisetsa maleo a lona makgetlo a le supa go feta pele. 19 Ke tla dira gore lo tlogele go nna tlhogoethata le go ikgogomosa ke bo ke dira gore magodimo a lona a nne jaaka tshipi+ le lefatshe la lona le nne jaaka kopore. 20 Lo tla dirisetsa maatla a lona lefela ka gonne lefatshe la lona ga le kitla le ungwa+ e bile ditlhare tsa lefatshe la lona ga di kitla di ungwa.

21 “‘Mme fa lo tswelela lo ganetsana le nna e bile lo gana go ntheetsa, foo ke tla tshwanelwa ke go lo itaya makgetlo a le supa go feta pele go ya ka fa maleong a lona. 22 Ke tla romela dibatana mo go lona+ mme di tla lo amoga bana+ di bo di fedisa diruiwa tsa lona e bile di tla fokotsa palo ya lona mme ditsela tsa lona di tla nna fela di sa dirisiwe.+

23 “‘Le fa dilo tseno di ka lo diragalela mme lo bo lo sa amogele kgakololo ya me+ e bile lo tswelela lo ganetsana le nna, 24 foo le nna ke tla ganetsana le lona, mme nna, ke tla lo iteela maleo a lona makgetlo a le supa. 25 Ke tla lo tlisetsa tšhaka ya go ipusolosetsa ka gonne lo tlodile kgolagano ya me.+ Fa lo phuthegela kwa metseng ya lona, ke tla romela bolwetse kwa go lona,+ mme ke tla lo tsenya mo seatleng sa mmaba.+ 26 Fa ke senya mabolokelo* a lona a senkgwe,+ basadi ba le lesome ba tla apaya senkgwe* sa lona mo ontong* e le nngwe fela, go tswa foo ba bo ba kgaoganya senkgwe sa lona go ya ka bokete jwa sone;+ lo tla ja mme ga lo kitla lo kgora.+

27 “‘Le fa seno se ka lo diragalela mme lo bo lo sa ntheetse e bile lo tswelela fela lo ganetsana le nna, 28 ke tla oketsa bogale jwa me mo go lona,+ mme nna ke tla tshwanelwa ke go lo kgwathisetsa maleo a lona makgetlo a le supa. 29 Ka jalo, lo tla tshwanelwa ke go ja nama ya bomorwaalona e bile lo tla ja nama ya bomorwadialona.+ 30 Ke tla nyeletsa mafelo a lona a a kwa godimo a a boitshepo+ mme ke tla kgaola ditlhomo tsa lona tsa maswalo ke bo ke kokoanya ditopo tsa lona mo godimo ga ditopo tsa medingwana ya lona e e ferosang sebete,*+ mme ke tla lo latlha ke ferogile sebete.+ 31 Ke tla senya metse ya lona ka tšhaka+ ke bo ke kgakgabatsa mafelo a lona a a boitshepo mme ga nkitla ke dupa menko e e itumedisang* ya ditlhabelo tsa lona. 32 Ke tla kgakgabatsa lefatshe la lona+ mme baba ba lona ba ba nnang mo go lone ba tla le rotolela matlho ba gakgametse.+ 33 Mme ke tla lo gasamisetsa mo ditšhabeng+ e bile ke tla somola tšhaka ka fa morago ga lona;+ mme lefatshe la lona le tla kgakgabala+ le metse ya lona e tla nna matlotla fela.

34 “‘Ka nako eo, lefatshe le tla duelela bosabata ba lone malatsi otlhe a le tla bong le kgakgabetse ka one, fa lona lo tla bo lo le kwa lefatsheng la baba ba lona. Ka nako eo, lefatshe le tla ikhutsa* ka gonne le tshwanetse go duelela bosabata ba lone.+ 35 Le tla ikhutsa malatsi otlhe a le tla bong le kgakgabetse ka one, ka gonne lefatshe le ne la se ka la ikhutsa ka nako ya bosabata ba lona fa lo ne lo nna mo go lone.

36 “‘Fa e le ba ba falolang,+ ke tla dira gore dipelo tsa bone di tlale poifo mo mafatsheng a baba ba bone; mme modumo wa letlhare le le fokwang ke phefo o tla dira gore ba tshabe mme ba tla tshaba fela jaaka mongwe a tshaba tšhaka ba bo ba wa go se na ope yo o ba lelekisang.+ 37 Ba tla kgopiwa ba bo ba welana jaaka batho ba ba tshabang tšhaka, le fa gone go se na ope yo o ba lelekisang. Ga lo kitla lo kgona go emelana le baba ba lona.+ 38 Lo tla swela mo ditšhabeng,+ mme lefatshe la baba ba lona le tla lo kometsa. 39 Ba ba salang ba lona ba tla tlogelwa gore ba bole mo mafatsheng a baba ba lona+ ka ntlha ya melato ya lona. Ruri ba tla bola ka ntlha ya melato ya borraabone.+ 40 Foo ba tla ipolela molato wa bone+ ba bo ba bolela molato le go sa ikanyege ga borraabone mme ba tla dumela gore ba ne ba itshwara ka go sa ikanyege fa ba ne ba ganetsana le nna.+ 41 Mme le nna ke ne ka ganetsana le bone+ ka go ba tlisa mo lefatsheng la baba ba bone.+

“‘Gongwe ke gone pelo ya bone e e kgwaraletseng* e tla ikokobetsang,+ mme go tswa foo ba tla duela molato wa bone. 42 Ke tla gakologelwa kgolagano ya me le Jakobe+ le kgolagano ya me le Isake+ e bile ke tla gakologelwa kgolagano ya me le Aborahame,+ gape ke tla gakologelwa lefatshe la lona. 43 Fa ba ne ba sa tlhole ba nna mo lefatsheng, le ne le duelela bosabata ba lone+ e bile le ne le kgakgabetse fa ba ne ba seyo mo go lone, mme bone ba ne ba duelela molato wa bone ka gonne ba ne ba ganne ditshwetso tsa me tsa boatlhodi e bile ba ne ba tlhoile melao ya me.+ 44 Le fa seno sotlhe se ka ba diragalela, fa ba le mo lefatsheng la baba ba bone, ga nkitla ke ba gana gotlhelele+ kgotsa ke ba kgaphela kwa thoko go ya bokgakaleng jwa gore ke ba fedise, e leng se se tla senyang kgolagano+ e ke e dirileng le bone, ka gonne ke nna Jehofa, Modimo wa bone. 45 Ka ntlha ya bone ke tla gakologelwa kgolagano e ke e dirileng le borraabonemogolo+ ba ke neng ka ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto mo matlhong a ditšhaba,+ gore ke itshupe ke le Modimo wa bone. Ke nna Jehofa.’”

46 Tseno ke ditaelo, ditshwetso tsa boatlhodi le melao e Jehofa a neng a e tlhoma fa gare ga gagwe le Baiseraele mo Thabeng ya Sinai a dirisa Moshe.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela