Dipalo
24 Fa Balaame a ne a bona gore Jehofa o itumedisiwa ke* go segofatsa Iseraele, ga a ka a tsamaya gape go ya go batla ditshupo tsa bomadimabe,+ go na le moo o ne a lebisa sefatlhego sa gagwe kwa nageng. 2 E rile Balaame a tsholetsa matlho mme a bona Baiseraele ba kampile go ya ka ditso tsa bone,+ moya wa Modimo o ne wa tla mo go ene.+ 3 Go tswa foo, o ne a bua polelo eno ya seane:+
“Eno ke polelo ya ga Balaame morwa Beore,
Le polelo ya monna yo matlho a gagwe a neng a bulegile,
4 Polelo ya motho yo o utlwang lefoko la Modimo,
Yo o neng a bona ponatshegelo ya Mothatayotlhe,
Yo o neng a ikoba matlho a gagwe a sa siriwa ke sepe:+
5 Ruri ditente tsa gago di dintle, wena Jakobe,
Metlaagana ya gago, wena Iseraele!+
6 Di anametse kgakala jaaka mekgatšha,*+
Jaaka ditshingwana tse di fa nokeng,
Jaaka mekgwapha* e Jehofa a e jadileng,
Jaaka masedara a a fa metsing.
7 Metsi a nna a rotha mo dikgamelong tsa gagwe tse pedi tsa letlalo,
8 Modimo o mo ntshitse kwa Egepeto;
O ntse jaaka dinaka tsa poo ya naga mo go bone.
O tla kometsa ditšhaba, bagateledi ba gagwe,+
Mme o tla phura marapo a bone e bile o tla a thubaganya ka metswi ya gagwe.
9 O ne a rapama, o ne a namalala jaaka tau,
Mme jaaka tau, ke mang yo o pelokgale go mo tsosa?
Ba ba go segofatsang ba segofetse,
Mme ba ba go hutsang ba hutsegile.”+
10 Foo Balake o ne a galefela Balaame fela thata. Balake o ne a opa diatla tsa gagwe ka tshotlo a bo a raya Balaame a re: “Ke ne ke go bileditse go tla go hutsa baba ba me,+ mme jaanong ke fano o ba segofaditse makgetlo ano a mararo. 11 Boela kwa gaeno gone jaanong. Ke ne ke batla go go tlotlomatsa thata,+ mme jaanong Jehofa o go thibetse gore o se ka wa tlotlomadiwa.”
12 Balaame o ne a araba Balake a re: “A ga ke a ka ka raya barongwa ba o neng o ba rometse kwa go nna ka re, 13 ‘Le fa Balake a ne a ka nnaya ntlo ya gagwe e tletse selefera le gauta, ke ne nka se dire sepe se ke se ratang* se se sa dumalaneng le taelo ya ga Jehofa, se ka tswa se le molemo kgotsa se le bosula. Ke tla bua fela se Jehofa a tla se mpolelelang’?+ 14 Mme jaanong ke a tsamaya ke ya kwa bathong ba gaetsho. Tla kwano mme mma ke go bolelele se setšhaba seno se tla se dirang batho ba gago mo nakong e e tlang.”* 15 Ka jalo, o ne a bua polelo eno ya seane:+
“Eno ke polelo ya ga Balaame morwa Beore,
Le polelo ya monna yo matlho a gagwe a neng a bulegile,+
16 Polelo ya motho yo o utlwang lefoko la Modimo,
Le yo o nang le kitso ka Mogodimodimo,
Yo o neng a bona ponatshegelo ya Mothatayotlhe
Fa a ne a ikobile matlho a gagwe a sa siriwa ke sepe:
17 Ke tla mmona, mme e seng gone jaanong;
Ke tla mo leba, mme e seng mo bogautshwaneng.
18 Mme Edoma o tla gapiwa,+
Ruri Seire+ o tla gapiwa ke baba ba gagwe,+
Fa Iseraele a tla bo a bontsha bopelokgale jwa gagwe.
19 Mme go tswa mo go Jakobe, mongwe o tla fenya,+
Mme o tla nyeletsa ope fela yo o falotseng mo motseng.”
20 Fa a bona Amaleke, o ne a tswelela ka polelo ya gagwe ya seane a re:
21 E rile a bona Bakene,+ o ne a tswelela ka polelo ya gagwe ya seane a re:
“Lefelo la gago le sireletsegile e bile bonno jwa gago bo tlhomilwe mo lefikeng.
22 Mme mongwe o tla fisa Kaine.
E tla nna lobaka lo lo kae pele Asiria a go isa botshwarwa?”
23 Mme o ne a tswelela ka polelo ya gagwe ya seane a re:
“Ijoo! Ke mang yo o tla falolang fa Modimo a dira seno?
Mme le ene o tla nyelediwa setlhogo.”
25 Go tswa foo, Balaame+ o ne a ema mme a boela kwa lefelong la gagabo. Balake le ene o ne a tsamaya.