LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Lefitiko 14
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Lefitiko

      • Go itshekisiwa mo leperong (1-32)

      • Go itshekisa matlo a a kgotletsweng ke lepero (33-57)

Lefitiko 14:2

Ditshupiso

  • +Lef 13:2; Mat 8:4; Mar 1:44; Luk 5:14; 17:14

Lefitiko 14:4

Ditshupiso

  • +Lef 14:49-53; Dip 19:6, 9; Pes. 51:7

Lefitiko 14:7

Ditshupiso

  • +Lef 16:22

Lefitiko 14:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “tharosomeng (3/10) ya ifa.” Bona Dintlha B14.

  • *

    Seheb., “sa loge.” Bona Dintlha B14.

Ditshupiso

  • +Lef 4:32
  • +Lef 2:1
  • +Mar 1:44

Lefitiko 14:12

Ditshupiso

  • +Lef 6:6
  • +Lef 14:21, 24

Lefitiko 14:13

Ditshupiso

  • +Lef 1:10, 11; 4:3, 4
  • +Lef 2:3; 7:7; 1Bk 9:13; 10:18
  • +Lef 6:25

Lefitiko 14:15

Ditshupiso

  • +Lef 14:10

Lefitiko 14:18

Ditshupiso

  • +Lef 6:7; 1Jo 1:7; 2:1, 2

Lefitiko 14:19

Ditshupiso

  • +Lef 5:6

Lefitiko 14:20

Ditshupiso

  • +Lef 2:1; 14:10; Dip 15:4
  • +Mat 8:4
  • +Lef 14:9; Mar 1:44; Luk 5:14; 17:14

Lefitiko 14:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “le nngwesomeng (1/10) ya ifa.” Bona Dintlha B14.

Lefitiko 14:22

Ditshupiso

  • +Lef 1:14; 5:7; 12:8

Lefitiko 14:23

Ditshupiso

  • +Lef 15:13, 14
  • +Lef 14:10, 11

Lefitiko 14:24

Ditshupiso

  • +Lef 6:6
  • +Lef 14:12

Lefitiko 14:25

Ditshupiso

  • +Lef 14:14

Lefitiko 14:26

Ditshupiso

  • +Lef 14:15-18

Lefitiko 14:30

Ditshupiso

  • +Lef 12:8; 14:22

Lefitiko 14:31

Ditshupiso

  • +Lef 5:7
  • +Lef 14:20

Lefitiko 14:34

Ditshupiso

  • +Dip 35:10
  • +Ge 17:8
  • +Dut 7:12, 15

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tsogang!,

    1/2006, ts. 14

Lefitiko 14:38

Ditshupiso

  • +Lef 13:4, 50; Dip 12:15

Lefitiko 14:44

Ditshupiso

  • +Lef 13:51

Lefitiko 14:45

Ditshupiso

  • +Lef 14:41

Lefitiko 14:46

Ditshupiso

  • +Lef 14:38
  • +Lef 11:23-25; 15:8; 17:15; 22:4-6

Lefitiko 14:49

Ditshupiso

  • +Lef 14:3, 4; Dip 19:6, 7

Lefitiko 14:51

Ditshupiso

  • +Lef 14:6, 7

Lefitiko 14:53

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Lefitiko 14:54

Ditshupiso

  • +Lef 13:30

Lefitiko 14:55

Ditshupiso

  • +Lef 13:47
  • +Lef 14:34

Lefitiko 14:56

Ditshupiso

  • +Lef 13:2

Lefitiko 14:57

Ditshupiso

  • +Lef 10:10; Esk 44:23
  • +Dut 24:8

Ditemana Tse dingwe

Lefi. 14:2Lef 13:2; Mat 8:4; Mar 1:44; Luk 5:14; 17:14
Lefi. 14:4Lef 14:49-53; Dip 19:6, 9; Pes. 51:7
Lefi. 14:7Lef 16:22
Lefi. 14:10Lef 4:32
Lefi. 14:10Lef 2:1
Lefi. 14:10Mar 1:44
Lefi. 14:12Lef 6:6
Lefi. 14:12Lef 14:21, 24
Lefi. 14:13Lef 1:10, 11; 4:3, 4
Lefi. 14:13Lef 2:3; 7:7; 1Bk 9:13; 10:18
Lefi. 14:13Lef 6:25
Lefi. 14:15Lef 14:10
Lefi. 14:18Lef 6:7; 1Jo 1:7; 2:1, 2
Lefi. 14:19Lef 5:6
Lefi. 14:20Lef 2:1; 14:10; Dip 15:4
Lefi. 14:20Mat 8:4
Lefi. 14:20Lef 14:9; Mar 1:44; Luk 5:14; 17:14
Lefi. 14:22Lef 1:14; 5:7; 12:8
Lefi. 14:23Lef 15:13, 14
Lefi. 14:23Lef 14:10, 11
Lefi. 14:24Lef 6:6
Lefi. 14:24Lef 14:12
Lefi. 14:25Lef 14:14
Lefi. 14:26Lef 14:15-18
Lefi. 14:30Lef 12:8; 14:22
Lefi. 14:31Lef 5:7
Lefi. 14:31Lef 14:20
Lefi. 14:34Dip 35:10
Lefi. 14:34Ge 17:8
Lefi. 14:34Dut 7:12, 15
Lefi. 14:38Lef 13:4, 50; Dip 12:15
Lefi. 14:44Lef 13:51
Lefi. 14:45Lef 14:41
Lefi. 14:46Lef 14:38
Lefi. 14:46Lef 11:23-25; 15:8; 17:15; 22:4-6
Lefi. 14:49Lef 14:3, 4; Dip 19:6, 7
Lefi. 14:51Lef 14:6, 7
Lefi. 14:54Lef 13:30
Lefi. 14:55Lef 13:47
Lefi. 14:55Lef 14:34
Lefi. 14:56Lef 13:2
Lefi. 14:57Lef 10:10; Esk 44:23
Lefi. 14:57Dut 24:8
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
  • 38
  • 39
  • 40
  • 41
  • 42
  • 43
  • 44
  • 45
  • 46
  • 47
  • 48
  • 49
  • 50
  • 51
  • 52
  • 53
  • 54
  • 55
  • 56
  • 57
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Lefitiko 14:1-57

Lefitiko

14 Jehofa o ne a tswelela a bua le Moshe a re: 2 “Molao ono ke o o tshwanetseng go latelwa fa molepero a tlisiwa kwa moperesiting+ ka letsatsi la fa go tlhomamisiwa gore a o itshekile. 3 Moperesiti o tla tswela kwa ntle ga kampa a bo a mo tlhatlhoba. Fa molepero a fodile, 4 moperesiti o tla mo laela gore a tlise dinonyane tse pedi tse di tshelang tse di itshekileng, logong lwa mosedara, letsela le lehibidu le setlhatshana sa mosiama gore a itshekisiwe.+ 5 Moperesiti o tla laela gore nonyane e nngwe e bolaelwe mo sejaneng sa letsopa se se nang le metsi a motswedi. 6 Mme a tseye nonyane e e tshelang mmogo le logong lwa mosedara, letsela le lehibidu le setlhatshana sa mosiama mme a di ine mmogo mo mading a nonyane e e bolaetsweng mo metsing a motswedi. 7 Go tswa foo, o tla kgatšha madi ao gasupa mo mothong yo o iitshekisang lepero a bo a bolela gore o itshekile, mme o tla tlogela nonyane e e tshelang gore e fofele kwa nageng.+

8 “Motho yo o iitshekisang o tshwanetse go tlhatswa diaparo tsa gagwe a bo a beola moriri otlhe wa gagwe, a tlhape ka metsi mme o tla itsheka. Morago ga moo, a ka nna a tsena mo kampeng mme o tla nna kwa ntle ga tente ya gagwe malatsi a le supa. 9 Mo letsatsing la bosupa, a beole moriri otlhe mo tlhogong le mo seledung le mo dintshing tsa gagwe. Fa a sena go beola moriri otlhe wa gagwe, o tla tlhatswa diaparo tsa gagwe a bo a tlhapa ka metsi mme o tla itsheka.

10 “Mo letsatsing la borobedi, o tla tsaya diphelefu tse pedi tse dipotlana tse di itekanetseng sentle, kwanyana e le nngwe e namagadi e e itekanetseng sentle+ e e nang le ngwaga o le mongwe, dikilogerama di ka nna tharo le halofo* tsa bupi jo bo boleta jo bo tlhakantsweng le leokwane e le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka+ le leokwane la selekanyo sa kopi;*+ 11 mme moperesiti yo o bolelang gore motho yoo o itshekile o tla isa motho yo o iitshekisang mmogo le ditlhabelo tseo, fa pele ga ga Jehofa kwa kgorong ya tente ya bokopanelo. 12 Moperesiti o tla tsaya phelefu e le nngwe e potlana mme a e ise e le setlhabelo sa molato+ mmogo le leokwane la selekanyo sa kopi mme o tla di fokisetsa kwa morago le kwa pele e le setlhabelo se se fokwang fa pele ga ga Jehofa.+ 13 Go tswa foo, o tla tlhabela phelefu e potlana mo lefelong le ka metlha go tlhabelwang phologolo ya setlhabelo sa boleo le ya setlhabelo se se fisiwang mo go lone,+ mo lefelong le le boitshepo, ka gonne fela jaaka setlhabelo sa boleo, setlhabelo sa molato le sone ke sa moperesiti.+ Ke selo se se boitshepotshepo.+

14 “Morago ga moo, moperesiti o tla tsaya madi mangwe a setlhabelo sa molato a bo a a tshasa mo loretong lwa tsebe ya moja ya motho yo o iitshekisang le mo monwaneng wa kgonotswe wa seatla sa gagwe sa moja le mo monwaneng o mogolo wa lonao lwa gagwe lwa moja. 15 Mme moperesiti o tla tsaya bontlhanngwe jwa leokwane la selekanyo sa kopi+ a bo a bo tshela mo seatleng sa gagwe sa molema. 16 Go tswa foo, moperesiti o tla ina monwana wa gagwe wa moja mo leokwaneng le le mo seatleng sa gagwe sa molema a bo a kgatšha lengwe la leokwane leo ka monwana wa gagwe gasupa fa pele ga ga Jehofa. 17 Morago ga moo, moperesiti o tla tsaya lengwe la leokwane le le setseng mo seatleng sa gagwe a bo a le tshasa mo loretong lwa tsebe ya moja ya motho yo o iitshekisang le mo monwaneng wa kgonotswe wa seatla sa gagwe sa moja le mo monwaneng o mogolo wa lonao lwa gagwe lwa moja mo godimo ga madi a setlhabelo sa molato. 18 Moperesiti o tla tshela leokwane le le setseng mo seatleng sa gagwe mo tlhogong ya motho yo o iitshekisang. Moperesiti o tla dira jalo gore Jehofa a kgone go itshwarela motho yoo.+

19 “Moperesiti o tla isa setlhabelo sa boleo+ a bo a ntshetsa motho yo o iitshekisang setlhabelo sa gore a itshwarelwe, mme morago ga moo o tla tlhaba phologolo ya setlhabelo se se fisiwang. 20 Moperesiti o tla isa setlhabelo se se fisiwang le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka+ mo sebesong, gore motho yoo a kgone go itshwarelwa+ mme o tla itsheka.+

21 “Le fa go ntse jalo, fa a humanegile e bile a se na mo go lekaneng, o tla tsaya phelefu e potlana e le nngwe e le setlhabelo sa molato a bo a e fokisetsa kwa morago le kwa pele gore a kgone go itshwarelwa, mmogo le kilogerama e ka nna nngwe* ya bupi jo bo boleta jo bo tlhakantsweng le leokwane e le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka, leokwane la selekanyo sa kopi 22 le maeba a mabedi kgotsa maphoi a mannye a le mabedi, go ya kafa a kgonang ka gone. Le lengwe e tla nna la setlhabelo sa boleo mme le lengwe e tla nna la setlhabelo se se fisiwang.+ 23 Mo letsatsing la borobedi,+ o tla di tlisa kwa moperesiting kwa kgorong ya tente ya bokopanelo fa pele ga ga Jehofa gore a mo tlhomamisetse gore o itshekile.+

24 “Moperesiti o tla tsaya phelefu e potlana ya setlhabelo sa molato+ le leokwane la selekanyo sa kopi, mme moperesiti o tla di fokisetsa kwa morago le kwa pele e le setlhabelo se se fokwang fa pele ga ga Jehofa.+ 25 Go tswa foo, o tla tlhaba phelefu e potlana ya setlhabelo sa molato, mme o tla tsaya madi mangwe a setlhabelo seo a bo a a tshasa mo loretong lwa tsebe ya moja ya motho yo o iitshekisang le mo monwaneng wa kgonotswe wa seatla sa gagwe sa moja le mo monwaneng o mogolo wa lonao lwa gagwe lwa moja.+ 26 Moperesiti o tla tshela leokwane mo seatleng sa gagwe sa molema,+ 27 go tswa foo, o tla kgatšha leokwane le le mo seatleng sa gagwe sa molema ka monwana wa gagwe wa moja gasupa fa pele ga ga Jehofa. 28 Mme moperesiti o tla tshasa leokwane le le mo seatleng sa gagwe mo loretong lwa tsebe ya moja ya motho yo o iitshekisang le mo monwaneng wa kgonotswe wa seatla sa gagwe sa moja le mo monwaneng o mogolo wa lonao lwa gagwe lwa moja mo a neng a tshasitse madi a setlhabelo sa molato gone. 29 Morago ga moo, moperesiti o tla tshela leokwane le le setseng mo seatleng sa gagwe mo tlhogong ya motho yo o iitshekisang, gore Jehofa a kgone go itshwarela motho yoo.

30 “O tla ntsha maeba kgotsa maphoi a mannye go ya kafa a kgonang ka gone,+ 31 le lengwe e le setlhabelo sa boleo mme le lengwe e le setlhabelo se se fisiwang+ mmogo le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka; mme moperesiti o tla ntshetsa motho yo o iitshekisang setlhabelo sa gore Jehofa a mo itshwarele.+

32 “Ono ke molao o o tshwanetseng go latelwa fa motho a tshwerwe ke bolwetse jwa lepero mme a sa kgone go ntsha dilo tse di tlhokegang gore a tlhomamisediwe gore o itshekile.”

33 Gape Jehofa o ne a raya Moshe le Arone a re: 34 “Fa lo tsena mo lefatsheng la Kanana,+ le ke le lo nayang gore lo nne mo go lone+ ke bo ke dira gore ntlo nngwe mo lefatsheng la lona e nne le bolwetse jwa lepero,+ 35 mong wa ntlo eo a ye kwa moperesiting mme a mo reye a re, ‘Go na le sengwe se e keteng bolwetse jwa lepero mo ntlong ya me.’ 36 Moperesiti o tla laela gore dilo tse di mo ntlong eo di ntshiwe pele ga a tla go tlhatlhoba karolo e e kgotletsweng, gore a se ka a bolela sengwe le sengwe se se mo ntlong e le se se itshekologileng; mme morago ga moo, moperesiti o tla tsena mo ntlong gore a e tlhatlhobe. 37 O tla tlhatlhoba karolo e e kgotletsweng mme fa dipota tsa ntlo di na le dikhutinyana tse di botala jo boserolwana kgotsa tse dikhibitswana e bile di lebega di le boteng go feta lobota, 38 foo moperesiti o tla tswa mo ntlong eo a ye kwa kgorong ya yone a bo a tswala ntlo eo malatsi a le supa.+

39 “Mo letsatsing la bosupa, moperesiti o tla boa mme a e tlhatlhobe. Fa karolo e e kgotletsweng e anametse mo dipoteng tsa ntlo, 40 moperesiti o tla ntsha ditaelo mme maje a karolo e e kgotletsweng a tshwanetse go ntshiwa a bo a latlhelwa kwa ntle ga motse kwa lefelong le le itshekologileng. 41 Go tswa foo, o tla laela gore ntlo eo e falwe thata ka fa teng mme mmu o o neng o dirisitswe go dila ntlo o ba o fadileng, ba o tshololele kwa ntle ga motse mo lefelong le le itshekologileng. 42 Morago ga moo, ba tla tsenya maje a mangwe mo go neng go na le maje a ba a ntshitseng mme a dirise seretse se sengwe a bo a laela gore ntlo e dilwe.

43 “Le fa go ntse jalo, fa karolo e e kgotletsweng e boa e nna teng gape mo ntlong fa maje a sena go ntshiwa le fa ntlo e sena go falwa e bo e dilwa gape, 44 moperesiti o tla tsena mo ntlong a bo a e tlhatlhoba. Fa karolo eo e anametse mo ntlong, ke lepero le le kotsi+ mo ntlong. Ntlo eo e itshekologile. 45 Foo o tla laela gore ntlo eo e thubiwe, e leng maje a yone, dikota tsa yone le mmu otlhe o go neng ga dilwa ntlo ka one, mme di isiwe kwa ntle ga motse kwa lefelong le le itshekologileng.+ 46 Mme ope fela yo o tsenang mo ntlong eo mo malatsing a e tswetsweng ka one,+ o tla itshekologa go fitlha maitseboa;+ 47 e bile ope fela yo o lalang mo ntlong eo a tlhatswe diaparo tsa gagwe le ope fela yo o jelang mo ntlong eo a tlhatswe diaparo tsa gagwe.

48 “Le fa go ntse jalo, fa moperesiti a tla a bo a bona gore karolo e e kgotletsweng ga e a anamela mo ntlong fa ntlo eo e sena go dilwa gape, moperesiti o tla itsise gore ntlo eo e itshekile ka gonne karolo eo e fodile. 49 E le gore a itshekise ntlo eo go ya ka molao, o tla tsaya dinonyane tse pedi, logong lwa mosedara, letsela le lehibidu le setlhatshana sa mosiama.+ 50 A bolaele nonyane e le nngwe mo sejaneng sa letsopa se se nang le metsi a motswedi. 51 Go tswa foo, o tla tsaya logong lwa mosedara, mosiama, letsela le lehibidu le nonyane e e tshelang a bo a di ina mo mading a nonyane e e bolailweng le mo metsing a motswedi mme o tshwanetse go a kgatšha gasupa mo ntlong eo.+ 52 Mme o tla itshekisa ntlo eo ka madi a nonyane, metsi a motswedi, nonyane e e tshelang, logong lwa mosedara, mosiama le letsela le lehibidu. 53 Go tswa foo, o tla tlogela nonyane e e tshelang gore e fofele kwa nageng kwa ntle ga motse. Fa a dira jalo, o tla bo a ntsha boitshekologo* jo bo mo ntlong eo mme e tla nna phepa.

54 “Ono ke molao o o amanang le lepero lepe fela, go tshwaetsega ga letlalo la tlhogo kgotsa ditedu,+ 55 lepero la seaparo+ kgotsa la ntlo,+ 56 le o o amanang le go ruruga, go tswa magogo le go tswa dibata,+ 57 gore go tlhomamisiwe fa sengwe se itshekologile le fa se itshekile.+ Ono ke molao o o amanang le lepero.”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela