DIKHUTSAFALO
א [Aleph]*
1 Ruri motse o o neng o tletse ka batho, jaanong ga o na ope!+
Ruri ene yo o neng a na le batho ba bantsi mo ditšhabeng, o tshwana le motlholagadi!+
Ruri ene yo e neng e le mohumagadi mo diporofenseng* o patelediwa go dira tiro e e boima!+
ב [Beth]
2 Bosigo o lela fela thata,+ e bile dikeledi tsa gagwe di elela mo marameng a gagwe.
Ga go na ope wa botlhe ba ba mo ratang yo o mo gomotsang.+
Ditsala tsa gagwe tsotlhe di mo tsieditse;+ di fetogile baba ba gagwe.
ג [Gimel]
3 Juda o ile botshwarwa+ e bile o a boga, gape o mo bokgobeng jo bo setlhogo.+
O tshwanelwa ke go nna mo ditšhabeng;+ ga a bone lefelo la boikhutso.
Botlhe ba ba mmogisang ba mo fitlhetse a le mo matshwenyegong.
ד [Daleth]
4 Ditsela tse di yang kwa Siona di hutsafetse, ka gonne ga go na ope yo o tlang mo moletlong.+
Dikgoro tsa gagwe tsotlhe di sentswe;+ baperesiti ba gagwe ba utlwile botlhoko.
Makgarebane a gagwe a hutsafetse, mme ene o tshwenyegile thata.
ה [He]
5 Baba ba gagwe jaanong ba a mo laola; dira tsa gagwe ga di tshwenyege.+
Ka gonne Jehofa o mo tliseditse khutsafalo ka ntlha ya maleo a gagwe a mantsi.+
Bana ba gagwe ba ile botshwarwa ba tsamaya fa pele ga mmaba.+
ו [Waw]
6 Kgalalelo yotlhe e dule mo go morwadia Siona.+
Dikgosana tsa gagwe di tshwana le dikgama tse ditonanyana tse di sa bonang mafulo,
Mme di tsamaya di lapile fa pele ga yo o di setseng morago.
ז [Zayin]
7 Mo motlheng wa fa a boga le fa a se na legae, Jerusalema o gakologelwa
Dilo tsotlhe tse di tlhwatlhwakgolo tse a neng a na le tsone mo metlheng ya bogologolo.+
Fa batho ba gagwe ba ne ba wela mo seatleng sa mmaba e bile a se na mothusi,+
Baba ba ne ba mmona ba bo ba mo tshega* ka gonne a phutlhame.+
ח [Heth]
8 Jerusalema o dirile boleo jo bogolo.+
Ke gone ka moo a fetogileng selo se se ilegang.
Botlhe ba ba neng ba mo tlotla jaanong ba a mo nyatsa, ka gonne ba ne ba mmone a sa apara.+
Tota le ene o utlwile botlhoko+ e bile o leba go sele a tlhabiwa ke ditlhong.
ט [Teth]
9 Diaparo tsa gagwe di kgamathetse.
Ga a ka a akanya ka bokamoso jwa gagwe.+
Tsela e a oleng ka yone e ne e tshosa; ga a na ope yo o mo gomotsang.
Ao tlhe Jehofa, bona pogisego ya me, ka gonne mmaba o itlotlomaditse.+
י [Yod]
10 Mmaba o otlolotse diatla tsa gagwe a bo a gapa matlotlo a gagwe otlhe.+
Gonne o ne a bona ditšhaba di tsena mo lefelong la gagwe le le boitshepo,+
Tse o neng o laetse gore di se ka tsa tsena mo phuthegong ya gago.
כ [Kaph]
11 Batho ba gagwe botlhe ba a lela; ba batlana le senkgwe.+
Ba abile dilo tsa bone tse di tlhwatlhwakgolo gore ba bone sengwe se ba ka se jang, gore ba tswelele ba tshela.
Leba tlhe Jehofa, mme o bone gore ke fetogile mosadi* yo o se nang mosola.
ל [Lamed]
12 A seno ga se sepe mo go lona lotlhe ba lo fetang ka tsela?
Lebang mme lo bone!
A go na le botlhoko bope jo bo tshwanang le jo ke neng ka bo bakelwa,
Jo Jehofa a neng a dira gore ke bo utlwe mo letsatsing la bogale jwa gagwe jo bo tukang?+
מ [Mem]
13 O rometse molelo go tswa kwa legodimong gore o fise marapo otlhe a me.+
O tsharololetse dinao tsa me letlowa; o mpateleditse gore ke boele morago.
O dirile gore ke nne mosadi yo o setseng a le nosi.
Ke lwala letsatsi lotlhe.
נ [Nun]
14 Maleo a me a bofilwe jaaka jokwe, o a bofagantse mmogo ka seatla sa gagwe.
A beilwe mo molaleng wa me, e bile ke feletswe ke nonofo.
Jehofa o ntsentse mo seatleng sa batho ba nka se kgoneng go emelana le bone.+
ס [Samekh]
15 Jehofa o ntseetse banna botlhe ba ba maatla.+
O mpileditse phuthego gore e thubaganye makawana a me.+
Jehofa o gatakile morwadia Juda wa kgarebane mo segatisetsong sa beine.+
ע [Ayin]
16 Ke a lela ka ntlha ya dilo tseno;+ matlho a me a tshologa dikeledi.
Gonne ope fela yo o ka nkgomotsang kgotsa yo o ka ntapolosang o kgakala thata le nna.
Bomorwaake ba hutsafetse thata, ka gonne mmaba o fentse.
פ [Pe]
17 Siona o otlolotse diatla tsa gagwe;+ ga a na ope yo o ka mo gomotsang.
Jehofa o laetse botlhe ba ba dikologileng Jakobe gore ba nne baba ba gagwe.+
Mo go bone, Jerusalema o fetogile selo se se ilegang.+
צ [Tsade]
18 Jehofa o siame,+ ka gonne ke nna ke tlhanogetseng ditaelo* tsa gagwe.+
Reetsang lona lotlhe ditšhaba, mme lo bone botlhoko jwa me.
Makgarebane a me le makawana a me a isitswe botshwarwa.+
ק [Qoph]
19 Ke tlhaeleditse kwa bathong ba ba nthatang, mme ba ntsieditse.+
Baperesiti ba me le bagolwane ba me ba swetse mo motseng
Fa ba ne ba batlana le dijo gore ba tswelele ba tshela.+
ר [Resh]
20 Ao tlhe Jehofa, bona gore ke mo mathateng a magolo jang.
Mala* a me a a fuduega.
Pelo ya me e pitikologile mo teng ga me, ka gonne ke ntse ke le motlhanogi yo mogolo.+
Kwa ntle tšhaka e bolaile bongwanake;+ le mo teng ga ntlo batho ba a swa.
ש [Shin]
21 Batho ba utlwile selelo sa me; ga go na ope yo o nkgomotsang.
Baba ba me botlhe ba utlwile ka masetlapelo a me.
Ba itumetse, ka gonne ke wena o a tlisitseng.+
Mme gone, o tla tlisa letsatsi le o buileng ka lone,+ fa ba tla bo ba tshwana le nna.+
ת [Taw]
22 E kete bosula jotlhe jwa bone bo ka tla fa pele ga gago, e bile e kete o ka ba otlhaya botlhoko,+
Fela jaaka o nkotlhaile botlhoko ka ntlha ya maleo otlhe a me.
Gonne ke hutsafetse thata, e bile pelo ya me e a lwala.
א [Aleph]
2 Ruri Jehofa o khurumeditse morwadia Siona ka leru la bogale jwa gagwe!
O latlhetse bontle jwa Iseraele mo lefatsheng go tswa kwa legodimong.+
Ga a gakologelwa sebeo sa gagwe sa dinao+ mo letsatsing la bogale jwa gagwe.
ב [Beth]
2 Jehofa o komeditse mafelo otlhe a bonno a ga Jakobe a sa a tlhomogele pelo.
O thubile mafelo a a sireletsegileng a ga morwadia Juda a shakgetse.+
O digetse bogosi+ le dikgosana tsa jone fa fatshe a bo a di tlontlolola.+
ג [Gimel]
3 O fedisitse nonofo yotlhe ya* Iseraele ka mogote wa bogale jwa gagwe.
Ga a ka a re thusa fa mmaba a tlhasela,+
Mme bogale jwa gagwe bo ne jwa nna jwa tukela Jakobe jaaka molelo o o neng wa laila sengwe le sengwe se se o dikologileng.+
ד [Daleth]
4 O obile* bora jwa gagwe jaaka mmaba; o baakantse seatla sa gagwe sa moja jaaka mmaba;+
O ne a nna a bolaya botlhe ba ba eletsegang mo matlhong a rona.+
E bile o ne a tshololela tšhakgalo ya gagwe mo tenteng ya ga morwadia Siona+ fela jaaka molelo.+
ה [He]
5 Jehofa o ntse jaaka mmaba;+
O komeditse Iseraele.
O komeditse ditora tsotlhe tsa gagwe;
O sentse mafelo otlhe a gagwe a a sireletsegileng.
E bile o dirile gore khutsafalo le selelo sa khutsafalo di nne dintsi mo go morwadia Juda.
ו [Waw]
6 O tshwara loobo* lwa gagwe setlhogo+ jaaka ntlwana e e mo tshingwaneng.
O fedisitse* meletlo ya gagwe.+
Jehofa o dirile gore meletlo le sabata di lebalwe mo Siona,
E bile ga a tlotle kgosi le moperesiti ka gonne a shakgetse thata.+
ז [Zayin]
7 Jehofa o latlhile sebeso sa gagwe;
O ganne go amogela lefelo la gagwe le le boitshepo.+
O tsentse dipota tsa ditora tsa gagwe tse di sireletsegileng mo seatleng sa mmaba.+
Ba tsholeditse lentswe la bone mo ntlong ya ga Jehofa,+ jaaka go dirwa mo letsatsing la moletlo.
ח [Heth]
8 Jehofa o ikemiseditse go senya lobota lwa ga morwadia Siona.+
O otlolotse mogala o o lekanyang.+
Ga a ka a thibela seatla sa gagwe gore se se ka sa tlisa tshenyo.*
Mme o dira gore thotana ya motlhaba le lobota di hutsafale.
Tsotlhe di koafaditswe.
ט [Teth]
9 Dikgoro tsa gagwe di nweleletse mo lefatsheng.+
O sentse mephakalego ya gagwe a bo a e thubaganya.
Kgosi ya gagwe le dikgosana tsa gagwe di mo ditšhabeng.+
Ga go na molao;* tota le baporofeti ba gagwe ga ba bone ponatshegelo epe e e tswang kwa go Jehofa.+
י [Yod]
10 Bagolwane ba ga morwadia Siona ba ntse fa fatshe ba didimetse.+
Ba itshela lorole mo ditlhogong e bile ba apara letsela la kgetsi.+
Makgarebane a Jerusalema a obetse ditlhogo tsa one fa fatshe.
כ [Kaph]
11 Matlho a me a lapisitswe ke go lela.+
Mala* a me a a fuduega.
Sebete sa me se tshololetswe fa fatshe, ka ntlha ya go wa ga morwadia* batho ba gaetsho,+
Ka ntlha ya bana le masea a a idibalang mo dipatlelong tsa motse.+
ל [Lamed]
12 Ba nna ba botsa bommaabone ba re, “Dijo le beine di kae?”+
Fa ba ntse ba idibala jaaka mongwe yo o gobaditsweng mo dipatlelong tsa motse,
Fa ba ntse ba swela mo mabogong a bommaabone.
מ [Mem]
13 Ke tla dirisa eng gore e nne bosupi,
Kgotsa ke tla go tshwantsha le eng, wena morwadia Jerusalema?
Ke tla go bapisa le eng, gore ke go gomotse, wena morwadia Siona wa kgarebane?
Gonne o tla phutlhama mo go botlhoko jaaka lewatle.+ Ke mang yo o ka go fodisang?+
נ [Nun]
14 Diponatshegelo tse baporofeti ba gago ba neng ba di bona e ne e le maaka e bile di se na mosola,+
E bile ga ba a ka ba senola boleo jwa gago gore ba thibele gore o se ka wa isiwa botshwarwa,+
Mme ba ne ba nna ba bona dipolelo tsa maaka le tse di tsietsang mo diponatshegelong.+
ס [Samekh]
15 Botlhe ba ba fetang ka tsela ba go opela diatla ka tshotlo.+
Ba letsa molodi ba gakgametse+ ba bo ba thukuthela morwadia Jerusalema tlhogo, ba re:
“A motse ono ke o ba neng ba bua ka one ba re, ‘O montle tota, e bile o tlisetsa batho botlhe mo lefatsheng boitumelo’?”+
פ [Pe]
16 Baba ba gago botlhe ba go buletse molomo.
Ba go sotla ba galefile ba re: “Re mo komeditse.+
Leno ke letsatsi le re ntseng re le emetse!+ Le gorogile, e bile re le bone!”+
ע [Ayin]
17 Jehofa o dirile se a neng a se ikaeletse;+ o diragaditse lefoko la gagwe,+
Se a neng a se laela bogologolo.+
O rutlolotse a sa tlhomoge pelo.+
O letlile gore mmaba a itumelele se se go diragaletseng; o okeditse nonofo ya* baba ba gago.
צ [Tsade]
18 Pelo ya bone e goela kwa go Jehofa, wena lobota lwa ga morwadia Siona.
A dikeledi di elele jaaka molatswana o o penologang bosigo le motshegare.
O se ka wa ikhutsa, o se ka wa letla leitlho la gago* gore le itapolose.
ק [Qoph]
19 Ema! Goa go le bosigo, fa dinako tsa go lebelela di simologa.
Tshololela pelo ya gago fa pele ga ga Jehofa jaaka metsi.
Tsholeletsa diatla tsa gago kwa go ene ka ntlha ya matshelo* a bana ba gago,
Ba ba welang mo khoneng ya mmila mongwe le mongwe* ka ntlha ya leuba.+
ר [Resh]
20 Ao tlhe Jehofa, leba mme o bone ene yo o mo otlhaileng botlhoko.
A basadi ba tshwanetse go tswelela ba ja bana* ba bone, bana ba ba ba godisitseng,+
Kgotsa a baperesiti le baporofeti ba tshwanetse go bolaelwa mo lefelong le le boitshepo la ga Jehofa?+
ש [Shin]
21 Mosimanyana le monnamogolo ba rapaletse fa fatshe mo mebileng ba sule.+
Makgarebane a me le makawana a me a bolailwe ka tšhaka.+
O ba bolaile mo letsatsing la fa o ne o galefile; o ba kgemethile o sa tlhomoge pelo.+
ת [Taw]
22 O bitsa ba ba ntshosang go tswa mo matlhakoreng otlhe jaaka e kete o biletsa batho go tla kwa moletlong.+
Ga go na ope yo o neng a tshaba kgotsa a falola mo letsatsing la tšhakgalo ya ga Jehofa;+
Mmaba wa me o ne a fedisa ba ke neng ka ba belega* ka bo ka ba godisa.+
א [Aleph]
3 Ke nna monna yo o boneng batho ba boga ka ntlha ya thobane ya tšhakgalo ya gagwe.
2 O ne a nteleka mme a dira gore ke tsamaye mo lefifing, e seng mo leseding.+
3 Eleruri, seatla sa gagwe se kgatlhanong le nna letsatsi lotlhe.+
ב [Beth]
4 O onaditse nama le letlalo la me;
O robagantse marapo a me.
5 O agile lobota go ntikologa; o ntikologile ka bojang jo bo nang le botlhole+ le ka mathata.
6 O mpateleditse go nna mo mafelong a a lefifi jaaka batho ba ba suleng bogologolo.
ג [Gimel]
7 O nkageletse, gore ke se ka ka tshaba;
O mpofile ka keetane e e bokete ya kopore.+
8 Mme fa ke goa thata ke kopa thuso, o gana* thapelo ya me.+
9 O thibile ditselana tsa me ka maje a a betlilweng;
O sokamisitse ditsela tsa me.+
ד [Daleth]
10 O ntaletse gore a ntlhasele jaaka bera, jaaka tau e e iphitlhileng.+
11 O mpateleditse go tswa mo ditselaneng tsa me a bo a nkgaoganya dikarolwana;*
O dirile gore ke se ka ka nna le mosola.+
12 O obile* bora jwa gagwe, mme o ntlhoma jaaka sengwe se a konopelang motswi kwa go sone.
ה [He]
13 O tlhabile diphilo tsa me ka metswi e e mo mokotlopong* wa gagwe.
14 Ke fetogile sengwe se se tshegisang mo ditšhabeng tsotlhe; ba tlhola ba opela letsatsi lotlhe e bile ba ntshotla.
15 O dirile gore ke tswelele ke ja dijo tse di bogalaka le gore ke tswelele ke nwa longana.+
ו [Waw]
17 O nkamoga kagiso; ke lebetse se se siameng.
18 Ka jalo, ka re: “Kgalalelo ya me e nyeletse, mmogo le tsholofelo ya me mo go Jehofa.”
ז [Zayin]
19 Gakologelwa go boga ga me le go tlhoka legae ga me,+ gakologelwa gore ke ja longana le botlhole jo bo galakang.+
20 Ruri o tla gakologelwa o bo o obega ka ntlha ya me.+
21 Ke gakologelwa seno mo pelong ya me; ke gone ka moo ke tla go letelang ka bopelotelele.+
ח [Heth]
22 Ke ka ntlha ya lorato lwa ga Jehofa lo lo sa kgaotseng go bo re sa fela,+
Gonne mautlwelobotlhoko a gagwe ga a ke a fela.+
23 A masha moso mongwe le mongwe;+ boikanyegi jwa gago bo bogolo.+
24 Ke ne ka re, “Jehofa ke kabelo ya me,+ ke gone ka moo ke tla mo letelang ka bopelotelele.”+
ט [Teth]
25 Jehofa o molemo mo go yo o solofetseng mo go ene,+ mo mothong* yo o nnang a mmatla.+
26 Go molemo go letela poloko ya ga Jehofa+ ka tidimalo.*+
27 Go molemo gore motho a lebane le mathata a sa ntse a le mosha.+
י [Yod]
28 A a nne a le nosi mme a didimale fa Modimo a mo letla gore a lebane le one.+
29 A a ikobe ka botlalo mme a fitlhe sefatlhego sa gagwe mo loroleng;+ go ka tswa go sa ntse go na le tsholofelo.+
30 A a neye yo o mo itayang lerama la gagwe; a a itshokele go nna a tlhapadiwa.
כ [Kaph]
31 Gonne Jehofa ga a kitla a re latlha ka bosakhutleng.+
32 Le fa gone a re otlhaile, gape o tla re utlwela botlhoko go ya ka lorato lwa gagwe lo logolo lo lo sa kgaotseng.+
33 Gonne ga se gore o a itumela fa a bogisa e bile a hutsafatsa bomorwa batho.+
ל [Lamed]
34 Fa motho a gatakela magolegwa otlhe a lefatshe ka fa tlase ga dinao tsa gagwe,+
35 Fa motho a sa direlwe tshiamiso fa pele ga Mogodimodimo,+
36 Fa motho a tsiediwa mo tshekong:
Ga se dilo tse Jehofa a di amogelang.
מ [Mem]
37 Mme gone, ke mang yo o ka buang sengwe a bo a se diragatsa fa Jehofa a sa se laela?
38 Mo molomong wa Mogodimodimo
Ga go tswe dilo tse di bosula le tse di molemo.
39 Ke ka ntlha yang fa motho* a ngongoregela ditlamorago tsa boleo jwa gagwe?+
נ [Nun]
40 A re tlhatlhobeng ditsela tsa rona re bo re di sekaseke,+ mme re boeleng kwa go Jehofa.+
41 A re tsholeletseng dipelo tsa rona mmogo le diatla tsa rona kwa Modimong kwa magodimong,+ re re:
42 “Re leofile e bile re go tlhanogetse,+ mme ga o a re itshwarela.+
ס [Samekh]
43 O re thibetse ka bogale gore re se ka ra go atamela;+
O re lateletse wa bo wa re bolaya o sa re tlhomogele pelo.+
44 O thibile ka leru le legolo gore o se ka wa atamelwa, gore thapelo ya rona e se ka ya fetela kwa go wena.+
45 O re dira leswe le matlakala mo ditšhabeng.”
פ [Pe]
46 Baba botlhe ba rona ba re atlhamolosetsa melomo ya bone ka tshotlo.+
47 Re nna fela re tshogile e bile re gaeletswe,+ gape re a thubagangwa e bile re a senngwa.+
48 Matlho a me a nna a elela melatswana ya metsi ka ntlha ya go senngwa ga morwadia batho ba gaetsho.+
ע [Ayin]
49 Matlho a me a tsholola dikeledi a sa kgaotse, a sa emise,+
50 Go fitlha Jehofa a leba kwa tlase a bo a bona a le kwa legodimong.+
51 Ke a hutsafala fa ke bona se se diragaletseng barwadi botlhe ba motse wa gaetsho.+
צ [Tsade]
52 Baba ba me ba ntsomile jaaka nonyane kwantle ga lebaka.
53 Ba lekile go mpolaya; ba ne ba nna ba nkonopa ka maje.
54 Metsi a ne a nkhurumetsa, mme ke ne ka re: “Go ile fela jalo ka nna!”
ק [Qoph]
55 Ke ne ka bitsa leina la gago Jehofa ke le kwa tengteng mo khuting.+
56 Utlwa lentswe la me; o se ka wa thiba tsebe ya gago fa ke goa ke kopa thuso, ke kopa gore o nkgolole.
57 O ne wa atamela mo letsatsing le ke neng ka go bitsa ka lone. O ne wa re: “O se ka wa boifa.”
ר [Resh]
58 O sekile kgang ya me Jehofa, o rekolotse botshelo jwa me.+
59 Jehofa, o bone phoso e ke e diretsweng; ke kopa gore ke direlwe tshiamiso.+
60 O bone dilo tsotlhe tse ba di dirileng go ipusolosetsa, maano otlhe a ba ntogetseng one.
ש [Sin] kgotsa [Shin]
61 Jehofa, o utlwile fa ba ne ba nkgoba, o utlwile maano otlhe a ba ntogetseng one,+
62 Le mafoko a baganetsi ba me, e bile o utlwile fa ba ntsheba letsatsi lotlhe.
63 A ko o ba bone; fa ba nna le fa ba ema, ba nja ditshego mo dipineng tsa bone!
ת [Taw]
64 O tla ba duela go ya ka ditiro tsa bone Jehofa.
65 O tla thatafatsa dipelo tsa bone, e le phutso e o ba tlisetsang yone.
66 O tla ba latelela o galefile Jehofa, o bo o ba nyeletsa mo lefatsheng.
א [Aleph]
4 Ruri gauta e e phatsimang jaanong e letobo, gauta e e sa tswakanngwang!+
Ruri maje a a boitshepo+ a gasame mo khoneng nngwe le nngwe ya mmila!*+
ב [Beth]
2 Fa e le bomorwa Siona ba ba tlhwatlhwakgolo, ba ba neng ba le botlhokwa jaaka* gauta e e sa tswakanngwang,
Ruri ba tsewa jaaka dinkgo tse dikgolo,
Tiro ya diatla tsa mmopi wa letsopa!
ג [Gimel]
3 Tota le bophokoje ba ntshitse mabele gore ba amuse bana ba bone,
Mme morwadia batho ba gaetsho ene o setlhogo+ jaaka bontšhe kwa nageng.+
ד [Daleth]
4 Loleme lwa losea lo lo anyang lo ngaparela magalapa a lone ka ntlha ya lenyora.
Bana ba kopa senkgwe,+ mme ga go na ope yo o se ba nayang.+
ה [He]
5 Batho ba ba neng ba tle ba je dijo tsa maemo ba rapaletse mo mebileng ba tshwerwe ke tlala.*+
Ba ba godileng ba apara diaparo tse dikhibidu+ ba rapaletse mo dithotobolong tsa melora.
ו [Waw]
6 Kotlhao* ya morwadia batho ba gaetsho e kgolo go feta kotlhao ya boleo jwa Sodoma,+
E e neng ya senngwa ka ponyo ya leitlho, go se na ope yo o e thusang.+
ז [Zayin]
7 Banasirite+ ba gagwe ba ne ba itshekile go feta kapoko, ba ne ba le basweu go feta mashi.
Ba ne ba le bahibidu go feta dikorale; ba ne ba tshwana le maje a safire a a phatsimisitsweng.
ח [Heth]
8 Jaanong ba bantsho go feta mosidi;*
Ga ba lemogiwe mo mebileng.
Letlalo la bone le ngaparetse marapo a bone;+ le tshwana le logong lo lo omileng.
ט [Teth]
9 Ba ba bolailweng setlhogo ka tšhaka ba botoka go feta ba ba bolailweng ke leuba,+
Ba ba swang ka gonne masimo a bone a se na dijo, ba ntse jaaka e kete ba tlhabilwe ka tšhaka.
י [Yod]
10 Basadi ba ba kileng ba bo ba le pelotlhomogi ba apeile bana ba bone.+
Ba fetogile dijo tsa bone tsa khutsafalo ka nako ya fa morwadia batho ba gaetsho a senngwa.+
כ [Kaph]
Mme o tshuba molelo mo Siona o o lailang metheo ya gagwe.+
ל [Lamed]
12 Dikgosi tsa lefatshe le banni botlhe ba naga e e ungwang ba ne ba sa dumele
Gore mosenyi le mmaba ba tla tsena ka dikgoro tsa Jerusalema.+
מ [Mem]
13 Seno se ne sa direga ka ntlha ya maleo a baporofeti ba gagwe le melato ya baperesiti ba gagwe,+
Ba ba neng ba tshololela madi a batho ba ba siameng mo go ene.+
נ [Nun]
14 Baporofeti le baperesiti ba kgarakgatshegile mo mebileng ba sa bone.+
Ba kgotletswe ke madi+
Mo e leng gore ga go na ope yo o kgonang go kgoma diaparo tsa bone.
ס [Samekh]
15 Ba tlhaeletsa kwa go bone ba re, “Tsamayang! Lona ba lo itshekologileng! Tsamayang! Tsamayang! Lo se ka lwa re kgoma!”
Gonne ga ba na magae e bile ba a kgarakgatshega.
Batho ba buile jaana mo ditšhabeng: “Ga ba ka ke ba nna fano le rona.*+
פ [Pe]
16 Jehofa o ba kgaogantse;+
Ga a kitla a tlhola a ba tlhomogela pelo.
Batho ga ba kitla ba tlotla baperesiti,+ ga ba kitla ba rekegela bagolwane.”+
ע [Ayin]
17 Tota le gone jaanong matlho a rona a lapisitswe ke go nna re lebeletse go bona thuso mme e seyo.+
Re ne ra nna re lebeletse go bona thuso kwa setšhabeng se se ka se kgoneng go re boloka.+
צ [Tsade]
18 Ba re tsomile gongwe le gongwe kwa re yang teng+ mo e leng gore ga re kgone go tsamaya mo dipatlelong tsa rona.
Bokhutlo jwa rona bo atametse; metlha ya rona e fedile, ka gonne bokhutlo jwa rona bo gorogile.
ק [Qoph]
19 Ba ba re latelelang ba ne ba le bofefo go gaisa bontsu ba kwa loaping.+
Ba ne ba re lelekisa mo dithabeng; ba ne ba re lalela kwa nageng.
ר [Resh]
20 Yo e leng mohemo wa maroba a dinko tsa rona, motlodiwa wa ga Jehofa,+ o tshwerwe mo khuting ya bone e kgolo,+
Yo re neng ra bua ka ene re re: “Re tla tshela mo moriting wa gagwe mo ditšhabeng.”
ש [Sin]
21 Itumele wena morwadia Edoma,+ yo o nnang mo lefatsheng la Use.
Mme senwelo sa masetlapelo se tla fetisediwa le kwa go wena,+ mme o tla tagwa o bo o ikapola.+
ת [Taw]
22 Wena morwadia Siona, kotlhao ya molato wa gago e fedile.
Ga a kitla a go isa botshwarwa gape.+
Mme wena morwadia Edoma, o tla go otlhaela molato wa gago.
O tla senola maleo a gago.+
5 Ao tlhe Jehofa, gakologelwa se se re diragaletseng.
Leba mme o bone jaaka re tlontlologile.+
2 Boswa jwa rona bo neilwe batswakwa, matlo a rona a neilwe batho ba sele.+
3 Re fetogile masiela a a se nang rre; bommaarona ba tshwana le batlholagadi.+
4 Re tshwanelwa ke go duela gore re nwe metsi a rona,+ e bile re ntshetsa dikgong tsa rona madi.
5 Ba ba re latelelang ba re eme mo molaleng;
Re lapile, le fa go ntse jalo ga ba re neye boikhutso.+
6 Re otlololetse seatla sa rona kwa Egepeto+ le kwa Asiria,+ gore re tle re bone senkgwe se se lekaneng se re ka se jang.
7 Borraaronamogolo ba ba neng ba leofa ga ba tlhole ba le teng, mme re tshwanelwa ke go rwala maleo a bone.
8 Jaanong re busiwa ke batlhanka; ga go na ope yo o ka re swatolang mo seatleng sa bone.
9 Re tsenya matshelo* a rona mo kotsing fa re tla ka senkgwe sa rona,+ ka ntlha ya tšhaka e e kwa nageng.
10 Letlalo la rona le gotetse jaaka sebeso, ka ntlha ya ditlhabi tsa tlala.+
11 Basadi ba ba mo Siona ba tlontlolotswe,* le makgarebane a a mo metseng ya Juda.+
12 Dikgosana di ne tsa kalediwa ka seatla,+ e bile bagolwane ba ne ba sa tlotliwe.+
13 Makawana a rwele leje le legolo,* mme basimane ba kgopiwa ba rwele dingata tsa dikgong.
14 Bagolwane ga ba tlhole ba le kwa kgorong ya motse;+ makawana ga a tlhole a letsa mmino.+
15 Dipelo tsa rona ga di tlhole di itumetse; go bina ga rona go fetogile khutsafalo.+
16 Serwalo sa bogosi se ole mo tlhogong ya rona. Ruri go latlhega rona, ka gonne re leofile!
17 Pelo ya rona e a lwala ka ntlha ya seno,+
E bile matlho a rona a letobo ka ntlha ya dilo tseno,+
18 Ka ntlha ya Thaba ya Siona e e kgakgabetseng;+ jaanong bophokoje ba tsamayatsamaya mo go yone.
19 Jehofa, o ntse mo setulong sa gago sa bogosi ka bosakhutleng.
Bogosi jwa gago ke jwa bosakhutleng.+
20 Ke ka ntlha yang fa o re lebetse ka bosakhutleng, e bile o re latlhile lobaka lo loleele jaana?+
21 Ao tlhe Jehofa, re busetse kwa go wena, mme re tla boela kwa go wena ka bonako.+
Ntšhafatsa malatsi a rona jaaka mo nakong e e fetileng.+
22 Le fa go ntse jalo, o re ganne botlhoko.
O nna o re galefetse fela thata.+
Kgaolo 1-4 ke dipina tsa khutsafalo tse di kwadilweng go dirisiwa dialefabete kgotsa ditlhaka tsa Sehebera.
Kgotsa “mo dikgaolong tse di nang le taolo.”
Kgotsa “ba itumela.”
Go tewa Jerusalema a mothofaditswe.
Seheb., “molomo.”
Kgotsa “Mateng.”
Seheb., “O robile lonaka longwe le longwe lwa.”
Seheb., “gatile.”
Bona “Moletlo wa Diobo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “sentse.”
Seheb., “se se ka sa kometsa.”
Kgotsa “taelo.”
Kgotsa “Mateng.”
Poko e e dirisang mothofatso, gongwe e e tlhalosang kutlwelobotlhoko kgotsa bopelotlhomogi.
Seheb., “o godisitse lonaka lwa.”
Seheb., “morwadia leitlho la gago.”
Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “mo tlhogong ya mebila yotlhe.”
Kgotsa “maungo.”
Kgotsa “ka ba tlisa ba itekanetse.”
Kgotsa “kgoreletsa; thibela.”
Kgotsa gongwe “a bo a dira gore ke nne jaaka tshimo e e tlogetsweng e sa lengwa.”
Seheb., “gatile.”
Kgotsa “mo kgetsaneng e e tsenyang metswi.”
Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “bopelotelele.”
Seheb., “motho yo o tshelang.”
Seheb., “mo tlhogong ya mebila yotlhe!”
Kgotsa “ba ba neng ba le tlhwatlhwakgolo jaaka.”
Seheb., “ba phaphaletse.”
Seheb., “Molato.”
Seheb., “bontsho.”
Kgotsa “ba nna fano e le batswakwa.”
Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “beteletswe.”
Kgotsa “a rwele lelwala.”