“Ea kwa Choshwaneñ”
“EA KWA choshwaneñ, wèna mmoduhadi,” go ne ga kwala jalo Kgosi Solomone, “u akanyè mekgwa ea eōna, me u tlhalehè.” Motho wa mmoduhadi—kana mongwe le mongwe fela—a ka ithutang go tswa mo tshoswaneng? Solomone o ne a tswelela jaana: “E e reñ e sena kgosi, leha e le molebedi, kgotsa molaodi, E be e etleetse diyō tsa eōna go le selemō, e kokotletse diyō tsa eōna mo lobakeñ loa thōbō.”—Diane 6:6-8.
Go bonala kgosi e e botlhale eno e ne e bua ka tshoswane ya lerema. Kwa Iseraele, jaaka fa go ntse le kwa mafelong a mangwe a mantsi, ke selo se se tlwaelegileng go bona tshoswane ya lerema e ntse e tsamaya tsamaya, e hupile peo eo e batlang e lekana le yone ka bogolo. (Bona kwa godimo kafa molemeng.) E tsaya dijo tseo e di kokoantseng e di isa kwa mabolokelong a a kafa tlase ga lefatshe.
Ereka “mabolokelo ano a dipeo” a le kafa tlase ga lefatshe, a ka nna bongola thata ka nako ya dipula, mme dipeo tseno di tla mela kana di bola fa di sa tlhokomelwe. Ka jalo ditshoswane di na le tiro e e oketsegileng eo di tshwanetseng tsa e dira. Fela fa letsatsi le tswa, ditshoswane tseno tse di dirang ka natla di tsaya dipeo tseno di di isa kwa ntle gore di omisiwe ke phefo. (Bona fa godimo.) Mme pele ga letsatsi le phirima, ditshoswane di tshwanetse tsa tsaya dipeo tseno tsotlhe di di busetse mo teng. Ditshoswane dingwe di botlhale ka mo go lekaneng mo e leng gore di natha karolo e e tlhogang ya peo ka yone nako eo e phuthiwang ka yone eo kana ka bonako fela fa di simolola go tlhoga.
Tiro ya ditshoswane ga e felele fela mo go baakanyeng dijo. Gape di na le tiro ya go tlhokomela bana. Mae a tsone a tshwanetse a bewa ka ditlhopana. Dibokwana tse di tswang mo maeng a a thubisitsweng di tshwanetse tsa fepiwa ka dijo. Mekone e tshwanetse ya tlhokomelwa. Ditshoswane dingwe ebile di baakanyetsa le ka moya o o tsiditsana. Fa go gotela ka nako ya motshegare, di isa mekone kwa teng teng mo ditlhageng tsa tsone. Fa go nna tsiditsana maitseboa, di busetsa mekone gape kwa morago. Ke tiro e ntsi, a ga go jalo?
Jaaka fa setlhopa seno se ntse se gola, go tshwanetse ga agiwa dikamore tse disha. Ditshoswane tse di dirang ka natla tseno di dirisa ditlhaa tsa tsone go epa mmu le go o ntsha. Gantsi di dira seno morago ga pula e sena go na ka nako ya fa mmu o le bonolo. Gape di betla mmu di o dira “ditena” tseo di di dirisang mo ditirong tsa go aga—di aga mabota le disiling tsa dikgogometso tsa tsone tse di kafa tlase ga lefatshe mmogo le dikamotshana tsa tsone.
Seno sotlhe ditshoswane tseno di go dira kwantle ga “kgosi, leha e le molebedi, kgotsa molaodi.” Go tweng ka kgosigadi? Ga a neele ditaolo dipe. Seo a se dirang fela ke go beela mae mme ke kgosigadi ka kgopolo ya gore ke ene a tsetseng setlhopha seo sa ditshoswane. (Bona fa godimo.) Tota le fa ditshoswane di sena mokaedi yo o di disang go bona gore a di a bereka kana moeteledipele yo o di kgweetsang, di nna di dira ka natla di sa lape. Tshoswane nngwe e ne ya bonwa e bereka go tloga ka ura ya borataro mo mosong go fitlha ka ura ya bolesome bosigo!
A o ka ithuta sengwe ka go tlhokomela tshoswane? A o dira ka natla ebile o leka ka natla gore o tokafatse tiro ya gago go sa kgathalesege gore a o na le yo o go disitseng kana nnyaa? (Diane 22:29) Kwa bokhutlong o tla duelwa tota le eleng le fa mothapi wa gago a sa bone seo. O ka ipelela go nna le segakolodi se se phepa le go kgotsofala ka bowena. Jaaka fa Solomone a ne a akgela: “Borōkō yoa motho eo o dihañ bo monate, leha a ya bonnye kgotsa bogolo.”—Moreri 5:12.
Seo ga se sone sotlhe seo re ka se ithutang go tswa mo tshoswaneng. Ka tlholego fela ditshoswane di dira ka natla. Tota ebile, ditshoswane dingwe di bonwa di latela motlhala o o tlogetsweng ke tse dingwe kwa morago mme di o latela fela di sa itse kwa di yang teng. Di feleletsa di nnetse go dikologa golo go le gongwe fela, di nne di ntse di dikologa jalo, go fitlhelela di wa di bo di swa.
A ka dinako tse dingwe o a tle o ikutlwe gore o dikologa golo go le gongwe fela, ka metlha o tshwaregile mme o lapile mme o sa dire tema epe? Fa go le jalo, ke nako ya gore o sekaseke boikaelela jwa tiro ya gago eo o e dirang ka natla mme o tlhatlhobe boleng jwa mmatota jwa mekgele ya gago. Gakologelwa kgakololo eno e e botlhale ya ga Kgosi Solomone: “Boiha Modimo, u bo u tshegetsè ditaolō tsa ōna; gonne mo, ke chwanèlō eotlhe ea motho.”—Moreri 12:13.