LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g03 6/8 ts. 29
  • Mophato o o Gwantang!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mophato o o Gwantang!
  • Tsogang!—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ea kwa Choshwaneñ”
    Tsogang!—1990
  • Ditshoswane Tsa Tswina—Sejo se se Monate sa Kwa Sekakeng
    Tsogang!—2011
  • Ditshenekegi Tse e Leng Ditswerere mo go Latlheng Matlakala
    Tsogang!—2002
  • Popo e Dira Gore re Tshepe Tsela e Jehofa a Leng Botlhale ka Yone
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2003
g03 6/8 ts. 29

Mophato o o Gwantang!

“Re nna mo motseng o o sa ntseng o agiwa wa Belize o o dikologilweng ke dikgwa. Moso mongwe mo e ka nnang ka ura ya borobongwe, legae la rona le ne la tlhaselwa ke mophato. Losaisai lwa ditshoswane lo ne lwa tsena kafa tlase ga kgoro le fa go neng go na le maphanyego gone lo tlile go batla dijo. E re ka go ne go se sepe se re neng re ka se dira, re ne ra tshwanelwa ke go tswa mo ntlong ura e le 1 kgotsa tse 2 go sutela ditshoswane tseno. Fa re boa, go ne go sa tlhole go na le ditshenekegi dipe mo ntlong.”

BATHO BA LE BANTSI ba ba nnang kwa dinageng tsa boboatsatsi jaaka kwa Belize, ba tlwaetse tiragalo eno. Ke tsela ya go ntsha ditshenekegi tse di senyang mo ntlong, tse di jaaka mafele le tse dingwe tse di lomang. Mme di tlogela ntlo e le phepa.

Se se kgatlhang ke gore ditshoswane tse go buiwang ka tsone fano di bidiwa mophato ka ntlha ya go tshela ga tsone jaaka masole le go dira dilo mmogo.a Go na le go ikagela mafelo a bonno, mophato ono o o nonofileng o o kgarakgatshegang wa ditshoswane di le dikete di le makgolokgolo o ikagela mafelo a nakwana a bonno o bo o sireletsa e kgolo e e di etelelang pele mmogo le bana ba yone ka go e dikaganyetsa o kopantse maoto a tsone. Go tswa mo mafelong ano a tsone a bonno, losaisai lwa tsone lo lo tlhaselang lo a rongwa go ya go batla dijo tse di akaretsang ditshedinyana tse di nnye tse di jaaka bokgantlapane. Mokgwa o baeteledipele ba losaisai lono lo lo tlhaselang ba tsamayang ka one, ke o o motsopodia e le gore ba kgone go tshwara ditshedinyana tse ba di tsomang. Fa baeteledipele bano ba simolola go okaoka ba bo ba ema ka ba sa kgone go dupa kwa ditshedinyana di leng teng, ditshoswane tsotlhe tse di tlang kafa morago di simolola go tsamaya ka mokgwa ono. Ditshoswane tse di tlang kafa morago di fitlha di kgotlhagana le tse di fa pele ga tsone mme seno se dira gore di tsamaye ka mokgwa o o motsopodia.

Mophato wa ditshoswane tseno o nna o tshwaregile ka lobaka lwa malatsi a le 36, o tswa letsholo malatsi a le 16 mme morago ga moo, o bo o nna fela o sa dire sepe malatsi a le 20 e leng nako e ka yone tshoswane e e di etelelang pele e beelang mae. Morago ga moo, tlala e dira gore mophato wa ditshoswane tseno o tsene gape mo loetong lwa tsone. Fa di le mo loetong lwa tsone di le bophara jwa dimetara di le 10, kafa matlhakoreng a tsone go na le digokgo, diphepheng, dikhukhwana, digwagwa le bokgantlapane ba ba di tshabang mme batshabi bano ba salwa morago ke dinonyane tse di ba jang tse go bonalang di sa je ditshoswane.

Ditshoswane tseno tse Baebele e di tlhalosang di le “botlhale ka tlholego” mo go Diane 30:24, 25, ke dilo dingwe tse di gakgamatsang tsa popo.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Setlhogo seno se tlotla ka mofuta wa ditshoswane o o bidiwang Eciton tsa kwa Amerika Bogare le Amerika Borwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Mophato wa ditshoswane

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Frederick D. Atwood

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Di aga legora ka go kopanya maoto a tsone

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Tim Brown/www.infiniteworld.org

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela