Dipokano tsa Bokeresete Di Ka Nthusa ka Eng?
“Ga ke dumele gore dikereke di thusa motho gore a tswelele pele semoyeng. Ke raya gore, go tswa mo mothong gore a o batla go nna motho wa semoya kana nnyaa.”—Kevin wa dingwaga tse 19.
KEVIN o nepile mo dintlheng di le dintsi. Eleruri go ikaegile ka motho yo mongwe le yo mongwe gore a itlhophele gore “a o batla go nna motho wa semoya kana nnyaa.” Mme lefa go ntse jalo ereka o bala setlhogo seno jaana, seno se raya gore bobotlana o batla go nna motho wa semoya. Lefa go ntse jalo, o ka nna wa bo o sa tlhomamisege gore motho wa semoya ke eng kana gore o ka nna jang motho yo o ntseng jalo.
Ka mafoko a a bonolo go a tlhaloganya, motho wa semoya ke motho yo o dirang gore dikakanyo tsa gagwe, kafa a lebang dilo ka gone, le ditiro tsa gagwe di kaelwe ke Modimo Mogodimodimo, ebong Jehofa. O akanya ka Mmopi wa gagwe fa a dira diphetso letsatsi le letsatsi, fa a itlhomela mekgele, kana a tlhaola dilo tseo eleng tsa botlhokwa mo botshelong. Ka mafoko a mangwe, motho wa semoya o kaelwa ke Modimo.
Jaaka fa o le mo dingwageng tsa bolesome jaana, o ka nna wa fitlhela gore “go tlhobaela go go bakwang ke tsamaiso eno ya dilo” go ka nna ga kgoreletsa kgolo ya gago ya semoya. (Mathaio 13:22, NW) Lebaka la go bo o tshwanela go nna letsatsi lotlhe le bao o tsenang sekolo nabo bao ba ka nnang ba bo ba ‘sekametse mo go direng bosula ka dinako tsotlhe’ le gone go ka nna ga kgoba marapo. (Genesise 6:5, NW) Bangwe ba ka nna ba bo ba ‘sotla mme ba bua se se bosula,’ ba dira gore o ketefalelwe ke go tlhoma mogopolo mo go seo se siameng. (Pesalema 73:8) Gape fa e le gore batsadi ba gago kana maloko a mangwe a lelapa ga ba mo tumelong e le nngwe fela le wena, ba ka go kgothatsa go sekae fela semoyeng, fa e le gore gone ba a go kgothatsa tota. Ke eng seo o ka se dirang gore o lwantshane le ditlhotlheletso tseno tse di bosula mme o gole semoyeng?
Sengwe seo o ka se dirang ke gore o nne gone ka metlha kwa dipokanong tseo di tsenelang kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Go farologana le ditirelo tsa dikereke, dipokano tseo di tsenelang koo di go kgothaletsa gore o latelele “poifomodimo e le one mokgele wa gago” gape di go thusa go gola go tswa mo boemong jwa bosea jwa semoya go fitlha mo boemong jwa go nna monna yo o godileng wa semoya.—1 Timotheo 4:7, NW; Baefesia 4:13, 14.
Dipokano Tseo Di go Thusang Gore O Ithute
Mo diphuthegong tse di fetang 63 000 go ralala lefatshe, Basupi ba ga Jehofa ba latela kgakololo ya Bibela ya go “phutha batho, banna le basadi, le banyana . . . gore ba utlwè, le gore ba ithutè.” (Duteronome 31:12) Ka jalo o tla fitlhela batho ba basha jaaka wena ba le bantsi mo gare ga Basupi.
Basupi ba ga Jehofa go dikologa lefatshe lotlhe ba na le thulaganyo e e tshwanang eo ba rutang ka yone. Thulaganyo eno e dirilwe ka dipokano tse tlhano tsa beke le beke, nngwe le nngwe ya tsone e tsaya nako e e ka nnang boleele jwa ura e le nngwe fela. Dipokano tseno tse tlhano ke:
Pokano ya Phatlalatsa—polelo e e theilweng mo Bibeleng e e tlhalosang setlhogo sengwe sa Bibela.
Thuto ya Tora ya Tebelo—thuto e e boteng ya dilo tse di rutiwang mo Bibeleng go dirisiwa makasine wa Tora ya Tebelo, eo e leng yone kgatiso ya konokono ya Basupi ba ga Jehofa.
Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo—se ruta mekgwa ya go bua ka botswerere eo e ka dirisiwang mo bodihedi jwa Bokeresete.
Pokano ya Tirelo—e na le dipuisano le dipontsho tsa mekgwa ya go ruta e e nang le matswela eo e ka dirisiwang mo bodiheding jwa ka ntlo le ntlo le mo dithutong tsa Bibela.
Thuto ya Buka ya Phuthego—motlotlo wa dipotso le dikarabo o o dirwang ka ditlhopha tse dipotlana go dirisiwa kgatiso nngwe e e thusang mo go ithuteng Bibela—mme gantsi e direlwa mo magaeng a batho.
Dithulaganyo tsa go ithuta tseo di leng gone kwa dipokanong tseno di ka go thusa gore o ithute “dilō tse di boteñ tsa Modimo.” (1 Bakorintha 2:10; Diane 2:5) Lefa go ntse jalo, go na le melemo e mengwe gape eo o ka e bonang ka go nna gone kwa dipokanong tseno.
“Fela Jaaka Tshipi E Lootsa Tshipi”
“Go motlhofo go nna Mokeresete fa o le mo gare ga batho bao le bone ba direlang Modimo,” go bolela jalo Michelle wa dingwaga tse 15. “Mme lefa go ntse jalo fa o ya kwa sekolong, go nna bokete le go feta ka gonne balekane ba gago ba sekolo ba na le ditekanyetso le mekgele tseo di farologaneng le tsa gago.” Jalo he, molemo o mongwe wa go nna gone kwa dipokanong ke gore o tla nna le tshono ya go kopanela le badumedi ka wena.
Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a bolela jaana: “Fela jaaka tshipi e lootsa tshipi, motho yo mongwe o lootsa jalo kitso ya yo mongwe.” (Diane 27:17, The New English Bible) Ka dinako tse dingwe, “kitso” ya rona ya semoya, ke gore, kitso le temogo eo re nang le yone kaga dilo tsa semoya, di tlhoka go loodiwa. Mme lefa go ntse jalo fela jaaka fa go lootsa thipa ya mmatota go tlhoka botswerere ebile go tlhoka gore go dirisiwe didirisiwa tse di tshwanetseng, fela jalo o tshwanetse wa kopanela le batho ba ba tshwanetseng, bao ba ka kgonang gore ba go “abèlè nèō ñwe ea semōea.”—Baroma 1:11.
Kwa Holong ya Bogosi, o tla fitlhela batho ba ba ntseng jalo, e le batho ba ba fetafetanang ka dingwaga, e le ba ditso tse di farologaneng, mme ba tswa mo merafeng e e farologaneng. Go a utlwala gore o ka nna wa iphitlhela o ya le dithaka tsa gago. Lefa go ntse jalo, ela tlhoko segolobogolo batho bao ba setseng ba na le dingwaga tse dintsi ba direla Jehofa ka boikanyegi. (Lefitiko 19:32) Boitemogelo jwa bone mo botshelong mmogo le kitso ya bone e e boteng ka Bibela di ka go thusa thata. O ka itse jang batho ba ba ntseng jalo? Leka go ba botsa dipotso, tse di jaaka gore, ‘O tsene jang mo boammaaruring?’ kana, ‘Tirelo ya tshimo e ne e ntse jang fa o ne o sa le mosha?’ Eleruri ba ka go abela dineo dingwe tsa semoya!
Ke boammaaruri, fa o bua le ba bangwe mo phuthegong, o ka nna wa simolola o ikutlwa jaaka Craig wa dingwaga tse 12 a ne a ikutlwa, yo o bolelang jaana: “Ke kile ka bo ke tshaba go bua le bagolo. Ke ne ke akanya gore fa ke ne ke ka bua sengwe se se phoso, ke ne ke tla kgalemelwa.” Jaanong Craig o itse gore go ne go sena lebaka le le utlwalang la gore a ikutlwe jalo. O tlhalosa jaana, “jaanong ke kgona go bua le bone ke phuthologile.” Ke ka ntlha yang fa o sa dire boiteko jo bo tshwanang le joo gore o itsalanye le batho ba ba godileng semoyeng ba ba mo phuthegong? Fa o ka dira jalo o tla nna le tshono e e botlhokwa thata ya gore o lebelele Bakeresete ba ba godileng bano o bo o ba etse.—2 Bathesalonia 3:9.
“Loleme Loa Ba Ba Rutegileñ”
Karolo e nngwe eo o tshwanetseng wa dira kgatelopele mo go yone e akaretsa kgono ya gago ya go ruta. Ka sekai, a o kgona go bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Bibela ka phepafalo? A o kgona go gapa kgatlhego ya bareetsi? A o itse kafa o ka dirang ka gone gore tsela eo o balang ka yone e nne le bokao jwa mmatota? Moperofeti Isaia o ne a re: “Morèna Modimo o nneile loleme loa ba ba rutegileñ.” (Isaia 50:4) Mme ka ntlha ya go thapisiwa, le wena o ka nna le loleme lwa ba ba rutegileng. Go na le pokano nngwe eo eleng yone segolobogolo e ka go solegelang molemo mo ntlheng eno: Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo. A o setse o ikwadisitse mo sekolong seno?
Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo se diretswe go laya Bakeresete malebana le kafa ba ka buang le ba bangwe ka gone. Ga se tsenwe ke ba ba nang le dingwaga tse di rileng fela, ebile ga go tlhokafale gore o bo o kolobeditswe gore o nne mo go sone. Lefa go ntse jalo, o tshwanetse wa bo o itse go bala le go kwala, o kopanela ka tlhagafalo le phuthego, mme ebile o tshela botshelo jo bo tsamaelanang le melaometheo ya Bokeresete. Go diragalang mo sekolong seno sa bolegodimo?
Fa o sena go ikwadisa mo go sone, o tla abelwa gore o neele polelo e khutshwane ka setlhogo sengwe se se rileng se se tswang mo Dikwalong. Dira ka natla fa o baakanyetsa polelo ya gago. Ka sekai, gantsi o ka bona tshedimosetso e e oketsegileng kaga setlhogo sa polelo ya gago ka go batlisisa mo dikgatisong tsa Bibela o dirisa Watch Tower Publications Indexes le ka go tlhatlhoba saetlopedia ya Bibela e go tweng Insight on the Scriptures.a Fa o tlhoka thuso mo kgannyeng eno, kopa batsadi ba gago kana Mokeresete mongwe yo o nang le boitemogelo gore a go thuse. Patlisiso eo o e dirang e tla tlatseletsa go le gontsi mo polelong ya gago mme gape e tla dira gore o gole semoyeng.—Diane 2:1-5.
Fa o neela polelo o le fa pele ga phuthego, modihedi yo o tshwanelegang yo o tsamaisang sekolo o tla bo a reeditse ka kelotlhoko. Fa o sena go neela polelo ya gago, o tla go neela kgothatso le kgakololo tse di tshwanelang tse di theilweng mo tshedimosetsong eo e fitlhelwang go Theocratic Ministry School Guidebook, eleng kgatiso e e diretsweng go thusa dibui tsa phatlalatsa. Reetsa kgakololo ya gagwe ka kelotlhoko. Maikaelelo a gagwe ga se gore o batla go go tshwaya diphoso kana go go tlhabisa ditlhong. O go neela dikakantsho gore di go tswe thuso. Fa o “tswelela o dira ka natla mo go baleng ga gago fa pele ga batho,” kgatelopele ya gago ya semoya e tla “bonatshega mo bathong botlhe.”—1 Timotheo 4:13-15, NW.
‘Baka Jehofa ka Dipounama tsa Gago’
Tsela e nngwe eo o ka golang semoyeng ka yone kwa dipokanong tsa Bokeresete ke gore o ithaopele go arabela kana go akgela fa go kopiwa gore bareetsi ba tseye karolo. Selo sa botlhokwa ke go baakanyetsa go sale nako.b Mme lefa go ntse jalo gongwe o go fitlhela go le bokete go akgela le eleng le fa o ile wa baakanyetsa pokano. Mo makgetlong a a ntseng jalo, kopa Jehofa gore a go thuse. Kgosi Dafide o ne a rapela jaana: “Yehofa, bula dipounama tsa me; me molomo oa me o tla bolèla pakō ea gago.”— Pesalema 51:15.
Gakologelwa: Gore karabo e nne e e agang ba bangwe ga go tlhokafale gore e bo e le telele kana e raraane. Jaaka Rachel wa dingwaga tse 12 a bolela: “Go na le gore o neele kakgelo e teleletelele, o ka nna wa akgela ka polelwana e le nngwe fela fela.” Kwa tshimologong, go akgela kwa dipokanong go ka lebega go le bokete, mme ebile o ka nna wa kopa thuso, mme le fa go ntse jalo e tla re fa nako e ntse e tsamaya, o tla ikutlwa jaaka Rachel a ne a ikutlwa. O tlhalosa jaana: “Fa o neela kakgelo ka bowena fela totatota e a bo e le ya gago, ebile o ikutlwa o le motlotlo ka yone.” Mo godimo ga moo, o tla gola semoyeng ka ntlha ya maiteko a gago.
Ga go motlhofo go nna motho yo o nang le mogopolo wa semoya mo lefatsheng la gompieno le le tletseng bopelotshetlha. Mme lefa go ntse jalo fa o nna gone kwa dipokanong ka metlha, o baakanyetsa ka botlalo, o tsaya karolo mo go tsone, mme o dira boiteko jwa gore o itsalanye le batho ba ba godileng, dipokano tsa Bokeresete eleruri di tla go thusa gore o gole semoyeng.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a E gatisiwa ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kafa o ka baakanyetsang dipokano ka gone mmogo le go nna le seabe mo go tsone, bona Awake! ya June 22, 1988, ditsebe 11-13.
[Ditshwantsho mo go tsebe 21]
Sekolo sa Tirelo ya Bolegodimo se ile sa thapisa basha ba le diketekete gore e nne barutisi ba ba nang le bokgoni ba Lefoko la Modimo