Kgopolo E E mo Bibeleng
A Modimo Ke Masaitsiweng?
“Masaitsiweng ke eng? Fa re bua ka kakaretso fela, masaitsiweng ke boammaaruri jo ka tlholego go seng motlhofo go ka bo tlhaloganya kana go bo tshegetsa ka bosupi. . . . Masaitsiweng a bodumedi one ke eng? Ke bongwe jwa boammaaruri jwa Modimo jo re patelesegang gore re bo dumele, le mororo re se kake ra bo tlhaloganya kana ra bo tshegetsa ka bosupi. Masaitsiweng a konokono a bodumedi ke afe? Masaitsiweng ao ke Tharonngwe E E Boitshepo, Gore Jesu E Ne Ebile Gape E le Modimo ka Nako E le Nngwe, le Poloko.”—Abrégé de l’exposition de la doctrine chrétienne, 1901 (Tlhaloso E E Khutshwafaditsweng ya Thuto ya Bokeresete)
SE SE fa godimo ke kakaretso e e neng ya dirwa ke buka nngwe e e kwadilweng mo tshimologong ya lekgolo la bo 20 la dingwaga mabapi le mogopolo wa Kereke ya Roma Katoliki ka masaitsiweng. Mo godimo ga moo, buka e e gatisitsweng bosheng jaana ya Guide des difficultés de la foi catholique (Buka E E go Thusang go Tlhaloganya Mathata a Tumelo ya Katoliki, 1989) e bontsha gore dintlha tseo tsa thuto ya bodumedi di santse di tsewa tsia ka go bega jaana: “Se se dirang gore Mokeresete a dumele gore go na le palo e e rileng ya masaitsiweng e e mo Lenaneong la Dilo tsa bodumedi tsa Motheo tseo a di Dumelang ga se fela ka go bo ka boene a kgatlhilwe ke go dumela dilo dingwe tse di leng teng tse di fitlhegileng. Fa a di dumela, seo se a bo se itshetlegile ka Lefoko la Modimo fela.” Mme lefa go ntse jalo gone “Lefoko la Modimo” lone le a reng? A Modimo ke masaitsweng?
A Re Ka Itse Sengwe le Sengwe ka Modimo?
Bibela e re neela ditlhaloso tse dintsi kaga Modimo jaaka Motho, kaga dinonofo tse o nang le tsone le kafa a dirisanang ka teng le setho. Mme gape e re tlhalosetsa gore botlhale jwa gagwe le tllhaloganyo ya gagwe di dikgolo thatathata mo motho a ka se kang a di tlhaloganya. Ka jalo, ke sone se moperofeti Isaia a reng ditsela le dikakanyo tsa Modimo di kwa godimo thata ga tsa motho.—Isaia 55:8, 9.
Go bo go ka se ka ga kgonega gore re itse sengwe le sengwe ka Modimo ga go a tshwanela go re gakgamatsa. Ka sekai, le mororo kitso ya rona kaga lobopo e ntse e oketsega e sa kgaotse, baitseanape ba dumela gore gongwe ga ba kitla ba bo ba tsamaya ba tlhaloganya ka botlalo masaitsiweng a dilo tse di bonnye kgotsa tse di bogolo jo bo senang jaaka bo ka kaiwa. Ka jalo he go ne go ka diragala jang gore sebopiwa sepe fela se tlhaloganye boteng jwa botlhale jwa Modimo ka botlalo, ene yo eleng Mmopi? Jobe o ne a ipolelela Jehofa jaana: ‘Ke ne ke sa tlhaloganye dilo tseo e leng kgakgamatso e kgolo mo go nna, tse ke neng ke sa di itse.’ (Yobe 42:3; bapisa Baroma 11:33.) Ka jalo, go nna le kitso e e tletseng ka Modimo, mo mabakeng a mangwe, ke selo se segolo thata go gaisa kafa re ka tlhaloganyang ka teng. Lefa go le jalo, go na le go tshegetsa mabaka a a motlhofo a a tlhokomedisiwang fano, dithuto tsa dikereke di le dintsi di feteletsa dilo.
A Masaitsiweng Ano a Bontsi Jo Bo Sa Tlhokafaleng?
Saetlopedia e e gatisitsweng bosheng jaana ya Katoliki e go tweng Théo e a re: “Mo dithutong tse kereke e di rutang, lefoko masaitsweng le ka nna la dirisiwa go bontsha kafa Modimo a ntseng a itshenola ka teng, ka sekai, fa go buiwa ka go nna gone ga gagwe jaaka tharonngwe.” Fela jaaka go ntse mo dibukeng tse dingwe tsa thuto ya bodumedi, mogopolo o ba batlang go o tlhalosa ka phepafalo fano ke wa gore ‘ereka go itse Modimo e le masaitsiweng a go senang gore a ka tilwa jang, ga go a tshwanela go re gakgamatsa go bo Modimo e le Tharonngwe gape le go bo Tharonngwe eo e le masaitsweng.’ A mme go akanya ka tsela e e ntseng jalo go na le mabaka?
Selo sa ntlha, dibuka di le dintsi di dumela gore, jaaka go dirwa jalo ke ya The New Encyclopædia Britannica, gore “go le lefoko Tharonngwe, kana tlhaloso e e leng malebana le thuto eno, ga e fitlhelwe mo Tesetamenteng e Ntšha.” Mo godimo ga moo, hisitori e bontsha gore thuto eno e ne ya kopakopanya dithuto le megopolo go tswa matlhajaneng a boheitane ao a ileng a tsenngwa mo dilong tsa motheo tseo di ileng tsa dumelwa ke kereke masomesome a dingwaga morago ga baaposetoloi ba sena go tlhokafala. Ka jalo, ga go na bosupi jo bo papametseng jwa gore masaitsiweng a Tharonngwe a teng mo Bibeleng.a
Akanya ka seno: Ereka go sa kgonege go ka itse sengwe le sengwe ka Modimo, a go ne go tla bo go utlwala gore Jehofa a fitlhe seo tota eleng boammaaruri kaga gagwe? Nnyaa, o eletsa gore batho botlhe ba mo itse. (Yohane 17:3; bapisa Bahebera 8:11.) Gapegape le gore a go ne go tla bo go utlwala gore ba tota ka boammaaruri ba batlang go mo itumedisa ba fitlhe se tota eleng boammaaruri kaga gagwe? Ka sekai: Fa e le gore tsela e le nngwe fela e motho a neng a ka e dirisa go bogela bontle jwa naga e ne e le go e lebelela ka fensetere, a go ne go tla bo go le botlhale ka ene gore a sire fensetere eo, gongwe a re: ‘Go tshwana fela le fa re e sirile ka gonne ga re bone sengwe le sengwe le fa re sa e sira?’ O ne a ka seke! Bibela mmogo le go akanya sentle di bontsha gore kitso ya rona kaga Modimo tota ga e kalokalo ka mabaka a a utlwalang. Mme lefa go le jalo lebaka la go bo re na le kitso e nnyane go le kalo ga go reye gore go siame gore kitso e re nang le yone ka Modimo e fetolwe go nna thuto ya masaitsiweng, a a ntseng jaaka Tharonngwe, eo sa yone e leng go re tlhakanya tlhogo fela malebana le ene.
Masaitsiweng—A Boheitane le a Bokeresete
Mo godimo ga moo, lefoko “masaitsiweng” mo le fitlhelwang teng mo Dikwalong, ga le na bokao jwa gore ke “kitso e e fitlhegileng,” jaaka fa bontsi bo le tlhaloganya. Fela jaaka Théo e re gakolola jaana ka tshwanelo: “Fano lefoko masaitsiweng ga le na bokao jo bo tshwanang. Mo Bakereseteng le raya sengwe se eleng gore ka tlwaelo fela se fitlhegile kgotsa ga se ke se fitlhelelwa, mme e le se Modimo o batlang go se ba bolelela . . . le gore se ba diragalele.”
Lefoko la Segerika eleng my·steʹri·on (“masaitsiweng,” kgotsa “sephiri se se boitshepo”) le ne la dirisiwa makgetlo a le 20 ke moaposetoloi Paulo a tlhalosa bokao bongwe jo bo rileng. O ne a le dirisa mabapi le sephiri sengwe se se boitshepo se se saleng se fitlhilwe bogologolo se jaanong Modimo a ileng a se senola fa O ne o romela Jesu mo lefatsheng. Jesu Keresete, yo eleng ene Mmoloki wa setho, e ne e le ene karolo ya konokono ya “losika” lo lo neng lo solofeditswe ke Modimo loo o neng o tla lo dirisa go tla go rekolola setho, Ene yo ‘ka ene merafe yotlhe ya lefatshe e neng e tla segofadiwa’ ebile e le ene yo gape a neng a tla nna le baruaboswa ka ene kwa legodimong. (Genesise 3:15; 22:18; Baroma 8:17) Dilo tseno tse di neng di fitlhegile, kgotsa masaitsiweng, di ne di fitlhetswe batlhanka ba Modimo ba pele ga Bokeresete mme lefa go ntse jalo Jehofa o ne a di senola ka nako e eleng yone. (Baefesia 1:9; Bakolosa 1:26) Se se itumedisang ke gore, kitso eno ga e a beelwa ba sekae fela ba ba tlhophilweng—jaaka go ntse ka masaitsiweng a bodumedi mo go dingwe tsa ditumelo tsa teng—mme go na le moo e tshwanetse ya itsisiwe batho ba le bantsi ka mo go ka kgonagalang ka gone.—Baefesia 6:19, 20.
Go Obamela Modimo ka Boammaaruri
Bibela e na le tshedimosetso e e lekaneng gore re kgone go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang. Go na le go ruta Tharonngwe, e supa ka papamalo kafa Jehofa eleng mogodimodimo ka teng le boemo jwa ga Jesu jo bo kwa tlase ga jwa gagwe. Ka sekai, Jesu o ne a re: “Rara o mogolo bogolo go nna.” (Yohane 14:28; 1 Bakorintha 15:28) Bibela gape e tlhalosa gore moya o o boitshepo wa Modimo ke maatla a gagwe a a dirang, a a kaelang batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang.—Ditihō 2:1-4.
Ka nako ya fa Jesu a ne a bua le mosadi mongwe wa Mosamaria, o ne a bontsha gore motho a itumedise Modimo, o tshwanetse go O obamela ka “Mōea le ka boamarure.” O ne a tlatsa ka gore “gonne Rara o batla ba ba nntseñ yalo go nna baobamedi ba gagwè.” (Yohane 4:21-24) Go mo go mongwe le mongwe wa rona gore re batle kitso eno e e tlhomameng e e tla re leretseng masego fa re ikanya Lefoko la Modimo go na le go dumela mo dingwaong tse di itiretsweng ke motho, tsa masaitsiweng tseo di lo faposang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona boroutšhara ya A O Tshwanetse wa Dumela Tharonngwe?, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, 1989.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]
All rights reserved