LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 1/8 ts. 31-32
  • Go ya Bomang Kwa Legodimong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go ya Bomang Kwa Legodimong?
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba ba sa Yang Legodimong
  • Jesu O ne A Bula Tsela
  • Bogosi Jwa Selegodimo
  • Batho ba ba Tlhophilweng ba ba Tla Busang
  • A Batho Botlhe ba ba Siameng Ba ya Kwa Legodimong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • A Bakeresete Botlhe ba ba Ikanyegang ba ya Kwa Legodimong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Baebele e re Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 1/8 ts. 31-32

Kgopolo E E mo Bibeleng

Go ya Bomang Kwa Legodimong?

BOMO ya dirukhutlhi e phatlola sefofane se se neng se fofa mme ga swa batho botlhe ba ba neng ba le mo go sone. Morago ga tiragalo eo, bamasika a baswi ba ba utlwileng botlhoko ba gomodiwa ka gore baratiwa bano ba bone jaanong ba tseetswe legodimong, jaaka e kete e ne e le yone tuelo e ba duetsweng ka yone fa ba sena go swa jalo ka tshoganetso le ka tsela e e botlhoko.

Seopedi se se tumileng thata se a swa, mme go bolelwa gore se ‘letsa terompeta le baengele kwa legodimong.’

Bana ba ba iseng ba tshele matshelo a bone otlhe ba bolawa ke bolwetsi, leuba kana dikotsi mme moruti o bolela gore jaanong ba itumelela botshelo kwa legodimong, gongwe e bile e le baengele!

A Modimo o a bo o baakanya go siamololelwa ga bana le bagolo ka go ba itseela botlhe gore ba ye go tshela kwa legodimong ka kagiso? A Modimo o boloka batho ba ba molemo le ba ba tlotlegang ka go ba tseela kwa legodimong? Baebele yone ya reng?

Ba ba sa Yang Legodimong

Baebele e tlhalosa dilo ka tlhamalalo: “Kgotsa a ga lo itse fa ba ba sa siamang ba se ketla ba rua bogosi jwa Modimo?” (1 Bakorintha 6:9) Lefa go ntse jalo, Baebele gape e bua ka batho ba le bantsi ba ba siameng le ba ba diretsweng dilo tse di sa siamang ba ba se ketlang ba ya legodimong.

Jesu ka boene o ne a bua jaana ka Johane Mokolobetsi yo o neng a tloga a bolaelwa tumelo ya gagwe: “Ammaaruri ke a lo raya ka re: Mo go ba ba tsetsweng ke basadi ga go a tsoga ope yo mogolo go feta Johane Mokolobetsi; le fa go ntse jalo, yo o leng mmotlana mo bogosing jwa legodimo o mogolo bogolo go ene.” (Mathaio 11:11) Basimane botlhe ba dingwaga tse pedi le kwa tlase ba ne ba bolawa setlhogo ke Kgosi Herode kwa Bethelehema le kwa kgaolong yotlhe ya teng fa a ne a dira maiteko a go bolaya ngwana Jesu. (Mathaio 2:16) Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a re: “Ga go a tlhatlogela [monna, mosadi kana ngwana] ope kwa legodimong, fa e se ene yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa Motho [Jesu] yo o kwa legodimong.” (Johane 3:13) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a se ka a re batho bano ba ba diretsweng dilo tse di sa siamang ba tlhatlogetse legodimong?

Jesu O ne A Bula Tsela

Jesu o ne a re ke ene “tsela, le boammaaruri, le botshelo” mme moaposetoloi Paulo o ne a re ke “lebutswapele la ba ba robetseng.” (Johane 14:6; 1 Bakorinthe 15:20) Ka ntlha ya seno, ga go ope yo o neng a mo ela pele kwa legodimong. Lefa go ntse jalo, a e ne ya re fa Jesu a sena go tlhatlogela legodimong malatsi a le 40 morago ga go tsoga mo baswing, a o ne a latelwa ke banna ba tumelo ba ba neng ba setse ba sule ka nako eo? Malatsi a le lesome morago ga moo, moaposetoloi Petere o ne a bua jaana ka Kgosi Dafide a re “o ne a swa a ba a fitlhwa, le sefikantswe sa gagwe re na naso le gompieno. . . . Gonne Dafite ga a ka a tlhatlogela magodimong.”—Ditiro 2:29, 34.

Ka gone, batho ga ba ye legodimong fela ka gonne ba duelelwa bosetlhogo jo ba bo diretsweng kana go duelelwa go ikanyega ga bone ka namana. Go na le moo, ke tsela e ka yone go phuthiwang palo ya batho ba ba tla nnang babusi ba puso ba selegodimo ba ba emelang batho ba ba kaelwang ke Keresete ba ba tloditsweng ka moya o o boitshepo.—Baroma 8:15-17; Tshenolo 14:1-3.

Bogosi Jwa Selegodimo

Jesu o ne a re bogosi jwa gagwe kana puso ya gagwe ke “bogosi jwa legodimo” kana ‘bogosi jwa Modimo.’ (Mathaio 5:3, 20; Luke 7:28) Ga go tlhokege gore batho ba bantsi ba akarediwe mo setlhopheng seno se se tla busang. Ke gone ka moo Jesu a ileng a se bitsa “letsomanyane.” (Luke 12:32) Mo puong ya ntlhantlha e go neng ga kwalwa karolo eno ya Baebele ka yone, lefoko ‘nnye’ (mi·krosʹ) ke lelatodi la lefoko kgolo (meʹgas), mme tsela e le dirisitsweng ka yone mo go Luke 12:32 e lebisitswe go palo e e potlana. Ka gone, palo ya ba ba dirang “bogosi jwa legodimo” e lekanyeditswe. Ka sekai: Fa o ne o ka kopiwa gore o tshele metsinyana a mannye mo galaseng, o ne o se ketla o e tlatsa thata. Ka jalo, “letsomanyane” le lone e ka se nne batho ba bantsi thata. Mo Bogosing jwa Modimo go tla busa fela palo e e lekanyeditsweng (‘e nnye’) ya ba ba tla busang le Keresete.

Tota palo ya babusi bano, 144 000 e ne ya senolelwa moaposetoloi Johane. (Tshenolo 14:1, 4) Mo dikarolong tse di simololang tsa Tshenolo bone batho bano ba bolelwa e le ‘batho ba ditso tsotlhe, le ba dipuo tsotlhe, le ba batho botlhe, le ba merafe yotlhe gore ba nne bogosi jwa Modimo le baperesiti ba one,’ mme ba buse lefatshe e le dikgosi kwa legodimong. (Tshenolo 5:9, 10) Setlhopha seno se se tla busang le Jesu Keresete ke sone Bogosi jo o neng a ruta balatedi ba gagwe go bo rapelela. Mme gape, ke jone jo bo tlileng go fedisa tsela e e sa siamang e lefatshe le busiwang ka yone, mme ka gone, bo tla dira gore legae la motho, lefatshe, le agiwe ka tshiamo le kagiso le gore baagi ba lone ba tshele ba itekanetse ka bosakhutleng.—Pesalema 37:29; Mathaio 6:9, 10.

Batho ba ba Tlhophilweng ba ba Tla Busang

E re ka dipuso tsa batho tse Bogosi jono bo tlileng go di tseela sebaka di dira ditiro tse dintsi tse di bosula, a ga go boammaaruri gore batho ba ba tla nnang mo pusong ya selegodimo ba tshwanelwa ke go tlhophiwa ka kelotlhoko le go lekwa pele ke Modimo? Maemo a batho ba leng mo go one gompieno a ka tshwantshiwa le a bapalami ba sefofane se segolo se se senyegileng se se fofang ka nako ya fa maemo a bosa a sa itumedise. Mo maemong a a tshosang ao, a o ne o tla batla go thusiwa ke badiri ba mo difofaneng ba ba santseng ba le basha ba ba senang maitemogelo? Legoka! Maemo ao a tlhoka gore go romelwe setlhopha se se tlhophilweng ka kelotlhoko go gagamaditswe melao.

Malebana le batho ba ba tla dirang le Keresete Jesu kwa legodimong, re namediwa ke go itse gore “Modimo o beile ditokololo, nngwe le nngwe ya tsone mo mmeleng fela ka fa go kgatlhileng one ka teng.” (1 Bakorinthe 12:18) Motho ga a nne karolo ya Bogosi jono ka gonne a eletsa kana ka gonne a gwalalela go bona maemo ao. (Mathaio 20:20-23) Modimo o tlhomile melao e e maleba ya tumelo le tsela ya go tshela e le gore ba ba sa tshwanelang ba se ka ba akarediwa. (Johane 6:44; Baefeso 5:5) Mafoko a ga Jesu a a simololang Thero ya gagwe ya kwa Thabeng a supa gore batho ba ba tla busang le Keresete ba tshwanetse go itshupa gore ke batho ba semoya, ba ba boikokobetso, ba rata tshiamo, ba le pelonomi, ba na le dipelo tse di itshekileng e bile ba rata kagiso.—Mathaio 5:3-9; bona gape le Tshenolo 2:10.

Selo se se itumedisang ke gore, le mororo Modimo o sa tlhophela batho ba bangwe ba bantsi go nna babusi ba selegodimo, ga a ba tlogela fela ba sena tsholofelo. Ba tla rua lefatshe leno le lentle e bile ba tla itumelela melemo ya puso eno ya bomodimo. Batho ba ba nang le nako e telele ba sule ka ntlha ya bosetlhogo jwa nako e e fetileng ba tla boa ba tshela gape gore le bone ba tle go tshela le ba ba tla falolang ba bo ba bona Bogosi jwa Modimo bo ‘tla’ ka botlalo. Tsholofetso eno e tla diragadiwa: “Bathokgami ba tlaa aga mo lefatsheng, le baitekanedi ba tlaa sala ba ntse ruri mo go lone.”—Mathaio 6:9, 10; Diane 2:21; Ditiro 24:15.

Fa e kare morago ga o sena go bala makasine ono, o bo o nna le dipotso dipe go tswa mo Bibeleng, tsweetswee o se ka wa tshaba go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la lona, kana o kwalele bagatisi ba makasine ono. (Bona tsebe 5.)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela