LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 5/8 ts. 17-18
  • Go Sekaseka Botshelo le Lefelo la ga Raserame

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Sekaseka Botshelo le Lefelo la ga Raserame
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsa Bodumedi
  • Hisitori ya Bogologolo ya Batho le Baebele
  • Go Senka Tshimologo
  • Lesedinyana ka Masaitseweng a ga Raserame
    Tsogang!—1995
  • Setopo se se Omeleditsweng ke Serame
    Tsogang!—1995
  • Bodumedi—Bo Simologile Jang?
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • Mafofa—A Dirilwe ka Tsela e e Gakgamatsang
    Tsogang!—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 5/8 ts. 17-18

Go Sekaseka Botshelo le Lefelo la ga Raserame

ARE boeleng gape kwa go Ötzi. A e ne e le motho yo o sa tlhabologang, seeleele, motho yo e seng wa sepe yo o neng a sa kgatlhegele dilo tse dintle? Didirisiwa, dibolao le diaparo tsa gagwe di senola eng?

Dibolao tsa ga Ötzi di senola gore e ne e le setswerere mo go huleng. Metsu ya gagwe e mebedi e e neng e siametse go ka dirisiwa e ne e na le diphuka mo mokgothing. Diphuka tseno di ne di kgomareditswe ka go phekamisiwa sentle gore motsu o kgone go dikologa fa o kolopilwe mo go neng go dira gore o tlhamalale sentle fa o kolopilwe bokgakala jwa dimmetara di ka nna 30. Diaparo tsa gagwe tsa letlalo (matlalo a diphologolo tse di farologaneng) di re lemotsha sengwe ka kapari ya nako eo. Gompieno re aparela diaparo go tsamaelana le dilo dingwe tse di supang bontle jwa tlhago e seng go ipipa fela ka tsone. Go tweng ka motlha wa ga Ötzi? Makasine wa Time o tlhalosa jaana malebana le dilo tse di neng tsa ribololwa: “Seaparo sa teng se ne se rokagantswe ka botswerere ka ditlhale tsa tshika kana faeba ya dimela se le dibatabata.” Dikarolwana tsa sone le tsela e di rokilweng ka yone di ne di dira gore se nne “dibatabata,” go rialo buka ya Der Mann im Eis (Monna mo Serameng). Mo godimo ga seaparonyana se sekhutshwane sa kwa teng, Raserame o ne a apere “seaparo se se logilweng sa tlhaga se se neng se kgona go mo sireletsa mo serameng se ka nako ya fa a ikhutsitse se neng se ka nna ‘materase’ gore a se ka a kokonelwa fa a robetse fa fatshe.”—Focus.

Gape go ne ga lemogiwa gore didirisiwa tsa gagwe di ne di “dirilwe ka tsela e e tlhabologileng ka tsela e go neng go sa solofelwa ka yone,” Time e akgela jalo. Ka sekai, thipa ya gagwe e ne e dirilwe sentle, “kgetsanyana ya yone e logilwe sentle ka dimela.” Ka gone, jaaka fa Giovanni Maria Pace a tlhalosa mo bukeng ya gagwe ya Gli italiani dell’Età della pietra (Mantadiana a Motlha wa Leje), gongwe Raserame o ne a nna mo setšhabeng “se se humileng tota e bile se rata ngwao thata.”

Gape go ne go ka buiwa sengwe ka ditutuntshane tse di fitlhetsweng gaufi le Ötzi. Gongwe o ne a di dirisa go tukisa molelo ka tsone, mme lefa go ntse jalo, baitse ba bolela gore go ka direga thata gore Raserame o ne a di dirisa jaaka dibolayamegare le go ikalafa ka tsone, e le karolo ya se go ka tweng ke bokoso e potlana ya “thuso ya potlako.”

Tsela e a neng a kgatlhegela bontle ka yone, botlhale jwa gagwe, kitso ya gagwe ka tsa kalafi, go thula tshipi, temothuo le botaki—dilo tseno di supa gore batho ba ba neng ba tshela le Raserame e ne e le batho ba ba nang le kitso e bile ba na le bokgoni jwa dilo tse di farologaneng, se se farologanang le tsela e ba tlholang ba bolelwa ka yone. Dr. Lawrence Barfield wa moithutamarope wa Borithane o boletse jaana: “Bontsi jwa rona gompieno ga re na bokgoni jwa dilo tse di farologaneng jo bontsi jwa batho ba mileniamo ya bonè [B.C.E.] ba neng ba na le jone.” Ka sekai, dilo tse ba neng ba di rata di bonala mo ditshwantshong tsa bataki le mo didirisiweng tsa tshipi le tsa letsopa tse ba di dirileng ka diatla tse di epolotsweng mo mabitleng.

Tsa Bodumedi

“Go ya ka dilo tse bakanoki ba di ribolotseng, ga go ise go ko go nne batho bape ka motlha ope, bao e neng e se ba bodumedi ka tsela nngwe,” go rialo The New Encyclopædia Britannica. Fa e bua ka seabe se segolo se bodumedi bo nnileng le sone mo metlheng ya bogologolo, Dizionario delle religioni (Dikišinare ya Bodumedi), ya re, “go ne go dirisiwa dithoto le nonofo e ntsi mo ditirong tsa bodumedi go gaisa mo dilong tse dingwe tsa botshelo tsa letsatsi le letsatsi.”

Go bonala gore mo motlheng wa ga Ötzi, bodumedi e ne e le selo se segolo thata. Mo mafelong a mantsi, go ne ga fitlhelwa mabitla a bogologolo a a supang gore go ne go na le dingwaokobamelo tse di farologaneng le tse di gakgamatsang tsa go fitlha baswi. Gape go ne ga epololwa ditshwantsho di le dintsi tsa mmopa tse di setilweng tse di tshwantshitseng medingwana ya bogologolo ya batho.

Hisitori ya Bogologolo ya Batho le Baebele

Mekgwa ya bogologolo ya tlhabologo e e neng ya ribololwa fa go ne go dirwa dipatlisiso ka nako eo e ne e raraane thata. Ga di dire gore motho a akanye gore e ne e le batho ba ba neng ba sa tlhabologa, ba sotlega ka ntlha ya mathata a mantsi mo ba neng ba ka se ka ba kgona go dira kgatelopele epe e e bonalang go fitlha ba nna setšhaba se se nonofileng sentle. Go ya ka borahisitori, metse ya gone e ne e farologana ka bogolo jwa yone lefa go ntse jalo, e ne e agilwe sentle.

Ntlha eno e utlwala tota mo mothong mongwe le mongwe yo o ithutang Baebele. Buka ya Genesise e supa gore go sa le gale mo hisitoring ya motho—segolobogolo fa batho ba ntse ‘ba phatlalala le lefatshe lotlhe’—ba ne ba ntse ba tlhabologa ka tsela e e raraaneng thata e bile ba ikemela sentle mo ba neng ba supa gore ba botlhale e bile ba itse dilo tsa semoya.—Genesise 11:8, 9.

Baebele e supa gore tota le mo metlheng ya bogologolo thata, batho ba ne ba na le bokgoni jwa go dira dilo tsa tegeniki le tsa botaki tse di jaaka go thula “didirisiwa tsa mefuta yotlhe tsa kgotlho le tshipi.” (Genesise 4:20-22, NW) Go ya ka pego ya Baebele, batho ga ba bolo go nna le keletso e kgolo ya go obamela modimo mongwe. (Genesise 4:3, 4; 5:21-24; 6:8, 9; 8:20; Bahebere 11:27) Le mororo tsela ya motho ya bodumedi e ile ya nna ya senyega fa nako e ntse e ya, motho o santse a “rata bodumedi ka tsela e e ka se kang ya fetoga,” go rialo The New Encyclopædia Britannica.

Go Senka Tshimologo

Le mororo dipatlisiso tsa baithutamarope di sa kgone go araba dipotso tsotlhe kaga go ribololwa ga ga Ötzi, gone mme go re thusitse gore re nne le lesedinyana kaga setšhaba se a neng a tshela le sone—setšhaba se se tlhabologileng thata se se farologaneng gotlhelele le tsela e batho ba go tweng ke ba pele ga motlha wa hisitori ba tlholang ba bolelwa ka yone. Se ne se tlhabologile thata go feta kafa bontsi bo dumelang ka teng.

Sa bofelo, jaaka fa National Geographic e boletse, kwantle ga dintlha tse go ilweng ga konelwa ka tsone ka ntlha ya tebego ya ga Raserame le dilo tse a neng a na le tsone, “mo e ka nnang sengwe le sengwe ka ga gagwe ga se itsiwe ka botlalo fa tse dingwe di fopholediwa fela.” Gone jaanong Ötzi o robetse mo phaposing e e tsididi kwa Innsbruck, kwa Austria fa baitse ba dithuto tse di farologaneng ba le 140 ba ntse ba kgaratlha go rarabolola masaitseweng a mangwe ka Raserame yono yo o fitlhetsweng mo serameng.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Baitse ba ba ganetsanang ba sekaseka setopo sa ga Raserame kwa Innsbruck

[Motswedi wa Setshwantsho]

Foto: Archiv Österreichischer Alpenverein/Innsbruck, S.N.S. Pressebild GmbH

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela