LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 12/8 ts. 31
  • Kwa Keresemose e Simologileng Teng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kwa Keresemose e Simologileng Teng
  • Tsogang!—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ka Ntlha Yang fa Keresemose—E Ratiwa Jaana Kwa Japane?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tshimologo ya Keresemose ya Motlha wa Segompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Lebaka la Go Bo Keresemose E Sa Tshwanela Bakeresete
    Tsogang!—1991
  • A Keresemose ke Moletlo wa Bakeresete?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 12/8 ts. 31

Kwa Keresemose e Simologileng Teng

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA ITALY

MALATSI a le mararo fela pele ga Keresemose ya 1993, Mopapa John Paul II o ne a itsise gore mokete wa Keresemose ga o simologe mo Baebeleng. Malebana le letlha la December 25, mopapa o ne a dumela jaana: “Mo letsatsing leo, baheitane ba bogologolo ba ne ba keteka botsalo jwa ‘Letsatsi Le le Sa Fenngweng’ morago ga setlha sa mariga.” Mme jaanong, Keresemose e simologile jang? Mopapa o ne a tswelela ka go re: “Bakeresete ba ne ba bona go siame e bile go se molato gore ba fetole mokete oo go nna mokete wa ga Jesu Keresete yo e leng ene fela Letsatsi e bile a le boammaaruri.”

“Ka mafoko a mangwe, motho mongwe o ne a itlhamela letlha le e seng lone, a bo a re Jesu o tsetswe ka lone,” Nello Ajello yo e leng mmegadikgang wa La Repubblica o ne a kwala jalo. Ba ile ba le itlhamela leng? Pego nngwe ya dikgang go tswa kwa Vatican e ne ya re: “Keresemose e ne ya ketekiwa la ntlha ka 354 [C.E.].”

Go tweng ka mokete wa Epiphany wa January 6, o e leng segopotso sa go tla ga Banna ba ba Botlhale go tla go bona ngwana Jesu? “Bosupi jo bontsi bo re dira gore re dumele gore fela jaaka December 25 e ile ya fetolwa go nna moletlo wa Baroma wa go keteka botsalo jwa ga Jesu, January 6 le yone e simologile e le moletlo wa seheitene,” pego eo e ne ya tswelela ka go rialo. “Tota e bile, kwa Alexandria, baheitane ba ne ba tlhola ba keteka moletlo wa modimo Aeon (modimo wa metlha le wa bosaenkae) mo bosigong jo bo fa gare ga January 5 le 6. . . . Go bonala fa Kereke e ne ya batla go dira gore moletlo ono o lebege e le wa Bokeresete.”

Jesu ga a ise a ko a laele balatedi ba gagwe go tswakanya kobamelo ya boammaaruri le dingwao tsa seheitene. Go na le moo, o ne a ba laela gore ba rute “dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng.” (Mathaio 28:19, 20; mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Mo godimo ga moo, e ne ya re fa baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe ba mo gwetlha, Jesu o ne a ba botsa jaana: “Ke eng fa lo tlola molao wa Modimo ka ntlha ya meetlo ya lona?” (Mathaio 15:3, New International Version) Go ka tshwanela gore potso eno re e botse batho ba ba ipitsang Bakeresete bao gompieno ba kgothaletsang dingwao tsa seheitene.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela