Tsela ya go Tokafala
MORAGO ga go tlhaselwa ke bolwetse jwa go ema pelo, gantsi motho o nna a boifa e bile a tlhobaela. A bo tla bowa bo ntlhasela gape? A ke tla golafala kana ke tla koafadiwa ke ditlhabi le go tlhoka nonofo le go sa kgone go dira sepe?
John yo re neng ra mo umaka mo setlhogong sa rona sa bobedi, o ne a solofela gore fa go ntse go ya go aga a khidiega letsatsi le letsatsi le go utlwa ditlhabi mo sehubeng go ne go tla okobala. Lefa go ntse jalo, morago ga dikgwedi di sekae, o ne a bolela jaana: “Go fitlha jaanong ga di ise di okobale. Seo, mmogo le go lapa ka bonako le go roroma ga pelo ya me di ntira gore ke age ke ipotsa gore, ‘A e seng gore bo tloga bo ntlhasela gape?’”
Jane wa kwa United States, yo ka nako ya fa a ne a tlhaselwa ke bolwetse jwa go ema pelo e neng e le motlholagadi yo mmotlana o ne a dumela jaana: “Ke ne ke akanya gore ke tla swa kana gore bo ne bo tla ntlhasela gape ke bo ke swa. Ke ne ka simolola go tsenwa ke letshogo ka jaana ke na le bana ba bararo ba ke tshwanetseng go ba tlhokomela.”
Hiroshi wa kwa Japane o bolela jaana: “Ke ne ka tshoga thata fa ke utlwa gore pelo ya me e ne e se kitla e tlhola e bereka sentle jaaka pele; selekanyo se e neng e pompa ka sone se ne se fokotsegile ka diperesente di le 50. Ke ne ke ithaya ke re ke tla tshwanelwa ke go fokotsa dingwe tsa ditiro tsa me ka ke le modiredi wa Basupi ba ga Jehofa ka jaana ke ne ke tla kgona go dira fela halofo ya dilo tse ke neng ke tlhola ke di dira.”
Fa motho a nnela go koafala, a ka simolola go tshwenyega thata mo maikutlong le go ikutlwa a se botlhokwa. Marie wa kwa Australia, yo o nang le dingwaga tse 83 yo o ineetseng mo tirong ya Basupi ba ga Jehofa ya go rera ka nako e e tletseng o ne a bua jaana ka khutsafalo: “Ke hutsafadiwa ke go bo ke sa tlhole ke kgona go nna matlhagatlhaga jaaka pele. Jaanong ke tlhoka go thusiwa go na le gore nkabo ke thusa ba bangwe.” Harold wa mono Afrika Borwa o ne a akgela jaana: “Ke ne ka fetsa dikgwedi tse tharo ke sa kgone go bereka. Se ke neng ke kgona go se dira fela e ne e le go tsamayatsamaya mo tshingwaneng. Ruri go ne go mpolaisa pelo!”
Go ne ga tlhokega gore Thomas wa kwa Australia a dirwe karo ya bypass morago ga gore a tlhaselwe ke bolwetse jwa go ema pelo la bobedi. O ne a re: “Ga ke kgone go itshokela ditlhabi mme e bile ke ne ke sa akanyetse go dirwa karo e kgolo.” Jorge wa kwa Brazil o ne a bolela jaana ka ditlamorago tsa go ariwa pelo: “Ka go bo re ne re humanegile, ke ne ke boifa gore ke tla tlogela mosadi wa me a le nosi a sena yo o ka mo thusang. Ke ne ke utlwa gore nka se tshele lobaka lo loleele.”
Go Tokafala
Ke eng se se ileng sa thusa batho ba bangwe gore ba tokafale le go dira gore maikutlo a bone a bowe a tlhomame? Jane o ne a akgela jaana: “Fa ke ne ke ikutlwa ke tsenwa ke letshogo, ka metlha ke ne ke rapela Jehofa ke bo ke latlhela mekgweleo yotlhe ya me mo go ene ke e tlogela mo go ene.” (Pesalema 55:22) Thapelo e thusa motho go nna le nonofo le go ritibala maikutlo tse di tlhokegang thata fa motho a lebane le go tlhobaela.—Bafilipi 4:6, 7.
John le Hiroshi ba ne ba nna le seabe mo dithulaganyong dingwe tse di thusang balwetse go fola. Go ja dijo tse di siameng le go ikatisa mmele go ne ga nonotsha dipelo tsa bone mo e leng gore boobabedi ba ne ba bowa ba bereka gape. Mme ba bolela gore maatla a moya wa Modimo ke one a a ba thusitseng gore ba fole mo tlhaloganyong le mo maikutlong.
Thomas o ne a thusiwa ke go engwa nokeng ke bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete gore a nne le bopelokgale jwa gore a dumele go ariwa. O ne a bolela jaana: “Pele ga ke ariwa, molebedi o ne a tla go nketela mme o ne a rapela le nna. O ne a lopa Jehofa ka tsela e e amang maikutlo a kopa gore a nnonotshe. Mo bosigong joo ke ne ka akanya thata ka thapelo eo ya gagwe mme ka ikutlwa ke le lesego tota go bo ke na le bagolwane ba ba tshwanang nae bao tsela e ba utlwelang motho botlhoko ka yone fa a le mo kutlobotlhokong ka boyone e leng tsela ya go mo fodisa.”
Anna wa kwa Italy o ne a itshokela go tshwenyega thata mo maikutlong jaana: “Fa ke kgobega marapo, ke akanya ka masego a ke setseng ke nnile le one ka ntlha ya go nna motlhanka wa Modimo le masego a re tla a bonang mo Bogosing jwa Modimo. Seno se nthusa gore ke bowe ke ritibale gape.”
Marie o itumela tota ka ntlha ya thuso ya ga Jehofa. Lelapa la gagwe le ile la mo ema nokeng, e bile a re: “Bakaulengwe ba me le bokgaitsadi bao mongwe le mongwe wa bone a nang le morwalo wa gagwe o a o rweleng, ba ile ba ipha nako ya go nketela, go mphounela kana go nthomelela dikarata. Ke ne nka nna jang ke hutsafetse ntswa ba ne ba mpontsha lorato lo lo kana kana?”
Se Jewe ke Bodutu
Go ilwe ga twe pelo e e santseng e fola e se ka ya jewa ke bodutu. Tsela e lelapa le ditsala di emang motho nokeng ka yone e na le seabe se segolo le se se molemo mo go direng gore pelo ya motho yoo e fole ka tsela ya mmatota kana ya tshwantshetso.
Michael wa mono Afrika Borwa o ne a akgela jaana: “Go thata go tlhalosetsa batho gore go ikutlwa o tshwenyegile mo maikutlong go utlwala jang. Lefa go ntse jalo, fa ke tsena ka Holo ya Bogosi, tsela e bakaulengwe ba nkgatlhegelang ka yone e ama pelo tota e bile e a kgothatsa.” Henry wa kwa Australia le ene o ne a nonotshiwa ke lorato lo logolo lo phuthego ya gaabo e neng e le mmontsha. O ne a re: “Ruri ke ne ke tlhoka kgothatso eo e e nametsang pelo.”
Jorge o ne a anaanela tsela e ba bangwe ba neng ba bontsha go mo kgatlhegela thata ka yone ka go thusa lelapa la gagwe ka tsa madi go fitlha a kgona go bereka. Olga wa kwa Sweden le ene o ne a anaanela thuso e e molemo e bakaulengwe ba gagwe le bokgaitsadi ba semoya ba neng ba thusa ene le lelapa la gagwe ka yone. Bangwe ba ne ba mo ela mabenkeleng fa ba bangwe bone ba ne ba mo phepafaletsa ntlo.
Gantsi balwetse ba pelo ba tshwanelwa ke go fokotsa go dira ditiro tse ba neng ba di rata thata. Sven wa kwa Sweden o ne a bolela jaana: “Ka dinako tse dingwe ke tshwanelwa ke gore ke se ka ka nna le seabe mo bodireding fa go le diphefo kana go le tsididi ka jaana seo se dira gore mesifa ya me e kokoropane. Ke anaanela tsela e bontsi jwa Basupikanna bo tlhaloganyang ka teng mo kgannyeng eno.” Mme fa Sven a gateletswe mo bolaong, o kgona go reetsa dipokano ka gonne ka lorato bakaulengwe ba di mo rekotela mo theiping. “Ba nna ba ntse ba nkitsise se se diregang mo phuthegong mme go ntira gore ke ikutlwe ke le teng kwa go tsone.”
Marie yo o gateletsweng mo bolaong, o ikutlwa a le lesego thata ka go bo batho ba a ithutang Baebele le bone ba tla kwa go ene. Ka tsela eno o kgona go tswelela pele a ba tlotlela ka dilo tse di itumedisang tse di tlogang di direga mo isagweng. Thomas o itumelela tsela e a tsewang tsia ka yone: “Bagolwane ba ile ba bontsha go nkakanyetsa tota e bile ba ile ba fokotsa dikabelo tse ba di nnayang.”
Malapa a Tlhoka go Engwa Nokeng
Ba malapa a molwetse ba ka ketefalelwa ke dilo fela jaaka ene. Le bone ba ka ngomoga pelo thata ba bo ba tsenwa ke poifo. Alfred wa mono Afrika Borwa o ne a bua jaana malebana le kafa mosadi wa gagwe a neng a tlhobaela ka teng: “Fa ke goroga mo gae ke tswa kwa kokelong, mosadi wa me o ne a tlhola a ntsosa gantsintsi bosigo go tlhola gore a ke santse ke siame e bile o ne a tlhola a mpateletsa gore ke ye go itekola kwa ngakeng morago ga dikgwedi dingwe le dingwe tse tharo.”
Diane 12:25 e bolela gore “boimelesego mo pelong ya motho bo tle bo e inamise.” Carlo wa kwa Italy o bolela gore fa e sa le a ile a tlhaselwa ke bolwetse jwa go ema pelo, mosadi wa gagwe yo o mo ratang le yo o mo emang nokeng “o ile a simolola go tshwenyega thata mo maikutlong.” Lawrence wa kwa Australia o ne a re: “Sengwe sa dilo tse o tshwanetseng go di dira ke go ela tlhoko gore a mogatso o a tlhokomelwa. Mosadi wa gago a ka ngomoga pelo thata.” Ka gone, re tshwanetse go tsaya tsia dilo tse botlhe mo lelapeng ba di tlhokang, go akaretsa le bana. Seemo seo se ka ba tshwenya thata mo maikutlong le mo mmeleng.
James yo o neng a umakiwa mo setlhogong sa bobedi, o ile a simolola go ikgogona mo go ba bangwe fa rraagwe a sena go tlhaselwa ke bolwetse jwa go ema pelo. O ne a re: “Ke ne ke ikutlwa gore nka se tlhole ke kgona go itumelela sepe ka gonne ke akanya gore e tlaa re ka nako ya fa ke re ke dira jalo sengwe se se bosula se bo se diragala.” Go bolelela rraagwe le go leka go buisana le ba bangwe a phuthologile go ile ga mo thusa gore a se ka a tlhola a tshwenyega. Ka nako eo, James o ne a dira selo sengwe se se neng sa tlhotlheletsa botshelo jwa gagwe thata. O ne a re: “Ke ne ka oketsa tsela e ke neng ke ithuta Baebele ka namana ka yone le go baakanyetsa dipokano tsa rona tsa Bokeresete.” Dikgwedi di le tharo morago ga foo o ne a neela Jehofa botshelo jwa gagwe a bo a bontsha seo ka go kolobediwa mo metsing. A re: “Fa e sa le go tloga ka nako eo, ke ile ka kgona go tsalana thata le Jehofa. Ruri go na le dilo tse dintsi tse ke tshwanetseng go di mo lebogela.”
Morago ga gore motho a tlhaselwe ke bolwetse jwa go ema pelo, o nna le nako ya go sekaseka botshelo jwa gagwe sesha. Ka sekai, tsela e John a neng a leba dilo ka yone e ne ya fetoga. O ne a re: “O simolola go bona kafa go seng mosola ka teng go gagamalela dilo tsa lefatshe le go lemoga kafa lorato lwa lelapa le lwa ditsala lo leng logolo ka teng le tsela e Jehofa a re tsayang re le botlhokwa ka teng. Gone jaanong dilo tse di botlhokwa thata mo go nna ke botsalano jwa me le Jehofa, lelapa la me le bakaulengwe le bokgaitsadi ba me.” Fa a gakologelwa masetlapelo a se se mo diragaletseng o ne a oketsa ka go re: “Ga ke akanye gore ke ne ke ka kgona go itshokela seo fa ke ne ke sena tsholofelo ya gore go tla tla nako ya fa dilo tseno di tla bo di baakantswe. Fa ke ikutlwa ke ngomogile pelo, ke akaya ka dilo tsa isagwe, mme se se ntiragalelang gone jaanong se lebega se se segolo thata.”
Fa batho bano ba ba santseng ba fola ba rakana le maemo a a fetofetogang, ba baya tsholofelo ya bone mo Bogosing jo Jesu Keresete a neng a re ruta go bo rapelela. (Mathaio 6:9, 10) Bogosi jwa Modimo bo tla dira gore batho ba tshele ka bosakhutleng ba itekanetse mo lefatsheng la paradaise. Ka nako eo, malwetse a pelo le makoa otlhe a mangwe a tla fedisiwa gotlhelele. Lefatshe leo le lesha le tloga le tla. Eleruri, re tloga re bona botshelo jo bo itumedisang go gaisa!—Jobe 33:25; Isaia 35:5, 6; Tshenolo 21:3-5.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Go engwa nokeng ke ba lelapa le ditsala go ka thusa motho gore a tokafale