“A bo E le Tshedimosetso e e Molemo Jang ne!”
Basha ba ka dira jang gore ba bone boikaelelo mo botshelong, ba itlhaloganye, kana ba ithute go dirisana mmogo le batsadi ba bone? Bosheng jaana, lekala la Basupi ba ga Jehofa la kwa Spain le ne la amogela lekwalo le ka bontlhanngwe le neng le bolela jaana:
“Ke lo kwalela jaana go lo akgola thata ka tiro e e molemo e lo e dirang go gatisa dibuka tse di molemolemo jaana, tse di jaaka eno e e nang le setlhogo se se reng Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. A bo e le tshedimosetso e e molemo jang ne! Ke akgola bakwadi le bagatisi, ba ba diragaditseng ditoro tsa basha ba le diketekete.
“Ke mosetsana wa dingwaga di le 21 yo mo nakong e e fetileng ke neng ka senka le go ithuta Baebele. . . . Go ne ga diragala fela gore ke nne le buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, e tswa go tsala nngwe ya me.
“Sa ntlha ke ne ka akanya gore ga e kitla e nthusa ka sepe, mme fa go ntse go ya, ka nna ka kgatlhegela go e bala. E ne ya dira gore ke akanye ka dilo di le dintsi, tse di jaaka gore nka dirang ka botshelo jwa me, mme ya nna ya arabela dipotso tsa me. Ka letlotlo le ke nang le lone, ke ne ka ithuta kafa nka tlhaloganyang batsadi ba me ka teng, kafa nka itshwarelang ka teng le kafa nka nnang mosadi ka teng le go itshwara jaaka ene.”
Fa e le gore o ka rata go solegelwa molemo ke tshedimosetso e e mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang, o ka amogela khopi ka go tlatsa setlankana se se fa tlase le go se romela kwa atereseng e e bontshitsweng mo setlankaneng seno kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.
□ Nthomelelang tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kafa nka nnang le buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo.
□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.