A Ruri go a Tlhokega go Tshela Batho Madi?
POTSO eno e e fa godimo e ne ya bodiwa mo setlhogong sa lokwalodikgang longwe ngogola ka November se se kwadilweng ke Dr. Ciril Godec, modulasetulo wa thuto ka methapo ya setlha kwa Long Island College Hospital, kwa Brooklyn, kwa New York. O kwadile jaana: “Go ka direga gore gompieno madi a se ka a tsewa e le kalafi, e re ka a se kitla a fitlhelela melaometheo ya tshireletsego e e beilweng ke ba Tsamaiso ya Dijo le Diokobatsi. Madi ke serwe sa mmele, mme totatota go tshela motho madi go tshwana fela le go tsenya serwe se sele mo mothong.”
Dr. Godec o lemogile jaana: “Go tsenya serwe se sele mo mothong ke mofuta wa bofelo wa kalafi o re tlhophang go o naya balwetse. Ka ntlha ya ditlamorago tse di kotsi tse di ka nnang tsa tlhaga, balwetse ba newa tshedimosetso e e feletseng malebana le dilo tse dingwe tse di ka dirisiwang pele ga ba tsenngwa serwe.” O ne a konela jaana malebana le tshelo ya madi: “Molemo wa gone o a belaetsa mo e leng gore dingaka tse dintsi tse di arang di dirisa filosofi ya ‘go tila go tshela madi’ e seng fela ka ntlha ya mabaka a kalafi mme gape le ka ntlha ya mabaka a semolao.”
Bothata jo bogolo ka go tshelwa madi ke gore batho ba le diketekete ba ne ba tshwaediwa ke malwetse a a bolayang, go akaretsa le AIDS. Le fa gone mefuta ya go tlhatlhoba madi e ntse e tokafala kwa mafelong a le mantsi, Dr. Godec o bontshitse gore: “Kotsi e tswa mo mading a a neetsweng ke batho ba ba tshwaeditsweng mme ba ise ba nne le dilwantshamegare tse di ka lemogiwang fa go dirwa diteko tsa go a tlhatlhoba.”
Fa a konela setlhogo sa gagwe, Dr. Godec o ne a tlotla ka potso e e boditsweng fa godimo: “Fa dingaka le dingaka tse di arang di ntse di tlhaloganya sentle kafa okosejene e dirang ka teng mo mmeleng e bile di lemoga gore selekanyo tsa hemoglobin ga se tlhoke go nna kwa godimo jaaka di ne di akanya pele, mo e ka nnang ka metlha ba tla bona go kgonega go bona ditsela tse dingwe tse di ka dirisiwang mo boemong jwa tshelo ya madi. Bosheng fela jaana mo e ka nnang ngogola dikaro tse dikgolo tsa go tsenya pelo le sebete mo mothong di ile tsa baka go latlhegelwa ke madi a mantsi thata mo e leng gore go ne go tsewa gore ka metlha dingaka tse di arang di tla tlhoka madi a mantsi thata go a tshela batho. Gone jaanong, dikaro tse pedi tseo di ntse di dirwa kwantle ga tshelo ya madi.
“Go ka direga gore mo bogautshwaneng thata tshelo ya madi e tlile go fedisiwa gotlhelele. . . . Go tshela motho madi ga se fela gore go ja madi a mantsi e bile go kotsi; tota ga go neele balwetse kalafi ya maemo a a kwa godimo e ba tshwanelwang ke go e bona.”