Go Tshelwa Madi—A Ke Yone Tsela Fela ya go Tshela?
KA 1941 Dr. John S. Lundy o ne a tlhoma tekanyetso ya go tshelwa madi. O ne a bolela, lefa go lebega gore o ne a sena bosupi bope jwa kalafi, gore fa hemoglobin ya molwetsi, se e leng karolwana ya madi eo e nang le okosejene, e fokotsega e bo e nna digerama di le lesome kana kwa tlase mo desilitareng nngwe le nngwe ya madi, he molwetsi yoo o tlhoka go tshelwa madi. Morago ga moo palo eo e ile ya nna tekanyetso ya dingaka.
Tekanyetso eno ya digerama tse di lesome e ile ya nna ya ganediwa mo e ka nnang ka dingwaga tse 30. Ka 1988 The Journal of the American Medical Association ka ditsela tsotlhe e ne ya bolela gore bosupi ga bo tshegetse sekaedi seo. Ngaka ya kidibatso Howard L. Zauder o bolela gore “se na le bosengwao, ga se tlhaloganyesege sentle, ebile ga se na bosupi jwa kalafi le gone ga go supege fa se ile sa tlhatlhobiwa ka tsela ya yone.” Ba bangwe ba se bitsa tlhamane fela.
Go sa kgathalesege go latofadiwa mo gogolo gono, tlhamane eno e santse e tseelwa kwa godimo ke batho ba le bantsi jaaka sekaedi se se utlwalang. Go ya ka dingaka tsa dikibatso le dingaka tse dingwe, selekanyo sa hemoglobin se se kwa tlase ga lesome se supa gore motho o tlhoka go tshelwa madi go baya go alafa anemia ya gagwe. Ke se se tshwanetse go dirwa fela kwantle ga potso.
Kwantle ga pelaelo, seo se re thusa go tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa madi le dikungo tsa madi di dirisiwa go feta selekanyo jaana gompieno. Dr. Theresa L. Crenshaw, yo o neng a le mongwe wa ba Presidential Commission on the Human Immunodeficiency Virus Epidemic, o fopholetsa gore mo United States fela, ditshelo tsa madi tse di ka nnang dimilione tse pedi tse di sa tlhokafaleng di dirwa ngwaga le ngwaga le gore mo e ka nnang halofo ya milione ya ditshelo tsotlhe tsa madi a a bolokilweng di ka tilwa. Lephata la Botsogo le Boitekanelo la Japane le ne la nyatsa go “dirisiwa ga tshelo ya madi ka mo go sa tlhokafaleng” mo Japane mmogo le “go dumela mo go reng di na le mosola kwantle ga mabaka.”
Bothata jo bo ka nnang gone fa go lekwa go alafa anemia ka go tshelwa madi ke gore yone tshelo eo ya madi e ka nna kotsi go feta le anemia tota. Basupi ba ga Jehofa, bao ba ganang go tshelwa madi segolobogolo ka mabaka a bodumedi, ba ile ba thusa mo go bontsheng ntlha eno.
Gongwe o ka tswa o kile wa bona ditlhogo dingwe tse dikgolo mo pampiring ya dikgang di bega gore mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o tlhokafetse ka ntlha ya go gana go tshelwa madi. Ka maswabi, dipego tseo ga se gantsi di bolela tiragalo yotlhe. Gangwe le gape, go gana go ara ga ngaka eo, kana go gana go ara ka bofefo jo bo kgonegang, ke sone se se dirang gore Mosupi a tlhokafale. Fa selekanyo sa hemoglobin se le kwa tlase ga lesome, dingaka tse dingwe di gana go ara fa ba sa letlelelwe go tshela madi. Lefa go ntse jalo, dingaka di le dintsi di ile tsa atlega mo go areng Basupi ba selekanyo sa hemoglobin ya bone e neng e le botlhano, bobedi, le eleng kwa tlase. Ngaka Richard K. Spence o bolela gore: “Se ke se lemogileng ka Basupi ke gore hemoglobin lefa e le kwa tlase ga e kae ka gope gore motho o tla tlhokafala.”
Go Na le Ditsela tse Dingwe di le Dintsi
‘Madi kgotsa loso.’ Eo ke tsela e dingaka dingwe di tlhalosang tlhopho e Mosupi a tshwanelang go e dira. Lefa go le jalo, boammaaruri ke gore, go na le dilo di le dintsi tse di ka dirwang go na le go tshelwa madi. Basupi ba ga Jehofa ba ga batle go swa. Ba batla go alafiwa ka ditsela di sele. Ereka Bibela e iletsa go ja madi, ga ba tseye go tshelwa madi e le tsela e nngwe fela ya kalafi.
Ka June 1988, Report of the Presidential Commission on the Human Immunodeficiency Virus Epidemic e ne ya akantsha gore balwetsi botlhe ba direlwe seo Basupi ba neng ba ntse ba se kopa ka dingwagangwaga, eleng: “Fa molwetsi a dumela kalafi ya go tshelwa madi kana dikarolwana tsa one o tshwanetse gape a tlhalosediwa bodiphatsa jwa gone . . . le tshedimosetso kaga ditsela di sele tse di tshwanetseng go na le tsa go tshelwa madi a mofuta o o tshwanang.”
Ka mantswe a mangwe, balwetsi ba tshwanetse go itlhophela. Nngwe ya tsone ke tsela ya go busetsa motho madi a gagwe. Fa molwetsi a ariwa madi a gagwe a a bolokwa mme morago a busediwe gape mo ditshikeng tsa molwetsi yoo. Fa kalafi ya go nna jalo e le go oketsa thulaganyo ya go tsamaisa madi a molwetsi fela, Basupi ka bontsi ba a e amogela. Dingaka gape di gatelela botlhokwa jwa go oketsa bolumo ya madi a molwetsi ka dioketsamadi tse di senang madi le go dira gore mmele o nne o tlatse disele tsa one tse dikhibidu. Go ile ga dirwa maano ao mo boemong jwa go tshelwa madi mme go sa bewe molwetsi mo kotsing ya go swa. Ebile tota, a ka tokafatsa pabalesego.
Seokobatsi sengwe se se ka nnang le matswela a a molemo se se bidiwang recombinant erythropoietin se sa tswa go letlelelwa go dirisiwa ka mo go lekanyeditsweng bosheng jaana. Se akofisa mmele go ntsha disele tsa madi tse dikhibidu ka boone, ebile tota go thusa motho ope fela gore mmele wa gagwe o dire madi a le mantsi ka mo go oketsegileng.
Borasaense ba santse ba batlisisa ka sengwe se se ka dirisiwang boemong jwa madi se se nang le mosola seo se ka rwalang selekanyo se segolo sa okosejene go tshwana le one. Mo United States, badiri ba dilo tseo tse di ka dirisiwang mo boemong jwa madi ba go fitlhela go le thata gore dikungo tsa bone di letlelelwe go dirisiwa. Lefa go le jalo, jaaka modiri mongwe a ile a ngongorega: “Fa e le gore o ne o akanya go tlisa madi go ba FDA [Food and Drug Administration] gore a tle go letlelelwa go ka dirisiwa, ga o kake lefa e le ka motlha wa bolelelwa gore a botlhole fa a sena go tlhatlhobiwa.” Lefa go ntse jalo, go santse go na le ditsholofelo tse dikgolo tsa gore go tla bonwa khemikhale e e nang le matswela eo e tla letlelelwang go dirisiwa jaaka seemela madi se se nang le okosejene.
Jalo go na le ditsela tse di ka tlhophiwang. Tse di umakilweng fano ke di le mmalwanyana fela tsa tse di leng teng. Fela jaaka porofesa ya kalafi ya karo, Dr. Horace Herbsman, a ne a kwala mo lokwalopakeng lwa Emergency Medicine: “Go . . . phepafetse sentle gore re na le ditsela tse dingwe tsa go busetsa madi. Eleruri, ka gongwe boitemogelo jwa rona ka Basupi ba ga Jehofa bo ka tlhalosiwa ka gore bo bontsha fela gore ga re tlhoke go ikaega ka go tshelwa madi, le matswakabele a gone otlhe a a ka nnang gone, jaaka re ne re kile ra akanya.” Legale, tota ga go na sepe se sesha mo go seno sotlhe. Fela jaaka The American Surgeon e ne ya lemotsha: “Lebaka la gore dikaro tse dikgolo di ka dirwa ka katlego kwantle ga go tshelwa madi le ile la supelwa gantsi mo dingwageng tse 25 tse di fetileng.”
Mme fa e le gore madi a diphatsa, mme ebile go na le sengwe se se sireletsegileng go ka dirisiwa boemong jwa one, he ke ka ntlha yang fa bontsintsi jwa batho bo tshelwa madi ka mo go sa tlhokafaleng—bontsi jwa bone ebile bo sa itse seo, ba bangwe tota ba sa rate? Bontlhanngwe jwa pego ya barongwa ba ga tautona ba ba tlhatlhobisang ka AIDS e umaka go sa rutwang ga dingaka le dikokelo kaga ditsela tse dingwe tse di ka dirisiwang boemong jwa madi. E nyatsa ntlha e nngwe gape e leng gore: “Mekgatlho mengwe ya poloko ya madi ya dikgaolo tse di rileng e ile ya okaoka go rotloetsa maano mangwe a go fokotsa tiriso ya kalafi ya go tshela madi, ereka tšhelete ya bone e e ba thusang go tswelela e bonwa ka go rekisiwa ga madi le dikungo tsa madi.”
Ka mafoko a mangwe: Go rekisa madi ke namane e tona ya kgwebo.