Dilo Dingwe tsa Boleng Jo Bo Tshwanetseng Tseo Di Ka Dirisiwang mo Boemong jwa go Tshelwa Madi
O ka nna wa akanya jaana, ‘Go tshelwa madi go na le mathata, mme a ga go na dilo dipe tsa boleng jo bo kwa godimo jo bo tshwanetseng tseo di ka dirisiwang mo boemong jwa one?’ Eo ke potso e e molemo, mme tlhokomela lefoko “boleng jo bo tshwanetseng.”
Motho mongwe le mongwe, go akaretsa le Basupi ba ga Jehofa, o batla kalafi e e thusang ya boleng jo bo kwa godimo. Dr. Grant E. Steffen o ne a tlhokomela dilo dingwe tse pedi tseno tsa botlhokwa: “Tlhokomelo ya boleng jo bo tshwanetseng ya kalafi ke nonofo ya dikarolwana tsa tlhokomelo eo tseo di e thusang go fitlhelela mekgele e e tshwanelegang ya kalafi le eo e seng ya kalafi.” (The Journal of the American Medical Association, July 1, 1988) “Mekgele e e seng ya kalafi” e tla akaretsa go se tlole melaometheo kana go se dire kgatlhanong le segakolodi se se ikaegileng ka Bibela sa molwetsi.—Ditihō 15:28, 29.
A go na le ditsela tse di tshwanelegang le tse di atlegang sentle tseo di ka dirisiwang fa go dirisanwa le mathata a a masisi a kalafi kwa ntle ga go dirisa madi? Ka boitumelo, karabo ke ee.
Lemororo dingaka tse dintsi tse di arang di ne tsa bolela gore di ne di tshela madi fela fa go ne go tlhokega thata, fa kgogodi ya AIDS e sena go tlhagoga di ne tsa se ka tsa tlhola di dirisa madi thata. Setlhogo sengwe sa dikgang se se go Mayo Clinic Proceedings (September 1988) se ne sa bolela gore “o mongwe mo melemong e sekae eo kgogodi eno e neng ya thusa ka yone” e ne e le gore “e ne ya dira gore balwetsi mmogo le dingaka ba loge maano a mangwe go tila tshelo ya madi.” Mookamedi mongwe wa bobolokelo jwa madi a mmele o tlhalosa jaana: “Seo se ileng sa fetoga ke kafa molaetsa o nonofileng ka gone, kafa ba ba dirang dipatlisiso ba reetsang molaetsa ono ka gone (gonne go lemogiwa ga dikotsi tse di ka nnang gone go oketsegile), le kopo ya gore go sekasekiwe fa go na le dilo tse dingwe tse di ka dirisiwang.”—Transfusion Medicine Reviews, October 1989.
Tlhokomela, go na le dilo tse dingwe tse di ka dirisiwang! Re kgona go tlhaloganya seno fa re tlhatlhoba gape lebaka la gore ke eng fa batho ba tshelwa madi.
Hemoglobin e e mo diseleng tse dikhibidu e tsamaisa okosejene eo e tlhokegang gore re itekanele le go tshela. Ka jalo fa motho a latlhegetswe ke madi a mantsi, go ka lebega go utlwala gore a tshelwe a mangwe. Ka tlwaelo o na le digerama di le 14 kana 15 tsa hemoglobin mo dikubiteng tsa disentimetara dingwe le dingwe tse 100 tsa madi. (Motswako ono gape o ka lekanngwa ka hematocrit, eo ka tlwaelo eleng 45 lekgolong.) “Thulaganyo” e e neng e latelwa e ne e le go tshela molwetsi madi pele a ariwa fa e le gore hemoglobin ya gagwe e ne e le kwa tlase ga 10 (kana e le 30 lekgolong ya hematocrit). Lokwalopaka lwa kwa Switzerland Vox Sanguinis (March 1987) le ne la bega gore “65% ya [dingaka tseo di idibatsang] di ne di batla gore balwetsi ba tshelwe digerama di le 10 tse di lekalekanang tsa hemoglobin pele a ka ariwa karo e a e itlhophetseng kana e e tlhophilweng ke ngaka.”
Mme kwa kokoanong ya tshelo ya madi ka 1988, Porofesa Howard L. Zauder o ne a botsa jaana, “Re Kgonne Jang go Bona ‘Palo E E Gakgamatsang Eno’?” O ne a bolela jaana fela ka phepafalo: “Gore molwetsi a fiwe digerama di le 10 tsa hemoglobin (Hgb) pele a ka newa molemo o o idibatsang ke selo fela seo se tlhotlhelediwang ke tlwaelo, ga go tlhomamisiwe ke sepe, mme ebile ga go tshegediwe ka gope ke bosupi jwa bao ba batlisisang ka malwetsi kana bao ba dirang ditekelelo.” Akanya ka diketekete tse dintsi tsa balwetsi tseo di neng tsa tshelwa madi ka lebaka lengwe ‘le le sa bonaleng sentle, le le le sa tlhomamisiwang’!
Bangwe ba ka nna ba ipotsa, ‘Ke ka ntlha yang fa go tlhokega hemoglobin e e tlwaelegileng ya 14 fa motho a ka kgona go tshela ka e e kwa tlase thata ga foo?’ Ka tsela eo, mmele wa gago o santse o na le nonofo e e lekaneng ya go tsamaisa okosejene mo eleng gore o ka itshidila mmele kana wa dira tiro nngwe e e bokete. Dipatlisiso tse di mabapi le balwetsi bao ba tlhaelang disele tse dikhibidu mo mading a bone di senola gore “ga go motlhofo go lemoga gore nonofo ya go dira tiro e kwa tlase koo selekanyo sa hemoglobin se leng kwa tlase ga digerama di le 7 tsa dikarolwana tse di lekalekanang. Bangwe ba ne ba fitlhela go na le bosupi jwa go sa direng sentle ka selekanyo fela se se fa gare.”—Contemporary Transfusion Practice, 1987.
Ereka bagolo ba sa amiwe thata ke selekanyo se se kwa tlase sa hemoglobin, go tweng ka bana? Dr. James A. Stockman III o bua jaana: “Kwa ntle ga ba le mmalwa fela ba ba ka se kang ba diragalelwa ke seno, masea a a tsholwang pele ga nako a nna le hemoglobin e e kwa tlase mo kgweding ya ntlha go ya mo go ya boraro . . . Dilo tse di supang fa masea a tlhoka go tshelwa madi ga di a tlhalosiwa ka botlalo. Eleruri, masea a mantsi a kgona go tshela sentle fela ka selekanyo se se kwa tlase sa hemoglobin kwa ntle ga mathata ape.”—Pediatric Clinics of North America, February 1986.
Tshedimosetso e e ntseng jalo eo ga e reye gore go se ka ga dirwa sepe fa motho a latlhegelwa ke madi a mantsi fa a tlhagelwa ke kotsi kana fa a ariwa. Fa a tswa ka bonako ebile a le mantsi, selekanyo sa madi a motho se wela kwa tlase, mme motho a ka nna a tsenwa ke tsibikelo. Selo sa botlhokwa se se tlhokegang ke gore go dutla ga madi go tshwanetse ga emisiwa mme selekanyo sa one se se mo tsamaisong ya gagwe ya madi se busediwe gape. Seo se tla dira gore tsibikelo e se ka ya nna gone mme disele tse di setseng tse dikhibidu le dikarolwana tse dingwe di nne di tsamae jalo.
Selekanyo seo se ka busediwa kwantle ga go dirisa madi a a feletseng kana polasema ya madi.a Diedi tse dintsi tseo eseng tsa madi di kgona go oketsa selekanyo sa madi. Motswako wa saline (letswai) o itsege thata, mme ebile ga o tlhwatlhwakgolo ebile o nyalana le madi a rona sentle. Go na le diedi tse dingwe tse di dirang dilo dingwe tse di kgethegileng, jaaka dextran, Haemaccel, motswako o o nang le letswai wa Ringer. Hetastarch (HES) ke nngwe ya tse disha tse di oketsang selekanyo se se tletseng sa madi, mme “go ka nna molemo fa se ka dirisediwa balwetsi [ba ba sheleng] bao ba sa batleng melemo e e dirilweng ka madi.” (Journal of Burn Care & Rehabilitation, January/February 1989) Diedi tse di ntseng jalo di thusa tota kwantle ga pelaelo. “Metswako e e kgonang go tlhaolosiwa le go dirwa dithoro [jaaka o o tlwaelegileng wa saline le wa Ringer e e nang le letswai], Dextran le HES ga e na botlhole ebile tlhwatlhwa ya yone e kwa tlase, e bonwa bonolo, e ka kgona go bolokiwa fela e sa tsenngwa mo setsidifatsing, ga e tlhoke gore e tlhatlhobiwe pele gore e ka go siamela gape ga e go beye mo kotsing ya go tsenwa ke malwetsi a a tsenang ka go tshelwa madi.”—Blood Transfusion Therapy—A Physician’s Handbook, 1989.
Lefa go le jalo, o ka nna wa botsa, ‘Ke ka ntlha yang fa diedi tseo eseng tsa madi tseo di tshelwang mo boemong jwa madi di dira fela sentle, ereka ke tlhoka disele tse dikhibidu gore mmele otlhe wa me o bone okosejene?’ Jaaka go umakilwe, o na le dilo tse dingwe tseo di tsamaisang okosejene. Fa o dutla madi, go na le dilo tse dingwe tse di gakgamatsang tsa tlholego tse di simololang go dira. Pelo ya gago e pompa madi a a oketsegileng fa e ntse e itaya. Ereka madi a a dutlileng a emiseditswe ka seedi se se tshwanetseng, madi ao jaanong a leng motlhofo a tsamaya motlhofo, le eleng mo ditshikaneng tse dinnye. Ka ntlha ya diphetogo mo tsamaong eno, ditogwa di bona okosejene e ntsi. Diphetogo tseno di dira tota mo e leng gore lefa o ka sala o na le bontlhanngwe fela jwa disele tsa gago tse dikhibidu, o ka bona 75 lekgolong ya okosejene e o nnang le yone ka tlwaelo. Fa molwetsi a ikhuditse o dirisa fela 25 lekgolong ya okosejene e e leng mo mading a gagwe. Mme dilo tse dintsi tse di idibatsang ka kakaretso di dira gore mmele o se ka wa tlhoka okosejene e ntsi.
DINGAKA DI KA THUSA JANG?
Dingaka tse di ditswerere di ka thusa motho yo o dutlileng madi thata mme a na le disele tse dipotlana fela tse dikhibidu. Fa selekanyo se se tletseng sa madi se sena go busediwa, dingaka di ka dira gore a bone okosejene e ntsi. Seno se dira gore mmele o e bone ka bontsi mme se ile sa felela ka molemo tota. Dingaka tsa kwa Boritane di ile tsa dirisa seno mo mosading mongwe yo a neng a dutlile madi thata mo e leng gore “haemoglobin ya gagwe e ne e le digerama di le 1,8 mo litareng nngwe le nngwe. O ne a kgona go alafiwa . . . [ka] go newa okosejene e ntsi le go tshelwa motswako o montsi wa gelatin [Haemaccel].” (Anaesthesia, January 1987) Pego eo gape e bolela gore ba bangwe ba ba dutlileng madi a mantsi ba ile ba kgona go alafiwa ka go tsenngwa mo dikamoreng tseo di nang le okosejene e ntsi.
Dingaka gape di ka thusa balwetsi ba tsone gore mebele ya bone e kgone go dira disele tse di oketsegileng tse dikhibidu. Jang? Ka go ba naya diedi tse di nang le aene (mo mesifeng kana mo ditshikaneng) tseo di ka thusang mmele go dira disele tse dikhibidu ka makgetlo a le mararo kana a le manè go feta ka tlwaelo. Bosheng jaana go ne ga nna le thuso e nngwe gape. Diphilo tsa gago di ntsha horomone nngwe e e bidiwang erythropoietin (EPO), eo e dirang gore moko wa marapo o dire disele tse dikhibidu. Jaanong go na le EPO (motswako o o dirilweng ka dijine) wa maitirelo. Dingaka di ka nna tsa o naya balwetsi bao ba senang disele tse dikhibidu mo mading a bone, ka gone ba ba thusa gore mebele ya bone e kgone go dira disele tse dingwe tse dikhibidu ka bonako.
Le eleng fa motho a ariwa, dingaka tseo di arang tse di ditswerere le tse di kelotlhoko le bao ba idibatsang ba ka thusa ka go dirisa mekgwa e e tokafaditsweng ya go dira gore madi a se ka a tswa ka bontsi. Go dirisa mekgwa ya boranyane e e dirang tota ka kelotlhoko, jaaka electrocautery go dira gore madi a se ka a tswa a le mantsi, go botlhokwa tota. Ka dinako dingwe madi a a tswelang mo nthong a ka nna a gogiwa, a sefiwa, a bo a busediwa gape mo tsamaong ya madi a gagwe a mmele.b
Balwetsi bao ba leng mo motšhining wa pelo le makgwafo o o tshetsweng seedi seo eseng sa madi ba ka solegelwa molemo ka gonne disele tsa bone di a bo di fokotsegile, mme jalo ba sa latlhegelwe ke disele tse dintsi tse dikhibidu.
Mme go na le ditsela tse dingwe gape tsa go thusa. Go tsidifatsa molwetsi go dira gore a se ka a tlhoka okosejene e ntsi fa a ariwa. Diidibatsi tse di ngotlang kgatelelo ya madi. Go newa kalafi e e tokafatsang go rema ga madi. Desmopressin (DDAVP) go dira gore motho a se ka a dutla madi ka lobaka lo loleele. “Dithipana” tse di arang tsa laser. O tla bona lenane leno le ntse le oketsega jaaka fa dingaka le balwetsi ba ba tshwenyegileng ba ntse ba senka ditsela tseo ba ka tilang tshelo ya madi ka tsone. Re solofela gore ga o kitla o tsamaya o dutla madi ka selekanyo se segolo thata. Mme fa go ne go ka diragala jalo, go a kgonega tota gore dingaka tse di ditswerere di kgone go go alafa di sa go tshele madi, ao a nang le dikotsi tse dintsi jaana.
GO ARIWA KWA NTLE GA GO TSHELWA MADI
Batho ba bantsi gompieno ba gana go tshelwa madi. Ba kopa seo Basupi bone ba se kopang ka ntlha ya tumelo ya bone mme bone ba dira jalo ka mabaka a boitekanelo: gore go dirisiwe mekgwa e mengwe ya kalafi e e nang le boleng go sa dirisiwe madi. Jaaka re setse re bone, motho o santse a ka dirwa karo e kgolo. Fa o na le dipelaelo, bosupi jo bongwe jo bo tswang mo dibukeng tsa kalafi bo ka nna jwa di tlosa.
Setlhogo se se reng “Go Busediwa Go Go Imenneng Ganè ga Tokololo E Kgolo mo Lelokong Lengwe la Basupi ba ga Jehofa” (Orthopaedic Review, ya August 1986) se ne sa bua ka molwetsi mongwe yo a neng a sena disele tse di lekaneng tse dikhibidu mo mading a gagwe ebile “mangole le dinoka tsa gagwe di utlwile botlhoko thata.” O ne a fiwa dextran e e nang le aene pele le morago ga karo, mme e ne ya dira sentle. British Journal of Anaesthesia (1982) e ne ya bega ka Mosupi mongwe wa dingwaga tse 52 yoo selekanyo sa gagwe sa hemoglobin se neng se le kwa tlase ga 10. Noka ya gagwe le legetla di ne tsa kgona go busediwa gape go dirisiwa seidibatsi se se dirang gore kgatelelo ya madi e wele kwa tlase. Setlhopha sa baari sa kwa Yunibesithing ya Arkansas (U.S.A.) le sone se ne sa dirisa mokgwa ono fa se ne se busetsa dinoka di le lekgolo tsa Basupi mo mannong a tsone, mme balwetsi bao ba ne ba fola botlhe. Porofesa yo o okametseng lephata leo o akgela jaana: “Seo re se ithutileng mo balwetsing bao ba (Basupi), jaanong re se dirisa mo balwetsing botlhe bao re alafang dinoka tsa bone.”
Digakolodi tsa Basupi ba bangwe di ba letla gore ba ka tsenngwa dirwe tse di tswang mo bathong ba bangwe fa fela seo se dirwa kwantle ga tiriso epe ya madi. Pego nngwe e e neetsweng morago ga fa go sena go dirwa tiro nngwe ya go tsenya batho ba le 13 diphilo tsa ba bangwe e ne ya konela jaana: “Matswela ka kakaretso a bontsha gore bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa bo ka tsenngwa diphilo tse di tswang mo bathong ba bangwe ka katlego le kwantle ga mathata ape.” (Transplantation, June 1988) Ka mo go tshwanang, go gana madi ga go a ka ga thibela gore tiro ya go tsenya dipelo tsa ba bangwe mo go ba bangwe e se ka ya dirwa ka katlego.
‘Go tweng ka ditiro tse dingwe tsa loaro tse di dirwang kwantle ga go dirisa madi?’ o ka nna wa ipotsa jalo. Medical Hotline (April/May 1983) e ne ya bolela ka “Basupi ba ga Jehofa bao ba neng ba dirwa dikaro tse dikgolo tsa dikarolo tsa basadi tsa go tshola le tsa fa ba ithwele le tsa fa ba tshola bana [kwa Yunibesithing ya Wayne State, U.S.A.] ba sa tshelwe madi.” Lokwalo loo lwa dikgang lo ne lwa bega jaana: “Ga go a ka ga swa ope kana ga nna le mathata ape a a fetang a basadi bao ba neng ba arilwe dikaro tse di tshwanang mme ba tshetswe madi.” Morago lokwalo loo lwa dikgang lo ne lwa bega jaana: “Matswela a patlisiso eno a ka nna a batla gore go sekasekiwe gape tiriso ya madi mo basading botlhe bao ba dirwang dikaro tsa fa ba ithwele le tsa fa ba tshola bana mmogo le tsa dikarolo tsa bone tsa go tshola.”
Go ne ga ariwa balwetsi ka kakaretso ba le 30 bao ba neng ba gana madi kwa kokelong ya Yunibesithi ya Göttingen (Jeremane). “Ga go a ka ga tlhaga mathata ape ao a neng a ka se ka a nna gone gape mo balwetsing bao ba neng ba tshetswe madi. . . . Lebaka la gore go ka se boelwe gape mo go tsheleng batho madi ga le a tshwanela go nyadiwa, mme ka gone ga go a tshwanela gore karo nngwe e e tlhokegang le eo dingaka tse di arang di bolelang gore e tshwanetse e se ka ya dirwa.”—Risiko in der Chirurgie, 1987.
Ka sekai, bagolo ba bantsi le bana ba ile ba ariwa boboko go sa dirisiwe madi kwa Lefelong la Kalafi la Yunibesithi ya New York. Dr. Joseph Ransohoff, mookamedi wa lephata la disele tsa boboko, o ne a kwala jaana ka 1989: “Go phepafetse sentle gore mo mabakeng a mantsi go dirisiwa ga dilo dingwe tseo di dirilweng ka madi go ka tilwa mme balwetsi bao ba ganang dilo tseno ka ntlha ya tumelo ya bone ba ka se tlhagelwe ke kotsi epe, segolobogolo fa karo e dirwa ka bonako le ka nako e khutshwane tota ya go ara. Se se kgatlhang thata ke ntlha ya gore gantsi ke lebala gore molwetsi yoo ke Mosupi go fitlha ka nako ya fa ba tsamaya mme ba nteboga go bo ke ile ka tlotla tumelo ya bone.”
Kgabagare, a karo e e raraaneng ya pelo le ditshikana e ka dirwa mo bagolong le mo baneng go sa dirisiwe madi? Dr. Denton A. Cooley e ne ya nna ene wa ntlha go dira jalo. Jaaka fa o ka bona mo setlhogong sa kalafi seo se kwadilweng gape mo Mametlelelong, mo ditsebeng tsa 27-9, seo se thailweng mo patlisisong ya pele, Dr. Cooley o ne a konela ka gore “dikotsi tsa karo tsa balwetsi ba Basupi ba ga Jehofa di ne di se kwa godimo ga tsa ba bangwe.” Jaanong, o kwala jaana fa a sena go dira dikaro di le 1 106: “Ke ne ka boloka tumalano ya me kana maikano a me mo molwetsing,” a gore ke se ka ka dirisa madi.
Dingaka tse di arang di ile tsa tlhokomela gore Basupi ba ga Jehofa ba thusiwa thata ke go nna le maikutlo a mantle. “Maikutlo a balwetsi bano ruri a tlhoma sekao,” go ne ga kwala jalo Dr. Cooley ka October 1989. “Ga ba boife mathata a a ka nnang gone kana le eleng loso jaaka balwetsi ba bangwe ba bantsi. Ba dumela mo Modimong wa bone ka tumelo e e nonofileng e e sa sweng.”
Seno ga se reye gore ba gatelela tshwanelo ya go swa. Ba batla tlhokomelo ya boleng jo bo tshwanetseng ka botlhaga tota gonne ba batla go fola. Ba tlhatswegile pelo gore go botlhale go obamela molao wa Modimo ka madi, pono eo e thusang thata mo dikarong tseo go sa dirisiweng madi mo go tsone.
Porofesa Dr. V. Schlosser, wa kokelo ya dingaka tse di arang wa Yunibesithi ya Freiburg (Jeremane), o ne a kwala jaana: “Setlhopha seno sa balwetsi se ne se sa dutle madi thata mo lobakeng lwa fa se ne se ariwa le morago ga karo; mathata a a neng a nna gone, fa a ne a le teng, a ne a sekae fela. Go leba bolwetsi ka tsela e e kgethegileng, eo Basupi ba ga Jehofa ba bo lebang ka yone, go ne ga nna le matswela a a molemo fa go dirwa karo le morago ga karo.”—Herz Kreislauf, August 1987.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Basupi ga ba dumele go tshelwa madi jaaka a ntse, disele tse dikhibidu, disele tse ditshweu, dipolatelete, kana polasema ya madi. Fa e le ka dikarolwana tse dinnye jaaka globulin e e lwang kgatlhanong le malwetsi, bona Tora ya Tebelo ya June 1, 1990, ditsebe 30-1.
b Tora ya Tebelo ya March 1, 1989, ditsebe 30-1, e tlotla ka melaometheo ya Bibela e e amang mekgwa ya go boloka madi le ka didirisiwa (tse di kwa ntle ga mmele) tse di tsamaisang madi.
[Lebokoso mo go tsebe 13]
“Re tshwanetse go konela gore mo lobakeng lwa jaanong go na le balwetsi ba bantsi bao ba amogelang dikarolo dingwe tsa madi tseo di ka se kang tsa ba thusa ka sepe (madi ga a tlhokege) mme lefa go le jalo ba le mo kotsing ya go diragalelwa ke sengwe se se sa eletsegeng. Ga go na ngaka epe eo e ka nayang molwetsi kalafi e ntse e itse gore ga e kake ya mo thusa mme e tla mo gobatsa, mme seo ke se se diragalang fa madi a tshelwa go sa tlhokege.”—“Transfusion-Transmitted Viral Diseases,” 1987.
[Lebokoso mo go tsebe 14]
“Bakwadi ba bangwe ba ne ba bolela gore “hemoglobin” e e kwa tlase thata fa gare ga 2 le 2,5 gm./100ml. e ka lekana. . . . Motho yo o itekanetseng sentle a ka tshela a latlhegetswe ke 50 lekgolong ya disele tse dikhibidu mme a sena ditshupo tsa bolwetsi fa a latlhegelwa ka lobaka lo lo rileng lwa nako.”—“Techniques of Blood Transfusion,” 1982.
[Lebokoso mo go tsebe 15]
“Dikgopolo tsa bogologolo kaga go isiwa ga okosejene kwa ditogweng, go fodisa dintho, le ‘botlhokwa jwa go tsamaisa menontsha’ ga madi jaanong di a tlogelwa. Boitemogelo jo re nnileng le jone ka balwetsi bao e leng Basupi ba ga Jehofa bo supa gore motho a ka tshela lefa a latlhegetswe ke disele tse dintsi thata tse dikhibidu.”—“The Annals of Thoracic Surgery,” March 1989.
[Lebokoso mo go tsebe 16]
A le bana ba bannye? “Go ile ga dirwa dikaro di le masome a manè le borobedi tsa pelo mo baneng ka mekgwa ya go sa dirise madi go sa kgathalesege gore karo eo e ne e raraane jang.” Bana bao ba ne ba le dikilogerama di ka nna 4,7 ka bonnye. “Ka ntlha ya go atlega ka metlha ka Basupi ba ga Jehofa le ntlha ya gore tshelo ya madi e na le mathata a a masisi a a kotsi, jaanong re dira bontsi jwa dikaro tsa pelo mo baneng re sa ba tshele madi.”—“Circulation,” September 1984.
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Motšhine wa pelo le makgwafo o ile wa thusa thata mo karong ya pelo e e dirwang mo balwetsing bao ba sa batleng go tshelwa madi