O ne A Nonotshiwa ke Tumelo ya Gagwe
MOSETSANA mongwe wa dingwaga di le 17 o ne a kwalela ofisi ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Moldova, e pele e kileng ya bo e le repaboliki ya Soviet Union, a bontsha go anaanela setlhogo sengwe se se neng sa tlhaga mo Tsogang! ya June 8, 1998. Setlhogo seno se ne se re “Tlhopho ya me Gareng ga Borre ba Babedi,” mme se ne se bua ka maitemogelo a mosha mongwe wa Mo-Armenia.
Mosetsana yono o ne a tlhalosa jaana: “Fa ke ntse ke bala setlhogo seno, matlho a me a ne a gelela dikeledi, ka gonne kgang ya gagwe e tshwana fela le ya me.” O ne a tswelela jaana: “Fa ke ne ke le dingwaga di le 15, ke ne ka simolola go ithuta Baebele, mme batsadi ba me ba ne ba sa gane kwa tshimologong. Mme e rile ke simolola go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba nyatsa seo thata fela. Mme ka 1997, fa ke ne ke simolola go bolelela ba bangwe se ke neng ke se ithuta, ba ne ba nthaya ba re: ‘Tsamaya o ye kwa ditsaleng tsa gago tsa Basupi mme ba go fepe, ba go apese, ba bo ba go neye le tiro. Ga o utlwe mosetsana ke wena!’ Batsadi ba me ba ne e bile ba mpetsa, ba itaanya tlhogo ya me le lobota.
“E ne e le teko e e boima. Ke ne ke tlhola ke ikutlwa jaaka mosha yole wa Mo-Armenia, yo a neng a bolela gore ka dinako tse dingwe o ne a ipotsa gore a o ne a itumedisa Jehofa. Ke ne ke ipotsa gore, ‘A ke motho fela yo o se nang mosola? A Jehofa o tla intshwarela maleo a me a nako e e fetileng? A Jehofa o sa ntse a nthata?’
“Go ne go le thata, segolobogolo fa ke ne ke akanya gore Jehofa ga a tlhole a nthata. Gantsi ke ne ke kopa Jehofa mo dithapelong tsa me, ke geletse dikeledi mo matlhong, ke mo kopa gore a nthuse, a nnonotshe gore ke se ka ka mo tlogela. Mme, eleruri, ke ne ka bona gore Jehofa o utlwile dithapelo tsa me le go araba mekokotlelo ya me. O ne a nnitamisa, a nthusa go nna sebete, le go nna pelokgale. Seno o ne a se dira segolobogolo ka Lefoko la gagwe, mo mopesalema a neng a bolela jaana ka tsholofelo: ‘Fa rre le mmè ba ne ba ka ntlogela, Jehofa o ne a tla ntshola.’—Pesalema 27:10, NW.
“Ka September 27, 1997, ke na ka bontsha boineelo jwa me go Jehofa ka go kolobediwa kwa kopanong ya potologo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Kagul. Ke kgona go bona sentle gore Jehofa, Rraarona wa selegodimo yo o lorato, o diragatsa tsholofetso ya gagwe e go buiwang ka yone mo go Pesalema 84:11: ‘Gonne Jehofa Modimo ke letsatsi le thebe; o tlaa aba tshegofatso le kgalalelo. Ga go na sepe se se molemo se o tlaa ganang ka sone mo go ba ba tsamayang ka thokgamo.’
“Ke leboga thata mosha yole wa Mo-Armenia, yo o neng a bolela kgang ya gagwe e e nonotshang tumelo mo makasineng wa Tsogang! Ke solofela gore batsadi ba me le ba gagwe ba tla feleletsa ba kgatlhegetse dithuto tsa Baebele.”