O ne O ka Reng?
Ke Eng se se Phoso ka Setshwantsho Seno?
Tlhomolola dilo di le tharo mo setshwantshong seno tse di sa tsamaelaneng le pego ya Baebele e e mo go Johane 13:2-14.
1. ․․․․․
2. ․․․․․
3. ․․․․․
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Ke dinonofo dife tse Jesu a neng a di bontsha mo pegong eno? O ka etsa Jesu jang fa o dirisana le ba lelapa la gaeno?
Tse di Tswang mo Makasineng Ono
Araba dipotso tseno, o bo o feleletse ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.
TSEBE 5 Lebaka lengwe le le dirang gore ‘pelo ya bangwe e rate go dira bosula’ ke lefe? Moreri 8:․․․
TSEBE 8 Baikepi ba tlhomame go le kana kang? Pesalema 73:․․․
TSEBE 10 Modimo o latlhela ditlolo tsa rona bokgakala jo bo kana kang? Pesalema 103:․․․
TSEBE 27 Ke eng se Jesu a neng a se dira se se nayang basha le ba bangwe ba ba lwalang tsholofelo? Mathaio 4:․․․
Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
Ke Mang Yo e Leng Karolo ya Losika Lwa ga Jesu?
Ela tlhoko dintlha tse di ka go thusang go bona dikarabo. Lebelela ditemana tseno mo Baebeleng. Mme o kwale maina a a tshwanetseng mo meleng eno.
4. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Go ne ga bolelwa gore nka ‘se bone loso.’
Bala Bahebere 11:5.
5. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Ke tshedile lobaka lo loleele go feta motho ope fela mo Baebeleng.
Bala Genesise 5:27.
6. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Morwaake o ne a aga araka.
Bala Genesise 5:28, 29 le Bahebere 11:7.
◼ Dikarabo di mo tsebeng ya 22
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31
1. Jesu o ne a ba tlhapisa maoto, e seng matsogo.
2. Ga go na barutwa bape ba ba neng ba thusa Jesu.
3. Jesu o ne gape a phimola maoto a barutwa ba gagwe.
4. Enoke.—Luke 3:37.
5. Methusela.—Luke 3:37.
6. Lameke.—Luke 3:36.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]
Third circle: Northern Territory Archives Service, Joe DAVIS, NTRS 573