LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g18 no. 2 ts. 4
  • 1 Tsaya Lenyalo le le Botlhokwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 1 Tsaya Lenyalo le le Botlhokwa
  • Tsogang!—2018
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GO KAYA ENG
  • GORENG GO LE BOTLHOKWA?
  • SE O KA SE DIRANG
  • Sephiri 2: Boineelo
    Tsogang!—2009
  • Go Nonotsha Maitlamo
    Tsogang!—2015
  • Kafa o ka Nonotshang Lenyalo la Gago ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Go Boloka Maitlamo mo Lenyalong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2018
g18 no. 2 ts. 4
Tshipi e tshwere mokoro gore o se ka wa tsewa ke makhubu a lewatle

Go tsaya lenyalo le le botlhokwa go dira gore le se ka la thubega fa go nna le mathata

BANYALANI

1 Tsaya Lenyalo Le Le Botlhokwa

GO KAYA ENG

Fa monna le mosadi ba tsaya lenyalo la bone e le kgolagano ya botshelo jotlhe, seo se tla dira gore ba ikutlwe ba sireletsegile. Ba a itse gore le fa go ka nna le mathata, yo mongwe ga a kitla a batla go tlhala.

Banyalani ba bangwe ba ikutlwa ba patelesega go nna mo lenyalong ka gonne ba tshaba gore fa ba ka tlhalana ba tla utlwisa ba losika kgotsa ditsala botlhoko. Mme gone, fa banyalani ba batla go itumelela lenyalo, ba tshwanetse go ratana le go tlotlana.

BAEBELE YA RE: “Monna yo o nyetseng ga a a tshwanela go tlogela mosadi wa gagwe.”—1 Bakorintha 7:11.

“Fa o tsaya lenyalo la gago le le botlhokwa, ga o kitla o ngalangala fela. O tla nna bonako go itshwarela le go kopa maitshwarelo fa o dirile phoso. Fa go na le mathata, o leka go a rarabolola go na le go akanya ka go tlhala.”—Micah.

GORENG GO LE BOTLHOKWA?

Fa go na le mathata, banyalani ba ba sa tseyeng lenyalo la bone e le kgolagano ya botshelo jotlhe, ba ka nna ba akanya gore ga ba tshwanelane mme ba batle ditsela tsa go tswa mo lenyalong.

“Batho ba bantsi ba tsena mo lenyalong ka mogopolo wa gore fa dilo di sa tsamaye sentle, ba tla tlhala. Fa motho a tsena mo lenyalong ka mogopolo o o ntseng jalo, wa bo a sa tseye lenyalo le le botlhokwa.”—Jean.

SE O KA SE DIRANG

ITLHATLHOBE

Fa lo sa dumalane ka sengwe . . .

  • A o ikwatlhaela gore o bo o nyetse motho yoo?

  • A o a tle o eletse e kete o ka bo o ile wa nyala mongwe o sele?

  • A o a tle o reye motho yo o mo nyetseng o re: “Ke a go tlogela” kgotsa “ke ya go ipatlela motho yo o tla nthatang”?

Fa e le gore o a tle o akanye ka nngwe ya dilo tseno, o tlhoka go simolola go tsaya lenyalo la gago le le botlhokwa.

DIPOTSO TSE LO KA TLOTLANG KA TSONE

  • A re sa ntse re tsaya lenyalo la rona le le botlhokwa? Fa go sa nna jalo, matsapa di a tsere kae?

  • Re ka dirang gone jaanong go baakanya dilo?

DIKAKANTSHO

  • Mo kwalele molaetsa o mmolelele gore o a mo rata

  • Bontsha gore o mo tsaya a le botlhokwa ka go baya dinepe tsa gagwe mo tafoleng ya gago kwa tirong

  • Mo leletse fa o le kwa tirong kgotsa fa lo se mmogo

BAEBELE YA RE: “Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.”—Mathaio 19:6.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela