KAROLO 1
Popo go ya Morwaleleng
Magodimo le lefatshe di tswa kae? Letsatsi, ngwedi le dinaledi mmogo le dilo tse dingwe tse dintsi tse di mo lefatsheng di nnile gone jang? Baebele e re naya karabo e e boammaaruri fa e re di bopilwe ke Modimo. Ka jalo, buka ya rona e simolola ka dipolelo tsa Baebele tse di buang ka popo.
Re ithuta gore popo ya ntlha ya Modimo e ne e le batho ba semoya ba ba batlileng ba tshwana le ene. Baengele. Mme lefatshe le ne le bopetswe batho ba ba tshwanang le rona. Ka jalo, Modimo o ile a bopa monna le mosadi ba ba bidiwang Adame le Efa mme a ba baya mo tshimong e ntle. Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba utlwa Modimo, mme ba ne ba latlhegelwa ke tshwanelo ya go tswelela ba tshela.
Fa dingwaga tseno tsotlhe di kopanngwa, go simolola ka go bopiwa ga ga Adame go fitlha ka nako ya Morwalela o mogolo, ke dingwaga di le 1 656. Go na le batho ba le bantsi ba ba bosula ba ba ileng ba tshela ka nako eo. Kwa legodimong, go ne go na le batho ba ba sa bonaleng ba semoya, Satane le baengele ba gagwe ba ba bosula. Mo lefatsheng, go ne go na le Kaine le batho ba bangwe ba bantsi ba ba bosula go akaretsa le banna bangwe ba ba neng ba le maatla ka tsela e e sa tlwaelegang. Mme gone, go ne go na le batho ba ba siameng mo lefatsheng—Abele, Enoke le Noa. Mo Karolong ya NTLHA re tlile go bala ka batho bano botlhe le ditiragalo dingwe.