LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 1
  • Modimo o Simolola go Bopa Dilo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo o Simolola go Bopa Dilo
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo o Bopile Legodimo le Lefatshe
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Thulaganyo ya Rona e e Tlhomologileng ya Masedi a Tlholego—Kafa go Diregileng ka Gone Gore e Nne Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Ene yo o Dirileng Dilo Tsotlhe
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • A Dinaledi Di Ama Batho ka Tsela Epe?
    Tsogang!—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 1
Kwa tshimologong fa Lefatshe le ne le khurumeditswe ke metsi a mantsi, maje le makgwamolelo

POLELO 1

Modimo o Simolola go Bopa Dilo

DILO tsotlhe tse di molemo tse re nang le tsone di tswa kwa Modimong. O dirile letsatsi go re naya lesedi motshegare, le ngwedi le dinaledi gore di bonese fa go le bosigo. Gape Modimo o dirile lefatshe gore re tshele mo go lone.

Mme gone, letsatsi, ngwedi, dinaledi le lefatshe, ga se tsone dilo tsa ntlha tse Modimo a di bopileng. A o itse gore ke eng se a se bopileng pele? Modimo o ile a simolola ka go bopa batho ba ba tshwanang le ene. Ga re ka ke ra bona batho bano, fela jaaka re sa kgone go bona Modimo. Mo Baebeleng batho bano ba bidiwa baengele. Modimo o bopile baengele gore ba nne le ene kwa legodimong.

Moengele wa ntlha yo Modimo a ileng a mmopa o ne a kgethegile. E ne e le Morwa wa Modimo wa motsalwapele mme o ne a bereka le Rraagwe. O ile a thusa Modimo go bopa dilo tse dingwe tsotlhe. O thusitse Modimo go bopa letsatsi, ngwedi, dinaledi le lefatshe la rona.

Lefatshe le ne le ntse jang ka nako eo? Kwa tshimologong go ne go se na ope yo o ka kgonang go tshela mo lefatsheng. Go ne go se na sepe kwantle fela ga metsi a mantsintsi a a khurumeditseng lefatshe. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a batla gore batho ba nne mo lefatsheng. Ka jalo, o ne a simolola go re baakanyetsa dilo. O ne a dira eng?

Selo sa ntlha se se neng se tlhokega mo lefatsheng e ne e le lesedi. Ka jalo, Modimo o ne a dira lesedi le le tswang mo letsatsing gore le phatsimele lefatshe. O le dirile gore go nne le bosigo le motshegare. Morago ga moo, Modimo o ne a dira gore lefatshe le se ka la tlhola le nna ka fa tlase ga metsi a mantsintsi.

Kwa tshimologong go ne go se na sepe mo lefatsheng. Le ne le tshwana le setshwantsho se o se bonang fano. Go ne go se na dithunya, ditlhare kgotsa diphologolo. Tota le ditlhapi di ne di seyo mo mawatleng. Modimo o ne a na le tiro e ntsi go dira gore lefatshe le tshwanelegele gore batho le diphologolo ba tshele mo go lone.

Jeremia 10:12; Bakolosa 1:15-17; Genesise 1:1-10.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela