LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 7/8 ts. 4-7
  • A Dinaledi Di Ama Batho ka Tsela Epe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Dinaledi Di Ama Batho ka Tsela Epe?
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dinaledi Di Dintsintsi E Bile Di Farologane
  • Dinaledi mo Dikwalong
  • “Naledi” ya Bethelehema
  • A Dinaledi di Ama Botshelo Jwa Gago?
    Tsogang!—2012
  • Go Na Le Molaetsa O Dinaledi Di O Go Tshwaretseng!
    Tsogang!—1994
  • Dinaledi Di go Tsholetse Eng?
    Tsogang!—1994
  • A Tepodinaledi e ka Bolelela Pele Isagwe ya Gago?
    Tsogang!—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 7/8 ts. 4-7

A Dinaledi Di Ama Batho ka Tsela Epe?

GO LEPA dinaledi ga go gosha. Go ya ka The World Book Encyclopedia, mo dingwageng di le diketekete tse di fetileng balemi “ba ne ba lepa dinaledi go itse gore ba ka jala leng dijalo tsa bone. Batsamai ba ne ba ithuta go dirisa dinaledi go bona tsela fa ba tsamaya.” Le gompieno go santse go dirisiwa dinaledi fa go tsamaiwa mo loaping. Batho ba bogologolo ba ne ba tlhama ditlhamane tsa batho le diphologolo tse ba neng ba akanya gore di ne di supiwa ke ditlhopha tsa dinaledi, kana masagaripa a tsone. Fa nako e ntse e tsamaya, batho ba ne ba akanya gore dinaledi di ka ama botshelo jwa bone.

Dinaledi Di Dintsintsi E Bile Di Farologane

Palo le bogolo jwa dinaledi fela di dira gore o tlale poifo. Go fopholediwa gore go na le masagaripa kana ditlhopha tse dikgolo tsa dinaledi di le dimilione di le dikete di le 100 mo lobopong! The International Encyclopedia of Astronomy ya re: “Eo ke palo ya dithoro tsa reisi tse di ka tlalang mo kagong e kgolo ya kereke.” Go fopholediwa gore lesagaripa la Molalatladi, leo letsatsi e leng karolo ya lone, le na le dinaledi tsa palo eo. Naledi e e gaufi thata le Lefatshe (kwantle ga Letsatsi), nngwe ya setlhopha sa Alpha Centauri, e bokgakala jwa dingwagasedi di le 4,3. Ngwagasedi ke sekgala se lesedi le se tsamayang ka ngwaga. Seo se raya gore fa o leba naledi eo, lesedi le o le bonang le sale le tloga kwa naleding eo dingwaga di le 4,3 tse di fetileng e bile mo nakong eo yotlhe le ne le ntse le tsamaya mo loaping ka lebelo la dikilometara di le 299 792 ka motsotswana. Tota ditlhaloganyo tsa rona ga di kgone go akanya gore sekgala seo se ka nna kana kang. Lefa go ntse jalo, eo ke naledi e e gaufi go di gaisa tsotlhe. Dinaledi tse dingwe di bokgakala jwa dingwagasedi di le dimilione di le diketekete go tswa mo lesagaripeng la rona. Ga go gakgamatse go bo moperofeti wa Modimo a ne a re: “Bonañ, merahe e nntse yaka lerothodi ya nkgwana hèla; e kaiwa yaka loroyanyana lo lo mo selekanyoñ se se pègañ: bōnañ, o choletsa ditlhake yaka selōnyana se sennye hèla.” (Isaia 40:15) Ke mang tota yo a ka itshwenyang ka lerolenyana fela?

Ngwedi ke one o o gaufi thata le lefatshe, mme o ama lefatshe la rona ka tsela e kgolo tota, kgogedi ya one e dira gore dithaete tse di kwa godimo le tse di kwa tlase di fetane ka dimetara di le 15 mo mafelong a mangwe. Go ya ka borasaense ba bararo ba Bafora, go dumelwa gore jaanong kgogedi ya ngwedi ke yone e bolokang ase ya lefatshe e sekame ka dikerii di le 23, seo se bakang go fetoga ga ditlha. (Nature, February 18, 1993) E re ka ngwedi o ama polanete ya rona ka tsela e e ntseng jalo, tota go a utlwala gore motho a botse jaana, Go tweng ka dinaledi tse di dimilione di le diketekete? Mme gone, sa ntlha, metswedi ya bogologolo ya tshedimosetso e e jaaka Bibela e re bolelela eng ka dinaledi?

Dinaledi mo Dikwalong

Bibela e bua thata ka dinaledi, ka tsela ya mmatota le ka tshwantshetso. Ka sekai, go ya ka mopesalema mongwe, Mmopi o dirile “kgwedi le dinaledi gore di laolè bosigo” mo e leng gore dinaledi di ne di tla thusa go bonesa lefatshe. (Pesalema 136:9) Modimo o ne wa bolela jaana moragonyana fa o ne o dira kgolagano le Aberahame yo o ikanyegang: “A ko u lebè yana kwa legodimoñ, me u balè dinaledi, ha u ka di bala: me a mo raea, a re, Losika loa gago lo tla nna kalo.” (Genesise 15:5) Moaposetoloi Paulo o bolela gore dinaledi di a farologana, fa a re: “Go na le kgalalèlō ñwe ea letsatsi, e ñwe ke kgalalèlō ea kgwedi, e ñwe ke kgalalèlō ea dinaledi; gonne naledi ñwe le ñwe e harologanye mo go e ñwe ka kgalalèlō.”a (1 Bakorintha 15:41) Ka nako e e tshwanang, palo e ntsi eno ya dinaledi le kgalalelo ya tsone e laolwa ke Mmopi wa tsone: “O bolèla palō ea dinaledi; o di raea maina cotlhe hèla.”—Pesalema 147:4.

Kafa letlhakoreng le lengwe, gantsi mo Dikwalong re fitlhela gore dinaledi di dirisiwa go emela batho, babusi, le baengele. Josefa morwa Jakobe o ne a lora batsadi ba gagwe ba tshwantshediwa ke “letsatsi, le kgwedi” mme bomorwarraagwe bone ke “dinaledi.” Baengele ba bidiwa “dinaledi tsa moshō.” Kgosi ya Babelona e bolelwa gore e ne e batla go nna kwa “godimo ga dinaledi tsa Modimo,” e bong babusi ba losika lwa ga Dafide ba setšhaba sa Iseraele. Banna ba ba sa tlhomamang mo phuthegong ya Bokeresete ba tshwantshiwa le “dinaledi tse di kailañ hèla,” fa ditlhopha tse di ikanyegang tsa bagolwane ba phuthego di bolelwa gore ke “dinaledi” tse di mo letsogong la ga Keresete le le jang.—Genesise 37:9, 10; Yobe 38:7; Isaia 14:13; Yude 13; Tshenolō 1:16.

Pego nngwe ya Bibela e bolela gore “dinaledi mo ditseleñ tsa cōna tsa tlhabana le Sisere,” moeteledipele wa masole a ga Kgosi Jabine wa Kanana, yo a neng a gatelela setšhaba sa Iseraele ka dingwaga di le 20. Jehofa o ne a romela Moatlhodi Barake wa Iseraele go golola Iseraele mo botshwarong joo mme wa dira gore a fenye Sisere, le mororo a ne a na le dikoloi tsa ntwa di le makgolo a le robong tse di nang le dithipa mo maotwaneng. Baiseraele ba ne ba opela jaana mo pineng ya bone ya phenyo: “Ba tlhabana ba le legodimoñ, dinaledi mo ditseleñ tsa cōna tsa tlhabana le Sisere.” Ga go tlhalosiwe gore dinaledi tseno di ne tsa lwa jang. Go na le gore re tseye fela gore dinaledi di ne tsa ama ntwa eo ka tlhamalalo, go tla bo go utlwala go dumela gore polelwana eo e kaya gore Modimo o ne wa tsenelela ka tsela nngwe a lwela Baiseraele.—Baatlhodi 5:20.

“Naledi” ya Bethelehema

Go bonala nngwe ya dinaledi tse di itsegeng thata tse di umakiwang mo Bibeleng e le “naledi” ya Bethelehema e e neng ya kaela balepi ba dinaledi go tswa kwa “botlhabatsatsi” e ba isa kwa ntlong e Jesu a neng a isitswe ke batsadi ba gagwe kwa go yone dikgwedi di sekae fa a sena go tsholelwa mo setaleng sa dipitse. Naledi eo e ne e le eng? Ruri e ne e se e e tlwaelegileng, gonne e ne e le kwa tlase thata mo balepi ba dinaledi ba neng ba kgona go e sala morago ka dikilometara di le 1 600. “Naledi” eno e ne ya ba isa pele kwa Jerusalema. Kgosi Herode o ne a ba botsa dipotso a bo a swetsa go bolaya ngwana Jesu fa a sena go mo utlwalela. Morago ga foo “naledi” eno e ne ya kaela balepi ba dinaledi kwa ntlong nngwe koo Jesu a neng a le teng. Eleruri ga go na naledi epe e e ka dirang jalo. A selo se se neng se tshwana le naledi seno se ne se tswa mo Modimong? E re ka leeto la balepi bano ba dinaledi ka tsela nngwe le ne la dira gore go bolawe “tshimane eotlhe ea Bethelehema, le ea tikologō eotlhe ea gōna, go simolola ka ba ba dinyaga pedi le bomonna a bōnè,” a tota ga go utlwale go swetsa gore “naledi” eo e ne ya dirisiwa ke Mmaba wa Modimo, Satane, go leka go bolaya Morwa Modimo?—Mathaio 2:1-11, 16.

Gape go tshwanetse ga gakologelwa gore balepadinaledi ba ne ba tswa kwa Botlhaba, gongwe ba ne ba tswa kwa Babelona, eo e neng e le boremelelo jwa bogologolo jwa boselamose, boitseanape, le tepodinaledi. Medimo e mentsi ya Babelona e ne e bidiwa ka dipopo tsa magodimo. Mo metlheng ya ga Kgosi Nebukadenesare, go ne go dirisiwa boitseanape go mo thusa go swetsa gore o tla tsaya tsela efe mo letsholong la gagwe la ntwa.—Esekiele 21:20-22.

Moperofeti Isaia o ne a gwetlha bagakolodi ba Bababelona a re: “Wena [Babelona] ga o na maatla le mororo o gakololwa. A balepi ba gago ba dinaledi ba tswe ba go boloke—ba ba ithutang dinaledi, ba ba itseng dikgaolo tsa magodimo mme ba go bolelele kgwedi le kgwedi se se tlileng go go diragalela. Ba tla tshwana le tlhaga fela, mme molelo o tla ba laila! Ga ba ne ba kgona go iphalotsa . . . e bile ga go na ope yo o tla salang go go boloka.” Mafoko ao a ga Isaia a ne a nna boammaaruri fa Babelona o o maatla o wela mo diatleng tsa ga Kurose yo Mogolo ka 539 B.C.E. Kaelo e balepadinaledi ba Babelona ba neng ba bolela gore ba e bona mo dinaleding e ne ya nna kotsi mo go botlhe ba ba amegang.—Isaia 47:13-15, Today’s English Version.

A seo se raya gore ga re kake ra ithuta sepe mo dinaleding?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Baithutadinaledi ba segompieno ba tlhomamisa mafoko a ga Paulo, gonne dinaledi di farologana ka mmala, bogolo, selekanyo se di phatsimang ka sone, themperetšha, le go kitlana.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

Se Ba Bangwe Ba Se Boletseng

TEPODINALEDI: “ke morwarre e bile ke tsala ya thutodinaledi.”—Johannes Kepler (1571-1630) moithutadinaledi wa Mojeremane.

“Tepodinaledi ke bolwetsi, ga se saense. . . . Ke setlhare se tumelobotlhodi ya mefuta yotlhe e tlhogang kafa tlase ga sone.”—Moses Maimonides (1135-1204), mokanoki wa Mojuda wa Metlha ya Bogare.

“Saense ya bogologolo e e bolelang gore e kgona go sekaseka botho le boitshwaro jwa motho le go bolelela pele isagwe le ditiragalo go ya ka dipopo tsa magodimo. . . . Go akanngwa gore mo e ka nnang ka lekgolo la bo6 la dingwaga BC—Bakaladea ba kwa borwa jwa Iraq ba ne ba simolola dihorosekoupo tsa motho ka namana. Tseno di ne di remeletse thata kafa dinaledi, mmogo le Letsatsi, Ngwedi le dipolanete tse tlhano, di amang motho ka teng ka nako ya fa a tsholwa. . . . Mekgwa ya tepodinaledi le go tlhalosiwa ga dihorosekoupo di ikaegile ka dikgopolo tsa baithutadinaledi mme borasaense ba bantsi ba di fitlhela di sa thaiwa mo mabakeng a a utlwalang e bile ga ba di dumele.”—C. A. Ronan, mogokaganyi wa porojeke ya East Asian History of Science Trust, kwa Cambridge, kwa Engelane, le yo mafoko mangwe a gagwe a kwadilweng mo The International Encyclopedia of Astronomy e mafoko ano a nopotsweng mo go yone.

Go tshwantsha kafa seno se sa utlwaleng ka teng, Ronan o tlhalosa gore mo mothong wa kwa Bophirima, polanete e khibidu, e leng Mars, e amanngwa le ntwa le go gwetlha dintwa, fa Ba-China bone ba tsaya mmala o mohibibu o le montle thata, e bile Mars e lejwa e tlhotlheletsa motho gore a nne pelonomi a bo a nne bonolo. Go fapaana le seo, ditlhamane tsa Bophirima di amanya Venus le bosweu le bontle. Mo bathong ba China “bosweu . . . bo lejwa e le mmala wa loso, go bola le tshenyego; ka gone, Venus e ne e bolelwa gore ke ‘polanete e e senang boitumelo ya ntwa.’”

Ronan o tswelela jaana: “Lefa gone e tlholegile e le thuto ya saense, mo metlheng ya bogologolo tepodinaledi e ne e le botlhokwa thata mo go tswelediseng dilo tse di neng tsa lemogiwa tsa thutodinaledi e bile e ne ya dira gore go nne le madi a go e tsweledisa pele.”

Bafenyi ba le 19 ba sekgele sa Nobel, mmogo le borasaense ba bangwe, ba ne ba bolela maikaelelo a bone ka 1975 mo setlhogong se se reng “Go Ganetsa Tepodinaledi—Polelo ya Borasaense ba le 192 ba Maemo A A kwa Godimo.” A ne a re:

“Mo metlheng ya bogologolo batho . . . ba ne ba sa itse sepe ka dikgala tse dileele tse di fa gare ga lefatshe le dipolanete le dinaledi. Mme jaanong ka gore dikgala tseno di kgona go lekanngwa e bile di a itsiwe, re kgona go bona kafa kgogedi le dilo tse dingwe tse di dirwang ke dipolanete tse di kwa kgakala le dinaledi tse di kwa kgakala thata di leng dinnyennye thata ka teng. Ke phoso tota go akanya gore maatla a a ntshiwang ke dinaledi le dipolanete ka nako ya fa re tsholwa a ka tlhomamisa gore isagwe ya rona e tla nna jang.”b

[Ntlha e e kwa tlase]

b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka tepodinaledi, bona Awake! ya May 8, 1986, ditsebe 3-9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela