LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 7/8 ts. 3
  • Dinaledi Di go Tsholetse Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dinaledi Di go Tsholetse Eng?
  • Tsogang!—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Tepodinaledi e ka Bolelela Pele Isagwe ya Gago?
    Tsogang!—2005
  • A Dinaledi Di Ama Batho ka Tsela Epe?
    Tsogang!—1994
  • A Dinaledi di Laola Botshelo Jwa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • A Dinaledi di Ama Botshelo Jwa Gago?
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 7/8 ts. 3

Dinaledi Di go Tsholetse Eng?

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA BRAZIL

“AO UTLWILE gore dinaledi tsa re, re tlile go thulana le Mars ka July o o tlang?” Mafoko ano a pina e e monate ya ga Cole Porter a tlhalosa sentle selo se se dumelwang thata e bile e le sa bogologolo sa gore isagwe ya motho e amana thata le dinaledi.a Mme tota a gone dipopo tsa legodimo di ama botshelo jwa batho ba ba mo lefatsheng? Fa e le gore go ntse jalo, di ama batho ka tsela efe? Fa go sa nna jalo, mosola wa dinaledi ke eng?

a gagwe.”—The International Encyclopedia of Astronomy.

Tota ga go gakgamatse go bo batho ba bantsi jaana ba kgatlhegela go itse ka isagwe segolo fa re ela tlhoko ditiragalo tse di gakgamatsang tse di diragetseng moragonyana jaana—go digwa ga Lebota la Berlin le go kgaogana ga dinaga tsa Soviet Union ka bonako jo bo kalo, go sa ikanye baeteledipele ba dipolotiki, kilano ya merafe mo Afrika le kwa Yuropa, go lwa ga batho ba bodumedi kwa India le Ireland, go oketsega ga ditlhwatlhwa go go tlhasetseng dinaga tse dintsi le go tsuologa ga basha. Go ya ka pego nngwe ya Yunibesithi ya Hamburg, ngwaga wa 1992 e ne e le ngwaga o o tletseng dintwa thata fa esale Ntwa ya Lefatshe II e khutla, gonne go ne ga nna le dintwa di le 52 tse go neng go lowa ka dibetsa mo go tsone mo dinageng tse di farologaneng. Fela jaaka o ka lebelela, batho ba ba ratang kagiso ba botsa jaana: ‘Tota re ka bona kae thetebalo, kagiso le polokesego?’

Go sa tlhomamiseng ka isagwe go ile ga tsala mefuta e e farologaneng ya go bolelela dilo pele. Go lebega tepodinaledi e le yone e e itsiweng go e gaisa yotlhe. Go farologana le saense ya thutodinaledi, tepodinaledi ke “go lepa kafa dinaledi le dipolanete di amang botshelo jwa batho le dilo tse di diragalang mo legodimong go ya ka boemo jwa tsone le gore di fa kae fa di bapisiwa le tse dingwe.” Dimilione tsa batho gompieno di rata go bala dihorosekoupo go itse se se tla ba diragalelang mo isagweng.b

Dilo tse dingwe tse balepadinaledi ba bolelang gore ba ka bolela isagwe ya tsone di akaretsa kafa mathata a lenyalo le a boitekanelo a tla felelang ka teng, go tlhongwa le go wa ga baeteledipele ba dipolotiki, letlha le le siameng thata la go bula kgwebo e ntšha, le dipalo tse o ka di dirisang go gapa madi a lothari.

Mmegadikgang mongwe wa Reuters o ne a bega gore Nancy Reagan o ne a tlhola a etela Joan Quigley wa molepadinaledi go tlhola gore monna wa gagwe, yo ka nako eo e neng e le poresidente wa United States, o tshwanetse go bua le setšhaba leng le gore sefofane sa gagwe se ka tsamaya leng le go kotama leng. New Catholic Encyclopedia e ne ya senola gore “Mopapa Julius II [1503-13] o ne a dirisa tepodinaledi go tlhoma letsatsi le a neng a tlhongwa mo maemong ka lone mme Paul III [1534-49] o ne a e dirisa fa a tlhoma ura e e tshwanetseng ya go tshwara Lekgotla lengwe le lengwe.” Alfred Hug, motsamaisi wa feme nngwe ya kwa Switzerland e e dirisang tepodinaledi go gakolola ba ba batlang go reka disetoko kwa mebarakeng ya madi, o bolela gore seno se na le matswela a mantle tota. “Go supiwa ke dinaledi,” o gatelela jalo.

Go bonala gore bontsi bo dumela gore dinaledi di ama matshelo a batho. Tepodinaledi e simolotse jang? A buka ya bogologolo, Bibela e bua sengwe ka tepodinaledi le balepadinaledi?

[Dintlha tse di kwa tlase]

a “Kwa China wa bogologolo, . . . ditshupo dipe fela mo loaping mmogo le masetlapelo a tlholego di ne di akanngwa gore di supa ditiro tse dintle le tse di maswe tsa Mmusimogolo le puso

b Horosekoupo ke “setshwantsho se se supang kafa dipolanete le matshwao a zodiac di emeng ka teng ka nako nngwe (jaaka ka letsatsi la gago la botsalo)” mme balepadinaledi ba e dirisa go leka go bolelela pele se se tla diragalang mo botshelong jwa motho.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela