LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 7/8 ts. 7-8
  • Go Na Le Molaetsa O Dinaledi Di O Go Tshwaretseng!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Na Le Molaetsa O Dinaledi Di O Go Tshwaretseng!
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Re Ka Se Ithutang mo Dinaleding
  • A Dinaledi Di Ama Batho ka Tsela Epe?
    Tsogang!—1994
  • A Dinaledi di Ama Botshelo Jwa Gago?
    Tsogang!—2012
  • Popo e Bolela Kgalalelo ya Modimo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Dinaledi Di go Tsholetse Eng?
    Tsogang!—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 7/8 ts. 7-8

Go Na Le Molaetsa O Dinaledi Di O Go Tshwaretseng!

JAAKA go umakilwe mo ditlhogong tse di fetileng, lefa gone dinaledi di galalela, motho o ne a tshwanetse go di tsaya fela jaaka di ntse—jaaka dilo fela tse di sa tsheleng tse Mmopi wa tsone a di beileng mo magodimong ka boikaelelo jo e leng jwa gagwe fela. Di ne di sa tshwanela go obamelwa. Jaaka karolo ya botlhokwa ya dilo tse dintlentle thata tse Jehofa a di tlhodileng, dinaledi di laolwa ke melao ya gagwe, mme di ne di tshwanetse go “bolèla kgalalèlō ea Modimo” di bo di bonesetse motho fa a ntse a dira boikaelelo jwa Mmopi.—Pesalema 19:1; Duteronome 4:19.

Re bala jaana mo Bibeleng: “Go se ka ga hitlhèlwa mo go wèna opè eo o . . . moitseanape, leha e le moñwe eo o shwabañ ka eñ le eñ, leha e le morai, kgotsa eo o lōañ, Leha e le mophekodi, kgotsa eo o buañ le badimo, kgotsa ñaka ea bola, kgotsa eo o botsañ bashwi. Gonne leha e le mañ eo o dihañ dilō tse, o makgapha mo go Yehofa.” (Duteronome 18:10-12) Isaia o ne a re: “A [bagakolodi ba gago] le balepi ba dinaledi, le baboledi ba ditihalō tsa dikgwedi, ba èmè, a ba gu dibèlè . . . Bonañ, ba tla nna yaka dirine hèla.”—Isaia 47:13, 14.

Se Re Ka Se Ithutang mo Dinaleding

Lefa go ntse jalo, dinaledi tse di sa tsheleng di ka re bolelela sengwe fa re batla go reetsa. Edwin Way Teale o ne a kwala jaana: “Dinaledi di supa gore motho ga a botlhokwa thata jalo mo nakong e e senang bokhutlo.” Ee, fa re akanya gore bagologolwane ba rona ba ne ba bona bontsi jwa dinaledi tse re di bonang ka matlho a rona jaanong fa go sena maru bosigo makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, a seno ga se re dire gore re ipone fa re se sepe? A ga re ikutlwe re tlotla Yo Mogolo go Gaisa yo o di tlhodileng “mo tshimologoñ” le yo moragonyana a neng a bopa batho? Kgosi Dafide wa kwa Iseraele o ne a kwala jaana ka tlotlo: “Ea re ha ke akanya magodimo a gago, tihō ea menwana ea gago, kgwedi le dinaledi tse u di baakantseñ; Kana motho e be e le eñ, ha e bo ne ne u mo gopola? le morwa motho, ha e bo ne ne u mo lekola?” Magodimo a tshwanetse go re dira gore re ikokobetse le go sekaseka se re se dirang ka matshelo a rona.—Genesise 1:1; Pesalema 8:3, 4.

Dafide o ne a rapela jaana ka nako nngwe: “U nthutè go diha go rata ga gago; gonne u Modimo oa me.” (Pesalema 143:10) Pego ya botshelo jwa ga Dafide e supa gore thapelo eno e ne ya arabiwa. O ne a ithuta se se batliwang ke Modimo jaaka se kwadilwe mo Molaong wa Gagwe. O ne a ithuta le boikaelelo jwa Mmopi ka batho, a bo a kwala ka jone. “Gonne e tla re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gōna . . . Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō. . . . Tlogèla boshula, u dihè molemō, me u nnè ka bosaeñkae. . . . Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.” Go itse boikaelelo joo go rwesa motho maikarabelo ano: “Tlogèla boshula u dihè molemō.”—Pesalema 37:10, 11, 27-29.

Dinaledi di ruta batho botlhe selo se se tshwanang. Re kgona go bona lorato lwa Mmopi, botlhale le maatla a gagwe ka tsone, kwa ntle ga go di obamela kana go “tlhola” mo go tsone. Go ithuta kaga dinaledi e seng go lepa dinaledi go tshwanetse ga dira gore re mo tlotle tota go tswa mo dipelong. Mme se se fetang seo, a seo ga se re tlhotlheletse gore re eletse go ithuta go le gontsi ka Modimo? O re file Lefoko la gagwe, Bibela, ka jone boikaelelo joo. Fa e le gore o kgonne go utlwa molaetsa ono wa dinaledi, o ka kgona go ithuta gore Jehofa o tlile go direla batho eng, mme se se botlhokwa le go feta, kafa le wena o ka nnang le seabe ka teng mo masegong ao a a ba baakanyeditseng. Fa e le gore o batla go botsa sengwe ka Modimo le lebaka la go bo botshelo bo le teng, gololesega mme o ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong la lona, kana kwalela aterese e e fa gaufi e e supilweng mo go tsebe 5.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Dinaledi di ka re ruta go nna boikokobetso

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela