LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 7
  • Monna yo o Pelokgale

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Monna yo o Pelokgale
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘O ne A Itumedisa Modimo Sentle’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Enoke—O ne A le Pelokgale Lefa A Ne A Lebane le Mathata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Enoke O ne A Tsamaya le Modimo mo Lefatsheng Le le Sa Boifeng Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Tsamaya le Modimo mo Dinakong Tseno Tsa Matshwenyego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 7
Enoke

POLELO 7

Monna yo o Pelokgale

FA PALO ya batho e simolola go oketsega mo lefatsheng, bontsi jwa bone ba ne ba dira dilo tse di bosula jaaka Kaine. Mme monna mongwe o ne a farologane le bone. Monna yono o bidiwa Enoke. Enoke e ne e le monna yo o pelokgale. Batho ba a neng a tshela le bone ba ne ba dira dilo tse di bosula fela thata, mme Enoke ene o ne a tswelela a direla Modimo.

Monna yo o ratang thubakanyo wa mo motlheng wa Enoke, o bolaile monna yo mongwe

A o itse gore ke ka ntlha yang fa batho ba nako eo ba ne ba dira dilo tse dintsi tse di bosula? A ko o akanye, ke mang yo o neng a dira gore Adame le Efa ba se ka ba ikobela Modimo mme ba je leungo le a rileng ba se ka ba le ja? Ee, e ne e le moengele yo o bosula. Baebele e mmitsa Satane. Mme o leka go dira gore mongwe le mongwe a nne bosula.

Letsatsi lengwe Jehofa Modimo o ne a laela Enoke go bolelela batho sengwe se ba neng ba sa batle go se utlwa. E ne e le gore: ‘Letsatsi lengwe Modimo o tlile go senya batho botlhe ba ba bosula.’ Go bonala batho ba ile ba galefa fela thata fa ba utlwa seno. Gongwe ba ka tswa ba ile ba leka go bolaya Enoke. Ka jalo, Enoke o ne a tlhoka go nna pelokgale tota gore a bolelele batho se Modimo a neng a tlile go se dira.

Batho ba ba bosula ba motlha wa ga Enoke ba tshela botshelo jo bo maswe

Modimo ga a ka a letla Enoke gore a tshele lobaka lo loleele mo gare ga batho bao ba ba bosula. Enoke o ne a tshela dingwaga di le 365 fela. Goreng re re “dingwaga di le 365 fela”? Ka gonne ka nako eo batho ba ne ba nonofile thata go feta gompieno e bile ba tshela lobaka lo loleele. Morwa wa ga Enoke e bong Methusela ene o ne a tshela go fitlha a le dingwaga di le 969!

Morago ga loso lwa ga Enoke, batho ba ne ba nna bosula le go feta. Baebele ya re ‘sengwe le sengwe se ba neng ba akanya ka sone se ne se le bosula ka dinako tsotlhe,’ mme ‘lefatshe la tlala thubakanyo.’

A o itse lengwe la mabaka a go bo matshwenyego a ne a le mantsi thata jaana mo lefatsheng ka nako eo? Ke ka gonne Satane o ne a na le tsela e ntšha ya go dira gore batho ba dire dilo tse di bosula. Re tla ithuta ka seno mo kgaolong e e latelang.

Genesise 5:21-24, 27; 6:5; Bahebera 11:5; Jude 14, 15.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela