Lebaka La Go Bo Re Tshwanetse Go Itse Leina La Modimo
“MONGWE le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.” (Baroma 10:13, NW) Ka mafoko ano moaposetoloi Paulo o otleletse ka mo go leng botlhokwa ka teng gore re itse leina la Modimo. Polelo ya gagwe e re busetsa kwa potsong ya rona ya ntlha-ntlha: Ke ka ntlhayang fa Jesu a ile a eteletsa ‘go itshepisiwa’ ga leina la Modimo pele ga dilo tse dingwe tse dintsi tsa botlhokwa mo Thapelong ya gagwe ya Sekao? Go tlhaloganya seno, go tlhokega gore re tlhaloganye bokao jwa mafoko a mabedi a konokono ga botokanyana.
Santlha, lefoko ‘itshepisa’ le kayang tota-tota? Jaaka le ntse le kaya: “go dira boitshepo.” Mme a leina la Modimo ga le boitshepo? Le boitshepo. Fa re itshepisa leina la Modimo, ga re le dire boitshepo go feta ka moo le leng ka gone. Go na le moo re dumela fa le le boitshepo, rea le tlhaola, re le tlotlomatsa tota. Fa re rapelela go itshepisiwa ga leina la Modimo, re lebeletse pele nakong ya fa lobopo lotlhe lo tla bo lo le tlotla jaaka le le boitshepo.
Sa bobedi, tota-tota bokao jwa lefoko “leina” ke bofe? Re bone gore Modimo o na le leina, Jehofa, le gore leina la gagwe le tlhagelela makgetlho a a dikete-kete mo Bibeleng. Re setse re tlotlile gape le ka botlhokwa jwa go busetsa leina leo mo bonnong jwa lone jo bo tshwanetseng mo ditemaneng tsa Bibela. Fa leina leno le se teng, mafoko a mopesalema a ka diragadiwa jang: “Ba ba itseñ leina ya gago ba tla ikanya mo go wèna; gonne wèna, Yehofa, ga ua latlha ba ba gu batlañ”?—Pesalema 9:10.
Mme a ‘go itse leina la Modimo’ go akareletsa fela kitso ya gore leina la Modimo ka Sehebera ke YHWH, kana ka Setswana, Jehofa? Nnyaa, go kaya go go fetang goo. Fa Moshe a ne a le kwa Thabeng ya Sinai, “Yehofa a hologa a le mo leruñ, a èma naè [Moshe] gōna, me a utlwatsa leina ya ga Yehofa.” Go utlwatsa gono leina la ga Jehofa go ne go akaretsang? Tlhaloso ya dinonofo tsa gagwe: “Yehofa, Yehofa, Modimo o o tletseñ bopelotlhomogi, o o tsalanō, o o bonya go galeha, le o o letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko le boamarure.” (Ekesodo 34:5, 6) Gape, nakwana pele ga loso lwa gagwe, Moshe o reile Baiseraele a re: “Ke tla ōpèla leina ya ga Yehofa mokgosi.” Go ne ga latelang? Go umakiwa ga dingwe tsa dinonofo tsa Gagwe tse dikgolo, mme morago poeletso ya seo Jehofa a se diretseng Iseraele ka ntlha ya leina la Gagwe. (Duteronome 32:3-43) Ka gone, go itse leina la Modimo go kaya go ithuta seo leina leo le se emelang le go obamela Modimo wa lone.
Ereka Jehofa a golagantse leina la gagwe le dinonofo, maikaelelo le ditiro tsa gagwe, re ka bona gore ke ka ntlhayang fa Bibela e re leina la Modimo le boitshepo. (Lefitiko 22:32) Le tlotlometse, le legolo, lea boifisa mme le kwa godimo jo bo sa fitlhelelweng. (Pesalema 8:1; 99:3; 148:13) Ee, leina la Modimo le feta go nna letshwao fela. Le mo emela jaaka motho. E ne e se leina la nakwana leo le tla dirisiwang ka nako e e rileng fela mme le bo le emisediwa ka sereto se se jaaka “Morena.” Jehofa ka boene o reile Moshe a re: “‘YEHOFA . . .’ ke yeōna leina ya me ka bosakhutleñ; me ke yeōna segopoco sa me go ea mo tshikatshikeñ cotlhe.”—Ekesodo 3:15.
Lefa motho a ka leka ka moo a ratang ka gone gaa kitla a nyeletsa leina la Modimo mo lefatsheng. “ ‘Go cwa botlhabatsatsi go ea hèla phirimoñ ea yeōna, leina ya me le legolo mo Merahiñ: me mo heloñ goñwe le goñwe mashwalō a isediwa leina ya me, le chupèlō e e itshekileñ: gonne leina ya me le legolo mo Merahiñ,’ go bua Yehofa oa mashomōshomō.”—Malaki 1:11; Ekesodo 9:16; Esekiele 36:23.
Ka gone, go itshepisiwa ga leina la Modimo go botlhokwa go feta lefa e le kganetsano epe. Maikaelelo otlhe a Modimo a golagane le leina la gagwe. Mathata a batho a simologile fa Satane a ne a tlhapatsa leina la Modimo lantlha ka go Mmitsa moaki le yo o sa tshwanelang go busa batho. (Genesise 3:1-6; Yohane 8:44) Ke fela fa leina la Modimo le se na go siamisiwa sentle batho ba tla itumelelang kgololesego e e feletseng mo diphelelong tse di tlhokofatsang tsa maaka a ga Satane. Ke ka moo Bakeresete ba rapelelang go itshepisiwa ga leina la Modimo ka tlhoafalo jaana. Mme go na le dilo tseo le bone ba ka di dirang, go le itshepisa.
Re ka Itshepisa Leina la Modimo Jang?
Tsela e le nngwe ke ya go bua le ba bangwe kaga Jehofa le go supa Bogosi jwa gagwe ka Keresete Jesu e le tsholofelo e le nosi ya batho. (Tshenolō 12:10) Ba bantsi ba dira seno, mo tiragatsong ya gompieno ya mafoko ano a boperofeti jwa ga Isaia: “Lo tla bua mo letsatsiñ yeuō, lo re, ‘Ntshetsañ Yehofa malebogō, bitsañ leina ya gagwè, kakanyañ ditihōtihō tsa gagwè mo dichabeñ, umakañ, go re, leina ya gagwè le goletsegile. Ōpèlèlañ Yehofa; gonne o dihile dilō tse di gaisañ; mo, a go itsiwè mo lehatshiñ yeotlhe.’ ”—Isaia 12:4, 5.
Tsela e nngwe ke ya go tlotla melao le ditaolo tsa Modimo. Jehofa o boleletse morafe wa Iseraele a re: “Lo bolokeñ ditaolō tsa me, lo di dihè: Ke nna Yehofa. Me lo se ka loa tlhapatsa leina ya me ye le boitshèpō: me ke tla itshepisiwa mo baneñ ba Iseraela: Ke nna Yehofa eo ke lo itshepisañ.”—Lefitiko 22:31, 32.
Go boloka Molao wa ga Jehofa ga Baiseraele go itshepisitse leina la gagwe jang? Molao o ne wa neelwa Baiseraele mo motheong wa leina la gagwe. (Ekesodo 20:2-17) Ka gone, fa ba ne ba boloka Molao ono, ba ne ba bontsha tlotlo le tlhokomelo tse di tshwanelang leina leo. Go feta moo, leina la ga Jehofa le ne le le go Baiseraele jaaka morafe. (Duteronome 28:10; 2 Ditihalō 7:14) Fa ba ne ba itshola sentle, seno se ne se mo tlisetsa pako, fela jaaka fa ngwana yo o itsholang sentle a tlisetsa rraagwe pako.
Mo letlhakoreng le lengwe, fa Baiseraele ba ne ba palelwa ke go boloka Molao wa Modimo, ba ne ba tlhapatsa leina la gagwe. Ka gone, maleo a a jaaka go isetsa ditshwantsho ditlhabelo, go ikanela maaka, go gatelela batlhoki le go gokafala di tlhalosiwa mo Bibeleng e le ‘go tlhapatsa leina la Modimo.’—Lefitiko 18:21; 19:12; Yeremia 34:16; Esekiele 43:7.
Ka mo go tshwanang, Bakeresete ba nnile ba newa ditaolo mo leineng la Modimo. (Yohane 8:28) Mme le bone ba kopanela le ‘batho ba leina la ga Jehofa.’ (Ditihō 15:14) Ka gone, Mokeresete yo o rapelang ka bopelo-e-phepa a re, “Leina ya gago a le itshepisiwè” o tla itshepisa leina leo mo botshelong jwa gagwe ka go tlotla ditaolo tsotlhe tsa Modimo. (1 Yohane 5:3) Seno se ne se tla akareletsa le go tlotla ditaolo tse di neetsweng ke Morwa Modimo, Jesu, yo o nnileng a baka Rraagwe ka metlha.—Yohane 13:31, 34; Mathaio 24:14; 28:19, 20.
Bosigo jwa pele ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a lemosa Bakeresete ka botlhokwa jwa leina la Modimo. Morago ga go raya Rraagwe a re: “Ke ba itsisitse leina ya gago, me ke tla nna ke le ba itsise,” o tswelapele go tlhalosa jaana: “gore loratō lo u nthatileñ ka lōna lo nnè mo go bōnè, le nna ke nnè mo go bōnè.” (Yohane 17:26) Go ithuta ga barutwa leina la Modimo go ne go kopanyeletsa go itse ga bone lorato lwa Modimo. Jesu o dirile gore go kgonege gore ba itsane le Modimo jaaka Rraabo yo o lorato.—Yohane 17:3.
Ka moo Le go Amang ka Gone
Kwa pokanong ya baaposetoloi le bagolwane ya lekgolo la ntlha la dingwaga kwa Jerusalema, morutwa Jakobo o rile: “Simone o boletse kaha e rileñ pele Modimo oa lekola Badichaba, gore o tlhaolèlè leina ya ōna batho mo go bōnè.” A o ka tlhaolwa le bao Modimo a ba tsayang e le ‘batho ba leina la one’ fa o palelwa ke go dirisa kana go sikara leina leo?—Ditihō 15:14.
Lefa ba bantsi ba sa rate go dirisa leina Jehofa, mme le baranodi ba bantsi ba Bibela ba sa le dirise mo dithanolong tsa bone, dimilione tsa batho go dikologa lefatshe ba amogetse tshiamelo ya go sikara leina la Modimo e seng mo kobamelong fela, mme le mo puong ya letsatsi lengwe le lengwe le go le itsise ba bangwe. Fa mongwe a ka bo a buile le wena ka Modimo wa Bibela mme a dirisitse leina Jehofa, o ne o tla mo golaganya le setlhopha sefe sa bodumedi? Go na le setlhopha se le sengwe fela mo lefatsheng seo se dirisang leina la Modimo ka metlha mo kobamelong ya bone, fela jaaka baobamedi ba gagwe ba kgale ba ne ba dira. Ke Basupi ba ga Jehofa.
Leina le le thailweng mo Bibeleng la Basupi ba ga Jehofa le tlhaola Bakeresete bano jaaka ‘batho ba leina la Modimo.’ Ba motlotlo go bo ba sikara leina leo, gonne le neetswe baobamedi ba boammaaruri ke Jehofa Modimo ka boene. Go Isaia 43:10, re bala jaana: “‘Lo bashupi ba me,’ go bua Yehofa, ‘u bile u motlhanka oa me eo ke gu itshenketseñ.’ ” Modimo o ne a bua le mang fano? Sekaseka dingwe tsa ditemana tse di kwa pelenyana.
Mo ditemaneng 5 go ya go 7Isa 43:5-7 tsa kgaolo yone eo, Isaia o re: “U se ka ua boiha, gonne ke na nau: ke tla tlisa losika loa gago lo cwa kwa botlhabatsatsi, ke gu phutha go cwa bophirimatsatsi. Ke tla raea Botsheka, ke re, ‘Ntsha;’ ke raea Borwa, ke re, ‘Se kganele: tlisañ bomorwaake go cwa kgakala, le bomorwadiake go cwa sekhutloñ sa lehatshe; Eboñ moñwe le moñwe eo o bidiwañ ka leina ya me, eo ke bileñ ka mo tlhōlèla kgalalèlō ea me; Nna ke mmopile, E, Nna ke mo dihile.’ ” Mo motlheng wa rona, ditemana tseo di lebisitse go batho ba Modimo bao a ba kgobokantseng go tswa mo merafeng yotlhe go mmaka le go nna basupi ba gagwe. Ka gone leina la Modimo ga le mo tlhaole fela mme gape le thusa go tlhaola batlhanka ba gagwe ba boammaaruri mo lefatsheng gompieno.
Masego A Go Itse Leina la Modimo
Jehofa o babalela bao ba ratang leina la gagwe. Mopesalema o rile: “Ereka a tlhomile loratō loa gagwè mo go nna, ke gōna ka mouō ke tla mo gololañ: ke tla mmaea ha godimo, ka go bo a itsile leina ya me.” (Pesalema 91:14) Ebile o a ba gakologelwa: “Hoñ ba ba boihañ Yehofa ba tloga ba buisanya mmōgō: me Yehofa a reetsa, me a utlwa, me lokwalō loa segopodishō loa kwalwa ha pele ga gagwè, loa kwalèlwa ba ba boihañ Yehofa le ba ba akanyañ leina ya gagwè.”—Malaki 3:16.
Ka gone, melemo e e tsalwang ke go itse leina la Modimo le go le rata ga e felele fela mo botshelong jono. Jehofa o solofeditse batho ba ba mo tlotlang botshelo jo bo sa khutleng mo boitumelong jwa lefatshe la Paradaise. Dafide o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Badiha boshula ba tla kgaolwa; me ba ba lebeletseñ mo go Yehofa, ba tla rua lehatshe. Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”—Pesalema 37:9, 11.
Seno se tla kgonega jang? Jesu o neetse karabo. Go yone Thapelo ya Sekao moo a re rutileng go rapela gone, “Leina ya gago a le itshepisiwè,” o okeditse jaana: “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:9, 10) Ee, Bogosi jwa Modimo mo diatleng tsa ga Jesu Keresete bo tla itshepisa leina la Modimo gape le go tlisa maemo a a molemo mo lefatsheng leno. Bo tla nyeletsa bosula le go tlosa ntwa, bokebekwa, tlala, bolwetsi le loso.—Pesalema 46:8, 9; Isaia 11:9; 25:6; 33:24; Tshenolō 21:3, 4.
O ka itumelela botshelo jo bo sa khutleng mo Bogosing joo. Jang? Ka go itse Modimo. “Botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” (Yohane 17:3) Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go amogela kitso e e neelang botshelo eo.—Ditihō 8:29-31.
Go solofelwa gore boikitsiso jo bo mo bukaneng eno bo go tlhatswitse pelo gore Mmopi o na le leina la sebele leo a le ratang thata. Le wena o tshwanetse go le rata thata. Ekete o ka elatlhoko botlhokwa jwa go itse le go dirisa leina leo, segolo mo kobamelong.
Mme ekete o ka ikaelela go bua jaaka moperofeti Mika a ile a bua ka bopelokgale mo makgolong a mantsi a dingwaga a a fetileng fa a ne a re: “Batho ba dichaba cotlhe ba tla sepela moñwe le moñwe ka leina ya modimo oa gagwè, me rona re tla sepela ka leina ya ga Yehofa Modimo oa rona, ka bosakhutleñ le ka bosaeenkae.”—Mika 4:5.
[Mafoko a a mo go tsebe 28]
‘Go itse leina la Modimo’ go kaya go feta go itse fela ka tlhogo gore leina la gagwe ke Jehofa
[Mafoko a a mo go tsebe 30]
Leina la ga Jehofa le ‘tlotlometse, le legolo, lea boifisa mme le kwa godimo jo bo sa fitlhelelweng.’ Maikaelelo otlhe a Modimo a golagantswe le leina la gagwe
[Lebokoso mo go tsebe 29]
Mo setlhogong sa mo Anglican Theological Review (October 1959), Dr. Walter Lowrie o lemositse ka botlhokwa jwa go itse leina la Modimo. O kwadile jaana: “Mo dikamanong tsa batho go botlhokwa thata go itse leina la mmatota, leina la sebele, la yo re mo ratang, yo re buang le ene, kana le e leng yo re buang ka ene. Go ntse fela jalo le kaga kamano ya motho le Modimo. Motho yo o sa itseng Modimo ka leina ga a mo itse jaaka motho, ga a tlwaela go bua le ene (e leng seo se kaiwang ke thapelo), mme a ka se mo rate, fa a mo itse fela e le maatla a a fetang a batho.”