Badihedi ba Nako e e Tletseng ba Goga Tiro ya go Rera kwa Pele
Gongwe motho wa ntlha go go etela e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa e ne e le modihedi wa mmulatsela wa nako e e tletseng kana morongwa. Ereka jaana Basupi ba ga Jehofa ba sa duelelwe bodihedi jwa bone, o ka nna wa bo o ile wa ipotsa gore batho bano ba ka tshwarega jang mo bodiheding jono ka nako e e tletseng.
Basupi ba ga Jehofa botlhe ba ba ineetseng le go kolobediwa ke badihedi, mme bontsi jwa bone ba na le malapa kana ditshwarego tse dingwe tse di ba kganelang gore ba ka senya dioura tse di oketsegileng mo bodiheding jwa bone. Lefa go ntse jalo, diketekete tsa Basupi mo lefatsheng lotlhe ba fokoditse selekanyo sa bone sa botshelo gore ba tle ba duelele ditshenyegelo tsa bone tse di fokoditsweng ka tiro e e sa tseyeng nako yotlhe mme ba bo ba digela dioura tse 1 000 kana go feta ka ngwaga mo bodiheding.
Ke boammaaruri, badihedi ba babulatsela ba nako e e tletseng ga ba na madi a mantsi ao ba a itirisetsang, mme eno ke yone tsela ya bone ya go batla Bogosi jwa Modimo pele. Mme ba amogela masego a le mantsi. Go kgona fela go bua le ba bangwe kaga Lefoko la Modimo ka dioura di le 90 kana go feta ka kgwedi ke boitemogelo jo bontle ka bojone. Modihedi wa nako e e tletseng o tokafatsa bokgoni jwa gagwe mo bodiheding gape o na le nako ya go boela ba ba bontshitseng kgatlhego ka tshwanelo. Seno se tlhagisa matswela a a kgothatsang. Ba na le dilo tse ba di tlhokang tsa botshelo, mme gape ba anaanela thata se ba nang naso.—Mathaio 6:33.
Ka February 1943, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa tlhoma Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade. Boikaelelo jwa sone e ne e le go thapisa badihedi ba nako e e tletseng ba ba nang le maitemogelo go direla jaaka barongwa mo dinageng di sele. Thuto ya dikgwedi tse tlhano e akaretsa thuto e e nonofileng ya Bibela, histori ya Bibela, phuthego ya ga Jehofa, le ditlhogo tse dingwe tse di ba baakanyetsang tirelo ya mo mafatsheng a sele.
Mokgatlho o duelela dipalangwa tsa bone tsa go ya dikabelong tsa bone tsa borongwa le go ba fa dijo tse di itekanetseng le marobalo a a siameng mo magaeng a barongwa. Gape o fa morongwa mongwe le mongwe madinyana a sekae a ditshenyegelo tsa botho. Barongwa ba fapaanela go tlhokomela legae ka go ya mabenkeleng, go apaya dijo, le go phepafatsa. Ka tlhokomelo e e ntseng jaana e e siameng barongwa ba kgona go dirisa dioura di le 140 ka kgwedi mo therong ya ntlo le ntlo le mo go tsamaiseng dithuto tsa Bibela le batho ba ba kgatlhegang.
Bontsi jwa barongwa bano ba isiwa kwa go leng bokgakala jwa diketekete tsa dimmaele go tloga kwa magaeng a bone le kwa malapeng a bone. Ba ile ba tshwanelwa ke go fetola ditsela tse di farologaneng tse ba neng ba tshela ka tsone le tlholego ya bone, go ya mekgweng e mesha ya go ja, go nna mo tlelaemeteng e e farologaneng, le mo go bueng loleme lo sele. Ba dira tiro eno ka go bo ba rata batho mme ebile ba na le keletso e e nonofileng ya go ba thusa go ithuta kaga Bogosi jwa Modimo.
Go tloga ka 1943 go ya go 1985, Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade se ile sa nna le ditlelase di le 80 mme se ile sa romela barongwa ba ka feta 6 000. Ka kaelo ya Mokgatlho, bano ba ile ba goga kwa pele kgolo ya thuto ya Bibela go ralala Afrika, Bogare le Borwa jwa Amerika, Botlhabatsatsi, le Borwa jwa Pacific, mme ba ile ba dira go le gontsi mo Yuropa.
E ka ne Basupi ba ga Jehofa ba tshwarega mo bodiheding jwa nako e e tletseng jaaka babulatsela kana jaaka barongwa kana ka nakwana, ba dira gotlhe mo kwantle ga poelo ya madi. Ba dirisa nako ya bone le madi a bone, le bone ka sebele ba a itirisa, go thusa ba bangwe go amogela kitso e e gogelang mo botshelong jo bo sa khutleng.—Yohane 17:3.
• Bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba kgona jang go nna badihedi ba nako e e tletseng, mme ke ka ntlhayang fa ba dira seno?
• Badihedi ba thapisediwa tiro ya borongwa jang?
• Barongwa ba tshegediwa jang mo kabelong ya bone ya mafatshe a sele?
[Ditshwantsho mo go tsebe 22]
Kafa molemeng: Ntlwana ya borutelo ya Sekolo sa Gileade, Brooklyn, N.Y., U.S.A.
Kafa mojeng: Morongwa a ruta Lefoko la Modimo mo Papua New Guinea
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Badihedi ba babulatsela le barongwa ba rera Lefoko la Modimo mo dinageng tse di farologaneng
Brazil
Dominican Republic
Spain
Sierra Leone, Afrika