Balebedi ba ba Etang—Badiri Mmogo mo Boammaaruring
Mo phuthegong ya Bokeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne go na le balebedi ba ba etang ba ba neng ba etela diphuthego go di agelela. Ba ne ba dira ka bojotlhe, ba sa batle poelo epe ya botho, gore ba tle ba thuse ba ba mo diphuthegong go tswelela pele ba sepela kafa go kgatlhang Modimo.—Ditihō 11:23, 24; 14:21, 22; 15:32; 20:2, 31-35; Bafilipi 2:20-22, 29; 1 Bathesalonia 2:5-12.
Gompieno diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa le tsone di amogela melemo ya balebedi ba ba etang. Banna bano ba na le dingwaga tse dintsi tsa boitemogelo mo tirong ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa le jaaka balebedi. Ba intshitse mo ditirong tsa boitshediso le mo maikarabelong a matlo a bone gore ba tle ba ithebolele bodihedi jwa nako e e tletseng. Mo go ba ba nyetseng, gantsi basadi ba bone le bone ba ile ba tlhakanela mo bodiheding jono jwa nako e e tletseng mmogo le banna ba bone.
Molebedi wa potologo o abelwa go tlhokomela potologo e e ka nnang le diphuthego di le 18 go ya go 25. O etela phuthego nngwe le nngwe mo potologong mo e ka nnang gabedi ka ngwaga mme morago ga dingwaga tse pedi kana tse tharo o abelwa go ya mo potologong e nngwe. Ka tsela eno diphuthego di ka solegelwa molemo ke maitemogelo a a farologaneng le dikgono tsa balebedi ba potologo ba ba farologaneng.
Molebedi wa potologo o tlhatlhoba seemo sa semoya sa phuthego le ditiro tsa yone. O neela dipuo di le mmalwa mo phuthegong a bo a kopana le bagolwane le batlhanka ba bodihedi go buisana kafa ba ka tokafatsang tirelo ya bone ka gone mo phuthegong.
Mo bekeng eo, ene le mosadi wa gagwe, fa a nyetse, ba tsamaya mmogo le Basupi ba lefelo leo, ba ba thusa go tokafatsa bodihedi jwa bone jwa ntlo le ntlo. Ene le mosadi wa gagwe ba tla etela gape batho ba ba kgatlhegang go ba kgothatsa mo tumelong. O ka ikopela loeto lo lo ntseng jalo.
Molebedi wa kgaolo o na le ditshwanelego tse di tshwanang le tseo tsa semoya le boitemogelo. O etela potologo e nngwe go ya go e nngwe, a dira tiro eo e amanang le dikopano tsa potologo mo bekeng nngwe le nngwe. Ene le mosadi wa gagwe ba bile ba dira mmogo mo bodiheding jwa tshimo le Basupi mo diphuthegong tsa potologo eo ba e etetseng. Ke ene a laolang dipaakanyetso tsotlhe tsa bofelo tsa thulaganyo tsa kopano ya potologo a bo a neela dipuo di le mmalwa mo kopanong eo, go akareletsa le puo ya phatlalatsa.
Fa balebedi ba ba etang ba sena go digela loeto lwa bone mo phuthegong kana mo potologong, ba tswelela go etela tse dingwe, ba latela thulaganyo e e tshwanang, go fitlhelela ba digela go etela diphuthego tsotlhe kana dipotologo mo e ka nnang mo dikgweding tse thataro; go tswa foo ba simolola gape.
Mo dinageng di le dintsi balebedi ba ba etang ba tsaya loeto ka koloi kana ba dirisa dipalangwa tsa botlhe. Mo dinageng tse dingwe ba ka nna ba dirisa baesekele kana le eleng go tsamaya ka dinao. Mokgatlho o duelela ditshenyegelo tsa sepalamo sa molebedi yo o etang mme ebile o a ba thusa ene le mosadi wa gagwe ka madinyana a se kae go ba thusa mo ditlhokafalong tsa bone tsa botho. Gantsi molebedi yo o etang le mosadi wa gagwe ba baakanyediwa marobalo le dijo ke maloko a phuthego nngwe le nngwe.
Tirelo eno e tlhoka gore motho a nne le moya wa go intsha setlhabelo. Balebedi ba ba etang le basadi ba bone ba ikemiseditse go direla diphuthego kwantle ga go di pega mokgweleo o o boima.—1 Bathesalonia 2:9.
• Boikaelelo jwa balebedi ba ba etang mo phuthegong ya Bakeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le bofe?
• Balebedi ba ba etang gompieno ba ile ba tshwanelega jang le go ka nna gone go ka dirisediwa bodihedi jono?
• Tlhalosa tiro e e dirwang ke balebedi ba potologo le ba kgaolo le kafa ba tshelang ka gone.
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Molebedi wa kgaolo o neela puo mo kopanong ya potologo
[Ditshwantsho mo go tsebe 21]
Balebedi ba potologo ba neela tao mo tirong ya ntlo le ntlo, ba bua le bagolwane ba phuthego, ba etela dithuto tsa Bibela tsa batho ba ba sa tswang go kgatlhega bosheng, ba neela dipuo mo diphuthegong