LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Lmn ts. 3-30
  • “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
  • “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Buka eo e Tlhalosang Paradaise
  • Bibela—Buka ya Botlhaba
  • Modimo wa Bibela
  • Dipopo le Dikgakgamatso tsa ga Jehofa
  • Dilo tse di Bosula—Ke ka Ntlhayang fa Modimo a di Dumelela?
  • Mmaba—Loso
  • Go Gololwa mo Losong
  • Go Busediwa mo Botshelong
  • Puso e e Itekanetseng ya Kagiso
  • Thuto ya go Tsena mo Paradaiseng
  • Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Lefatshe?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
“Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
Lmn ts. 3-30

“Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”

1-4. (a) Ke dikarolo dife tsa setshwantsho sa rona se se mo tsebeng e e kafa ntle tseo o neng o ka ipelela go nna le seabe mo go tsone? (b) Ke tebelelo efe e e galalelang eo o e tshwaretsweng fano? (c) Ke ditemana dife tse dingwe tsa Bibela tseo di tshegetsang tsholofelo e e ntseng jalo?

AO KE o bone batho ba ba itumetseng mo tsebeng e e kafa ntle ya bukana eno. A o ne o ka rata go nna mongwe wa bone? ‘Ee ruri,’ wa rialo. Ka gonne fano go na le kagiso le kutlwano tseo di elediwang ke setho sotlhe. Batho ba ditso tsotlhe—ba bantsho, ba basweu, ba basetlha—ba kopakopana jaaka lelapa le le lengwe. Abo ke boipelo jang ne! A kutlwano ruri! Kwantle ga pelaelo batho bano ga ba tshwenyege ka go sarasarelwa ke molora wa nuklea kana matshosetsi a borukhutlhi. Difofane tsa ntwa ga di dire modumo mo loaping lo lo sisibetseng fa godimo ga paraka eno e ntle. Ga go na masole, ga go na dikoloi tsa ditanka tsa masole, ga go ditlhobolo. Ga go tlhokafale le eleng molamu wa mapodisi go boloka tolamo. Ntwa le bokebekwa ga di teng gotlhelele. Mme ga go na tlhaelo ya matlo, ka gonne mongwe le mongwe o na le legae le lentle go le bitsa la gagwe.

2 A o ke o lebe bana bale fela! Mokaragana wa bone o jesa matlho monate. Abo ba tshameka le diphologolo tse di farologaneng jang ne! Ga go tlhokege magora ape a ditshipi mo parakeng eno, ka gonne diphologolo tsotlhe di agisana le batho ebile di agisane le tsone ka botsone. Le eleng tau le kwanyana di fetogile ditsala. A o ke o lebe dinonyane tse di mebala mentle tsele jaaka di ntse di fofela kwa le kwa, o bo o utlwe melodi ya tsone e e monate e tswakana le setshego sa bana mo moyeng. A ga go na masaka? Nnyaa, ka go bo mo lefelong leno go rena kgololesego le boitumelo jo bo sa kgaosediweng. A o ke o dupe lonko lwa dithunya tsele, o bo o utlwe go gwasa ga molatswana, o bo o utlwe bothitho jo bo sidilang jwa letsatsi. Ija, a tatso ya maungo a a mo serotong sele, ka go bo ke menatenate e lefatshe le ka e tlhagisang, e e monate go gaisa, jaaka sengwe le sengwe seo se ka bonwang le go ipelelwa mo tshingwaneng eno e e galalelang ya seka-paraka.

3 ‘Mme ao ke o iketle,’ mongwe a ka rialo, ‘batsofe ba kae? A le bone, ga ba a tshwanela go nna le seabe mo go ipeleleng mokgatlho ono wa batho o o itumetseng?’ Tota, batsofe ba teng, mme ba fetoga basha gape. Mo parakeng eno ga go na ope yo o swang ka ntlha ya botsofe. Basha jaanong ba a gola go nna batho ba ba godileng mme ba bo ba sa tlhole ba tsofala. Go sa kgathalesege gore ba na le dingwaga tse 20 kana tse 200, mongwe le mongwe wa batho ba ba dimilione-milione bao ba tshelang mo parakeng eno ba ipelela nonofo ya botshelo jwa bosha, ka botsogo jo bo itekanetseng. A oa re dimilione? Ee, dimilione, gonne paraka eno e atoloseditswe mo lefatsheng lengwe le lengwe. E tla tlala ka botshelo, kagiso, le bontle go ya fela kwa dikhutlong tsa lefatshe la rona, go tloga kwa Fuji go ya kwa Andes, go tloga kwa Hong Kong go ya kwa Mediterranean. Gonne lefatshe lotlhe le fetoletswe go nna paraka ya paradaise. E tla nna Paradaise eo e tsosolositsweng lefatshe ka bophara.

4 ‘Go thata go go dumela,’ a oa rialo? Lefa go ntse jalo, santlha tlhokomela mabaka a a supelang seo. Go a kgonega gore wena le lelapa la gago lo falole bofelo jwa tsamaiso ya jaanong ya dilo e e tletseng matshwenyego le go tsena mo Paradaiseng eo e tshwantshitsweng mo tsebeng ya rona e e kafa ntle.a

Buka eo e Tlhalosang Paradaise

5. (a) Ke buka efe eo e tlhalosang dilo tseno? (b) Ke ka ditsela dife buka eno e leng e e tlhomologileng ka tsone?

5 Dilo tsotlhe tse di galalelang tseno, le go tlhomama ga tsone, di tlhalosiwa mo bukeng nngwe, buka eo e leng molemo go gaisa e e kileng ya kwalwa. E bidiwa Bibela. Ke buka ya bogologolo tota, eo dikarolo tsa yone di ileng tsa kwalwa mo dingwageng tse di ka nnang 3 500 tse di fetileng. Ka nako e e tshwanang, ke buka e e mo nakong tota fa e neela kgakololo e e utlwalang, le e e mosola mo botshelong jwa rona jwa segompieno. Dipolelelopele tsa yone di tsosa tsholofelo e e galalelang ya isagwe. E rekisiwa go gaisa tsotlhe mo historing yotlhe, dikaelo di feta 2 000 000 000 tsa Bibela yotlhe kana dikarolo tsa yone tsa konokono di ile tsa anamisiwa ka dipuo tse di ka nnang 1 810.

6. Ke eng seo se farologanyang Bibela le mekwalo e mengwe eo go tsewang e le boitshepo?

6 Ga go na buka epe e nngwe e e boitshepo eo e ileng ya anamisiwa mo lobopong lotlhe jaana, mme ebile bontsi jwa tse dingwe ke tsa maabane fa di bapisiwa le yone. Koran ya Ma-Iselamo e na le dingwaga tse di kafa tlase ga 1 400. Buddha le Confucius e nnile gone mo e ka nnang dingwaga di le 2 500 tse di fetileng, ebile dikwalo tsa bone di simolotse ka yone nako eo. Dikwalo tsa Ma-Shinto di dirilwe ka sebopego sa tsone sa jaanong mo dingwageng tse di sa feteng 1 200 tse di fetileng. Buka ya Mormon e na le dingwaga di le 160 fela. Ga go na epe ya dibuka tseno tse di boitshepo eo e ka latedisisang histori ya batho ka nepo go ya morago kwa mo dingwageng di le 6 000, jaaka Bibela e dira. Gore re tlhaloganye bodumedi jwa kwa tshimologong, ka gone re tshwanetse go ya mo Bibeleng. Ke yone buka fela eo e nang le molaetsa wa lobopo lotlhe wa batho botlhe.

7. Batho ba ba botlhale ba ile ba reng ka Bibela?

7 Botlhale le bontle tsa molaetsa wa Bibela di ile tsa supelwa ke batho ba ba botlhale go tswa mo merafeng yotlhe le ba maemo otlhe a botshelo. Moitseanape mongwe yo o tumileng le moribolodi wa molao wa kgogedi, ebong Sir Isaac Newton, o boletse jaana: “Ga go na maitseanape ape a a nang le bosupi jo bo utlwalang go feta Bibela.” Patrick Henry, moeteledipele wa borukhutlhi wa Mo-Amerika yo o tumileng ka mafoko a a reng “Nnaya kgololesego, kana o nneye loso,” gape o ile a bolela gore: “Bibela e mosola go gaisa dibuka tsotlhe tse di kileng tsa gatisiwa.” Tota le motlhalefi yo mogolo wa Mo-Hindu ebong Mohandas K. Gandhi o kile a bolelela moemedi wa Boritane mo India a re: “Fa naga ya gago le ya me di ka utlwana mo dithutong tseo di tlhomilweng ke Keresete mo Therong eno ya mo Thabeng, re tla bo re rarabolotse mathata a rona, eseng a dinaga tsa rona fela mme le lefatshe lotlhe.” Gandhi o ne a bua ka Mathaio dikgaolo 5 go ya go 7 mo Bibeleng. Ipalele dikgaolo tseo ka bowena mme o bone fa o sa kgatlhiwe ke molaetsa wa tsone o o maatla.

Bibela—Buka ya Botlhaba

8, 9. (a) Ke ka ntlhayang fa go le phoso go bitsa Bibela buka ya Bophirima? (b) Bibela e kwadilwe jang, mme ka lobaka lofe lwa nako? (c) Ke ka ntlhayang fa Bibela e ka bidiwa mokgobe wa dibuka? (d) Ke batho ba le kae bao ba neng ba dirisiwa go kwala Bibela? (e) Ke bosupi bofe joo bangwe ba banna bano ba bo neelang kaga Motswedi wa Bibela?

8 Go fapaana le tumelo e e tlwaelegileng, Bibela ga e a tlisiwa ke tlhabologo ya Bophirima, kana gone gore e galaletsa tlhabologo eo. Mo e ka nnang Bibela yotlhe e ne ya kwalwa mo dinageng tsa Botlhaba. Banna bao ba e kwadileng botlhe e ne e le ba Botlhaba. Dingwaga di le sekete pele ga Buddha, ka 1513 B.C.E., Moshe, yo o neng a nna kwa Botlhaba Gare, o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo go kwala buka ya ntlha ya Bibela, e e bidiwang Genesise. Go tloga fano, Bibela e latela setlhogo se le sengwe se se nyalanang mo go yone yotlhe go fitlha kwa bukeng ya yone ya bofelo ya Tshenolō. Bibela e ne ya wediwa ka 98 C.E., mo e ka nnang dingwaga di le 600 morago ga Buddha. A o ne o itse gore Bibela e na le dibuka tse di farologaneng di le 66? Ee, Bibela ke mokgobe wa dibuka ka boyone!

9 Ka gone, mo lobakeng lwa dingwaga di le 1 600 go tloga ka motlha wa ga Moshe go ya pele, banna ba ka nna 40 ba ne ba nna le seabe mo go kwaleng pego e e nyalanang ya Bibela. Ba supela gore dikwalo tsa bone di ne di tlhotlhelediwa ke maatla a a fetang a motho yo o swang kgakala. Moaposetoloi wa Mokeresete ebong Paulo o kwadile jaana: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō.”b (2 Timotheo 3:16) Mme moaposetoloi Petere o tlhalositse gore: “Ga go na polèlèlō pele epè ea dikwalō e e iphuthololèlwañ ke motho a le moñwe hèla. Gonne ga go polèlèlō pele epè e e kileñ ea tla ka go rata ga motho hèla: me go bua ga batho ga cwa mo Modimoñ, ka ba tlhotlhelediwa ke Mōea o o Boitshèpō.”—2 Petere 1:20, 21; 2 Samuele 23:2; Luke 1:70.

10. Bibela e nnile gone go tla go fitlha mo motlheng wa rona jang? (b) Ke ka ntlhayang fa re ka tlhomamisega gore re santse re na le sekaelo sa ntlhantlha sa Bibela e e tlhotlheleditsweng?

10 Gape, seo se tlhomologileng go gaisa ke tsela eo Bibela e ileng ya nna teng go tla go fitlha mo motlheng ono ka yone. Mo diketeketeng tsa dingwaga, go fitlhela go ribololwa go gatisa ka motšhini mo e ka nnang dingwaga tse 500 tse di fetileng, dikaelo tsa Bibela di ne di kwalwa ka seatla. Ga go na buka epe e nngwe ya metlha ya bogologolo eo e neng e kopololwa kgapetsa ka bonontlhotlho jaana. E kopolotswe kgapetsa, mme ka kelotlhoko e kgolo ka metlha yotlhe. Bakopolodi ba ne ba dira diphoso di sekae fela tse dinnyane, mme go tlhatlhobiwa ga tseno go ile ga tlhagisa sekaelo sa ntlha se se tlhotlheleditsweng ke Modimo. Moitseanape mongwe wa maemo a a kwa godimo mo mekwalong ya Bibela, ebong Sir Frederic Kenyon, o bolela gore: “Seitsetsepelo sa bofelo sa pelaelo epe ya gore a Dikwalo di tlile go rona fela jaaka di ne di kwadilwe lantlha se tlositswe.” Gompieno, go santse go na le dikaelo tse di kwadilweng ka seatla di ka nna 16 000 tsa Bibela kana dikarolo tsa yone, tseo dingwe tsa tsone di saleng di nna gone go tloga lekgolong ya bobedi la dingwaga pele ga Keresete. Go feta moo, go ile ga dirwa diphetolelo tse di nepagetseng go tswa mo dipuong tsa Sehebera, Searabia, le Segerika tseo Bibela lantlha e neng e kwadilwe ka tsone go tla mo e ka nnang mo dipuong tsotlhe tsa lefatshe.

11. Ke dithibololo dife tsa segompieno tseo di dumalanang le pego ya Bibela?

11 Bangwe ba ile ba leka go kgala Bibela ka go bolela gore ga e boammaaruri. Lefa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana baithuta-marope ba ile ba epa mo maropeng a metse ya bogologolo a mafatshe a Bibela mme ba ile ba bona mekwalo le bosupi jo bongwe tseo di supang ka botlalo gore batho le mafelo ao a umakiwang le eleng mo dipegong tsa bogologolo go gaisa tsa Bibela tota di kile tsa nna teng. Ba ile ba senola bosupi jo bontsi jo bo supelang morwalela wa lefatshe lotlhe, oo Bibela e bolelang gore o diragetse dingwaga di le 4 000 tse di fetileng, mo motlheng wa ga Noa. Mo ntlheng eno, Prince Mikasa, moithuta-marope yo o tumileng, o boletse jaana: “A tota go kile ga nna le Morwalela? . . . Lebaka la gore tota morwalela o ile wa nna teng le supilwe ka mo go tlhatswang pelo.”c

Modimo wa Bibela

12. (a) Ke eng seo bakgadi bangwe ba se bolelang kaga Modimo? (b) Ke ka ntlhayang fa Bibela e lebisa go Modimo jaaka Rre? (c) Bibela e bontsha gore leina la Modimo ke mang?

12 Fela jaaka batho bangwe ba ile ba nyatsa Bibela, ba bangwe ba nyatsa gore go na le Modimo Mothatayotlhe. (2 Petere 3:3-7) Baa re, ‘Nka dumela jang mo Modimong, ereka nka se kgone go mmona? A go na le bosupi jwa gore tota Mmopi yo o sa bonaleng, yo o fetang motho, o teng? A Modimo ga a tshele mo go sengwe le sengwe?’ Ba bangwe baa re, ‘Ga go na Modimo ope kana Buddha ope.’ Lefa go ntse jalo, Bibela e bontsha gore fela jaaka rotlhe re amogetse botshelo ka rre wa mo lefatsheng, jalo bagologolwane ba rona ba ntlha ba ne ba amogela botshelo go tswa go Rre wa selegodimo, kana Mmopi, yoo leina la gagwe la sebele eleng Jehofa.—Pesalema 83:18; 100:3; Isaia 12:2; 26:4.

13. Ke ka ditsela dife tse pedi tseo Jehofa a itshenoletseng batho ka tsone?

13 Jehofa o itshenoletse batho ka ditsela di le pedi tse di tlhomologileng. Tsela e nngwe ya konokono ke ka Bibela, eo e itsiseng boammaaruri le maikaelelo a gagwe a a sa khutleng. (Yohane 17:17; 1 Petere 1:24, 25) Tsela e nngwe ke ka popo ya gagwe. Ka go lebelela dilo tse di gakgamatsang tseo di ba dikologileng, batho ba le bantsi ba ile ba simolola go lemoga gore go tshwanetse ga bo go na le Modimo yo eleng Mmopi yoo botho jwa gagwe jo bogolo bo bonalang mo ditirong tsa gagwe.—Tshenolō 15:3, 4.

14. Bibela e re bolelelang kaga Jehofa?

14 Jehofa Modimo ke Mokwadi wa Bibela. Ke Moya o Mogolo, oo o leng teng ka bosaengkae. (Yohane 4:24; Pesalema 90:1, 2) Leina la gagwe eleng “Yehofa” le gogela tlhokomelo mo boikaelelong jwa gagwe ka dibopiwa tsa gagwe. Boikaelelo jwa gagwe ke go ntlafatsa leina leo le legolo ka go senya baikepi le go golola bao ba mo ratang gore ba tshele mo lefatsheng la paradaise. (Ekesodo 6:2-8; Isaia 35:1, 2) Ereka e le Modimo Mothatayotlhe, o na le maatla a go dira seno. Jaaka Mmopi wa lobopo lotlhe, o feta medimonyana le ditshwantshonyana tsa bomorafe kgakala.—Isaia 42:5, 8; Pesalema 115:1, 4-8.

15. Go ithutiwa ga popo ke banna ba ba botlhale go ile ga gogela kwa ditshwetsong dife?

15 Mo makgolong a dingwaga a bosheng jaana, banna ba boitseanape ba ile ba ipha nako e ntsi go ithuta ditiro tsa popo. Ba weditse ka goreng? Mongwe wa baribolodi mo go tsa motlakase, ebong moithuta-tlholego yo o tumileng wa Boritane Lord Kelvin, o boletse jaana: “Ke dumela gore fa boitseanape bo ntse bo ithutiwa thata bo ntse bo re katosetsa kgakala le sepe se se tsamaisanang le go sa dumele mo Modimong.” Moitseanape mongwe yo o tsaletsweng kwa Yuropa ebong Albert Einstein, lemororo a tumile ka gore ga a dumele mo Modimong, o ipobotse jaana: “Go ntekane gore ke . . . lebe tsela e e gakgamatsang eo lobopo lo dirilweng ka yone, lo re kgonang go lo bona fela ka bosesane, mme ka boikokobetso ke leke go tlhaloganya tota le karolo e nnyennye ya botlhale jo bo senolwang ke tlholego.” Moitseanape wa Mo-Amerika le mogapa-sekgele sa Nobel ebong Arthur Holly Compton o rile: “Lobopo lo lo phuthologang ka thulaganyo lo supela boammaaruri jwa polelo e e tlotlometseng go gaisa epe e e kileng ya bolelwa—‘Erile mo tshimologong Modimo.’” O ne a tsopola mafoko a ntlha a Bibela.

16. Lobopo lo bontsha botlhale le maatla tsa go bopa tsa Modimo jang?

16 Babusi ba merafe e e nonofileng ba ka nna ba ipelafatsa ka botlhale le diphitlhelelo tsa bone tsa boitseanape mo katlegong ya bone ya lefaufau. Mme abo disutlha-lefaufau tsa bone e se tsa sepe jang ne fa di bapisiwa le ngwedi oo o dikologang lefatshe, le dipolanete tseo di dikologang letsatsi! Abo diphitlhelelo tsa batho bano ba ba swang ga se sepe jang ne fa di bapisiwa le popo ya ga Jehofa ya dibilione-bilione tsa masagaripana a dinaledi a a kwa legodimong, leo lengwe le lengwe la one le nang le dibilione tsa matsatsi a a tshwanang le la rona, le go di kokoanya mmogo le go di rulaganya mo lefaufaung ka nako e e senang selekanyo! (Pesalema 19:1, 2; Yobe 26:7, 14) Ga go gakgamatse go bo Jehofa a leba batho jaaka ditsienyana fela, le merafe e e thata jaaka “e e señ sepe.”—Isaia 40:13-18, 22.

17. Ke ka ntlhayang fa go utlwala go dumela mo Mmoping?

17 A o nna mo ntlong? Gongwe ga o a aga ntlo eo ka namana, kana gone gore o itse gore ke mang yo o e agileng. Lefa go ntse jalo, lebaka la gore ga o itse moagi wa yone le ne le se kake la go thibela gore o amogele boammaaruri jwa gore e agilwe ke motho mongwe yo o botlhale. Go akanya gore ntlo e ikagile ka boyone go ne go tla lebega e le boeleele tota! Ereka lobopo lo logolo, le sengwe le sengwe se se mo go lone, lo ne lo tlhoka botlhale jo bogolo ka mo go sa fopholesegeng gore lo dirwe, a ga go utlwale go swetsa ka gore go tshwanetse ga bo go na le Mmopi mongwe yo o Botlhale? Ruri, ke seeleele fela seo se ka reng jaana mo pelong ya sone, “Ga go na Modimo opè.”—Pesalema 14:1; Bahebera 3:4.

18. Ke eng seo se bontshang gore Modimo ke motho, mme o tshwanelwa ke go bakiwa?

18 Dilo tse di gakgamatsang le tse di galalelang tseo di re dikologileng—dithunya, dinonyane, diphologolo, popo e e gakgamatsang e e bidiwang motho, metlholo ya botshelo le ya tsalo—tseno tsotlhe di supela Motlhalefi mongwe yo Mogolo yo o sa bonaleng yoo a di dirileng. (Baroma 1:20) Koo go nang le botlhale gone, go na le mogopolo. Koo go nang le mogopolo gone, go na le motho. Botlhale jo bo gaisang ke jwa Motho yo Mogolo go gaisa, Mmopi wa dilo tsotlhe tse di tshelang, one Motswedi wa botshelo ka sebele. (Pesalema 36:9) Eleruri Mmopi o tshwanelwa ke pako yotlhe le go ratwa.—Pesalema 104:24; Tshenolō 4:11.

19. (a) Ke ka ntlhayang fa go sena morafe ope gompieno o o ka bolelang gore o neetswe phenyo ke Modimo mo ntweng? (b) Ke ka ntlhayang fa Modimo a sena seabe sepe mo dintweng tsa merafe?

19 Go na le bangwe bao tumelo ya bone mo Modimong e ileng ya tshikinngwa ke maitemogelo a a boima a Ntwa ya Lefatshe II. Ka nako eo naga nngwe le nngwe e ne ya ikuela go “Modimo” wa yone, go sa kgathalesege gore ke wa tumelo ya Katoliki kana ya Prosetanta kana ditumelo tsa Botlhaba. A go ka twe “Modimo” o ne a neela mengwe ya merafe eno phenyo mme a letlelela gore e mengwe e fenngwe? Bibela e bontsha gore ga go na epe ya merafe eno eo e neng e bitsa Modimo wa boammaaruri. Jehofa Modimo, Mmopi wa legodimo le lefatshe, ga a ikarabelele mo tlhakatlhakanong le mo dintweng tseo di leng mo gare ga merafe. (1 Bakorintha 14:33) Megopolo ya gagwe e feta kgakala ya merafe eo ya sepolotiki le ya sesole ya lefatshe leno. (Isaia 55:8, 9) Ka mo go tshwanang, bodumedi le kobamelo tsa boammaaruri tsa ga Jehofa ga di na seabe sepe mo dintweng tsa merafe. Jehofa o feta kgakala medimo ya semorafe. O tlhomologile jaaka Modimo wa banna le basadi ba ba ratang kagiso mo merafeng yotlhe. Jaaka Bibela e re: “Modimo [ga] se motlhaodi oa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.” (Ditihō 10:34, 35) Batho bao ba ratang tshiamo mo merafeng yotlhe jaanong ba ithuta Bibela mme ba amogela kobamelo ya “Modimo oa kagishō” wa boammaaruri, Mmopi wa batho botlhe.—Baroma 16:20; Ditihō 17:24-27.

20. Ke eng seo se bontshang fa La-Bodumedi e se Bokeresete ebile e le kgatlhanong le Modimo?

20 Batho bangwe ba supa go dikgaogano le boitimokanyo mo ditumelong tsa La-Bodumedi, tseo di bolelang gore di latela Bibela. Gape baa re, ‘Nka dumela jang mo Modimong wa Bibela, merafe eo e nang le Bibela e le mengwe ya eo e kokoanyang dibetsa tsa nuklea go gaisa?’ Ntlha ke gore, lemororo Bibela e nna e le boammaaruri ka metlha, merafe ya La-Bodumedi e ile ya katoga Bokeresete jwa Bibela fela jaaka Bokone bo katogile Borwa. Baa itimokanya ka go bolela gore ke Bakeresete. Ba na le Bibela, mme ga ba utlwe dithuto tsa yone. Tautona ya Amerika yo o neng a laela go latlhelwa ga bomo ya ntlha kwa Hiroshima o kile a bolela jaana: “Re bolaelwang ne ke bo-Isaia kana bo-Paulo!”—go etelela batho pele mo tlhakatlhakanong eno ya lefatshe. Fa a ka bo a ne a dumalana le Isaia wa Bibela, le ka motlha a ka bo a ile a seka a latlhela bomo ya atomiki, ka gonne Isaia o ne a emela ‘gore ditšhaka di thulwe go nna magale a megoma, le marumo a tsona dithipa tsa mabele.’ Mo godimo ga moo, e ne e le Paulo wa Bibela yo o neng a bolela gore: “Ga re tlhabane kaha nameñ; Gonne dibolaō tsa ntwa ea rona ga se tsa nama.” (Isaia 2:4; 2 Bakorintha 10:3, 4) Lefa go ntse jalo, mo boemong jwa go latela kgakololo e e botlhale ya Bibela, merafe ya La-Bodumedi e ile ya tsenelela mo kgaisanong e e kotsi ya dibetsa. Maiphako ape ao ba a dirang a gore ke Bakeresete ba ba utlwang Bibela ke maaka. Ba tshwanetse go lebana le katlholo ya Modimo ka ntlha ya go palelwa ke go dira thato ya gagwe.—Mathaio 7:18-23; Sefania 1:17, 18.

Dipopo le Dikgakgamatso tsa ga Jehofa

21. Ke ka ntlhayang fa go utlwala go sa belaele dikgakgamatso tsa Modimo?

21 Jehofa o a bopa, ebile o dira dikgakgamatso. A ga o ise o ke o tsamaye o ipotse kaga go fetoga ga metsi madi, go kgaogana ga Lewatle le Lehibidu ka legare, go tsalwa ga ga Jesu ke lekgarebane, le dikgakgamatso tse dingwe tseo di begilweng mo Bibeleng? Ereka motho a na le botlhale jo bo lekanyeditsweng, gongwe le ka motlha a ka se tlhaloganye ka moo dingwe tsa dikgakgamatso tseno di diragetseng ka gone, fela jaaka a se kake a tlhaloganya ka botlalo kgakgamatso ya go tlhaba le go phirima ga letsatsi lengwe le lengwe. Go bopiwa ga motho e ne e le kgakgamatso. Motho wa segompieno gaa bona kgakgamatso eo, mme o itse gore e diragetse, gonne oa tshela gompieno go supela seo. Eleruri, botshelo jotlhe le lobopo lotlhe di bopa kgakgamatso e le nngwe e e nnelang ruri. Ka gone a re tshwanetse go belaela fa Lefoko la Modimo, eleng Bibela, le bolela gore o ne a dira dikgakgamatso tse di rileng a di direla dinako tse di rileng, lefa dikgakgamatso tse di tshwanang le tseo di sa tlhokafale gompieno?

22. Tlhalosa popo ya ntlha ya Modimo.

22 Popo yotlhe ya ga Jehofa e a gakgamatsa ebile e molemo! Lefa go ntse jalo, popo ya gagwe ya ntlhantlha fela e ne e gakgamatsa go di gaisa tsotlhe. E ne e le go bopiwa ga Morwa wa semoya, “motsalwa pele” wa gagwe. (Bakolosa 1:15) Morwa yono wa selegodimo o ne a bidiwa “Lehoko.” Dingwaga tse di senang palo morago ga go bopiwa ga gagwe, o ne a tla mo lefatsheng leno mme o ne a bidiwa “motho ka esi, Keresete Yesu.” (1 Timotheo 2:5) Mme go ne ga bolelwa jaana ka ene: “Mme Lehoko a tla a nna nama, me a aga mo go rona, me ra bōna kgalalèlō ea gagwè, ekete kgalalèlō ea eo o tsecweñ a le esi a cwa kwa go Rara, a tletse tshegōhaco le boamarure.”—Yohane 1:14.

23. (a) Kamano ya Modimo le Morwawe e ka tlhalosiwa jang? (b) Modimo o ne a bopang ka Morwawe?

23 Kamano ya ga Jehofa le Morwawe e ka tshwantshiwa le ya motsamaisi yo ebileng e le mong mo bodirelong le morwawe, koo morwa a thusang ka go dira dilwana tseo rragwe a di akanyeditseng. A dirisa Morwawe wa motsalwapele le modiri mmogo le ene, Jehofa o ne a bopa dibopiwa tse dingwe tse dintsi tsa semoya, barwa ba Modimo. Moragonyana ga moo, bano ba ne ba itumelela go bona Morwa wa ga Jehofa, Tlhogo ya Tiro ya gagwe, a tlhagisa magodimo a a bonalang le lefatshe leo re tshelang mo go lone. A o belaela gore dilo tseno di bopilwe? Diketekete tsa dingwaga moragonyana ga moo, Jehofa o ne a botsa monna mongwe yo o ikanyegang a re: “E rile ke thaea methèō ea lehatshe ua bo u le ha kae? Kakanya, ha u na le tlhaloganyō. Yale ka dinaledi tsa moshō di ōpèla mmōgō, le bomorwa Modimo botlhe ba thèla loshalaba loa boitumèlō?”—Yobe 38:4, 7; Yohane 1:3.

24. (a) Ke popo efe ya ga Jehofa ya mo lefatsheng eo e tlhomologileng, mme ka ditsela dife? (b) Ke ka ntlhayang fa e le boeleele go bolela gore motho o itlhageletse go tswa mo diphologolong?

24 Fa nako e ntse e tsamaya, Jehofa o ne a bopa dilo tse di tshelang, tse di bonalang mo lefatsheng leno, dimela, ditlhare, dithunya, ditlhapi, dinonyane, le diphologolo. (Genesise 1:11-13, 20-25) Mme go tswa foo Modimo o ne a raya Tlhogo ya Tiro ya gagwe a re: “A re diheñ motho mo chwanoñ ea rona, kaha sechwanoñ sa rona; . . . Me Modimo oa tlhōla motho mo chwanoñ ea ōna tōta, oa mo tlhōla mo chwanoñ ea Modimo; oa ba tlhōla nona le tshadi.” (Genesise 1:26, 27) Ereka motho wa pele a ne a bopilwe mo setshwanong le mo sebopegong sa Modimo, a na le dinonofo tse dikgolo tsa Modimo eleng lorato, botlhale, tshiamo, le maatla, o ne a feta diphologolo kgakala-kgakala. Motho o wela mo setlhopheng se se farologaneng le sa diphologolo ka go bo o kgona go akanya, o kgona go rulaganyetsa isagwe, mme o na le kgono ya go obamela Modimo. Diphologolo ga di na botlhale joo di ka akanyang ka jone, mme di tshela ka taolo ya tlholego. Abo e le boeleele jang ne go bolela gore ga go na Mmopi mme gore sebopiwa se se humileng mo kgonong, le se se botlhale eleng motho se itlhageletse go tswa mo diphologolong tse di kwa tlase tse di seng botlhale!—Pesalema 92:6, 7; 139:14.

25, 26. (a) Ke tebelelo efe e e molemo eo e neng e solofeditswe motho? (b) Ke ka ntlhayang fa go ne go se kitla go nna le bothata bope jwa go penologa mo lefatsheng?

25 Modimo o ne wa baya motho mo “tshimoñ kaha ntlheñ ea botlhabatsatsi, mo Edena.” E ne e le tshimo ya boitumelo, jaaka tshimo e e mo tsebeng ya rona e e kafa ntle, lemororo go tla go fitlha foo go ne go na le batho ba le babedi fela, Adame le mosadi wa gagwe. Paradaise eno ya ntlha ga e tlhole e le teng, e ile ya senngwa ka Morwalela wa motlha wa ga Noa. Mme lefelo le le tlhomameng leo e neng e le mo go lone kwa Botlhaba Gare le a itsiwe, gonne dinoka dingwe tseo di bolelwang mo Bibeleng jaaka tseo di elelang go e kgabaganya di teng le go tla go fitlha gompieno. (Genesise 2:7-14) Motho o ne a na le sebaka se se molemo sa go dirisa tshingwana eno jaaka karolo ya botlhokwa-tlhokwa eo a neng a tla e anamisa le go lema lefatshe lotlhe, a le dira paradaise ya lefatshe lotlhe.—Isaia 45:12, 18.

26 Jaaka Modimo le Morwawe e le badiri boobabedi, ka mo go tshwanang Modimo o ne wa naya motho tiro go e dira mono lefatsheng. (Yohane 5:17) O ne a re go Adame le Efa, monna le mosadi ba ntlha: “Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatse, lo le henyè; me lo laolè ditlhapi tsa lewatlè, le dinōnyane tsa loapi, le señwe le señwe se se tshedileñ se se tsamaeañ mo lehatshiñ.” (Genesise 1:28) A seno se ne se kaya gore motho o ne a tshwanetse go ata, a tlatse lefatshe, mme a bo a nna a tswelapele ka go ata go fitlhela lefatshe le tlala le go penologa? Nnyaa. Fa mongwe a go bolelela gore o tlatse kopi ka tee, ga o ke o tswelapele o tshela go fitlhela tee e tshologa mo koping e bo e elela mo godimo ga tafole yotlhe. O tlatsa kopi mme o emise. Ka tsela e e tshwanang, taolo ya ga Jehofa go monna e e reng, “Lo tlalè ka lehatse,” e bontsha boikaelelo jwa gagwe jwa go dira gore motho a tlatse lefatshe ka mo go lekaneng, mme morago ga moo go tsala ga batho mono mo lefatsheng go ne go tla emisa. Seno se ne se se kitla se dira bothata bope mo mokgatlhong wa batho ba ba itekanetseng. Ke fela mo lefatsheng la gompieno la batho ba ba sa itekanelang moo go penologa ga batho go dirang bothata.

Dilo tse di Bosula—Ke ka Ntlhayang fa Modimo a di Dumelela?

27. Ke dipotso dife tseo jaanong di tlhokang karabo?

27 Fa e le gore boikaelelo jwa Modimo ke go aga lefatshe la paradaise, ke ka ntlhayang fa gompieno lefatshe le tletse ka boikepo, pogo, le kutlobotlhoko jaana? Fa e le gore Modimo ke Mothatayotlhe, ke ka ntlhayang fa a dumeletse maemo ano ka nako e telele jaana? A go na le tsholofelo ya gore matshwenyego otlhe a rona a tla fela? Bibela e reng?

28. Botsuolodi bo ile jwa tsena jang mo tshimong ya Paradaise?

28 Bibela e bontsha gore matshwenyego a batho a ne a simolola fa mongwe wa barwa ba Modimo ba semoya a ne a tsuologela bolaodi jwa ga Jehofa. (Baroma 1:20; Pesalema 103:22, NW Ref. Bi., mokwalo o o kwa tlase) Ga go na pelaelo ya gore moengele yono e ne e le mongwe wa bale bao ba neng ba itumela fa ba bona go bopiwa ga motho. Mme morago ga moo bogagapa le boikgantsho di ne tsa itsetsepela mo pelong ya gagwe, mme o ne a hepisiwa ke keletso ya go dira gore Adame le Efa ba mo obamele mo boemong jwa Mmopi wa bone, ebong Jehofa. Fa a ne a bua ka noga, fela jaaka moikgakantshi a bua ka setshosa sengwe, moengele yono o ne a tlhotlheletsa Efa gore a seka a utlwa Modimo Mothatayotlhe. Monna wa gagwe ebong Adame morago ga moo o ne a mo latela mo botlhoka-kutlong.—Genesise 2:15-17; 3:1-6; Yakobe 1:14, 15.

29. (a) Ke dikganetsano dife tseo di neng tsa tsoga gore di siamisiwe? (b) Modimo o ile a lebana le kgwetlho eo jang? (c) O ka nna le seabe jang mo go neeleng karabo go kgobo ya ga Satane?

29 Moengele yoo yo o botsuolodi o ne a simolola go itsiwe jaaka “noga ea bogologolo.” (Tshenolō 12:9; 2 Bakorintha 11:3) Gape o bidiwa Satane, goo go kayang “Moganetsi,” le Diabolo, goo go kayang “Mosebi.” O ne a tsosa kganetsano ka tshwanelo le go siama ga bolaodi jwa ga Jehofa mo lefatsheng, mme o ne a gwetlha Modimo gore jaanong ene, Satane, o ne a ka faposa batho botlhe mo kobamelong ya boammaaruri. Modimo o ile a letlelela Satane ka dingwaga di ka nna 6 000 gore a leke go supa kgwetlho ya gagwe, gore kganetsano e e malebana le bolaodi jwa ga Jehofa e ke e rarabololelwe ruri. Puso ya motho e e sa ikaegang ka Modimo e paletswe mo go maswe-maswe. Mme banna le basadi ba tumelo, bao Jesu eleng sekao se se tlhomologileng sa bone, ba ile ba boloka bothokgami go Modimo kafa tlase ga diteko tse di botlhoko-tlhoko, ba ntlafatsa Jehofa le go supa Diabolo jaaka moaki. (Luke 4:1-13; Yobe 1:7-12; 2:1-6; 27:5) Le wena, o ka nna mmoloka bothokgami. (Diane 27:11) Mme Satane ga se ene fela mmaba yoo a re bogisang. Mmaba yo mongwe yo o leng teng ke ofe?

Mmaba—Loso

30. Dikwalo di a reng kaga katlholo eo e ileng ya wela motho ka ntlha ya go tlhoka kutlo?

30 Modimo o ne a boletse katlholo ya go tlhoka kutlo—loso. Fa a ne a atlhola mosadi wa ntlha, Jehofa o ne a bolela a re: “Ke tla gu ntsihaletsa thekisègō ea gago le go ithwala ga gago: u tla bèlèga bana ka bohutsana; me kelecō ea gago e tla nna kwa monneñ oa gago, me o tla gu laola.” O ne a raya monna ebong Adame a re: “U tla ya diyō ka mohuhucō oa sehatlhōgō sa gagō, u bo u tle u tsamaee u boèla mo mbuñ; gonne u ntshicwe mo go ōna: gonne u lorole, me u tla boèla mo loroleñ.” (Genesise 3:16-19) Banyalani bao ba senang kutlo ba ne ba lelekiwa mo Paradaiseng ya boitumelo go ya kwa lefatsheng le le sa lengwang. Fa nako e ntse e ya ba ne ba swa.—Genesise 5:5.

31. Sebe ke eng, mme se nnile le diphelelo dife mo bathong?

31 E ne e le fela morago ga fa ba sena go wa mo letshwaong la go itekanela Adame le Efa ba ileng ba simolola go nna le bana. Batho botlhe gompieno ke ditlogolwana tsa bone ka bosaitekanelang, mme ka gone botlhe baa swa. Mokwadi mongwe wa Bibela o go tlhalosa ka mafoko ano: “Boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.” “Boleo” jono ke eng? Ke go fosa letshwao la go itekanela kana go felela. Jehofa Modimo ga a amogele kana go boloka sepe se tshela seo se sa itekanelang. Ereka batho botlhe ba ruile boleo le bosaitekanelang go tswa go monna wa ntlha ebong Adame, loso lo ile lwa “laola” mo godimo ga bone. (Baroma 5:12, 14) Motho yo o oleng o a swa, ka tsela e e tshwanang le eo diphologolo di swang ka yone.—Moreri 3:19-21.

32. Bibela e tlhalosa loso loo re lo ruileng jang?

32 “Losho” lono ke eng? Loso lo farologane le botshelo. Modimo o ne a solofeditse motho tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng fa a ne a utlwa. Lefa go ntse jalo, o ne a tlhoka kutlo, mme katlholo ya gone e ne ya nna loso, go sa ikutlwe, go sa nne teng. Modimo o ne a sa bua sepe kaga go fetolela botshelo jwa motho mo sebakeng sa semoya kana mo “diheleng” tse di tukang fa a tlhoka kutlo mme a swa. O ne a tlhagisitse monna a re: “Rure o tla shwa.” E ne e le mmolai ebong Diabolo yo o neng a aka ka gore: “Rure ga lo ketla lo shwa.” (Genesise 2:17; 3:4; Yohane 8:44) Seo batho botlhe ba se ruileng go tswa mo go Adame ke loso lwa go boela a tshwana le lorole.—Moreri 9:5, 10; Pesalema 115:17; 146:4.

33. (a) Ke isagwe efe e e galalelang eo e emetseng batho le lefatshe leno? (b) Ke dilo dife tse tharo tsa botlhokwa tseo Jehofa a di diragatsang ka Morwawe?

33 Jalo, a motho yo o swang ga a na isagwe epe? Go na le isagwe e e molemo! Bibela e bontsha gore boikaelelo jwa Modimo jwa lefatshe la paradaise ya batho botlhe, go akareletsa le bao jaanong ba suleng, ga bo kitla bo palelwa. Jehofa o bolela gore: “Legodimo ke setulō sa me sa bogosi, me lehatshe ke sebeèō sa me sa dinaō.” “Ke tla galaletsa helō ga dinaō tsa me.” (Isaia 66:1; 60:13) Ka ntlha ya lorato lwa gagwe lo logolo, Jehofa o ne a romela Morwawe, ebong Lefoko, mo lefatsheng leno, gore lefatshe la batho le ke le bone botshelo ka ene. (Yohane 3:16; 1 Yohane 4:9) Go na le dilo di le tharo tse di botlhokwa tseo re tshwanetseng go tlotla ka tsone jaanong le tseo Jehofa a di diragatsang ka Morwawe, eleng, (1) go baakanyetsa ka kgololo mo maatleng a loso; (2) go busetsa baswi mo botshelong gape ga mmatota; le (3) go tlhoma puso e e itekanetseng e e laolang batho botlhe.

Go Gololwa mo Losong

34, 35. (a) Motho o ne a ka gololwa mo losong jang fela? (b) Thekololo ke eng?

34 Go tswa metlheng ya bogologolo, baperofeti ba Modimo ba ile ba bontsha tsholofelo ya bone, eseng mo go sa sweng ga motho, mme mo tsholofetsong ya gore Modimo o tla “ba rèkolola” mo losong. (Hosea 13:14) Mme motho o ne a ka rekololwa jang mo dikgoleng tsa loso? Tsamaiso ya ga Jehofa e e itekanetseng ya molao e ne e tlhoka gore ‘moya o tswele moya, leitlho le tswele leitlho, leino le tswele leino.’ (Duteronome 19:21) Jalo, ereka Adame a tliseditse batho botlhe loso lo lo ruilweng ka go sa utlwe Modimo ka boomo mme ka gone a latlhegelwa ke boitekanelo jwa botshelo jwa motho, motho yo mongwe yo o itekanetseng o ne a tshwanetse go emisetsa Adame mo go dueleleng botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng, go rekolola seo se neng se latlhegetse Adame.

35 Molao-motheo o o siameng wa go duela ‘selo ka se se tshwanang le sone’ o ile wa amogelwa ke batho ba bantsi go ralala histori. Polelwana eo e dirisiwang gantsi ke “go duela thekololo.” Thekololo ke eng? Ke “tuelo eo e duelelwang go rekolola motho kana selo mo mothong yo o golegileng motho yoo kana selo se se mo botshwarweng. Ka gone magolegwa a ntwa kana makgoba gaa twe a a rekololwa fa ba gololwa ka tuelo e e botlhokwa. . . . Lefa e ka nna eng fela seo go emisediwang motho yoo ka sone kana seo se duelwang mo boemong jwa motho yoo ke thekololo.”d Fa esale go tloga ka sebe sa ga Adame, batho botlhe ba ile ba tshwana le magolegwa kana makgoba a ntwa, ao a golegilweng ke bosaitekanelang le loso. Go ne go tshwanetse ga baakanyediwa ka thekololo gore ba gololwe. Go tila kgaruru epe ya jaanong kana moragonyana malebana le go siama ga tlhotlhwa ya thekololo, go ne go le botlhokwa gore go ntshiwe botshelo jwa motho a le mongwe yo o itekanetseng setlhabelo, ke gore, yo o lekanang ka tlhomamo le Adame.

36. Jehofa o ne a baakanyetsa ka botshelo jwa motho yo o itekanetseng jaaka thekololo jang?

36 Lefa go ntse jalo, botshelo jo bo ntseng jalo jwa motho yo o itekanetseng bo ne bo tla bonwa kae? Batho botlhe, jaaka ditlogolwana tsa ga Adame yo o sa itekanelang, ba ne ba tsetswe ba sa itekanela. “Ga go na opè eo o ka rèkololañ ñwana oa ga rragwè ka gopè, leha e le go mo ntshetsa serekololō go se naea Modimo.” (Pesalema 49:7) Go arabela tlhokafalo eo, Jehofa, a tlhotlhelediwa ke lorato lwa gagwe lo lo boteng go batho, tota o ne a baakanyetsa ka Morwawe wa “motsalwa pele” yo o tlhotlhwa-kgolo go nna setlhabelo se se tlhokafalang. O ne a fetisetsa botshelo jo bo itekanetseng jwa Morwa yono wa semoya, ebong Lefoko, mo sebopelong sa lekgarebana la Mojuda, ebong Maria. Mosadi yono yo mosha o ne a ithwala mme ka nako e e tshwanetseng a belega morwa, yo o neng a bidiwa “Yesu.” (Mathaio 1:18-25) Mmopi wa botshelo ka mo go utlwalang o ne a ka kgona go dira motlholo o o ntseng jalo o o gakgamatsang.

37. Jesu o ne a bontsha lorato lwa gagwe go batho botlhe bao ba batlang botshelo jang?

37 Jesu o ne a gola a nna monna, a itlhagisa go Jehofa, mme a kolobediwa. Jaanong Modimo o ne a mo roma go dira thato ya Gagwe. (Mathaio 3:13, 16, 17) Ereka botshelo jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng bo ne bo tswa kwa legodimong ebile a ne a itekanetse, o ne a ka ntsha botshelo joo jwa motho yo o itekanetseng setlhabelo, a bo dirisetsa go golola batho mo losong. (Baroma 6:23; 5:18, 19) Jaaka a boletse a re: “Ke tsile gore di bōnè botshelō, me di bo bōnè ka letlōtlō.” “Ga go opè eo o nañ le loratō lo lo hetañ lo, ha motho a ka beèla ditsala tsa gagwè botshelō yoa gagwè.” (Yohane 10:10; 15:13) Fa Satane a ne a dira gore Jesu a bolaelwe mo mokgorong wa tlhokofatso, Jesu o ne a ineela mo losong lono lo lo botlhoko, a itse gore batho bao ba bontshang tumelo ba ne ba tla bona botshelo ka paakanyetso eno ya thekololo.—Mathaio 20:28; 1 Timotheo 2:5, 6.

Go Busediwa mo Botshelong

38. Morwa Modimo o ne a busediwa mo botshelong jang, mme ke eng seo se supelang seno?

38 Lemororo baba ba gagwe ba ne ba mmolaya, Morwa Modimo ga a ka a latlhegelwa ke tshwanelo ya gagwe ya botshelo jwa motho yo o itekanetseng, ka gonne o ne a bolokile bothokgami go Modimo. Mme, fa a ne a sule a le mo lebitleng, Jesu o ne a ka dirisa selo seno se se botlhokwa jang, tshiamelo ya botshelo jwa motho, mo boemong jwa batho? E ne e le gone fano fa Jehofa a ileng a dira kgakgamatso e nngwe gone, ya ntlha ya mofuta wa yone. Ka letsatsi la boraro la ga Jesu a le mo lebitleng, Jehofa o ne a mo tsosa mo losong jaaka sebopiwa sa moya, se se sa sweng. (Baroma 6:9; 1 Petere 3:18) Gore a nitamise tumelo mo tsogong, Jesu o ne a iphetolela mo mebeleng ya batho ka makgetlho a a farologaneng mme a itlhagisa mo barutweng ba gagwe, ka nako nngwe go ba le 500 le ba ba fetang moo ba bone. Ga go ope wa bano, kana le eleng moaposetoloi Paulo yo o ileng a foufadiwa moragonyana ke ponalo ya Jesu yo o galaleditsweng, yo o neng a na le lebaka lepe la go belaela kgakgamatso ya tsogo ya gagwe.—1 Bakorintha 15:3-8; Ditihō 9:1-9.

39. (a) Jesu o dirisa jang boleng jwa setlhabelo sa gagwe, mme sa ntlha mo go bomang? (b) Jesu o ne a bua kaga kgakgamatso efe e nngwe e kgolo?

39 Morago ga malatsi a le 40 Jesu yo o tsositsweng o ne a tlhatlogela kwa bonnong jwa sebele jwa Modimo kwa magodimong, koo go ya go neela boleng jwa setlhabelo sa gagwe sa motho yo o itekanetseng jaaka thekololo ya setho. “Me èna, o rile a sena go isetsa rure setlhabèlèlō sa dibe se le señwe hèla, a dula kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo; Go nna a lebèlèla go tsamaea baba ba gagwè ba dihwa sebeèō sa dinaō tsa gagwè.” (Bahebera 10:12, 13) Ba ntlha bao ba golotsweng ka thekololo eno ke “lecomanyane” la Bakeresete ba ba ikanyegang “bao eleñ ba ga Keresete.” (Luke 12:32; 1 Bakorintha 15:22, 23) Bano “ba cwa go rèkwa mo bathuñ,” mme ka gone ka tsogo ba fetoga balekane ba semoya ba ga Keresete kwa magodimong. (Tshenolō 14:1-5) Lefa go ntse jalo, gotweng ka batho ba bantsintsi bao ga jaanong ba robetseng mo losong mo mabitleng a bone? Fa a ne a le mo lefatsheng leno, Jesu o ne a bolela gore Rragwe o ne a mo neile taolo ya go atlhola le go neela botshelo. O ne a oketsa ka gore: “Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, Me ba tla cwa.” (Yohane 5:26-29) O tla busetsa bano mo botshelong mo lefatsheng la Paradaise.

40, 41. (a) Tlhalosa gore tota “cogo” e kayang. (b) Ke ka ntlhayang fa re ka nna le tumelo mo tsholofetsong ya Modimo ya tsogo?

40 A o ke o tlhokomele mafoko a ga Jesu a a reng, “Se gakgamaleleñ mo.” Lefa go ntse jalo, motho yo eleng kgale a sule a ka gololwa jang mo losong le go busediwa mo botshelong gape? A mmele wa gagwe ga oa fetoga lerole? Dingwe tsa dikarolwana tse di neng di bopa mmele oo tota di ka tswa di mokonnwe ke dilo tse dingwe tse di tshelang, tse di etsang dijalo le diphologolo. Lefa go ntse jalo, tsogo ga e kaye go kopanya dikarolwana tsone tseo tsa dikhemikale mmogo gape. E kaya gore Modimo o bopa motho yo o tshwanang sesha, a na le botho jo bo tshwanang. O tlhagisa mmele o mosha go tswa mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, mme mo mmeleng oo o tsenya mekgwa e e tshwanang, dinonofo tse di tshwanang tseo di mo farologanyang le ba bangwe, mogopolo o o tshwanang, mokgwa o o tshwanang wa botshelo oo motho yoo o neng a na le one ka nako ya loso lwa gagwe.

41 Gongwe o ka ne o ile wa diragalelwa ke gore ntlo ya gago e o neng o e rata thata e ile ya sha. Lefa go ntse jalo, o ne o ka dira gore ntlo e e tshwanang le eo e agiwe sesha gape motlhofo fela, ka gonne sebopego sa dikarolo tsa yone tsa konokono tse di rategang se phepafetse mo mogopolong wa gago. Jalo, kwantle ga pelaelo, Modimo yo eleng Motlhodi wa mogopolo a ka bopa sesha batho bao a ba bolokileng mo mogopolong wa gagwe gonne a ne a ba rata. (Isaia 64:8) Ke ka lone lebaka leno Bibela (NW) e dirisang polelwana e e reng “mabitla a kgakologelo.” Fa e setse e le nako e e tshwanetseng ya Modimo ya gore a busetse baswi mo botshelong gape, o tla dira kgakgamatso eo, fela jaaka a ne a dira kgakgamatso fa a ne a bopa motho wa ntlha, e tla bo e le ka nako eno fela a tla e dirang ka makgetlo a le mantsi.—Genesise 2:7; Ditihō 24:15.

42. Ke ka ntlhayang fa botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng bo ka kgonega ebile go tlhomame?

42 Modimo o tla busetsa batho mo botshelong, ka tebelelo ya go sa tlhole baa swa gape mo lefatsheng. Mme botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng bo kgonega jang? Boa kgonega ebile go tlhomame gonne ke thato le boikaelelo jwa bomodimo. (Yohane 6:37-40; Mathaio 6:10) Lebaka fela la go bo motho aa swa mo lefatsheng gompieno ke ka go bo a ruile loso go tswa go Adame. Lefa go ntse jalo, fa re akanyetsa dilo tse dintsintsi tsa methalethale tse dintle mo lefatsheng tseo motho a neng a tshwanetse go di ipelela, lobaka lo lokhutshwane lwa botshelo lwa dingwaga tse di kafa tlase ga di le lekgolo ruri lo lonnye thata! Fa Modimo o ne o neela bana ba batho lefatshe leno, o ne a ikaeletse gore motho o tshwanetse go tswelapele a tshela go ipelela dikgalalelo tsa popo ya Gagwe, eseng ka dingwaganyana di le lekgolo fela, kana le eleng ka dingwaga di le sekete, mme ka bosakhutleng!—Pesalema 115:16; 133:3.

Puso e e Itekanetseng ya Kagiso

43. (a) Ke ka ntlhayang fa go tlhokafala puso e e itekanetseng? (b) Jehofa o ikaeletse eng mo ntlheng eno?

43 Ereka batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba gana molao wa Modimo, puso ya motho e ne ya nna kafa tlase ga taolo ya ga Satane. Ka mo go tshwanelang Bibela e bitsa Satane “modimo oa lehatshe yeno.” (2 Bakorintha 4:4) Dintwa, bosetlhogo, tshenyego, le go sa tlhomama ga dipuso tsa motho go supela gore ruri ke ene. Kgolagano ya Merafe le Merafe e e Kopaneng di paletswe ke go tlisa kagiso go tswa mo tlhakatlhakanong. Batho ba lelela puso ya kagiso. A ga go utlwale go bo Mmopi, yo o ikaeletseng go tsosolosa Paradaise mo lefatsheng leno, gape a ne a ka baakanyetsa ka puso e e itekanetseng ya Paradaise eo? Seo ke sone seo tota Jehofa a ikaeletseng go se dira. Kgosi eo e Mo emelang mo pusong eo ke “Kgōsana [ya gagwe] ea Kagishō,” ebong Keresete Jesu, mme “go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō.”—Isaia 9:6, 7.

44. (a) Puso eno e tla nna kae? (b) E tla bo e bopilwe jang?

44 Bibela e bontsha gore puso e e itekanetseng e tla nna kwa legodimong. Go tswa mo boemong jono jo bo goletsegileng, Kgosi Jesu Keresete o tla busa lefatshe lotlhe ka tshiamo le ka matsetseleko. Go feta moo, o tla nna le balaodi mmogo le ene mo pusong eo e e sa bonaleng, ya selegodimo. Bano ba tlhophiwa go tswa mo bathong ba ba ikanyegang, balatedi ba ga Jesu bao ba mo kgomarelang mo ditekong le bao a ba bolelelang jaana: “Me ke lo baea bogosi, yaka Rrè a bo mpeile.” (Luke 22:28, 29) Ke ba sekae fela go tswa mo bathong bao ba tseelwang kwa legodimong go busa le Keresete Jesu. Go tshwana fela le mo merafeng gompieno, koo e leng ba sekae fela bao ba tlhophelwang go busa mo palamenteng. Bibela e bontsha gore Keresete Jesu o tla nna le babusi mmogo le ene ba le 144 000 fela. Jalo Bogosi jwa Modimo, kana puso ya selegodimo, e dirilwe ka Jesu Keresete le batho ba le 144 000 ba ba tserweng mo lefatsheng go ya kwa legodimong. (Tshenolō 14:1-4; 5:9, 10) Mme go tweng ka lefatshe? Pesalema 45:16 e umaka gore Kgosi e tla tlhopha “dikgōsana mo lehatshiñ yeotlhe.” “Dikgōsana” tsa batho, kana balebedi ba puso, di tla tlhophiwa go tswa kwa legodimong ka ntlha ya boineelo jwa bone jo bo boteng mo melao-metheong ya tshiamo.—Bapisa Isaia 32:1.

45, 46. (a) Setlhogo sa konokono sa thero ya ga Jesu mo lefatsheng e ne e le sefe? (b) Ke ka ntlhayang fa puso e e itekanetseng e ne e sa tlhongwe gone fela foo? (c) Ngwaga wa 1914 C.E. e ne e le ngwaga o o tlhomologileng mo boperofeting le mo ditiragalong tsa lefatshe jang?

45 Puso e e itekanetseng e tlhomiwa leng mme jang? Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng Bogosi jono e ne e le jone setlhogo sa konokono sa thero ya gagwe. (Mathaio 4:17; Luke 8:1) Lefa go ntse jalo, ga a ka a tlhoma Bogosi ka nako eo, lefa e le ka nako ya tsogo ya gagwe. (Ditihō 1:6-8) Le eleng fa a ne a tlhatlogela kwa magodimong, o ne a santse a tshwanetse gore a letele nako e e tlhophilweng ya ga Jehofa. (Pesalema 110:1, 2; Bahebera 1:13) Polelelopele ya Bibela e bontsha gore nako e e tlhophilweng e ile ya tla ka 1914 C.E. Lefa go ntse jalo, mongwe a ka nna a botsa a re, ‘Mo boemong jwa puso e e itekanetseng, a 1914 ga ya tshwaya tshimologo ya mahutsana a a oketsegileng a lefatshe?’ O opile kgomo lonaka! Go na le kamano e e gaufi magareng ga go tla ga Bogosi jwa Modimo le ditiragalo tse di botlhoko tsa dingwaga tsa bosheng jaana, jaaka re tla bona jaanong.

46 Ka dingwaga tse di ka nnang 35 pele ga 1914, Tora ya Tebelo (eo ga jaanong e leng makasine wa bodumedi o o anamisiwang mo bathong ba le bantsi go gaisa mo lefatsheng) o ne o ntse o biletsa tlhokomelo go 1914 jaaka ngwaga o o tshwailweng mo boperofeting jwa Bibela. Dipolelelopele tseno di ile tsa simolola go nna le tiragatso e e tlhomologileng ka 1914. Nngwe ya tseno e ne e le polelelopele ya ga Jesu ka sebele, eo go neng go builwe ka yone dingwaga di le 1 900 tse di fetileng, malebana le “seshupō” se se neng se tla tlhaga kwa bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo le seo se neng se tla supa gore o ne a le gone ka mo go sa bonaleng ka maatla a segosi. Fa a ne a araba potso ya barutwa ba gagwe kaga “seshupō” seno, o ne a re: “Gonne morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi: me go tla nna meshwèle, le dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe. Me dilō cotlhe tse, e be e le tshimologō ea botlhoko yoa pèlèga.” (Mathaio 24:3, 7, 8) Ka tiragatso e e jesang kgakge, ntwa ya ntlha ya dintwa tsa lefatshe e ne ya simolola ka 1914, mme ya tlisa tshenyo e e fetang ya dintwa tsotlhe di le 900 tsa dingwaga di le 2 500 pele ga moo makgetlo a le supa! Botlhoko jwa pelega bo ile jwa tswelapele go tloga ka motlha oo. A o ile wa itemogela tshenyo ya ntwa, tlhaelo ya dijo, kana epe ya dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe tseo di bogisitseng lefatshe go tloga ka 1914? Fa go le jalo, o nnile mosupi yo o boneng ka matlho “seshupō” sa ‘motlha wa bokhutlo’ jwa tsamaiso eno ya dilo.—Daniele 12:4.

47. Ditiragalo tseo di diragatsang “seshupō” di ile tsa gakala jang mo dingwageng tsa bosheng jaana?

47 “Botlhoko yoa pèlèga” bo ile jwa ya kwa godimo go ralala Ntwa ya Lefatshe II, eo tshenyo ya yone e neng e feta ya Ntwa ya Lefatshe I ga makgetlo a le mane, mme go tswelapele go fitlha motlheng wa nuklea, go diragatsa boperofeti jo bo tswelang pele jwa ga Jesu: “Mo lehatshiñ pitlaganō ea merahe, e rarañwa . . . le batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.” (Luke 21:25, 26) Koketsego ya bokebekwa le boikepo, mo go tlhokeng kutlo le mo bogananeng mo baneng, gammogo le go sa reng Modimo sepe le boitsholo jo bo maswe—ditiragalo tseno tse di boifisang le tsone di ile tsa bolelelwa pele jaaka tseo di tshwayang ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso eno e e bosula.—2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 24:12.

48. Ke mang yo o ikarabelelang mo mahutsaneng a a leng mo lefatsheng, mme ke ka ntlhayang fa a ile a oketsega go tloga ka 1914?

48 Lefa go ntse jalo, fa e le gore puso ya selegodimo e ne ya tlhongwa ka 1914, ke ka ntlhayang fa go na le tlalelo eno yotlhe mo lefatsheng? Ke Satane Diabolo yo o ikarabelelang. Fa Keresete a ne a amogela maatla a Bogosi, kgato ya gagwe ya ntlha e ne e le go dira ntwa kgatlhanong le Satane kwa magodimong a a sa bonaleng. Ka gone, Satane, “motsietsi oa lehatshe yeotlhe,” o ne a latlhelwa mo sebakeng sa lefatshe mmogo le baengele ba gagwe. Ereka a itse gore go fedisiwa ga gagwe go gaufi, o tlhotlheletsa matshwenyego a mantsi mo lefatsheng. “Go latlhèga lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.”—Tshenolō 12:7-9, 12.

49. (a) Ke eng seo se tla diragalelang bao ba “senyañ lehatshe”? (b) Jehofa o tla diragatsa jang “katlholo” ya gagwe mo merafeng?

49 A mahutsana ano a tla tsamaya a fela? Ee!—fa puso ya selegodimo ka boyone, Bogosi jwa Modimo Mothatayotlhe, bo tsaya kgato go “senya ba ba senyañ lehatshe.” (Tshenolō 11:18; Daniele 2:44) Le ka motlha Modimo ga a kitla a dumelela maatla a sepolotiki, Bakeresete ba maaka, kana ope yo mongwe go senya tiro ya diatla tsa gagwe, ebong lefatshe, ka didirisiwa tsa bone tsa nuklea. Go na le moo, o bolela gore: “Gonne boikaèlèlō yoa me ke go phutha merahe, gore ke kokwanyè magosi, go tla ke gorometsa chakgalō ea me mo go aōna, eboñ bogale yoa me yotlhe yo bo hisañ.” (Sefania 3:8) Jehofa, ka Keresete wa gagwe, o tla dirisa matsholo a magolo ao a a laolang mo lebopong lotlhe fa a tlisa tshenyo e kgolo mo go botlhe bao ba latelang Satane mo lefatsheng. Seno se tla diragala ka selekanyo sa lefatshe lotlhe, se se lekanang le Morwalela wa motlha wa ga Noa ka bogolo.—Yeremia 25:31-34; 2 Petere 3:5-7, 10.

50. (a) “Hara–Magedone” ke eng? (b) Ke bomang fela bao ba tla falolang Hara–Magedone?

50 Mo Bibeleng phediso eno ya merafe e e boikepo e bidiwa ntwa ya Modimo ya Hara–Magedona. (Tshenolō 16:14-16) Ke batho ba ba boikokobetso fela, bao ba senkang Jehofa le tshiamo, bao ba ka falolang Hara–Magedona go tsena mo tsamaisong e ntšha ya Modimo ya kagiso. (Sefania 2:3; Isaia 26:20, 21) Malebana le bano Bibela e bolela gore: “Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.” (Pesalema 37:11) Tiro e kgolo ya go busetsa Paradaise mo lefatsheng jaanong e tla simologa!

Thuto ya go Tsena mo Paradaiseng

51. Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa gore o tseye kgato jaanong?

51 A o ka rata go tshela mo Paradaiseng? Fa e le gore karabo ya gago ke ‘Ee,’ o tla itumelela go itse gore fa Jesu a ne a bua ka tsamaiso ya gompieno e e nang le matshwenyego le ka “seshupō” sa phediso ya yone e e atamelang, o ile a oketsa ka gore, “Losika lo ga lo ketla lo heta go tlo go tsamaee dilō cotlhe tse di dihale pele.” Bobotlana, bangwe ba losika loo lo boneng “tshimologō ea botlhoko yoa pèlèga” ka 1914 ba tla tshela go bona Paradaise e busediwa mo lefatsheng. (Mathaio 24:3-8, 34) Lefa go ntse jalo, go utlwisa botlhoko go bo batho ba bantsi gompieno ba le mo tseleng e kgolo eo e isang tatlhegong. (Mathaio 7:13, 14) Ba saletswe ke nako e nnyane gore ba fetoge. Abo o tla leboga jang ne go bo Jehofa a baakanyeditse ka tlhagiso nako e santse e le teng! Ereka Jehofa a batla gore o nne le botshelo, o tla go thusa gore o tseye dikgato tse di siameng.—2 Petere 3:9; Esekiele 18:23.

52. Ke eng seo o se tlhokang e le gore o ke o dire tlhopho e e botlhale malebana le bodumedi?

52 Seo o se tlhokang ka potlako jaanong ke kitso ya boammaaruri. (1 Timotheo 2:4; Yohane 17:3) O tla e bona kae? A e ka bonwa mo bodumeding bope fela? Batho bangwe ba bolela gore ditumelo tsotlhe di isa kwa mokgeleng o le mongwe, fela jaaka ditsela tsotlhe mo thabeng di isa kwa setlhoeng sa yone. Abo ba phoso jang ne! Gore bapalami ba dithaba ba bone tsela e e siameng, ba dirisa dimmapa, mme ba hira dilo tse di ba kaelang. Ka mo go tshwanang, go na le bodumedi bo le bongwe fela jwa boammaaruri jo bo tla isang kwa botshelong jo bo sa khutleng, mme go tlhokafala kaelo gore o bo bone.—Ditihō 8:26-31.

53. (a) Gore o bone botshelo jo bo sa khutleng, ke eng se o tshwanetseng go tswelapele o se dira? (b) Ke diteko dife go tswa go Satane tseo o tla tshwanelwang ke go di fenya?

53 Bukana eno e baakanyeditswe ke Basupi ba ga Jehofa gore e go thuse. E setse e go thusitse go tlhaloganya dinnete dingwe tsa konokono tsa Bibela, a ga e a dira jalo? Kwantle ga pelaelo o setse o tlhomamisitse ka bowena gore ntlha nngwe le nngwe e theilwe mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Jaanong, gore o gatele pele go ya kwa mokgeleng wa gago, o tshwanetse go tswela pele o ithuta. Fela jaaka thuto e e tshwanetseng ya kwa sekolong e tlhokafala go dira gore motho a tshwanele boemo jo bo rileng mo mokgatlhong wa batho wa letsatsi le letsatsi, jalo thuto e e tshwanetseng ya Bibela ea tlhokafala go tlhomelela motho gore a tsene mo mokgatlhong wa batho o o tla falolelang go tshela mo lefatsheng la Paradaise. (2 Timotheo 3:16, 17) Satane a ka nna a leka go go kgoreletsa ka go baka gore ditsala tse o atamalaneng le tsone di nne kgatlhanong le wena kana ka go go raela ka ditsela tse di bogagapa tsa go rata dilo tse di bonalang kana ka boitshwaro jo bo sa siamang. O seka wa ineela mo go Satane. Tshireletsego ya gago le isagwe yotlhe ya gago le ya lelapa la gago e ikaegile ka gore o ithute Bibela go ya pele.—Mathaio 10:36; 1 Yohane 2:15-17.

54. Ke paakanyetso efe go ya pele ya thuto eo Jehofa a e dirileng mo baagelaning ba gago?

54 Mo godimo ga go tsweletsa thuto ya gago ya ga jaanong ya Bibela pele, go na le tsela e nngwe ya go ithuta. Batho bao ba agelaneng le wena bao ba kgatlhegelang thuto ya Bibela ka metlha ba nna gone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi ya lefelo la lona. Botlhe bao ba nnang gone ba nna teng gore ba amogele tao go tswa mo Bibeleng mme ba leka ka bopelo-e-phepa go nna batho ba ba botoka. Ba amogela batlabosheng kwantle ga tikatiko, ka gore, “Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa [lefelo la gagwe la kobamelo], . . . me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè.” (Isaia 2:3) Mabaka a a molemo a go nna gone kwa dipokanong tsa Bibela a tlhalosiwa go Bahebera 10:24, 25, eo e balegang jaana: “A re gopolaneñ re tlhotlheletsanyeñ mo loratoñ le mo ditihoñ tse di molemō; re seka ra bakela go phuthega ga rona, yaka mokgwa oa bañwe, me re laelanè; me bogolo thata ka lo bōna motlha o atamèla.”

55. (a) Phuthego ya ga Jehofa e farologane le tse dingwe ka ditsela dife? (b) Basupi ba ga Jehofa ba utlwana go gaisa batho bape ba bangwe jang?

55 Fa o ntse o kopanela le phuthego ya ga Jehofa, o tla fitlhela boemo jo bo farologaneng thata le jwa kwa ditempeleng le kwa dikerekeng. Ga go na koleke ya madi, ga go na go jana direthe kana dikgogakgogano dipe, mme ga go na tlhaolele ka ntlha ya boemo jwa lelapa kana boemo jwa tsa madi. Nonofo e e tlhomologileng go gaisa mo gare ga Basupi ba ga Jehofa ke lorato. Santlha, ba rata Jehofa, mme sa bobedi, ba rata batho ba bangwe. Ano ke matshwao a Bakeresete ba boammaaruri. (Mathaio 22:37-39; Yohane 13:35) O nne teng kwa dipokanong tsa bone mme o tlhomamise seno ka bowena. Kwantle ga pelaelo o tla kgatlhiwa ke go utlwana ga bone. Go na le Basupi ba ba fetang dimilione di le tharo lefatshe ka bophara mo mafatsheng a a fetang 200. Lefa go ntse jalo, Basupi go ralala lefatshe ba latela dithulaganyo tse di tshwanang kwa dipokanong tsa bone. Mme ka ntlha ya go gatisiwa ga nako e le nngwe ka dipuo tse dintsi, kwa dipokanong tsa bone tsa beke le beke bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa go ralala lefatshe ba ithuta ditlhogo tse di tshwanang tsa Dikwalo mo dioureng di sekae mo go ba bangwe. Kutlwano ya phuthego ya ga Jehofa ke kgakgamatso ya motlha wa segompieno mo lefatsheng leno le le kgaoganeng.

56. (a) O ka amogela melemo efe go tswa mo go kopaneleng le phuthego ya ga Jehofa? (b) Fa mathata a tsoga, o tshwanetse go itshwara jang? (c) Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa gore o neele botshelo jwa gago mo go Jehofa?

56 Fa o ntse o kopanela ka metlha le batho ba ga Jehofa, o tla tlhoka gore o apare “motho eo mosha” le go tlhagolela maungo a moya wa Modimo—“loratō, le boitumelō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, Le boiñōtlō, le boikgapō.” (Bakolosa 3:10, 12-14; Bagalatia 5:22, 23) Seno se tla go tlisetsa kgotsofalo ya mmatota. O ka nna wa nna le mathata go a fenya kgapetsa ka ntlha ya gore o tshela mo lefatsheng le le boikepo gape le ka ntlha ya bosaitekanelang jwa gago. Mme Jehofa o tla go thusa. Lefoko la gagwe le tlhomamisetsa bao ba lekang go mo itumedisa ka bopelo-e-phepa jaana: “Lo se ka loa tlhobaediwa ke sepè; me mo diloñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisiwè Modimo ka thapèlō le kokotlelō, di na le tebogō. Me kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe, e tla dibèlèla dipelo tsa lona le megopolō ea lona mo go Keresete Yesu.” (Bafilipi 4:6, 7) O tla gogelwa ke lorato lwa ga Jehofa, mo eleng gore o tla batla go mo direla. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go bontsha ka moo o ka neelang botshelo jwa gago ka gone go Modimo ono o o lorato mme o fetoge mongwe wa basupi ba gagwe ba ba lesego. (Pesalema 104:33; Luke 9:23) Ee, ke tshiamelo. A o ke o akanye fela! Jaaka moobamedi wa ga Jehofa, o ka fitlhelela mokgele wa botshelo jo bo sa khutleng mo paradaiseng mono mo lefatsheng.—Sefania 2:3; Isaia 25:6, 8.

57. (a) Mo tsamaisong e ntšha, ke kamano efe e e gaufi eo e tla nnang teng gareng ga Modimo le batho? (b) Mangwe a masego a o tlaa ipelelang ka nako eo ke afe?

57 Ka gone, tswelapele go ithuta le go gola mo loratong le mo kanaanelong ya ga Jehofa Modimo, Morwawe, le puso ya selegodimo ya tshiamo. Fa polelelopele ya Bibela e tlhalosa puso ya Modimo le masego ao e tla a tshololelang mo sethong, e re: “Bōnañ, boagō yoa Modimo bo mo bathuñ, me o tla aga nabō, mme ba tla nna batho ba ōna, le Modimo ka osi o tla nna nabō.” “Modimo ka osi,” yoo a leng kwa godimo-dimo jaana ga puso ya motho ya bogagapa, e e senyang ya motlha ono, o tla bo a le gaufi-ufi jaaka Rre yo o pelonomi go botlhe bao ba mo ratang le go mo obamela mo tsamaisong e ntšha eo. Eleruri, go tla bo go na le bodumedi bo le bongwe fela, kobamelo ya boammaaruri ya ga Jehofa Modimo, mme baobamedi ba gagwe ba tla ipelela kamano e e gaufi ya bana go Rrabone. Abo o tla itshupa e le Rre yo o lorato jang ne! “Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”—Tshenolō 21:3, 4.

58. Ke ka ntlhayang fa o tla tlhomamisega gore Jehofa o tla ‘dira dilo tsotlhe sesha’?

58 Jalo kgakgamatso e kgolo ya go dira lefatshe la paradaise kafa tlase ga puso e e itekanetseng ya selegodimo e tla bo e fitlheletswe. Go tlhomame fela jaaka lebaka la gore letsatsi le tla tlhaba mme le phirime ka moso. Ka gonne ditsholofetso tsa ga Jehofa Modimo, Mmopi wa legodimo le lefatshe, ka metlha di “boikañō le boamarure.” Ke ene yo o bolelang go tswa setulong sa gagwe sa bogosi kwa legodimong a re: “Bōnañ, dilō cotlhe ke di diha sesha.”—Tshenolō 21:5.

Fa o boeletsa bukana eno, o ne o ka araba dipotso tse di latelang jang?

Bibela e tlhomologile ka ditsela dife?

O ithutileng kaga Modimo?

Keresete Jesu ke mang?

Satane Diabolo ke mang?

Ke ka ntlhayang fa Modimo a dumeletse boikepo?

Ke ka ntlhayang fa motho aa swa?

Baswi ba mo boemong bofe?

Thekololo ke eng?

Tsogo e diragala kae mme jang?

Bogosi ke eng, mme bo tla fitlhelela eng?

“Seshupō” sa “metlha ya bofelo ya tsamaiso ya dilo” ke eng?

O ka baakanyetsa botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng jang?

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Ditshupiso tsa Bibela tse di tshegetsang se se fa godimo: (1) Ditihō 17:26; Pesalema 46:9; Mika 4:3, 4; Isaia 65:21-23; (2) Isaia 65:25; 11:6-9; 55:12, 13; Pesalema 67:6, 7; (3) Yobe 33:25; Isaia 35:5, 6; 33:24; Pesalema 104:24; (4) Isaia 55:11.

b Ditsopolo tsa Dikwalo tse di mo bukaneng eno di tswa mo phetolelong ya Bibela e e Boitshèpō, kwantle ga fa go supilwe ka tsela nngwe. Koo NW e latelang morago ga tsopolo nngwe gone, go supa gore e ranotswe go tswa go New World Translation of the Holy Scriptures ya puo ya Seesemane, Phetolelo e Ntšha ya 1984.

c Monarchs and Tombs and Peoples—The Dawn of the Orient, tsebe 25.

d Cyclopedia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature, ka J. McClintock le J. Strong, Bolumo 8, tsebe 908.

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Jaaka sebopiwa, motho o feta diphologolo kgakala

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Jesu o ne a lekana le motho yo o itekanetseng ebong Adame

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela