LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 20 ts. 119-129
  • Boidiidi jo Bogolo Jwa Batho ba Bantsintsi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boidiidi jo Bogolo Jwa Batho ba Bantsintsi
  • Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhomamisa Sebopego sa Boidiidi jo Bogolo
  • Kwa Legodimong Kana mo Lefatsheng?
  • Loshalaba Lwa Lobopo Lotlhe Lwa Pako
  • Go Tlhaga ga Boidiidi jo Bogolo
  • Masego a Boidiidi jo Bogolo
  • Go Tlhomamisa Pitso
  • “Bona! Boidiidi jo Bogolo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Boidiidi jo Bogolo fa Pele ga Setulo sa Bogosi sa ga Jehofa
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
  • Boidiidi jo Bogolo bo Dira Tirelo e e Boitshepo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • ‘Bonang! Boidiidi jo Bogolo!’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 20 ts. 119-129

Kgaolo 20

Boidiidi jo Bogolo Jwa Batho ba Bantsintsi

1. Johane o bona setlhopha sefe se sengwe morago ga go tlhalosa ka go tshwaiwa ga ba ba 144 000?

MORAGO ga go tlhalosa go tshwaiwa ga ba ba 144 000, Johane o tswelela ka go bega nngwe ya ditshenolo tse di kgatlhisang thata mo Dikwalong tsotlhe. Pelo ya gagwe e tshwanetse ya bo e ne ya tlola ka boitumelo fa a ne a e kwala, a re: “Morago ga dilo tseno ka leba, mme, bona! boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana, ba apere diaparo tse di telele tse ditshweu; mme go ne go na le dikala tsa mokolane mo diatleng tsa bone.” (Tshenolo 7:9) Ee, go tshwarwa ga diphefo tse nnè go fa setlhopha se sengwe kwantle ga maloko a a 144 000 a Iseraele wa semoya sebaka sa go bolokiwa: boidiidi jo bogolo jwa batho ba dipuo tse dintsi, ba ditšhaba tsotlhe.a—Tshenolo 7:1.

2. Baakgedi ba lefatshe ba tlhalositse boidiidi jo bogolo jang, mme le e leng Baithuti ba Baebele mo nakong e e fetileng ba neng ba leba jang setlhopha seno?

2 Baakgedi ba lefatshe ba tlhalositse fa boidiidi jo bogolo jono e le Bajuda ba ba sokologetseng Bokereseteng kana e le baswelatumelo ba Bakeresete ba ba yang kwa legodimong. Le e leng Baithuti ba Baebele mo nakong e e fetileng ba ne ba ba tsaya gore ke setlhopha sa bobedi sa selegodimo, jaaka go kwadilwe mo Bolumong I ya 1886 ya Studies in the Scriptures, The Divine Plan of the Ages: “Ba latlhegelwa ke mokgele wa setulo sa bogosi le sebopego sa bomodimo, mme labofelo ba tla tsalwa jaaka dibopiwa tsa semoya tsa thulaganyo e e kwa tlase ga ya sebopego sa bomodimo. Le mororo bano ba itshepisitswe sentle, ba fenngwa ke moya wa lefatshe go ya bokgakaleng joo ba retelelwang ke go ntsha matshelo a bone setlhabelo.” Maloba fela jaana ka 1930, mogopolo oo o ne wa tlhalosiwa mo bukeng ya Light, Buka ya Ntlha, ka go re: “Ba ba dirang boidiidi jo bogolo jono ba retelelwa ke go tsibogela taletso ya go nna basupi ba ba tlhagafetseng ba Morena.” Ba ne ba tlhalosiwa jaaka setlhopha sa ba ba iponang tshiamo ba ba nang le kitso ya boammaaruri mme ba sa rere thata ka jone. Ba ne ba solofela go ya kwa legodimong jaaka setlhopha sa bobedi sa ba ba neng ba se kitla ba tsaya karolo mo go buseng le Keresete.

3. (a) Bangwe ba ba dipelo di siameng ba morago ba neng ba tlhagafala mo tirong ya go rera ba ne ba solofediwa eng? (b) Tora ya Tebelo ya 1923 e ne ya tlhalosa jang setshwantsho sa dinku le dipodi?

3 Le fa go ntse jalo, go ne go na le ba bangwe ba e neng e le balekane ba ba e leng Bakeresete ba ba tloditsweng, bao moragonyana ba neng ba tlhagafala thata mo tirong ya go rera. Ba ne ba se na dikeletso dipe tsa go ya kwa legodimong. Tota, tsholofelo ya bone e ne e le tumalanong le setlhogo sa puo ya phatlalatsa e e neng ya neelwa ke batho ba ga Jehofa go simologa ka 1918 go ya go 1922. Eno pele e ne e re “Lefatshe le Khutlile—Didikadike Tse Jaanong di Tshelang ga di Kitla di Swa.”b Ka bokhutshwane fela morago ga moo, makasine wa Tora ya Tebelo wa October 15, 1923 (ka Seesemane), o ne wa tlhalosa setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi (Mathaio 25:31-46), o bolela o re: “Dinku di emela batho ba ditšhaba tsotlhe, ba ba sa tsalwang ka moya mme ba ba ratang tshiamo, ba mo megopolong ya bone ba dumelang fa Jesu Keresete e le Morena le ba ba lebeletseng le go solofela nako e e botoka mo pusong ya gagwe.”

4. Lesedi mabapi le setlhopha se se nang le tebelelo ya go tshela mo lefatsheng le ne la phatsimela pele jang ka 1931? ka 1932? ka 1934?

4 Dingwaga di sekae moragonyana, ka 1931, Vindication, Buka ya Ntlha, e ne ya bua ka Esekiele kgaolo 9, e tlhaola ba ba tshwailweng mo diphatleng go bolokwa mo bokhutlong jwa lefatshe jaaka dinku tsa setshwantsho se se fa godimo. Buka ya Vindication, Buka ya Boraro e e golotsweng ka 1932, e ne ya tlhalosa boikutlo jwa pelo e e thokgameng jwa monna yo o neng a se Moiseraele e bong Jonadabe, yo o neng a pagama le Kgosi Jehu yo o tloditsweng wa Iseraele mo kareng ya gagwe a ba a tsamaya le ene go ya go bona tlhoafalo ya ga Jehu mo go bolaeng badumedi ba maaka. (2 Dikgosi 10:15-17) Buka eo e ne ya akgela ka go re: “Jonadabe o ne a emela kana a tshwantshetsa setlhopha sa batho ba jaanong ba leng mo lefatsheng ka nako eo tiro ya ga Jehu [ya go bolela dikatlholo tsa ga Jehofa] e tsweletseng mo go yone ba ba ratang molemo, ba sa kopaneleng le phuthego ya ga Satane, ba ba emeng kafa letlhakoreng la tshiamo, e bile e le ba Morena o tla ba bolokang ka nako ya Haramagedona, a tla ba falotsang mo bothateng joo, a ba a ba neye botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. Bano ba bopa setlhopha sa ‘dinku.’” Ka 1934 Tora ya Tebelo e ne ya phepafatsa sentle gore Bakeresete bano ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba ne ba tshwanetse go ineela mo go Jehofa ba bo ba kolobediwe. Lesedi mabapi le setlhopha seno se se nang le tebelelo ya go tshela mo lefatsheng le ne le ntse le phatsimela pele.—Diane 4:18.

5. (a) Ba boidiidi jo bogolo ba ne ba tlhaolwa jang ka 1935? (b) Fa J. F. Rutherford ka 1935 a ne a kopa batlakopanong ba ba neng ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng go ema ka dinao, go ne ga diragala eng?

5 Tsela e re tlhaloganyang Tshenolo 7:9-17 ka yone e ne e tloga e phatsima ka phatsimo e kgolo! (Pesalema 97:11) Makasine wa Tora ya Tebelo o ne o nnile wa solofetsa gangwe le gape gore kopano e e neng e rulaganyeditswe go tshwarwa ka May 30 go ya go June 3, 1935, kwa Washington, D.C., kwa U.S.A., e ne e tla nna “kgomotso ya mmatota e bile e tla nna mosola” mo go ba ba tshwantshediwang ke Jonadabe. E ne ya itshupa e ntse jalo! Mo puong e e tsosang maikutlo e e neng e re “Bontsintsi jo Bogolo,” e e neng e reeditswe ke batlakopanong ba ba ka nnang 20 000, J. F. Rutherford, yo ka nako eo a neng a eteletse pele tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe, o ne a neela bosupi jwa Dikwalo jwa gore dinku tse dingwe tsa motlha wa segompieno di tshwana le boidiidi jo bogolo jwa Tshenolo 7:9. Kwa bofelong jwa polelo eno, sebui se ne sa kopa ka go re: “A botlhe ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng ba ka ema ka dinao tsweetswee?” Jaaka karolo e kgolo ya bareetsi ba ema ka dinao, sebui se ne sa bua sa re: “Bonang! Bontsintsi jo bogolo!” Go ne ga nna le tidimalo ka nakwana, ya latelwa ke moduduetso o o kabang ditsebe. A bo setlhopha sa Johane se ne se itumetse jang ne—sone mmogo le setlhopha sa Jonadabe! Mo letsatsing le le latelang, fa Basupi ba basha ba le 840 ba ne ba kolobediwa, bontsi jwa bano ba bolela fa ba le ba boidiidi jo bogolo joo.

Go Tlhomamisa Sebopego sa Boidiidi jo Bogolo

6. (a) Ke ka ntlha yang fa ka phepafalo re ka tlhaloganya gore boidiidi jo bogolo ke setlhopha sa motlha wa segompieno sa Bakeresete ba ba ineetseng ba ba solofelang go tshelela ruri mo lefatsheng? (b) Diaparo tse ditshweu tsa ba boidiidi jo bogolo di tshwantshetsa eng?

6 Re ka tlhalosa jang ka tlhomamo gore boidiidi jo bogolo ke setlhopha seno sa motlha wa segompieno sa Bakeresete ba ba ineetseng ba ba solofelang go tshelela ruri mo lefatsheng la Modimo? Pelenyana, Johane o ne a bone mo ponatshegelong setlhopha sa selegodimo ‘se se tswang mo lotsong longwe le longwe le teme le batho le setšhaba.’ (Tshenolo 5:9, 10) Boidiidi jo bogolo le bone ba tswa gone moo mme phelelo ya bone ga e tshwane le ya ba setlhopha sa selegodimo. Ka go sa tshwane le Iseraele wa Modimo, palo ya bone ga e a bewa go sa le pele. Ga go na ope yo o ka bolelang go sa le pele gore ba tla nna kae. Diaparo tsa bone di sweufadiwa mo mading a ga Kwana, mo go tshwantshetsang gore ba na le boemo jo bo siameng fa pele ga ga Jehofa ka ntlha ya tumelo ya bone mo setlhabelong sa ga Jesu. (Tshenolo 7:14) Ba bile ba ntse ba tsholetsa dikala tsa mokolane ka diatla, ba goeletsa Mesia jaaka Kgosi ya bone.

7, 8. (a) Go tsholediwa ga dikala tsa mokolane ka diatla kwantle ga pelaelo go ne ga gakolola moaposetoloi Johane ditiragalo dife? (b) Ke eng se se kaiwang ke ntlha ya go bo ba boidiidi jo bogolo ba tsholeditse dikala tsa mokolane ka diatla?

7 Jaaka a lebile ponatshegelo eno, Johane o tshwanetse a bo a gakologelwa se se neng sa diragala dingwaga tse di fetang 60 tse di fetileng mo bekeng ya bofelo ya ga Jesu mo lefatsheng. Ka Nisane 9, 33 C.E., fa bontsi jo bogolo jwa batho ba ne ba phuthegela go amogela Jesu mo Jerusalema, ba ne ba “tsaya dikala tsa ditlhare tsa mokolane mme [ba] tswa [ba] ya go mo kgatlhantsha. Mme [ba] goa [ba] re: ‘Boloka, re a go rapela! A go bakwe yo o tlang ka leina la ga Jehofa, e leng yone kgosi ya Iseraele.’” (Johane 12:12, 13) Ka mokgwa o o tshwanang, go tsholetsa dikala tsa mokolane le go thela loshalaba ga boidiidi jo bogolo go bontsha boipelo jwa bone jo bo feletseng mo go amogeleng Jesu jaaka Kgosi e e tlhomilweng ya ga Jehofa.

8 Kwantle ga pelaelo, dikala tsa mokolane le go thela loshalaba lwa boipelo gape di gakolola Johane ka Modiro wa Diobo wa Iseraele wa bogologolo. Jehofa o ne a laotse jaana ka moletlo ono: “Mme mo letsatsing la ntlha lo itseele leungo la ditlhare tse dintlentle, makakaba a magolo a ditlhare tsa mokolane le dikala tse dikgolo tsa ditlhare tse di tletseng dikala le madibonoka a mokgatšha o o phothoselang, mme lo ipele fa pele ga ga Jehofa Modimo wa lona malatsi a le supa.” Dikala tsa mokolane di ne di dirisiwa jaaka sesupo sa boipelo. Diobo tsa nakwana e ne e le kgakololo ya gore Jehofa o ne a bolokile batho ba gagwe go tswa kwa Egepeto, go tla go nna mo metlaaganeng mo nageng. “Moagi wa moeng le mosimane yo o se nang rre le motlholagadi” ba ne ba arola mo modirong oo. Baiseraele botlhe ba ne ba tshwanetse go ‘ipela fela thata.’—Lefitiko 23:40; Duteronome 16:13-15.

9. Ba boidiidi jo bogolo ba kopanela mo go theleng loshalaba gofe ka boitumelo?

9 Go a tshwanela, he, gore boidiidi jo bogolo, le mororo e se karolo ya Iseraele wa semoya, ba tshwanetse go tsholetsa dikala tsa mokolane, e re ka ka boipelo le ka tebogo ba bolela fa phenyo le poloko e le tsa Modimo le Kwana, jaaka fa Johane mono a tlhalosa: “Ba ne ba nna ba goa ka lentswe le le kwa godimo, ba re: ‘Poloko re e neilwe ke Modimo wa rona, yo o ntseng mo setulong sa bogosi, le ke Kwana.’” (Tshenolo 7:10) Le mororo ba tserwe go tswa ditsong tsotlhe tsa lefatshe, boidiidi jo bogolo ba goa “ka lentswe le le kwa godimo” ka nako e le nngwe. Ba dira seno jang, le mororo ba le ba ditšhaba tse di farologaneng le dipuo?

10. Ba boidiidi jo bogolo ba goa jang mmogo “ka lentswe le le kwa godimo” ka nako e le nngwe le mororo e le ba ditšhaba le dipuo tse di farologaneng?

10 Boidiidi jo bogolo jono ke karolo ya phuthego e le yosi fela e e utlwanang ka boammaaruri ya boditšhabatšhaba e e mo lefatsheng gompieno. Ga ba tshele ka ditekanyetso tse di farologaneng mo dinageng tse di farologaneng mme ba dirisa melaometheo ya Baebele e e siameng ka go tshwana gongwe le gongwe kwa ba nnang gone. Ga ba tsenelele mo mekgatlhong ya botšhaba, ya botsuolodi mme ka boammaaruri ba ‘thudile ditšhaka tsa bone megoma.’ (Isaia 2:4) Ga baa kgaogana ka makoko kana dikereke, mo ba goeletsang melaetsa e e tlhakatlhakaneng kana e e sa nyalanang ka boyone jaaka go dira dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete; le gone ga ba tlogelele setlhopha sa baruti ba ba nang le thutego go ba direla pako. Ga ba thele loshalaba ba re poloka e tswa moyeng o o boitshepo, gonne ga se batlhanka ba modimo wa Tharonngwe. Mo mafelong a ka nna 200 go dikologa lefatshe, ba bopagane mo go bitseng leina la ga Jehofa jaaka ba bua puo e le nngwe fela e e itshekileng ya boammaaruri. (Sefania 3:9) Ka tshwanelo, ba bolela phatlalatsa gore poloko ya bone e tswa kwa go Jehofa, Modimo wa poloko, ka Jesu Keresete, Morongwa wa Gagwe yo Mogolo wa poloko.—Pesalema 3:8; Bahebera 2:10.

11. Maranyane a segompieno a thusitse ba boidiidi jo bogolo jang go goela kwa godimo thata ka lentswe la bone le le kwa godimo?

11 Maranyane a segompieno a thusitse mo go direng loshalaba lo logolo lwa boidiidi jo bogolo jo bo utlwanang go nna lo logolo fela thata. Ga go na setlhopha sepe se sengwe sa bodumedi mo lefatsheng se se tlhokang go gatisa dithuso tsa go ithuta Baebele ka dipuo tse di fetang 400, e re ka go se na setlhopha sepe se sengwe se se kgatlhegelang go fitlhelela batho botlhe mo lefatsheng ka molaetsa o le mongwe fela o o tshwanang. Jaaka thuso e nngwe mo go seno, tlase ga kaelo ya Setlhopha se se Laolang sa batlodiwa sa Basupi ba ga Jehofa, go ne ga tlhangwa motšhine wa Multilanguage Electronic Phototypesetting System (MEPS). Ka nako ya fa buka eno e gatisiwa, MEPS ya mefuta e e farologaneng e ne e dirisiwa mo mafelong a le 125 go dikologa lefatshe, mme seno se thusitse mo go kgontsheng gore go gatisiwe makasine wa bone wa gabedi ka kgwedi, e bong Tora ya Tebelo, ka dipuo tse di fetang 130 ka nako e le nngwe fela. Batho ba ga Jehofa gape ba gatisa dibuka, tse di tshwanang le eno, ka nako e le nngwe fela, ka dipuo di le mmalwa. Ka gone, Basupi ba ga Jehofa, bao bontsi jwa bone e leng ba boidiidi jo bogolo, ba kgona go tsamaisa makgolokgolo a dimilione tsa dikgatiso ngwaga le ngwaga tse di kwadilweng ka dipuo tse di itsegeng thata, mo go thusang matshwititshwiti a batho ba ba oketsegileng ba ditso tsotlhe le dipuo go ithuta Lefoko la Modimo le go kopanela le boidiidi jo bogolo mo go theleng loshalaba lo logolo.—Isaia 42:10, 12.

Kwa Legodimong Kana mo Lefatsheng?

12, 13. Ke ka tsela efe boidiidi jo bogolo bo leng “fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana”?

12 Re itse jang gore ‘go ema fa pele ga setulo sa bogosi’ ga go reye gore boidiidi jo bogolo bo kwa legodimong? Go na le bosupi jo bo phepafetseng fela thata mo ntlheng eno. Ka sekai, lefoko la Segerika le fano le ranolwang ka go re “fa pele” (e·noʹpi·on) tota le raya “mo ponong [ya]” mme le dirisiwa makgetlo a le mmalwa mo bathong ba ba mo lefatsheng ba ba leng “fa pele” kana “mo ponong ya” ga Jehofa. (1 Timotheo 5:21; 2 Timotheo 2:14; Baroma 14:22; Bagalatia 1:20) Ka nako nngwe fa Baiseraele ba ne ba le mo nageng, Moshe o ne a raya Arone a re: “Raya phuthego yotlhe ya bomorwa Iseraele o re, ‘Atamelang fa pele ga ga Jehofa, ka gonne o utlwile dingongorego tsa lona.’” (Ekesodo 16:9) Go ne go sa tlhokege gore Baiseraele ba isiwe kwa legodimong e le gore ba tle ba eme fa pele ga ga Jehofa ka nako eo. (Bapisa Lefitiko 24:8.) Go na le moo, gone koo mo nageng ba ne ba eme mo ponong ya ga Jehofa, mme o ne a ba tlhokometse.

13 Mo godimo ga moo, re bala jaana: “Fa Morwa motho a goroga a le mo kgalalelong ya gagwe, . . . ditšhaba tsotlhe di tla phuthelwa fa pele ga gagwe.” Lotso lotlhe lwa motho lo tla bo lo se kwa legodimong fa polelelopele eno e diragadiwa. Totatota, ba ‘ba yang kwa go kgaolweng ga bosakhutleng’ ba tla bo ba se kwa legodimong. (Mathaio 25:31-33, 41, 46) Go na le moo, setho se ema mo lefatsheng mo ponong ya ga Jesu, mme o lebisa tlhokomelo ya gagwe kwa go bone go ba atlhola. Ka mo go tshwanang, boidiidi jo bogolo bo “fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana” mo go rayang gore bo eme mo ponong ya ga Jehofa le Kgosi e a e tlhomileng, e bong Keresete Jesu, yo o ba atlholang ka tshiamo.

14. (a) Ke bomang ba ba tlhalosiwang ba eme “go dikologa setulo seno sa bogosi” sa ga Jehofa le “mo Thabeng [ya selegodimo] ya Siona”? (b) Le mororo ba boidiidi jo bogolo ba direla Modimo “mo tempeleng ya gagwe,” ke ka ntlha yang fa seno se sa ba dire ba setlhopha sa baperesiti?

14 Bagolwane ba ba 24 le setlhopha sa batlodiwa ba ba 144 000 ba tlhalosiwa ba le “go dikologa setulo seno sa bogosi” sa ga Jehofa le “mo Thabeng [ya selegodimo] ya Siona.” (Tshenolo 4:4; 14:1) Boidiidi jo bogolo ga se setlhopha sa baperesiti e bile ga ba fitlhelele boemo joo jo bo kwa godimo. Ke boammaaruri gore moragonyana ba tlhalosiwa mo go Tshenolo 7:15 ba direla Modimo “mo tempeleng ya gagwe.” Mme tempele eno ga se felo ga boitshepo mo go kwa teng teng, Boitshepo jwa Maitshepo. Go na le moo, ke lolwapana lwa selefatshe lwa tempele ya semoya ya Modimo. Lefoko la Segerika na·osʹ, le le ranotsweng mono ka go re “tempele,” gantsi le tlhalosa karolo e kgolwane ya kago yotlhe e e agetsweng kobamelo ya ga Jehofa. Gompieno, kago eno ke ya semoya e e akaretsang legodimo le lefatshe ka bobedi.—Bapisa Mathaio 26:61; 27:5, 39, 40; Mareko 15:29, 30; Johane 2:19-21, mokwalo o o kwa tlase mo go New World Translation Reference Bible.

Loshalaba Lwa Lobopo Lotlhe Lwa Pako

15, 16. (a) Fa ba boidiidi jo bogolo ba tlhaga, ba ba kwa legodimong ba tsibogela seno jang? (b) Popo ya ga Jehofa ya semoya e arabela jang nako le nako fa go tlhaga tshenolo e ntšha ya boikaelelo jwa gagwe? (c) Rona ba ba mo lefatsheng re ka kopanela jang mo pineng ya pako?

15 Boidiidi jo bogolo bo baka Jehofa, mme ba bangwe le bone ba opela go mmaka. Johane o bega jaana: “Mme baengele botlhe ba ne ba eme go dikologa setulo sa bogosi le bagolwane le dibopiwa tse nnè tse di tshelang, mme ba wela ka difatlhego tsa bone fa pele ga setulo sa bogosi ba obamela Modimo, ba re: ‘Amen! Pako le kgalalelo le botlhale le ditebogo le tlotlo le maatla le nonofo di nne tsa Modimo wa rona ka bosaengkae le go ya go ile. Amen.’”—Tshenolo 7:11, 12.

16 Fa Jehofa a ne a bopa lefatshe, baengele botlhe ba gagwe ba ba boitshepo ba ne ba “goa mmogo ka boipelo, le bomorwa Modimo botlhe ba ne ba simolola go goa ba baka.” (Jobe 38:7) Tshenolo nngwe le nngwe e ntšha ya maikaelelo a ga Jehofa e tshwanetse ya bo e ne ya dira gore baengele ba thele loshalaba lwa pako ka tsela e e tshwanang. Fa bagolwane ba ba 24—e bong ba ba 144 000 mo kgalalelong ya bone ya selegodimo—ba thela loshalaba lo logolo ba amogela Kwana dibopiwa tsotlhe tse dingwe tsa selegodimo tsa Modimo ba tsenelela ka dipako ba baka Jesu le Jehofa Modimo. (Tshenolo 5:9-14) Dibopiwa tseno di setse di itumedisitswe segolo ke go bona tiragatso ya boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go tsosa batlodiwa ba ba ikanyegang mo losong go ya lefelong le le galalelang mo sebakeng sa moya. Jaanong, dibopiwa tsotlhe tsa ga Jehofa tse di ikanyegang tsa selegodimo di thunya ka meduduetso ya pako jaaka boidiidi jo bogolo bo tlhaga. Eleruri, letsatsi la Morena ke nako e e itumedisang mo batlhankeng botlhe ba ga Jehofa go tshela mo go yone. (Tshenolo 1:10) Mono mo lefatsheng, a bo re le lesego jang ne go bo re kopanela mo pineng ya pako ka go neela bosupi kaga Bogosi jwa ga Jehofa!

Go Tlhaga ga Boidiidi jo Bogolo

17. (a) Mongwe wa bagolwane ba ba 24 o botsa potso efe, mme lebaka la go bo mogolwane a ka kgona go e araba le kaya eng? (b) Potso ya mogolwane yoo e arabiwa leng?

17 Go tswa nakong ya ga moaposetoloi Johane le go ya fela mo letsatsing la Morena, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba sa tlhaloganye sentle gore boidiidi jo bogolo ke bomang. Go a tshwanela, he, gore mongwe wa bagolwane ba ba 24, yo o emelang batlodiwa ba ba setseng ba le kwa legodimong, a dire gore Johane a akanye ka go botsa potso eno e e maleba. “Mme mongwe wa bagolwane a arabela ka go nthaya a re: ‘Bano ba ba apereng diaparo tse di telele tse ditshweu, ke bomang mme ba tswa kae?’ Jalo gone fela foo ka mo raya ka re: ‘Morena wa me, ke wena yo o itseng.’” (Tshenolo 7:13, 14a) Ee, mogolwane yoo o ne a ka batla karabo mme a e naya Johane. Seno se ka kaya gore ba ba tsositsweng ba setlhopha sa bagolwane ba ba 24 ba ka nna ba bo ba na le seabe mo go romeleng boammaaruri jwa dikwalo gompieno. Mo letlhakoreng la bone, ba setlhopha sa Johane ba ba mo lefatsheng ba ne ba itse gore boidiidi jo bogolo ke bomang ka go ela tlhoko thata se Jehofa a neng a se dira mo gare ga bone. Ba ne ba lemoga ka bofefo phatsimo e kgolo thata ya lesedi la bomodimo e e neng ya kgabisa magodimo a dilo tse di amanang le puso ya Modimo ka 1935, ka nako ya ga Jehofa e e tshwanetseng.

18, 19. (a) Ke tsholofelo efe e e neng ya otlelelwa ke ba setlhopha sa Johane mo dingwageng tsa bo1920 le bo1930, mme ke bomang ba ba neng ba tsibogela molaetsa oo ka dipalo tse dikgolo? (b) Go tlhaolwa ga ba boidiidi jo bogolo ka 1935 go ne ga supa eng mabapi le ba ba 144 000? (c) Dipalo tsa Segopotso di senola eng?

18 Mo dingwageng tsa bo1920 le masimologong a tsa bo1930, setlhopha sa Johane se ne se ile sa gatelela tsholofelo ya selegodimo, mo dikgatisong mmogo le mo tirong ya go rera. Go lebega palo e e tletseng ya ba ba 144 000 e ne e sa ntse e tshwanetse go tladiwa. Mme dipalo tse di oketsegang tsa ba ba neng ba reetsa molaetsa le ba ba neng ba bontsha tlhagafalo mo tirong ya go neela bosupi ba ne ba simolola go bolela gore ba kgatlhegela go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. Ba ne ba se na keletso epe ya go ya kwa legodimong. Ba ne ba sa bilediwa go ya koo. Ba ne ba se karolo ya letsomanyane mme go na le moo ba le ya dinku tse dingwe. (Luke 12:32; Johane 10:16) Go tlhaolwa ga bone ka 1935 jaaka boidiidi jo bogolo jwa dinku tse dingwe e ne e le tshupo ya gore go tlhophiwa ga ba ba 144 000 jaanong go ne go tloga go wela.

19 A dipalo di tshegetsa tshwetso eno? Ee, di a e tshegetsa. Ka 1938, mo lefatsheng ka bophara, Basupi ba ga Jehofa ba le 59 047 ba ne ba kopanetse mo bodireding. Mo go bano, ba ba 36 732 ba ne ba ja ditshwantshetso tsa Segopotso sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa ga Jesu, ka gone ba supa gore ba bileditswe go ya legodimong. Mo dingwageng tsa morago ga foo, palo ya bano ba ba jang e nnile ya ngotlega, lebaka le legolo e le ka gonne Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ne ba digela tsela ya botshelo jwa bone jwa lefatshe ka loso. Ka 2005 ke ba le 8 524 fela ba ba neng ba ja ditshwantshetso tsa Segopotso—e leng diperesente di le 0,05 fela tsa ba ba 16 390 116 ba ba neng ba nna gone e le babogedi mo lefatsheng ka bophara.

20. (a) Ka Ntwa ya Lefatshe II, J. F. Rutherford o ne a utlwiwa a reng kaga ba boidiidi jo bogolo? (b) Ke dintlha dife tse jaanong di supang gore boidiidi jo bogolo ruri ke jo bogolo?

20 Fa ntwa ya lefatshe ya bobedi e ne e simologa, Satane o ne a dira maiteko a bosetlhogo a go emisa thobo ya boidiidi jo bogolo. Tiro ya ga Jehofa e ne ya thibelwa mo dinageng di le dintsi. Mo metlheng eo ya lefifi, le ka bokhutshwane fela pele ga loso lwa gagwe ka January 1942, J. F. Rutherford o ne a utlwiwa a re: “Ebu, . . . go lebega e kete bontsintsi jo bogolo jwa batho ga bo na go nna bontsi go le kalo.” Mme tshegofatso ya Modimo e ne ya kaela dilo ka tsela e sele! Ka 1946 palo ya Basupi ba ba neng ba direla lefatshe ka bophara e ne ya gola go nna 176 456—bontsi jwa bano e le ba boidiidi jo bogolo. Ka 2005 go ne go na le Basupi ba le 6 390 022 ba ba neng ba direla Jehofa ka boikanyego mo mafatsheng a le 235 a a farologaneng—BOIDIIDI JO BOGOLO eleruri! Mme dipalo di ntse di a oketsega.

21. (a) Thobo ya batho ba Modimo mo letsatsing la Morena e dumalana ka botlalo jang le ponatshegelo ya ga Johane? (b) Ke jang dipolelelopele dingwe tsa botlhokwa di neng tsa simolola go diragadiwa?

21 Thobo ya batho ba Modimo mo letsatsing la Morena ka gone e diragetse tumalanong le ponatshegelo ya ga Johane ka botlalo: sa ntlha ke tiro ya go phuthiwa ga ba ba setseng ba ba ba 144 000; go tswa foo ke go phuthiwa ga ba boidiidi jo bogolo. Jaaka Isaia a ne a bolelela pele, jaanong ‘go ela kwa bofelong jwa metlha,’ batho ba ditšhaba tsotlhe ba ologela go ya go kopanela mo kobamelong ya ga Jehofa e e itshekileng. Mme, eleruri, re itumelela popo ya ga Jehofa ya “magodimo a masha, le lefatshe le lesha” ka kanaanelo. (Isaia 2:2-4; 65:17, 18) Modimo o phuthela “dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete, dilo tse di kwa magodimong le dilo tse di mo lefatsheng.” (Baefeso 1:10) Baruaboswa ba ba tloditsweng ba Bogosi jwa selegodimo—ba ba nnileng ba tlhophiwa go kgabaganya makgolokgolo a dingwaga fa esale ka motlha wa ga Jesu—ke “dilo tse di kwa magodimong.” Mme jaanong, boidiidi jo bogolo jwa ba dinku tse dingwe ke ba ntlha ba “dilo tse di mo lefatsheng.” Go direla ga gago tumalanong le thulaganyo eo go ka raya boitumelo jwa bosakhutleng mo go wena.

Masego a Boidiidi jo Bogolo

22. Ke tshedimosetso efe e nngwe e Johane a e amogelang mabapi le boidiidi jo bogolo?

22 Johane o amogela tshedimosetso e nngwe gape, ka motswedi wa bomodimo mabapi le boidiidi jo bogolo jono: “Me [mogolwane] a nthaya a re: ‘Bano ke bone ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo, mme ba tlhatswitse diaparo tsa bone tse di telele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana. Ke gone ka moo ba leng fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo; mme ba mo direla tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo mo tempeleng ya gagwe; mme Yo o ntseng mo setulong sa bogosi o tla tsharolola mogope wa gagwe godimo ga bone.’”—Tshenolo 7:14b, 15.

23. Pitlagano e kgolo e ba boidiidi jo bogolo “ba tswang” mo go yone ke eng?

23 Mo nakong e e fetileng, Jesu o ne a boletse gore go nna gone ga gagwe ka kgalalelo ya Bogosi go ne go tla felela ka “pitlagano e kgolo e e jaaka e e iseng e ko e nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong, nnyaa, le gone e se kitla e nna gone gape.” (Mathaio 24:21, 22) Tiragatsong ya polelelopele eo, baengele ba tla bulela diphefo tsa lefatshe tse nnè go senya tsamaiso ya ga Satane ya lefatshe. Sa ntlha go nyelediwa e tla nna Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Go tswa foo, kwa setlhoeng sa pitlagano, Jesu o tla golola ba bangwe ba ba 144 000 ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng, mmogo le boidiidi jo bogolo jwa batho ba bantsi.—Tshenolo 7:1; 18:2.

24. Ke jang batho ka bongwe ba boidiidi jo bogolo ba tshwanelegelang poloko?

24 Batho ba boidiidi jo bogolo ba tshwanelegela poloko jang? Mogolwane o bolelela Johane gore ba “tlhatswitse diaparo tsa bone tse di telele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana.” Ka mafoko a mangwe, ba bontshitse tumelo mo go Jesu jaaka Morekolodi wa bone, ba ineetse mo go Jehofa, ba bontshitse boineelo jwa bone ka go kolobediwa mo metsing, ba bile ba na le “segakolodi se se siameng” ka go bo ba na le boitshwaro jo bo siameng. (1 Petere 3:16, 21; Mathaio 20:28) Ka gone, ba phepa ba bile ba tshiamo mo matlhong a ga Jehofa. Ba bile ba ipoloka ‘ba se na selabe se se tswang mo lefatsheng.’—Jakobe 1:27.

25. (a) Ke jang ba boidiidi jo bogolo ba direlang Jehofa “motshegare le bosigo mo tempeleng ya gagwe”? (b) Ke jang Jehofa a “tsharolola[ng] mogope wa gagwe godimo” ga boidiidi jo bogolo?

25 Gape, ke Basupi ba ba tlhagafetseng ba ga Jehofa—‘ba mo direla tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo mo tempeleng ya gagwe.’ A o mongwe wa ba boidiidi jo bogolo bano ba ba ineetseng? Fa go le jalo, o na le tshiamelo ya go direla Jehofa kwantle ga go kgaotsa mo lolwapaneng lwa selefatshe lwa tempele ya gagwe e kgolo ya semoya. Gompieno, ka kaelo ya batlodiwa, boidiidi jo bogolo ba dira karolo e kgolo fela thata ya tiro ya go neela bosupi. Go sa kgathalesege maikarabelo a boitshediso, ba le dikete tse di makgolokgolo ba bone ba dirile gore ba kgone go dira bodiredi jwa nako e e tletseng e le babulatsela. Mme e ka ne o mo setlhopheng seo kana nnyaa, jaaka leloko le le ineetseng la boidiidi jo bogolo, o ka ipelela gore ka ntlha ya tumelo ya gago le ditiro o siamisitswe jaaka tsala ya Modimo o bile o amogelwa jaaka moeng mo motlaaganeng wa gagwe. (Pesalema 15:1-5; Jakobe 2:21-26) Jehofa o ‘tsharololela motlaagana wa gagwe’ mo godimo ga ba ba mo ratang mme, jaaka mong wa legae yo o molemo, o a ba sireletsa.—Diane 18:10.

26. Ba boidiidi jo bogolo ba tla ipelela masego afe a mangwe?

26 Mogolwane o tswelela jaana: “Ga ba na go tlhola ba tshwarwa ke tlala le fa e le go tlhola ba nyorwa, le letsatsi ga le na go ba babalela le fa e le mogote ope o o fisang, ka gonne Kwana, yo o mo gare ga setulo sa bogosi, o tla ba disa, e bile o tla ba kaela go ya kwa metsweding ya metsi a botshelo. Mme Modimo o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.” (Tshenolo 7:16, 17) Ee, eleruri Jehofa o itumelela go ba amogela! Mme totatota mafoko ano a kaya eng?

27. (a) Isaia o ne a bolelela pele jang sengwe se se tshwanang le mafoko a mogolwane? (b) Ke eng se se bontshang gore polelelopele ya ga Isaia e ne ya simolola go diragadiwa mo motlheng wa ga Paulo?

27 A re sekasekeng polelelopele e e nang le mafoko a a tshwanang: “Jehofa o rile: ‘Ke go arabile mo motlheng wa kamogelo, mme ke go thusitse mo letsatsing la poloko . . . Ga ba kitla ba tshwarwa ke tlala, e bile ga ba kitla ba tshwarwa ke lenyora, le fa e le go itewa ke mogote o o phaphalatsang kgotsa letsatsi. Gonne Yo o ba tlhomogelang pelo o tla ba etelela pele, mme o tla ba isa fa metsweding ya metsi.” (Isaia 49:8, 10; bona le Pesalema 121:5, 6.) Moaposetoloi Paulo o ne a nopola karolo ya polelelopele eno mme a e dirisa a bua ka ‘letsatsi la poloko’ le le simologileng ka Pentekosete ya 33 C.E. O ne a kwala jaana: “Gonne [Jehofa] a re: ‘Mo nakong e e amogelesegang ke ne ka go utlwa, e bile ke ne ka go thusa mo letsatsing la poloko.’ Bona! Jaanong ke nako e e amogelesegang segolobogolo. Bona! Jaanong ke letsatsi la poloko.”—2 Bakorintha 6:2.

28, 29. (a) Mafoko a ga Isaia a ne a diragadiwa jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga? (b) Mafoko a Tshenolo 7:16 a diragadiwa jang mabapi le boidiidi jo bogolo? (c) Go gogelwa ga boidiidi jo bogolo kwa “metsweding ya metsi a botshelo” go tla felela ka eng? (d) Ke ka ntlha yang fa ba boidiidi jo bogolo ba tla nna ba mofuta wa bone fela gareng ga setho?

28 Tsholofetso ya go sa bolawe ke tlala kana lenyora kana go sa tlhapelwe ke mogote e ne ya diragadiwa jang ka nako eo? Ee, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bolawa ke tlala ya mmatota le lenyora ka dinako tse dingwe. (2 Bakorintha 11:23-27) Le fa go le jalo, ka tsela ya semoya, ba ne ba na le mo gontsi. Ba ne ba tlamelwa ka botlalo, mo eleng gore ba ne ba sa bolaelwe ke tlala kana go nyorelwa dilo tsa semoya. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a seka a dira gore mogote wa tšhakgalo ya gagwe o ba tukele fa a ne a senya tsamaiso ya dilo ya Sejuda ka 70 C.E. Mafoko a Tshenolo 7:16 a na le tiragatso e e tshwanang ya semoya mo go ba boidiidi jo bogolo gompieno. Bone mmogo le Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ipelela dithulaganyo tse dintsi tse ba di neilweng tsa semoya.—Isaia 65:13; Nahume 1:6, 7.

29 Fa o le mongwe wa ba boidiidi jo bogolo joo, seemo se se molemo sa gago sa pelo se tla dira gore o ‘goe ka boipelo,’ go sa kgathalesege se o tshwanelwang ke go se itshokela mo ntlheng ya letlhoko le dikgatelelo mo dingwageng tsa bofelo tsa tsamaiso ya ga Satane. (Isaia 65:14) Ka tlhaloganyo eo, le eleng jaanong, Jehofa o ka ‘phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a gago.’ Ga o tlhole o tshosiwa ke “letsatsi” le le mogote la katlholo e e botlhoko ya Modimo, mme fa diphefo tse nnè tsa tshenyo di bulelwa, o ka nna wa falola ‘mogote o o fisang’ wa go sa itumeleng ga ga Jehofa. Morago ga tshenyo eo, Kwana o tla go etelela pele go ya go solegelwa molemo ka botlalo ke ‘metswedi ya metsi a botshelo’ a a tsosolosang, ano e le a a emelang dithulaganyo tsotlhe tse Jehofa a go direlang tsone gore o bone botshelo jo bo sa khutleng. Go tla bonala gore o tota o na le tumelo mo mading a ga Kwana ka gore ka bonya ka bonya o tla tsosolosediwa boitekanelong jwa setho. Lona ba boidiidi jo bogolo lo tla nna ba mofuta wa lona fela gareng ga setho jaaka “dimilione” tse di ileng tsa se ka tsa swa! Keledi nngwe le nngwe e tla bo e phimotswe mo matlhong a lona ka botlalo tota.—Tshenolo 21:4.

Go Tlhomamisa Pitso

30. Ke tebelelo efe e ntle e e re bulegelang mo ponatshegelong ya ga Johane, mme ke mang yo o tla kgonang go “ema”?

30 A bo mafoko ano a re neela tebelelo e e molemo jang ne! Jehofa ka boene o dutse mo setulong sa gagwe sa bogosi, mme batlhanka botlhe ba gagwe, ba selegodimo le ba selefatshe, ba kopanela go mmaka. Batlhanka ba gagwe ba selefatshe ba anaanela go bo e le tshiamelo e kgolo thata go kopanela mo pineng eno ya pako e modumo wa yone o ntseng o oketsega. Ka bokhutshwane fela thata, Jehofa le Keresete Jesu ba tla diragatsa katlholo, mme go tla utlwiwa mokgosi o o reng: “Letsatsi le legolo la tšhakgalo ya bone le gorogile, mme ke mang yo o kgonang go ema?” (Tshenolo 6:17) Karabo e tla nna efe? E tla nna batho ba sekae fela, go akareletsa le bape ba ba tshwailweng ba ba 144 000 ba ba ka neng ba sa ntse ba le mo nameng le ba boidiidi jo bogolo jwa dinku tse dingwe ba ba tla ‘emang,’ ke gore, ba ba tla falolang le bone.—Jeremia 35:19; 1 Bakorintha 16:13.

31. Tiragatso ya ponatshegelo ya ga Johane e tshwanetse go ama Bakeresete jang, ba batlodiwa mmogo le ba boidiidi jo bogolo?

31 Ka ntlha ya seno, Bakeresete ba ba tloditsweng ba setlhopha sa Johane bone ba iteka ka thata go “latelela go ya fela kwa mokgeleng go tsaya tuelo ya pitso ya kwa godimo ya Modimo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 3:14) Ba lemoga ka botlalo gore ditiragalo tsa metlha eno di ba tlhoka gore ba itshoke ka tsela e e kgethegileng. (Tshenolo 13:10) Morago ga go direla Jehofa ka boikanyego ka dingwaga tse dintsintsi jalo, ba tshwarelela thata mo tumelong ya bone, ba ipelela gore maina a bone “a kwadilwe kwa magodimong.” (Luke 10:20; Tshenolo 3:5) Ba boidiidi jo bogolo le bone ba itse gore “yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene [fela] yo o tla bolokwang.” (Mathaio 24:13) Le fa ba boidiidi jo bogolo jaaka setlhopha ba tshwaetswe go falola pitlagano e kgolo, batho ka bongwe mo go bone ba tshwanetse go iteka ka thata ka bobone go ipoloka ba le phepa ba bile ba le tlhaga.

32. Ke seemo sefe se se potlakileng se se tlhomololwang ke ntlha ya go bo e le ditlhopha tse pedi fela tse di tla ‘emang’ mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa?

32 Ga go na bosupi jwa gore bape kwantle ga ba ditlhopha tseno tse pedi ba tla “ema” mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa. Seno se kaya eng mo bontsintsing jwa batho ba ngwaga le ngwaga ba bontshang tlotlo ya mofuta mongwe mo setlhabelong sa ga Jesu ka go nna gone kwa Segopotsong sa loso lwa gagwe mme ba ise ba bontshe tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu go ya bokgakaleng jwa go nna batlhanka ba ga Jehofa ba ba ineetseng, ba ba kolobeditsweng, ba ba tlhagafetseng mo tirelong ya gagwe? Gape, go tweng ka ba ba kileng ba bo ba tlhagafetse mme jaanong ba letleletse dipelo tsa bone go “imelwa . . . ke ditlhobaelo tsa botshelo jono”? E kete botlhe bao ba ka thanya, ba ba ba nna ba thantse, e le gore ba tle ba “atlege mo go faloleng dilo tseno tsotlhe tse di laoletsweng go diragala, le go ema fa pele ga Morwa motho”—e bong Jesu Keresete. Nako e ile!—Luke 21:34-36.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona mokwalo o o kwa tlase mo New World Translation Reference Bible.

b Tora ya Tebelo, April 1, 1918, tsebe 98 (ka Seesemane).

[Lebokoso mo go tsebe 119]

Diphuthololo ke Tsa Modimo

Mo masomesomeng a dingwaga ba setlhopha sa Johane ba ne ba batlisisa gore ba boidiidi jo bogolo ke bafe mme ba se ka ba bona tlhaloso e e kgotsofatsang. Ka ntlha yang? Re bona karabo mo mafokong a ga Josefa yo o ikanyegang fa a ne a re: “A diphuthololo ga se tsa Modimo?” (Genesise 40:8) Modimo o ranola tiragatso ya dipolelelopele tsa gagwe leng mme jang? Ka gale, ke fa di tloga di diragala kana fa di ntse di diragala mo eleng gore molaetsa wa tsone o ka tlhaloganngwa ka phepafalo ke batlhanka ba gagwe ba ba batlisisang. Tlhaloso eno e neelwa “go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.”—Baroma 15:4.

[Lebokoso mo go tsebe 124]

Maloko a boidiidi jo bogolo

▪ ba tswa mo bathong ba ditšhaba tsotlhe le ba ditso le batho le dipuo

▪ ba eme fa pele ga setulo sa bogosi sa ga Jehofa

▪ ba tlhatswitse diaparo tsa bone ba di sweufaditse mo mading a ga Kwana

▪ ba bolela fa poloko ya bone e tswa kwa go Jehofa le Jesu

▪ ba falola pitlagano e kgolo

▪ ba direla Jehofa mo tempeleng ya gagwe motshegare le bosigo

▪ ba sirelediwa ka lorato le go tlhokomelwa ke Jehofa

▪ ba etelelwa pele go ya kwa metsweding ya metsi a botshelo ke Jesu

[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe 121]

[Setshwantsho mo go tsebe 127]

Ba boidiidi jo bogolo ba bolokwa ke Modimo le Kwana

[Setshwantsho mo go tsebe 128]

Kwana o tla gogela boidiidi jo bogolo kwa metsweding ya metsi a botshelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela