Tsalo-Sesha
Tlhaloso: Go tsalwa sesha go kopanyeletsa go kolobediwa ka metsi (‘go tsalwa ka metsi’) le go itshenkelwa ka moya wa Modimo (‘go tsalwa ka . . . moya’), ka gone o nna morwa Modimo ka tebelelo ya go tlhakanela mo Bogosing jwa Modimo. (Yoh. 3:3-5) Jesu o ne a nna le boitemogelo jono, fela jaaka ba ba 144 000 bao ba tla nnang baruaboswa mmogo le ene mo Bogosing jwa selegodimo.
Ke ka baka lang fa go tlhokafala gore Bakeresete bape fela ba ‘tsalwe sesha’?
Modimo o rulaganyeditse go kopanya palo e e lekanyeditsweng ya batho ba ba ikanyegang le Jesu Keresete mo Bogosing jwa selegodimo
Luke 12:32: “Lecomanyane, se boiheñ; gonne Rra eno o natehèlwa ke go lo naea bogosi.”
Tshen. 14:1-3: “Me ka leba, me bōnañ, Kwana [Jesu Keresete] a bo a eme mo thabeñ ea Siona, a na le batho ba bothousanda ba ba lekgolo le ba mashomè manè le bonè, . . . eboñ ba ba cwañ go rèkwa mo lehatshiñ.” (Bona ditsebe 232, 233, tlase ga “Legodimo.”)
Batho ga ba ka ke ba ya legodimong ka mebele ya nama le madi
1 Bakor. 15:50: “Me yana, ba ga echo, ke bua lehoko ye, ka re, nama le madi ke dilō tse di sa kakeñ tsa rua bogosi yoa Modimo; le gōna go bōla ga go kake ga rua bosaboleñ.”
Yoh. 3:6: “Se se tsecweñ ke nama e nntse ke nama; me se se tsecweñ ke Mōea e nntse ke mōea.”
Ke batho bao fela ba ileng ba ‘tsalwa sesha,’ ka gone ba nna barwa ba Modimo, ba ka tlhakanelang mo Bogosing jwa selegodimo
Yoh. 1:12, 13: “Me botlhe ba ba mo [Jesu Keresete] chotseñ, a ba naea tshiamèlō ea go nna bana ba Modimo, eboñ bōnè ba ba dumetseñ mo ineñ ya gagwè: E le ba ba se kañ ba tsalwa ke madi, leha e le ke go rata ga nama, leha e le ke go rata ga motho, ha e se ke Modimo.” (“Botlhe ba ba mo chotseñ” ga go reye batho botlhe ba ba ileng ba dumela mo go Keresete. Elatlhoko gore ke bafe ba go lebisiwang go bone fano jaaka go supilwe mo temaneng ya 11 [“ba ga gabō,” ebong Bajuda]. Tshiamelo e e tshwanang e ile ya fetisediwa go batho ba bangwe, mme go “lecomanyane” fela.)
Bar. 8:16, 17: “Mōea ka osi o shupa le mōea oa rona ha re le bana ba Modimo: Me ha re le bana, hoñ re baruaboshwa; re baruaboshwa ba Modimo; re baruaboshwa mmōgō le Keresete; ke raea ha re bogisiwa naè, gore le gōna re tlè re galalediwè naè.”
1 Pet. 1:3, 4: “A go bakwè Modimo le Rra Morèna oa rona Yesu Keresete, o o bileñ o re tsaletse go re isa choloheloñ e e tshedileñ, kaha boutlweloñ botlhoko yo bogolo yoa ōna, ka go coga ga Yesu Keresete mo bashwiñ, Go tla re bōna boshwa yo bo sa boleñ, le yo bo sa leshwèhalañ, le yo bo sa nyeleleñ, yo lo bo beecweñ kwa legodimoñ.”
Ba tla dirang kwa legodimong?
Tshen. 20:6: “Me ba tla nna baperisiti ba Modimo le ba ga Keresete, me ba tla busa naè ka dinyaga di le makgolo a shomè.”
1 Bakor. 6:2: “Kgotsa a ga lo itse ha baitshepi ba tla atlhola lehatshe?”
A motho yo o sa ‘tsalwang sesha’ o ka bolokwa?
Tshen. 7:9, 10, 17: “Moragō ga dilō tse [morago ga moaposetoloi Johane a se na go utlwa palo ya bao ba tla ‘tsalwang sesha,’ bao ba tla bopang Iseraele wa semoya mme ba tla nna le Keresete kwa legodimong; bapisa Baroma 2:28, 29 le Bagalatia 3:26-29] ka leba, me bōnañ, boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō, ba eme ha pele ga setulō sa bogosi, le ha pele ga Kwana, ba apere dikobō tse dichweu, me ba chotse makolane ka diatla; Me ba thèla loshalaba lo logolo, ba re, Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana. . . . Kwana [Jesu Keresete] eo o ha gare ga setulō sa bogosi o tla nna modisa oa bōnè, me o tla ba gōgèla kwa mecwediñ ea metse a botshelō.”
Morago ga e se na go tlhomaganya batho ba bantsi ba pele ga Bokeresete ba tumelo, Bahebera 11:39, 40 e re: “Me botlhe ba, chupō e ba dihahaletse ka tumèlō ea bōnè, me ba se ka ba bōna tihahalō ea polèlō ea choloheco, Ka Modimo o no o baakanyeditse rona señwe se se molemō bogolo, gore ba tlè ba se ka ba dihwa boitekanèlō kwa ntlè ga rona.” (Ke bafe fano ba ba tewang gotwe “rona”? Bahebera 3:1 e bontsha gore ke “baabedwi ba picō ea selegodimo.” Batho ba pele ga Bokeresete ba ba neng ba na le tumelo, ka gone, ba tshwanetse ba nna le tsholofelo ya botshelo jo bo itekanetseng golo gongwe go na le kwa legodimong.)
Pes. 37:29: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.”
Tshen. 21:3, 4: “Bōnañ, boagō yoa Modimo bo mo bathuñ, me o tla aga nabō, me ba tla nna batho ba ōna, le Modimo ka osi o tla nna nabō, me o tla nna Modimo oa bōnè: Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko, dilō tsa pele di hetetse rure.”
A go ka kgonega ka motho go nna le moya wa Modimo mme gone a sa ‘tsalwa sesha’?
Malebana le Johane Mokolobetsi, moengele wa ga Jehofa o ne a re: “Me o tla tlala Mōea o o Boitshèpō, le a sa cwa sebopeloñ sa ga mmagwè.” (Luke 1:15) Mme Jesu moragonyana o ne a re: “Mo go ba ba tsecweñ ke basadi ga goa coga opè eo mogolo go heta Yohane Mokolobetsi; leha go nntse yalo, eo o leñ mmōtlana mo bogosiñ yoa legodimo o mogolo bogolo go èna. [Goreng? Ka go bo Johane o ne a se ketla a ya magodimong mme ka jalo go ne go se ketla go tlhokafala ka ene gore a “tsalwe sesha”]. Me e sale ka lobaka loa ga Yohane Mokolobetsi, le gompiyeno [fa Jesu a ne a bua seno], [batho ba ntse ba lekela bogosing jwa selegodimo, NW].”—Math. 11:11, 12.
Moya wa ga Jehofa o ne wa “tla” mo go Dafide le go “bua” ka ene (1 Sam. 16:13; 2 Sam. 23:2), mme ga go gope mo Bibela e reng o ne a ‘tsalwa sesha.’ Go ne go sa tlhokafale ka ene gore a “tsalwe sesha,” ka gobo, jaaka Ditihō 2:34 e bolela: “Dafide ga a ka a tlhatlogèla magodimoñ.”
Ke eng se se kgethololang batho ba ba nang le moya wa Modimo gompieno?
Bona ditsebe 301, 302, tlase ga setlhogo se segolo “Moya” (Spirit).
Fa Mongwe A Re—
‘Ke tsetswe sesha’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Seo se raya gore o solofela gore letsatsi lengwe o tla bo o na le Keresete kwa legodimong, a gago jalo? . . . A o kile wa ipotsa gore ke eng seo ba ba yang legodimong ba tla fetang ba se dira koo?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘E tla nna dikgosi le baperesiti, ba busa le Keresete. (Tshen. 20:6; 5:9, 10) Jesu o ne a re bano ba ne ba tla nna “lecomanyane” fela. (Luke 12:32)’ (2) ‘Fa e le gore ke dikgosi, go tshwanetse gape ga nna le babusiwa bao ba tla ba busang. Bano e tla bo e le bafe? . . . Go na le dintlha ke tseno tse ke di boneng di kgatlhisa fela thata fa ke ne ke di lemotshiwa. (Pes. 37:11, 29; Dia. 2:21, 22)’
‘A o tsetswe sesha?’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Ke ile ka fitlhela gore seo batho ba se rayang ka ‘go tsalwa sesha’ ga se nke se tshwana ka metlha yotlhe. A o ne o ka mpolelela gore go rayang mo go wena?’
Kana o ka nna wa re: ‘O batla go itse gore a ke ile ka amogela Jesu jaaka Mmoloki wa me mme ke amogetse moya o o boitshepo, a go jalo? Mma ke go tlhomamisetse gore karabo ke Ee; go sa nneng jalo ke ne ke ka se ke ke bue le wena ka ga Jesu.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Mme fa ke akanya ka go nna le moya o o boitshepo, ke fitlhela gore bosupi jwa go nna gone ga moya oo bo tlhaela ka mo go swabisang mo go ba bantsi ba ba iphakang gore ke Bakeresete. (Bagal. 5:22, 23)’ (2) ‘A o ne o ka ipelela go tshela mo lefatsheng leno fa mongwe le mongwe a ne a bontsha dinonofo tsa bomodimo? (Pes. 37:10, 11)’
Se sengwe se se ka dirisiwang: ‘Fa e le gore ka seo o raya gore, “A ke amogetse Keresete jaaka Mmoloki wa me?” karabo ke Ee. Basupi ba ga Jehofa botlhe ba dirile seo. Mme, mo go rona, go tsalwa sesha go kopanyeletsa mo go fetang moo thata.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Fa Jesu a ne a bua ka go tsalwa sesha o ne a bolela gore go ne go tlhokafala gore go tsenwe mo Bogosing jwa Modimo, ke gore, go nna karolo ya Bogosi jwa Modimo, goromente wa gagwe wa selegodimo. (Yoh. 3:5)’ (2) ‘Bibela gape e bontsha gore batho ba bantsi bao ba dirang thato ya Modimo ba tla tshela mono mo lefatsheng, jaaka babusiwa ba ba itumetseng ba Bogosi joo. (Math. 6:10; Pes. 37:29)’
Kakantsho e nngwe gape: Bao eleng gore ke ba setlhopha sa selegodimo ba ka araba ka gore: ‘Ee, ke ena. Mme Bibela e re tlhagisa rotlhe kgatlhanong le go nna mafega ka ga boemo jwa rona. Re tshwanetse go tswelelapele re ntse re itlhatlhobisa go tlhomamisa gore a eleruri re dira seo Modimo le Keresete ba se tlhokang mo go rona. (1 Bakor. 10:12)’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Ke boikarabelo bofe joo Jesu a neng a bo baya godimo ga barutwa ba gagwe ba boammaaruri? (Math. 28:19, 20; 1 Bakor. 9:16)’