Sefapaano
Tlhaloso: Selo seo Jesu Keresete a neng a bolaelwa mo go sone se lebisiwa ke bontsi mo go La-Bodumedi jaaka sefapaano (cross). Tlhaloso ya seno e tsewa mo Selatining crux.
Ke ka baka lang fa dikgatiso tsa Watch Tower di bontsha Jesu a le mo koteng matsogo a le godimo ga tlhogo ya gagwe go na le sefapaano se se tlwaelegileng?
Lefoko la Segerika le le fetoletsweng “sefapaano” mo dithanolong tse dintsi tsa segompieno tsa Bibela (“thupa ya tlhokofatso” go NW) ke stau·rosʹ. Mo mekwalong ya Segerika, lefoko leno le ne le raya fela kota e e tlhamaletseng, kana pale. Moragonyana gape le ne la dirisediwa kota ya polaelo e e neng e na le kwatanyana ya sefapaano. The Imperial Bible-Dictionary e dumela seno, ka go re: “Lefoko la Segerika la sefapaano, [stau·rosʹ], ka tshwanelo le ne le tlhalosa kota, pale e e tlhamaletseng, kana kwatanyana eo sengwe le sengwe se neng se ka kalediwa mo go yone, kana e e neng e ka dirisediwa go epelwa mo [go agelela] sebatanyaneng sa lefatshe. . . . Le eleng gareng ga Baroma crux (leo go lone cross ya rona e tsewang gone) go bonala kwa tshimologong e ne e le pale fela e e tlhamaletseng.”—E rulagantswe ke P. Fairbairn, (London, 1874), Bol. I, ts. 376.
A go ne go ntse jalo ka polao ya Morwa Modimo? Go a kgatlhisa go lemoga gore Bibela gape e dirisa lefoko xyʹlon go supa seo se neng sa dirisiwa. A Greek-English Lexicon, ka Liddell le Scott, e tlhalosa seno se kaya: “Logong lo lo kgaotsweng lo baakanyediwa go dirisiwa, logong lwa molelo, mopako, jalo jalo. . . . logong, lepako, tlhomeso, sesana . . . thobane, molamu . . . kota e dinokwane di neng di bapolelwa mo go yone.” E bua gape ka “sefapaano mo go NT,” e bo e umaka Ditihō 5:30 le 10:39 jaaka dikai. (Oxford, 1968, dits. 1191, 1192) Lefa go ntse jalo, mo go tsone ditemana tseo KJ, RS, JB, le Dy di ranola xyʹlon ka gore “setlhare.” (Bapisa thanolo eno le Bagalatia 3:13; Duteronome 21:22, 23.)
Buka ya The Non-Christian Cross, ka J. D. Parsons (London, 1896), e re: “Ga go na seele lefa e le se le sengwe mo mekwalong e le mentsi e e bopang Testamente e Ntšha, seo, mo Segerikeng sa tlholego, se neelang le e leng ka go sa tlhamalale tshupo ya gore stauros e e neng e dirisiwa mo kgannyeng ya ga Jesu e ne e le sengwe se sele fela kwantle ga stauros e e tlwaelegileng; re sa umake sepe ka go gopola gore e ne e ka tswa e dirilwe, eseng ka mopako o le mongwe, mme e leng ka e mebedi e e kokotetsweng mmogo go nna jaaka sefapaano. . . . Baruti ba rona ba re timetsa fela thata ka go ranola lefoko stauros jaaka ‘sefapaano’ fa ba fetolela mekwalo ya Segerika ya Kereke mo dipuong tsa sega-rona, le go tshegetsa tiro eo ka go kwala ‘sefapaano’ mo dibukeng tsa rona tse di tlhalosang mantswe jaaka bokao jwa stauros kwa ntle ga go tlhalosa ka kelotlhoko gore seo tota e ne e se sone se kwa tshimologong se neng se kaiwa ke lefoko leo mo metlheng ya Baaposetoloi, e ne ya se ka ya nna bokao jwa lone jwa kwa tshimologong go fitlhelela morago-rago, mme ya nna gone go tswa foo, fa e le gore go ntse jalo, ka gobo fela, go sa kgathalesege go sa nne gone ga bosupi jo bo tlatseletsang, e ne e le ka lebaka lengwe kana le sele go neng ga tsewa gore stauros e Jesu a neng a bolaetswe gone tota e ne e na le popego ya go nna jalo.”—Dits. 23, 24; bona gape The Companion Bible (London, 1885), Appendix No. 162.
Ka gone bosupi jo bo nonofileng bo supa gore Jesu o ne a swela mo koteng e e tlhamaletseng eseng mo sefapaanong se re se tlwaetseng.
Sefapaano sa La-Bodumedi se simologile jang go ya kafa ditsong?
“Dilo tse di farologaneng, tse di sa leng di nna gone bogologolo pele ga motlha wa Bakeresete, di ile tsa bonwa, di tshwailwe ka difapaano tsa methale e e farologaneng, mo e ka nnang mo karolong nngwe le nngwe ya lefatshe la bogologolo. India, Syria, Peresia le Egepeto tsotlhe di ile tsa tlhagisa dikai tse dintsi-ntsi tsa seno sotlhe . . . Tiriso ya sefapaano jaaka lotshwao lwa bodumedi mo dipakeng tsa pele ga Bokeresete e gareng ga batho bao e neng e se Bakeresete ka gongwe e ka tsewa jaaka e e batlileng e akaretsa lefatshe lotlhe, mme mo makgetlong a le mantsi e nyalanngwa le sebopego sengwe sa kobamelo ya tlholego.”—Encyclopædia Britannica (1946), Bol. 6, ts. 753.
“Popego ya [sefapaano sa ditlhomeso tse pedi] e ne ya simologa mo Kaladia wa bogologolo, mme e ne e dirisiwa jaaka lotshwao lwa modimo Tamuse (a le mo sebopegong sa Tau wa mainane, tlhaka ya ntlha ya leina ja gagwe) mo nageng eo mme le mo mafatsheng a a bapileng nalo, go akareletsa le Egepeto. Ka bogare jwa lekgolo la dingwaga la bo-3 A.D. dikereke di ka tswa di ile tsa tlogela, kana di ile tsa etsisa, dithuto dingwe tse di rileng tsa motheo tsa tumelo ya Bokeresete. E le gore go tle go okediwe tlotlomalo ya tsamaiso ya seruti ya batenegi, baheitane ba ne ba amogelwa mo dikerekeng kwa ntle ga go tlhabololwa tumelo, mme ba ne ba dumelelwa segolo go boloka matshwao le ditshwantsho tsa bone tsa boheitane. Ka gone he Tau kana T, ka sebopego sa yone se se tlwaelegileng, ka kotanyana ya yone e e kgabaganyang e isitswe kwa tlasenyana, e ne ya tsewa go emela sefapaano sa ga Keresete.”—An Expository Dictionary of New Testament Words (London, 1962), W. E. Vine, ts. 256.
“Go a gakgamatsa, lefa go le jalo e le ntlha e e sa belaetseng, gore dingwaga-ngwaga pele ga botsalo jwa ga Keresete, mme le fa e sa le go tswa nakong eo mo mafatsheng ao a neng a sa kgongwa ke thuto ya Kereke, Sefapaano se ile sa dirisiwa jaaka setshwantsho se se boitshepo. . . . Bacchus wa Gerika, Tamuse wa Ture, Bel wa Kaladea, Odin wa Norse, botlhe ba ne ba tshwantshediwa go baobamedi ba bone ka setshwani sa sebopego sa sefapaano.”—The Cross in Ritual, Architecture, and Art (London, 1900), G. S. Tyack, ts. 1.
“Sefapaano se le ka sebopego sa ‘Crux Ansata’ . . . se ne se tsholwa ke baperisiti ba Egepeto le dikgosi tsa Bo-Mopapa jaaka sesupo sa taolo ya bone jaaka baperisiti ba modimo wa Letsatsi mme se ne se bidiwa ‘Lotshwao lwa Botshelo.’”—The Worship of the Dead (London, 1904), Colonel J. Garnier, ts. 226.
“Dibopego tse di farologaneng tsa difapaano di fitlhelwa gongwe le gongwe mo dihikantsweng le mo diphupung tsa Egepeto, mme di tsewa ke bakwadi ba le bantsi jaaka tseo di ka tswang di emela phallus [tshwantshetso ya serwe sa lepele la monna] kana monna le mosadi ba tlhakanetse dikobo. . . . Mo dipupung tsa Egepeto crux ansata [sefapaano se se nang le kgolokwane kana se na le mokgothi kwa godimo] gantsi se fitlhelwa se bapile le phallus.”—A Short History of Sex-Worship (London, 1940), H. Cutner, dits. 16, 17; bona gape The Non-Christian Cross, ts. 183.
“Difapaano tseno di ne di dirisiwa jaaka ditshwantsho tsa modimo wa letsatsi wa Babelona, +, [See book] mme go bonala ga tsone lantlha e le mo papetlaneng ya ga Julius Cæsar, 100-44 B.C., mme go tswa foo mo leding le le neng la dirwa ke mojaboswa wa ga Cæsar (Aguseto), 20 B.C. Mo dipapetlaneng tsa ga Constantine lotshwao lo lo bonalang gangwe le gape ke +; [See book] mme lotshwao lo lo tshwanang lo dirisiwa kwantle ga kgolokwane e e dikologang, mme le ka dikotana tse nne tse di lekanang tse di tshekaganang; mme seno e ne e le setshwantsho segolo bogolo sa tshisimogo ya ‘Solar Wheel’. Go tlhalosiwa fa Constantine e ne e le moobamedi wa modimo wa letsatsi, mme ebile o ile a se ka a tsena mo ‘Kerekeng’ go fitlhelela go feta kwatara ya lekgolo la dingwaga morago ga tlhamane ya gore o ne a bona sefapaano se se ntseng jalo mo magodimong.”—The Companion Bible, Appendix No. 162; bona gape The Non-Christian Cross, dits. 133-141.
A tshisimogo ya sefapaano ke tlwaelo e e kafa Dikwalong?
1 Bakor. 10:14: “Me ke gōna baratwa ba me, tshabañ kobamèlō ea medimo ea disètwa.” (Modimo wa disetwa ke setshwantsho kana lotshwao lo lo emelang sengwe seo eleng selo sa boineelo jo bo mahehe, tshisimogo, kana kobamelo.)
Ekes. 20:4, 5: “U se ka ua itihèla sechwanchō sepè se se setilweñ, leha e le sechwanō sa sebopègō sepè se se kwa legodimoñ kwa godimo, leha e le sa se se mo lehatshiñ kwa tlhatse, leha e le sa se se mo metsiñ a a kwa tlhatse ga lehatshe: U se ka ua di ikōbèla, leha e le go di dihèla.” (Elatlhoko gore Modimo o ne o laetse batho gore ba se ka ba dira le e leng setshwano sepe, re sa bue sepe ka go se obamela.)
Kakgelo e e kgatlhisang ke eno ya New Catholic Encyclopedia: “Setshwano sa loso lwa kgololo lwa ga Keresete mo Gologotha ga se bonale mo ditshwantshetsong dipe tsa dikai tsa makgolo a dingwaga a ntlha a Bokeresete. Bakeresete ba pele, ba tlhotlheleditswe ke kiletso ya Testamente e Kgologolo ya ditshwantsho tse di ikgabetsweng, ba ne ba oka-oka go tshwantsha le eleng sedirisiwa sa Pogo ya Morena.”—(1967), Bol. IV, ts. 486.
Malebana le Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, History of the Christian Church e re: “Go ne go se na tiriso epe ya sefapaano ebile go se na kemelo epe e e bonalang ya sefapaano.”—(New York, 1897), J. F. Hurst, Bol. I, ts. 366.
A tota go dira pharologano e e kalo fa motho a rata sefapaano, fa fela gone a sa se obamele?
O ne o ka ikutlwa jang fa e le gore mongwe wa ditsala tsa gago tse di rategang o ne a bolaelwa ditatofatso tsa maaka? A o ne o tla dira setshwantsho sa selo seo a bolailweng ka sone? A o ne o tla se rata, kana go na le moo, o ne o ka se se tlhoe?
Mo Iseraeleng wa bogologolo, Bajuda ba ba sa ikanyegeng ba ne ba lelela loso lwa modimo wa maaka Tamuse. Jehofa o ne a bua ka ga seo ba neng ba se dira jaaka ‘selo se se makgapha.’ (Esek. 8:13, 14) Go ya ka hisetori, Tamuse e ne e le modimo wa Bababelona, mme go ne go dirisiwa sefapaano jaaka setshwantsho sa gagwe. Go tloga fela ka nako ya fa se ne se simolola go dirisiwa mo metlheng ya ga Nimerode, Babelona o ne a le kgatlhanong le Jehofa, e le mmaba wa kobamelo ya boammaaruri. (Gen. 10:8-10; Yer. 50:29) Ka jalo, fa motho a tlotla sefapaano o a bo a tlotla setshwantsho sa kobamelo e e kgatlhanong le Modimo wa boammaaruri.
Jaaka go supilwe mo go Esekiele 8:17, Bajuda ba batenegi gape ba ne ba ‘latlhela kala ya setlhare fa nkong ya ga Jehofa.’ O ne a leba seno jaaka “makgapha” le ‘thumulano.’ Ka baka lang? “Kala” eno, baakgedi bangwe ba tlhalosa gore, e ne e le kemelo ya serwe sa lepele la monna, e e neng e dirisiwa mo kobamelong ya tlhakanelo dikobo. Jehofa he, o tshwanetse a leba jang tiriso ya sefapaano, seo, jaaka re setse re bone, se neng sa dirisiwa bogologolo jaaka setshwantsho sa kobamelo ya tlhakanelo dikobo?