LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 356-ts. 359
  • Segopotso (Sejo sa Morena sa Maitseboa)

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Segopotso (Sejo sa Morena sa Maitseboa)
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • ‘Dirang Seno E le Go Nkgopola’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Lebaka La go Bo re Gopola Sejo sa Morena sa Maitseboa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Sejo sa Morena sa Maitseboa—Se Tshwanetse go Ketekwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 356-ts. 359

Segopotso (Sejo sa Morena sa Maitseboa)

Tlhaloso: Sejo se se gopotsang loso lwa ga Jesu Keresete; ka jalo, e le segopotso sa loso lwa gagwe, loso loo lo ileng lwa nna le matswela a a botlhokwa-tlhokwa thata go na le loso lwa motho ope fela. Eno ke tiragalo e le yosi fela e Morena Jesu Keresete a neng a laela barutwa ba gagwe go e gopola. Se itsiwe gape jaaka Selalelo sa Morena, kana Sejo sa Morena sa Maitseboa.—1 Bakor. 11:20.

Segopotso se na le botlhokwa bofe?

Jesu o ne a raya baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang a re: “Dihañ mo, lo nkgopole ka gōna.” (Luke 22:19) Fa a ne a kwalela maloko a a itshenketsweng ka moya a phuthego ya Bokeresete, moaposetoloi Paulo o ne a oketsa ka gore: “Gonne ka galè ea re lo ya senkgwè se, le go nwa senwèlō, lo bo lo bolèla losho loa Morèna a ba a tla a tsamaea a tle.” (1 Bakor. 11:26) Jalo, Segopotso se biletsa tlhokomelo e e kgethegileng go botlhokwa jwa loso lwa ga Jesu Keresete mo go diragatseng boikaelelo jwa ga Jehofa. Se tlotlomatsa bomosola jwa loso lwa setlhabelo lwa ga Jesu segolo bogolo mo kamanong ya lone le kgolagano e ntšha le tsela eo ka yone loso lwa gagwe le amang bao e tla nnang baruaboswa le ene mo Bogosing jwa selegodimo.—Yoh. 14:2, 3; Baheb. 9:15.

Segopotso gape ke kgopodiso ya gore loso lwa ga Jesu le tsela eo lo neng lwa fitlhelelwa ka yone, tumalanong le boikaelelo jwa ga Jehofa jaaka go tlhalosiwa go Genesise 3:15 le morago ga moo, lo ne lwa direla go tlotlomatsa leina la ga Jehofa. Ka go boloka bothokgami go Jehofa go fitlhelela loso lwa gagwe, Jesu o ne a supa gore boleo jwa ga Adame e ne e se ka ntlha ya bogole bope mo go bopeng ga Mmopi motho mme gore go ka kgonega ka motho go boloka poifo Modimo e e itekanetseng le eleng tlase ga kgatelelo e e botlhoko, mme ka gone Jesu a tlotlomatsa Jehofa Modimo jaaka Mmopi le Molaodi wa Lobopo. Kwantle ga moo, Jehofa o ne a ikaeletse gore loso lwa ga Jesu lo tla baakanyetsa ka setlhabelo sa botho se se itekanetseng se se neng se tlhokafalela go rekolola ditlogolwana tsa ga Adame, mme ka gone se dire gore go kgonege ka dibilione tse di tla bontshang tumelo go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise, tiragatsong ya boikaelelo jwa kwa tshimologong jwa ga Jehofa le tshupo ya lorato lwa gagwe lo logolo go setho.—Yoh. 3:16; Gen. 1:28.

Abo morwalo o o boima o ne wa nna mo godimo ga ga Jesu mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo mo lefatsheng jaaka motho! O ne a itse gore Rraagwe wa selegodimo o ne a ikaeletse eng ka ene, mme gape o ne a itse gore o ne a tshwanelwa ke gore a itshupe a ikanyega tlase ga teko. Fa a ne a ile a palelwa, abo e ka bo e ile ya nna kgobo e e maswe jang go Rraagwe le tatlhegelo e kgolo jang go setho! Ka ntlha ya sotlhe se se neng se tla fitlhelelwa ka loso lwa gagwe, go ne go tshwanela gore Jesu a laele gore lo gopolwe.

Senkgwe le beine tse di dirisiwang kwa Segopotsong di kaya eng?

Malebana le senkgwe se se sa bedisiwang se Jesu a neng a se neela baaposetoloi ba gagwe fa a ne a simolodisa Segopotso, o ne a re: “Se ke mmele oa me.” (Mar. 14:22) Senkgwe seo se ne se tshwantshetsa mmele wa gagwe wa nama o o se nang boleo. Ono o ne a tla o ntsha gore setho se tle se nne le ditebelelo tsa botshelo mo isagweng, mme mo pakeng eno tlhokomelo e e kgethegileng e lebisiwa go ditebelelo tsa botshelo tseo di neng di tla kgonega ka bao ba neng ba tla kgethiwa go abalana le Jesu mo Bogosing jwa selegodimo.

Fa a ne a fetisetsa beine go baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang, Jesu o ne a re: “Se ke madi a me a kgōlaganō, a a chololèlwañ batho ba le bantsi.” (Mar. 14:24) Beine eo e ne e tshwantshetsa madi a gagwe a botshelo. Ka go tshololwa ga madi a gagwe, boitshwarelo jwa maleo bo ne bo ka kgonega ka bao ba neng ba tla bontsha tumelo mo go one. Mo pakeng eno Jesu o ne a tlotlomatsa go phepafadiwa mo boleong mo go neng go tla kgonega ka ba ba neng ba lebeletse go nna baruaboswa mmogo le ene. Mafoko a gagwe gape a supa gore ka madi ao kgolagano e ntšha magareng ga ga Jehofa Modimo le phuthego ya Bokeresete e e tloditsweng ka moya e ne e tla dira.

Bona gape ditsebe 283-285, tlase ga setlhogo “Mmisa.”

Ke mang yo o jang senkgwe le beine?

Ke bafe ba ba neng ba ja fa Jesu a ne a simolodisa Sejo sa Morena sa Maitseboa gautshwanyane fela pele ga a swa? Balatedi ba ba ikanyegang ba ba lesome le motso bao Jesu a neng a ba raya a re: “Me ke dira kgolagano le lona, jaaka Rre a dirile kgolagano le nna, ya bogosi.” (Luke 22:29, NW) Botlhe e ne e le batho ba ba neng ba lalediwa go tlhakanela le Keresete mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. (Yoh. 14:2, 3) Botlhe ba ba jang senkgwe le beine gompieno ba tshwanetse gape ya nna batho ba Keresete a ba tlisang mo ‘kgolaganong ya bogosi’ eo.

Ke ba le kae ba ba jang? Jesu o ne a re e ne e le “lecomanyane” fela leo le neng le tla amogela Bogosi jwa selegodimo jaaka tefa ya bone. (Luke 12:32) Palo e e tletseng e ne e tla nna 144 000. (Tshen. 14:1-3) Setlhopha seo se ne sa simololwa go kgethiwa ka 33 C.E. Ka mo go utlwalang, go ne go tla nna le palo e e potlanyana fela jaanong ya ba ba jang.

A Yohane 6:53, 54 e supa gore ke ba ba jang fela ba ba tla bonang botshelo jo bosakhutleng?

Yoh. 6:53, 54: “Hoñ Yesu a ba raea, a re, Amarure, amarure, kea lo raea, Ha lo sa ye nama ea Morwa Motho, ha lo sa nwe madi a gagwè, ga go na botshelō mo go lona. Eo o yañ nama ea me, a ba a nwa madi a me, o na le botshelō yo bo sa khutleñ; me ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō.”

Kwantle ga pelaelo, go ja le go nwa gono go ne go tshwanetse ga dirwa ka tsela ya tshwantshetso; e seng jalo motho o ne a tla bo a tlola molao wa Modimo. (Gen. 9:4; Ditihō 15:28, 29) Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go ela tlhoko gore kgang ya ga Jesu mo go Yohane 6:53, 54 e ne e se malebana le go ketekiwa ga Sejo sa Morena sa Maitseboa. Ga go ope wa ba ba neng ba le gone foo yo o neng a akanya gore o ne a bua ka mokete o mo go one go neng go tla dirisiwa senkgwe le beine go tshwantshetsa nama le madi a ga Jesu. Mokete oo e ne ya nna gone o simololwang mo e ka nnang ngwaga morago ga moo, mme e bile moaposetoloi Johane o ne a simolola go bua ka Sejo seo sa Morena sa Maitseboa mo e ka nnang go feta dikgaolo di le supa (mo go Yohane 14) moragonyana mo efangeleng eno e e teeletsweng ka ene.

Mme gone, motho a ka ‘ja nama ya Morwa Motho le go nwa madi a gagwe’ ka tsela ya tshwantshetso jang, fa e se ka go ja senkgwe le go nwa beine ka nako ya Segopotso? Ela tlhoko gore Jesu o rile ba ba jang le go nwa ba tla bona “botshelō yo bo sa khutleñ.” Pelenyana mo temaneng ya 40, fa a ne a tlhalosa se batho ba tshwanetseng go se dira go bona botshelo jo bosakhutleng, o ne a re thato ya ga Rraagwe ke eng? Ke gore “moñwe le moñwe eo o bōnañ Morwa Modimo, a mo dumèla, a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” Go a utlwala he gore ‘go ja nama le go nwa madi a gagwe’ ka tsela ya tshwantshetso go dirwa ka go dumela gore nama le madi a ga Jesu tse di ntshitsweng setlhabelo di na le maatla a go re golola. Botlhe ba ba tla bonang botshelo jo bo sa khutleng, e ka tswa e le kwa legodimong le Keresete kana mo lefatsheng la Paradaise, ba tshwanetse ba nna le tumelo e e ntseng jalo.

Segopotso se tshwanetse go ketekwa ga kae, mme leng?

Jesu ga a ka a tlhalosa ka papamalo gore se ne se tshwanetswe go tshwarwa ga kae. O ne a re fela: “Dihañ mo, lo nkgopolè ka gōna.” (Luke 22:19) Paulo o ne a re: “Gonne ka galè ea re lo ya senkgwè se, le go nwa senwèlō, lo bo lo bolèla losho loa Morèna a ba a tla a tsamaea a tle.” (1 Bakor. 11:26) “Galè” ga a tlhoke go raya makgetlo a le mantsi mo ngwageng; e ka raya ngwaga le ngwaga ka lobaka lwa dingwaga tse dintsi. Fa o keteka tiragalo e e botlhokwa, jaaka segopotso sa lenyalo, kana fa tšhaba e gopotse tiragalo e e botlhokwa mo ditsong tsa yone, ba go dira gantsi ga kae? Gangwe fela mo ngwageng mo letsatsing la segopotso. Seno se tla tshwanela gape le lebaka la gore Sejo sa Morena sa Maitseboa se ne sa simolodisiwa mo letsatsing ja Tlolaganyo ya Sejuda, moletlo wa ngwaga le ngwaga o o neng o sa tlhole o tshwanelwa ke go bolokwa ke Bajuda ba ba neng ba nna Bakeresete.

Basupi ba ga Jehofa ba keteka Segopotso letsatsi le se na go kotlomela ka Nisane 14, go ya kafa palong ya khalendara ya Sejuda e e neng e dirisiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Letsatsi la Sejuda le simolola letsatsi le se na go kotlomela mme le bo le tswelela go fitlhelela letsatsi le le latelang le se na go kotlomela. Jalo Jesu o ne a swa mo letsatsing je le tshwanang la khalendara ya Sejuda leo a neng a simolodisa Segopotso ka lone. Tshimologo ya kgwedi ya Nisane e ne e le morago ga letsatsi le se na go phirima morago ga ngwedi yo mosha gautshwanyane le letlhabula a se na go bonala mo Jerusalema. Letsatsi la Segopotso le malatsi a le 14 morago ga foo. (Ka gone letsatsi la Segopotso le ka nna la se thulane le leo la Tlolaganyo e e bolokwang ke Bajuda ba motlha wa segompieno. Ka baka lang? Tshimologo ya dikgwedi tsa bone tsa khalendara e tlhomiwa ka go lebaganngwa le ngwedi yo mosha wa boithuta-dinaledi, e seng ngwedi yo mosha yo o bonalang mo godimo ga Jerusalema, yo o ka nnang a tla dioura tse di 18 go ya go tse 30 moragonyana. Gape, bontsi jwa Bajuda gompieno ba boloka Tlolaganyo ka Nisane 15, e seng ka letsatsi la bo-14 jaaka Jesu a ne a dira tumalanong le se se neng se tlhalosiwa mo Molaong wa ga Moshe.)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela