LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 359-ts. 367
  • Tatelano ya Seaposetoloi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tatelano ya Seaposetoloi
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditshwantsho
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Mopapa—A ke “Motlhatlhami wa ga Moitshepi Petere”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • A Petere E ne E le Mopapa wa Ntlha?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Maria (Mmaagwe Jesu)
    Go Fetolana ka Dikwalo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 359-ts. 367

Tatelano ya Seaposetoloi

Tlhaloso: Thuto ya gore baaposetoloi ba ba 12 ba na le batlhatlhami bao ba ileng ba fiwa thata ka tsela ya bomodimo. Mo Kerekeng ya Katoliki ya Roma, bo-bishopo jaaka setlhopha go bolelwa e le batlhatlhami ba baaposetoloi, mme mopapa go bolelwa e le motlhatlhami wa ga Petere. Go ganeletswe mo goreng bomopapa ba Roma ba tlhomagana thata-thata le Petere, le go nna mo maemong a gagwe le go dira ditiro tsa gagwe, yo go bolelwang fa Keresete a ne a mo neela borena godimo ga Kereke yotlhe. Ga se thuto ya Bibela.

A Petere e ne e le ‘lefika’ jeo kereke e neng e agilwe mo go jone?

Math. 16:18: “Le nna ke gu raea, ke re, U Petero, me ke tla aga phuthègō ea me mo lehikeñ ye; me dinonohō tsa Bobipō ga di ketla di e henya.” (Elatlhoko ditemana tse dingwe [dit. 13, 20] gore puisano e ne e ikgarile mo goreng Jesu ke mang.)

Moaposetoloi Petere le Paulo ba ne ba tlhaloganya mang go nna ‘lefika,’ “lencwè . . . ya kgōkgōchō”?

Dit. 4:8-11: “Hoñ Petere, ka a tletse Mōea o o Boitshèpō, a ba raea, a re, Lona balaodi ba batho, le bagolwane, . . . [e ne e] le ka leina ya ga Yesu Keresete oa Nasaretha, eo lo mmapotseñ, eo Modimo o mo cositseñ mo loshuñ; ka re, monna eo, o eme ha, ha pele ga lona a hodile, me e le ka èna. Ke èna lencwè ye le nyadicweñ ke lona baagi, ye le bileñ le dihilwe ya tlhōgō ea kgōkgōchō.”

1 Pet. 2:4-6: “Eo e reñ lo tla mo go èna [Morena Jesu Keresete] . . . le lona, yaka mayè a a tshedileñ, go agiwa ntlo ea semōea ka lona, go tla lo nna boperisito yo bo itshepileñ, yoa go isa ditlhabèlō tsa semōea, tse di lebosègañ mo Modimoñ ka Yesu Keresete. Gonne go eme mo lokwaloñ, ga twe, Bōnañ, ke baea mo Siona lencwè ye legolo ya kgōkgōchō, ye le itshenkecweñ, le ye le tlhokègañ: me eo o dumèlañ mo go èna ga a ketla a tlhabisiwa ditlhoñ.”

Baef. 2:20: “Ka lo agilwe mo motheoñ oa baaposetoloi le baperofeti, Keresete Yesu ka esi e le èna lencwè ye legolo ya kgōkgōchō.”

Augustine o ne a dumelang (yo o neng a lejwa jaaka moitshepi ke Kereke ya Katoliki)?

“Mo lobakeng lono lo lo tshwanang lwa boperisiti jwa me, ke ne ka kwala buka gape kgatlhanong le lokwalo lwa Donatus . . . Mo dirapeng tsa buka eno, ke ne ka bolela jaana ka ga Moaposetoloi Petere: ‘Go ne ga agiwa Kereke mo go ene ka e le lefika.’ . . . Mme ke itse gore e ne ya re moragonyana ka bolela gangwe le gape, jaaka ke ne ka tlhalosa seo Morena a neng a se bolela: ‘Wena o Petere, mme ke tla aga Kereke ya me mo lefikeng je,’ gore e utlwisisiwe jaaka go agiwa mo go Ene yoo Petere a neng a re: ‘O Keresete, Morwa Modimo yo o tshedileng,’ mme jalo Petere, yo o bidiwang ka lefika jeno, o ne a tshwantshetsa batho ba Kereke, eo e agilweng mo lefikeng jeno, mme o amogetse ‘dikopololo tsa bogosi jwa legodimo.’ Ka go bo, go ne ga twe, ‘O Petere’ mme eseng ‘O lefika.’ Mme ‘lefika e ne e le Keresete,’ yo a neng a ipolela mo go ene fela jaaka Kereke le yone yotlhe e ipolela, Simone o ne a bidiwa Petere.”—The Fathers of the Church—Saint Augustine, the Retractations (Washington, D.C.; 1968), e e ranotsweng ke Mary I. Bogan, Book I, ts. 90.

A baaposetoloi ba bangwe ba ne ba leba Petere jaaka yo mogolo go bone?

Luke 22:24-26: “Me le gōna ga coga kgañ mo go bōnè [baaposetoloi], ea go re, ke ohe oa bōnè eo o kaiwañ eo mogolo. Me a ba raea, a re, Dikgosi tsa Badichaba di diha ka bogōma mo go bōnè, le ba ba busañ ba bidiwa Badihamolemō. Me lona, ga loa nna yalo.” (Fa e le gore Petere e ne e le ‘lefika,’ a go ka bo go ile ga nna le potso gareng ga bone ya gore “eo o kaiwañ eo mogolo” ke mang?)

Ereka Jesu Keresete, tlhogo ya phuthego, a tshela, a o tlhoka batlhatlhami?

Baheb. 7:23-25: “Me bōnè le galè, ba dihilwe baperisiti [mo Iseraele] ba le bantsi mo paloñ, ka go bo ba idiwa ke losho go nnèla rure: Me èna [Jesu Keresete], ereka a nntse ka bosakhutleñ, boperisito yoa gagwè ke yo bo sa kakeñ yoa hetoga. Ke gōna ka mouō le gōna o nonohileñ go bolokèla rure ba ba atamèlañ Modimo ka èna, ka a nntse a tshedile ka metlha eotlhe go ba rapèlèla.”

Bar. 6:9: “Ka re itse, go re, ka Keresete a cosicwe mo loshuñ, ga a tlhole a shwa gopè.”

Baef. 5:23: “Keresete le èna [ke] tlhōgō ea phuthègō.”

“Dikopololō” tse di neng tsa fiwa Petere e ne e le dife?

Math. 16:19: “Me ke tla gu neèla dikopololō tsa bogosi yoa legodimo: me se u tla se bōhañ mo lehatshiñ, se tla bo se bohilwe kwa legodimoñ: me se u tla se bohololañ mo lehatshiñ, se tla bo se boholocwe kwa legodimoñ.”

Mo go Tshenolō, Jesu o ne a lebisa go sekopololo sa tshwantshetso seo a neng a se dirisa ka boene go bulela batho ditshiamelo le dipaka

Tshen. 3:7, 8: “Eo o boitshèpō, eo o boamarure, eo chotseñ sekopololō sa ga Dafide, eo o bulañ, me go bo go se opè eo o tla cwalañ, a cwale, me go bo go se opè eo o bulañ, . . . ke gu kaetse moyakō o o bulegileñ, o go señ opè eo o ka o cwalañ.”

Petere o ne a dirisa “dikopololō” tseo a neng a di neilwe go bulela (Bajuda, Basamaria, Baditšhaba) sebaka sa go amogela moya o o boitshepo ka tsholofelo ya go tsena mo Bogosing jwa selegodimo

Dit. 2:14-39: “Me Petere a èma le ba ba shomè le mocō, me a tlhatlosa lencwe ya gagwè, a bua nabō, a re, Lona banna ba Yudea, le lona lotlhe ba lo agileñ mo Yerusalema, . . . Modimo o mo dihile Morèna le Keresete, eboñ èna Yesu eo lo mmapotseñ. Me yana, e rile ba utlwa mo, ba tlhabèga mo peduñ, me ba raea Petere le baaposetoloi ba bañwe, ba re, Bakauleñwe, re tla dihañ? Me Petere a ba raea, a re, Ikwatlhaeeñ, me a moñwe le moñwe oa lona a kolobelediwè boichwarèlō yoa dibe tsa lona mo ineñ ya ga Yesu Keresete; me lo tla amogèla nèō ea Mōea o o Boitshèpō. Gonne lehoko ya choloheco le raea lona, le bana ba lona, le botlhe ba ba kwa kgakala, eboñ botlhe ba Morèna Modimo oa rona o tla ba ipiletsañ.”

Dit. 8:14-17: “Me yana e rile baaposetoloi ba ba kwa Yerusalema ba utlwa ha ba Samaria ba amogetse lehoko ya Modimo, ba roma Petere le Yohane kwa go bōnè: Ba e rileñ ba hitlha, ba ba rapèlèla, gore ba amogèlè Mōea o o Boitshèpō: Gonne o no o e se o wele mo go opè oa bōnè: ba ne ba kolobedicwe mo ineñ ya Morèna Yesu hèla. Me hoñ ba ba baea diatla, me ba amogèla Mōea o o Boitshèpō.” (Temana 20 e supa gore Petere e ne e le ene yo a neng a eteletse mo pakeng eno.)

Dit. 10:24-48: “Me ea re ka moshō o moñwe ba tsèna mo Kaesarea. Me Korenelio [Moditšhaba yo o sa rupisiwang] a bo a ba lebeletse . . . Ea re Petere a sa nntse a bua . . . Mōea o o Boitshèpō oa wèla botlhe ba ba utlwañ lehoko.”

A legodimo le ne la letela Petere go dira diphetso mme go tswa foo le latele kgogo ya gagwe?

Dit. 2:4, 14: “Me botlhe ba tladiwa ka Mōea o o Boitshèpō, me ba simolola go bua ka dipuō di sele, kaha Mōea o ba neèlañ molomo ka gōna. . . . [Morago ga Keresete, tlhogo ya phuthego, a se na go ba tlhotlheletsa ka moya o o boitshepo] Petere a èma le ba ba shomè le mocō, . . . a bua nabō.” (Bona temana 33.)

Dit. 10:19, 20: “Mōea oa mo [Petere] raea, oa re, Bōna, banna ba le bararo baa gu batla. Me nanoga u hologè, u eè nabō [kwa legaeng ja ga Korenelio wa Moditšhaba], u sa belaele sepè; gonne ke ba romile.”

Bapisa Mathaio 18:18, 19.

A Petere ke moatlhodi wa go re ke mang yo o tshwanelang go tsena mo Bogosing?

2 Tim. 4:1: “Keresete Yesu, . . . o tla [atlhola] batshedi le bashwi.”

2 Tim. 4:8: “Go tloga hano ke setse ke beecwe serwalō sa tshiamō, se Morèna [Jesu Keresete], moatlhodi oa tshiamō, o tla se nnaeañ mo tsatsiñ yeuō: me e señ nna nosi, e leñ le bōnè botlhe ba ba ratileñ go bōnatshèga ga gagwe.”

A Petere o ne a le kwa Roma?

Roma e lebisiwa mo ditemaneng di roba bongwe tsa Dikwalo tse di Boitshepo; mme ga go epe ya tseno e e reng Petere o ne a le koo. Petere wa ntlha 5:13 e bontsha gore o ne a le kwa Babelona. A seno e ne e le sephiri sa go supa gore o ne a le kwa Roma? Go nna ga gagwe kwa Babelona go ne go dumalana sentle le kabelo ya gagwe ya go rerela Bajuda (jaaka go supilwe mo go Bagalatia 2:9), ereka go ne go na le banni ba bantsi ba Bajuda kwa Babelona. Encyclopaedia Judaica (Jerusalem, 1971, Bol. 15, kol. 755), fa e tlotla ka go dirwa ga Talmud ya Sebabelona, e lebisa go “batlhalefi ba bagolo ba Babelona” ba Sejuda ka nako ya Motlha o o Tlwaelegileng.

A losika lo lo sa kgaogeng lwa batlhatlhami lo ile lwa latedisiwa go tswa go Petere go tla go bomopapa ba segompieno?

John McKenzie wa Mo-Jesuit, fa a ne a sa ntse a le moporofesa wa thuto-bomodimo kwa Notre Dame, o ne a kwala ka gore: “Bosupi jwa ditso ga bo yo jwa mogolagang wa balaodi ba kereke.”—The Roman Catholic Church (New York, 1969), ts. 4.

New Catholic Encyclopedia e dumela ka gore: “ . . . go sa bonale ga mekwalo ga go belaetse sepe kaga tshimologo eno ya tatelano . . . ”—(1967), Bol. I, ts. 696.

Maiphako a go tlhomiwa ke Modimo ga a reye sepe fa bao ba leng go one ba sa utlwe Modimo le Keresete

Math. 7:21-23: “Ga se go re, moñwe le moñwe eo o nthaeañ, a re, Morèna, Morèna, o tla tsèna mo bogosiñ yoa legodimo: ha e se eo o dihañ go rata ga Rrè eo o kwa legodimoñ. E tla re mo letsatsiñ yeuō batho ba le bantsi ba tla nthaea, ba re, Morèna, Morèna, a ga rea ka ra rèra mo ineñ ya gago, ra ba ra kgoromeletsa ntlè badimo ka leina ya gago, ra ba ra diha ditihō di le dintsi tse di nonohileñ ka leina ya gago? Me ediha gōna ke tla ba ipolèlèlañ, ke re, Ga ke e se nke ke lo itse gopè; tlogañ ha go nna, lona ba lo dihañ tshiamololō.”

Bona gape Yeremia 7:9-15.

A ba ba iphakang go nna batlhatlhami ba baaposetoloi ba ngaparetse dithuto le ditlwaelo tsa ga Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe?

A Catholic Dictionary e re: “Kereke ya Roma ke ya Seaposetoloi, ka go bo thuto ya yone ya motheo ke tumelo e e neng e kile ya senolelwa Baaposetoloi nako nngwe, e le yone tumelo eo a e somarelang le go e tlhalosa, kwantle ga go oketsa kana go okotsolola.” (London, 1957, W. E. Addis le T. Arnold, ts. 176) A mabaka a a dumalana?

Seo Modimo o leng sone

“Tharo-nngwe ke lereo le le dirisiwang go supa thuto ya konokono ya tumelo ya Bokeresete.”—The Catholic Encyclopedia (1912), Bol. XV, ts. 47.

“Lefoko Tharo-nngwe, lefa e le thuto e e tlhomologileng e e ntseng jalo, ga di bonale mo Testamenteng e Ntšha . . . Thuto eno e ne ya gola ka iketlo mo makgolong a dingwaga a mantsi mme le ka dikganetsano tse dintsi.”—The New Encyclopædia Britannica (1976), Micropædia, Bol. X, ts. 126.

“Go na le temogo mo letlhakoreng la baanedi le baruti ba bomodimo ba Bibela, go akareletsa le palo e e golang ka metlha ya Bakatoliki ba Roma, gore mongwe ga a tshwanela go bua ka Tharo-nngwe mo Testamenteng e Ntšha kwantle ga go itsetsepela sentle-ntle. Go na gape le temogo e e bapileng le eo thata mo letlhakoreng la boraditiragalo le baruti ba bomodimo ba ba tlwaetseng go sobokanya dithuto ka bololea jwa yone gore fa mongwe a bua ka Tharo-nngwe e e sa tlhaloganyesegeng, motho o tshwanetse a tswa mo lobakeng lwa ditshimologo tsa Bokeresete, go tla, mo bofelelong jwa lekgolo la bo-4 la dingwaga.”—New Catholic Encyclopedia (1967), Bol. XIV, ts. 295.

Go sa nyale ga baruti

Pope Paul VI, mo lokwalong lwa gagwe go bobishopo lwa Sacerdotalis Caelibatus (Go sa Nyale ga Bapirisita, 1967), o ne a gatelela go sa nyale jaaka patlafalo ya baruti, mme o ne a dumela gore “Testamente e Ntšha eo e bolokileng dithuto tsa ga Keresete le Baaposetoloi . . . ga e otlelele phatlalatsa go sa nyale ga badihedi ba ba itshepileng . . . Jesu ka Boene ga a ka a go dira patlafalo ya pele pele mo kgethong ya Gagwe ya ba ba Lesome le Bobedi, lefa e le bone Baaposetoloi bao ba neng ba okametse ditlhopha tsa ntlha tsa Bokeresete.”—The Papal Encyclicals 1958-1981 (Falls Church, Va.; 1981), ts. 204.

1 Bakor. 9:5: “A ga re na tshiamèlō ea go tsamaea le mosadi re mo tsere, eo o leñ modumedi, hèla yaka baaposetoloi ba bañwe, le yaka bomonna Morèna, le yaka Kefase?” (“Kefase” ke leina la Searamaika le le neng le filwe Petere; bona Yohane 1:42. Bona gape Mareko 1:29-31, koo go buiwang ka mogwagwadiagwe Simone, kana Petere.)

1 Tim. 3:2: “Ke gōna mookami oa phuthègō o na le go nna . . . monna eo mosadi a le moñwe hèla [“yo o nyetseng gangwe fela,” NAB].”

Pele ga motlha wa Bokeresete, Bobuda bo ne bo batla bapirisita le baruti ba teng go sa nyale. (History of Sacerdotal Celibacy in the Christian Church, London, 1932, kgatiso ya bone, e e tlhabolotsweng, Henry C. Lea, ts. 6) Le eleng go le pele, ditaolo tse di kwa godingwana tsa bopirisita jwa Sebabelona di ne di tlhoka tlwaelo ya go sa nyale, go ya ka The Two Babylons ka A. Hislop.—(New York, 1943), ts. 219.

1 Tim. 4:1-3: “Me Mōea o bua ka thanolō, go re, mo metlheñ ea moragō, bañwe ba tla tenèga mo tumeloñ, ba tlhōkōmèla meōea e e timetsañ, le dithutō tsa badimo, . . . Ba itsa batho go nyala.”

Boikgaoganyo le lefatshe

Mopapa Paul VI, fa a ne a buisa Merafe e e Kopaneng ka 1965, o ne a re: “Batho ba lefatshe ba retologela go Merafe e e Kopaneng jaaka tsholofelo ya bofelo ya tshwaragano le kagiso; Rona, mmogo le bone, re lo neela tlotlo ya Rona le tsholofelo.”—The Pope’s Visit (New York, 1965), Time-Life Special Report, ts. 26.

Yoh. 15:19: “[Jesu Keresete o ne a re:] Ha lo no lo le ba lehatshe le ne le tla rata ba e leñ ba yeōna: me ereka lo se ba lehatshe, me ke lo itshenketse mo lehatshiñ, ke gōna lehatshe le lo ilañ.”

Yak. 4:4: “A ga lo itse ha botsalanō yoa lehatshe e le bobaba mo Modimoñ?”

Go retologela mo dibetseng tsa ntwa

Raditiragalo wa Mokatoliki E. I. Watkin o kwala jaana: “Lefa gone go bua jalo go tshwanetse ga bo go le botlhoko, ga re ka ke fela ka ntlha ya thuto ya maaka kana boineelo jo bo sa ikanyegeng ra latofatsa kana ra itlhokomolosa lebaka la ditso la gore Bobishopo ka metlha ba ile ba rotloetsa dintwa tsotlhe tse di neng tsa tlhabanwa ke goromente wa naga ya ga bone. Tota, ga ke itse lefa e le paka epe e le nngwe eo go yone baruti ba setšhaba ba ileng ba kgala ntwa epe fela e e sa siamang . . . E ka tswa kgopolo ya bagolwane ke eng, tota tlwaelo ya gore ‘naga ya me ka metlha e siame’ e ile ya nna motlhala ka metlha yotlhe wa Bobishopo ba Katoliki mo nakong ya ntwa.”—Morals and Missiles (London, 1959), e e neng ya kwalwa ke Charles S. Thompson, dits. 57, 58.

Math. 26:52: “Hoñ Yesu a mo raea, a re, Ba u shomèlè chaka ea gago mo bonnoñ yoa eōna: gonne botlhe ba ba tsaeañ chaka ba tla nyèlèla ka chaka.”

1 Yoh. 3:10-12: “Bana ba Modimo ba harologanyesèga ka mokgwa o, le bana ba diabolo: . . . le èna eo o sa rateñ mogagabō [ga se wa Modimo]. . . . [Re tshwanetse] gore re ratane; Re se ka ra nna yaka Kaine a nna oa eo o boshula, me a bolaea monnawè.”

Go ya ka kutlwisiso ya se se tlotlilweng fa godimo, a bao ba iphakang go nna batlhatlhami ba baaposetoloi tota ba ile ba ruta le go dira se Keresete le baaposetoloi ba gagwe ba neng ba se dira?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela