LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 367-ts. 370
  • Thapelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thapelo
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Mongwe A Re—
  • Malebana le Dithapelo Tse Modimo a di Utlwang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Tshiamelo ya thapelo
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Go Atamela Modimo ka Thapelo
    Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Thapelo e ka Nonotsha Botsala Jwa Gago le Modimo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 367-ts. 370

Thapelo

Tlhaloso: Go lebisa mantswe a kobamelo go Modimo wa boammaaruri kana go medimo ya maaka, motho a dira jalo ka go buela kwa godimo kana ka tidimalo mo tlhaloganyong ya gagwe.

A o ikutlwa, jaaka bantsi ba dira, gore dithapelo tsa gago ga di arabelwe?

Modimo o iketleeleditse go utlwa dithapelo tsa ga mang?

Pes. 65:2; Dit. 10:34, 35: “Wèna eo u utlwañ thapèlō, nama eotlhe e tla tla kwa go wèna.” “Modimo [ga] se motlhaodi oa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.” (Bosetšhaba jwa mongwe, mmala wa letlalo la gagwe, maemo a gagwe a tsa itsholelo ga a reye sepe mo kgannyeng eno. Mme ditlhotlheletso tsa pelo ya mongwe le tsela ya botshelo ke tsone di dirang jalo.)

Luke 11:2: “E re ha lo rapela, lo re, Rra Leina ya gago a le itshepisiwè.” (A dithapelo tsa gago di lebisitswe go Rara, ene yo leina la gagwe Bibela e reng ke Jehofa? Kana, go na le moo, o lebisa dithapelo tsa gago go “baitshepi”?)

Yoh. 14:6, 14: “Yesu a mo raea, a re, Ke nna tsela, le boamarure, le botshelō: ga go tle opè mo go Rara ha e se ka nna. Ha lo ntōpa señwe hèla ka leina ya me, shōna ke tla se diha.” (A o rapela ka leina la ga Jesu Keresete, o lemoga gore jaaka motho yo o leofileng o tlhoka thapelelo ya gagwe?)

1 Yoh. 5:14: “Me mo ke yōna botlhōka poihō yo re nañ nayō ntlheñ ea gagwè, go re, ha re lōpa señwe kaha go rateñ ga ōna, oa re utlwa.” (Lefa go ntse jalo, go nna le tsholofelo e e ntseng jalo, o tshwanetse go itse lwantlha thato ya Modimo. Go tswa foo o tlhomamise gore ditopo tsa gago di tumalanong le yone.)

1 Pet. 3:12: “Gonne matlhō a ga Yehofa a mo basiamiñ, le ditsèbè tsa gagwè mo mekokotleloñ ea bōnè: me sehatlhōgō sa ga Yehofa se bihetse ba ba dihañ boshula.” (A o ile wa tsaya nako go ithuta kaga seo Jehofa a se buang ka Lefoko ja gagwe gore se se siameng ke eng le gore se se sa siamang ke eng?)

1 Yoh. 3:22: “Me leha e le eñ se re se lōpañ hèla, re se amogèla mo go ōna ka re bolokile ditaolō tsa ōna, re bile re diha dilō tse di kgatlhañ mo matlhoñ a ōna.” (A eleruri ke keletso ya gago go itumedisa Modimo, a mme ebile o leka ka natla e kgolo go utlwa ditaolo tsa gagwe tse o setseng o di itse?)

Isa. 55:6, 7: “Batlañ Yehofa a sa nntse a ka bonwa; mmitseñ a sa nntse a le gaufi. A moikepi a latlhè tsela ea gagwè, le motho eo o sa siamañ kgopolō tsa gagwè; a a boèlè kwa go Yehofa, me o tla mo utlwèla botlhoko; le kwa Modimoñ oa rona, gonne o tla ichwarèla ka botlalō.” (Ka kutlwelo botlhoko, Jehofa o laletsa le eleng batho bao ba dirileng dilo tse di bosula gore ba mmitse ka thapelo. Mme, go bona kamogelo ya Modimo, ba tshwanetse ba ikwatlhaela ditsela le megopolo ya bone e e phoso ka bopelo-e-phepa mme ba fetole tsela ya bone.)

Ke eng seo se ka dirang gore dithapelo tsa motho di se amogelesege go Modimo?

Math. 6:5: “Me e re ha lo rapèla, lo se ka loa nna yaka baitimokanyi: gonne bōnè ba rata go rapèla ba eme mo matluñ a thutō, le ha makōpaneloñ a mebila, gore ba bōnwè ke batho. Amarure kea lo raea, tuèlō ea bōnè ba e amogetse.” (Gape Luke 18:9-14)

Math. 6:7: “Me ha lo rapèla, lo se ka loa boaboèla hèla, yaka Badichaba ba tle ba dihe: gonne ba gopola, go re, ba tla utlwiwa ka ntlha ea go bua bobe ga bōñe.”

Dia. 28:9: “Eo o ithuhulañ, gore a se utlwe molaō, [wa Modimo] le e leñ ōna morapèlō oa gagwè ke sehedisa pelo hèla.”

Mika 3:4: “Hoñ ba tla goèla kwa go Yehofa, me ga a ketla a ba araba: E, o tla ba shubèla sehatlhōgō sa gagwè mo motlheñ ouō, kaha ba dihileñ boshula ka gōna mo ditihoñ tsa bōnè.”

Yak. 4:3: “Loa lōpa, me ga lo amogele, ka go bo lo lōpa ka go hosa, gore lo tlè lo itihèlè ka gōna mo dikgatlhegoñ tsa lona.”

Isa. 42:8; Math. 4:10: “Ke nna Yehofa; ke yeōna leina ya me: me kgalalèlō ea me ga nketla ke e naea o sele, leha e le pakō ea me dichwanchō tse di setilweñ.” “U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago, ke èna esi eo u tla mo dihèlañ.” (Gape Pesalema 115:4-8) (Thapelo ke sebopego sa kobamelo. Fa o rapela fa pele ga dilo tse di setilweng, kana ditshwantsho, a seo se tla itumedisa Modimo?)

Isa. 8:19: “Me e tla re ha ba tla lo raea, ba re, Botsañ ba ba buañ le badimo, le mo go ba e leñ baloi, ba ba cwirinyañ, le ba ba pepedumañ; a chaba a ga e ke e lōpa mo go o e leñ modimo oa eōna? a kaga ba ba tshedileñ, a go ka bodiwa bashwi?”

Yak. 1:6, 7: “Me a a lōpè ka tumèlō, a sa belaele sepè: gonne eo o belaèlañ o chwana le makhubu a lewatlè a a kgweediwañ, a phailakwa ke phehō. Ka go bo motho eouō a a se gopole, go re, o tla amogèla señwe mo [go Jehofa].”

Ke dilo dife tse di tshwanelwang ke go rapelelwa?

Math. 6:9-13: “Ke gōna lo rapèlè, lo re yana: lo re, [1] Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. [2] Bogosi yoa gago a bo tlè. [3] Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ. [4] Re neè gompiyeno seyō sa rona sa letsatsi. [5] Me u re ichwarèlè melato ea rona, yaka le rona re ichwaretse ba ba molato le rona. Me [6] a u ko u se ka ua re isa mo thaeloñ, me u re gololè mo go eo o boshula.” (Elatlhoko gore leina la Modimo le boikaelelo di tshwanetse go tla pele pele.)

Pes. 25:4, 5: “Nchupetsa metlhala ea gago, Yehofa; u nthutè ditsela tsa gago. Ntsamaisa mo boamarureñ yoa gago, u bo u nthutè; gonne ke wèna Modimo oa polokō ea me.”

Luke 11:13: “Me ke gōna, ha lona, lo le boshula, lo itse go naea bana ba lona dinèō tse di molemō; bogolo yañ Rra eno oa legodimo o tla naea ba ba mo lōpañ Mōea o o Boitshèpō.”

1 Bathes. 5:17, 18: “Lo rapeleñ ka go bisa go khutla; Lebogañ mo diloñ cotlhe.”

Math. 14:19, 20: “[Jesu] a tsaea dinkgwè tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a lelalèla legodimoñ, a di segōhatsa, a di ñathoganya; me dinkgwè a di neèla barutwa, barutwa ba di abèla batho. Me ba ya botlhe, ba kgora.”

Yak. 5:16: “Lo rapèlèlanè.”

Math. 26:41: “Lebèlèlañ, lo rapèlè, gore lo se tsene mo thaeloñ.”

Bafil. 4:6: “Lo se ka loa tlhobaediwa ke sepè; me mo diloñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisiwè Modimo ka thapèlō le kokotlèlō, di na le tebogō.”

Fa Mongwe A Re—

‘A re rapele pele, go tswa foo o nneele molaetsa wa gago’

O ka nna wa araba ka gore: ‘Ke itumelela go lemoga gore o motho yo o anaanelang botlhokwa jwa thapelo. Basupi ba ga Jehofa le bone ba a rapela ka metlha. Mme go na le sengwe seo Jesu a neng a se bua kaga gore ke leng le gore ke jang re ka rapelang seo se ka tswang se le sesha mo go wena. A o itse gore o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba se rapele phatlalatsa e le fela gore ba bangwe ba tle ba bone gore le bone ke batho ba ba ineetseng, batho ba ba rapelang? . . . (Math. 6:5)’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Elatlhoko seo a neng a tswelela go se bua seo re tshwanetseng go amega ka sone thata-thata mme e le seo re tshwanetseng go se baya pele mo dithapelong tsa rona. Seo ke sone se ke se tletseng go tla go se abalana le wena. (Math. 6:9, 10)’

Kana o ka nna wa re: ‘Ke itse gore baemedi ba ditlhopha dingwe tsa bodumedi ba dira seo. Mme Basupi ba ga Jehofa ga ba dire jalo, ka go bo Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba tsamaye mo tirong ya bone ba rerela ba bangwe ka mokgwa o sele. Go na le gore a re, “Fa lo tsena mo ntlong, lwantlha rapelang,” elatlhoko seo a neng a se bua, jaaka se fitlhelwa mo go Mathaio 10:12, 13. . . . Mme bona fano mo temaneng ya 7 seo ba neng ba tshwanetse go bua kaga sone. . . . Bogosi joo bo ka thusa batho ba ba tshwanang wena le nna jang? (Tshen. 21:4)’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela