LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 254-ts. 261
  • Malatsi a Boikhutso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Malatsi a Boikhutso
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A re Tshwanetse go Keteka Malatsi Mangwe a a Ketekwang?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Boammaaruri ka Keresemose
    Tsogang!—2010
  • Meletlo E e Sa Itumediseng Modimo
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Keresemose—A Ruri ke Selo sa Bokeresete?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 254-ts. 261

Malatsi a Boikhutso

Tlhaloso: Malatsi ao gantsi go bonwang nako ya go ikhutsa mo tirong ya boitshediso le mo sekolong go gopola tiragalo nngwe. Malatsi a a ntseng jalo gape a ka nna dipaka tsa mediro ya lelapa kana ya batho botlhe. Batlhakanedi ba ka a leba jaaka ao e leng a bodumedi kana jaaka ao e leng a botshelo jwa batho fela kana dikgang tsa selefatshe.

A Keresemose ke mokete o o theilweng mo Bibeleng?

Letsatsi la keteko

Cyclopædia ya ga M’Clintock le Strong e re: “Modiro wa Keresemose ga se o o tlhomilweng ke Modimo, lefa e le gone gore o fitlhelwa mo T[estamenteng] e N[tšha]. Letsatsi ja botsalo jwa ga Keresete ga le ka ke la tlhomamisiwa ka gope mo T[estamenteng] e N[tšha], kana, eleruri, go tswa motsweding ofe fela.”—(New York, 1871), Bol. II, ts. 276.

Luke 2:8-11 e bontsha gore badisa ba ne ba le kwa nageng mo bosigong ka nako ya botsalo jwa ga Jesu. Buka ya Daily Life in the Time of Jesus e re: “Matsomane . . . a ne a fetsa mariga otlhe a tlhatlhetswe; mme go tswa go seno fela go ka bonala sentle gore letsatsi le le tlwaelegileng la Keresemose, mo marigeng kwa bokone jwa lefatshe, go ka se bonale e le je le tshwanetseng, ereka Efangele e re badisa ba ne ba le kwa nageng.”—(New York, 1962), Henri Daniel-Rops, ts. 228.

The Encyclopedia Americana e re itsise jaana: “Lebaka la go tlhoma December 25 jaaka Keresemose ka tsela nngwe le fitlhegile, mme gantsi go dumelwa gore letsatsi leo le ne la kgethwa go re le dumalane le meletlo ya seheitane e e neng e diragala go dikologa nako eo mo pakeng ya mariga kwa bokone jwa lefatshe, fa malatsi a ne a simolola go lelefala, go keteka ‘botsalo jo bosha jwa letsatsi.’ . . . “Saturnalia” ya Roma (moletlo o o neng o direlwa Saturn, modimo wa temo-thuo, le maatla a a shafaditsweng a letsatsi), le one o ne o diragala ka yone nako e, ebile go akanngwa gore dingwao dingwe tsa Keresemose di tlholegile mo moletlong ono wa bogologolo wa boheitane.”—(1977), Bol. 6, ts. 666.

New Catholic Encyclopedia e dumelana ka go re: “Letsatsi ja botsalo jwa ga Keresete ga le itsiwe. Diefangele ga di supe le fa e le letsatsi kana kgwedi . . . Go ya ka phoraetso e e sa tlhomamang e e akantshitsweng ke H. Usener . . . ebile e le e e amogelwang ke batlhalefi ba bantsi gompieno, botsalo jwa ga Keresete bo ne jwa abelwa letsatsi ja paka ya mariga (December 25 mo khalandareng ya Julian, January 6 mo go ya Seegepeto), ka go bo mo letsatsing lone leno, jaaka letsatsi le ne le simolola go boela kwa ntlheng ya bokone ya loapi, baineedi ba seheitane ba ga Mithra ba ne ba keteka dies natalis Solis Invicti (paka ya botsalo jwa letsatsi le le sa fenngweng). Ka Dec. 25, 274, Aurelian o ne a bolela modimo wa letsatsi e le modiri-mmogo wa konokono le puso mme a mo tlhomela tempele mo Campus Martius. Keresemose e ne ya simologa ka nako eo tumelo mo letsatsing e neng e tumile fela thata thata kwa Roma.”—(1967), Bol. III, ts. 656.

Banna ba ba botlhale, kana “Magi,” ba etelelwa ke naledi

Ba “Magi” bao tota e ne e le balepa-dinaledi go tswa botlhaba. (Math. 2:1, 2, NW) Lemororo bolepa-dinaledi bo tumile gare ga batho ba bantsi gompieno, tlwaelo eo e kgalwa thata-thata mo Bibeleng. (Bona ditsebe 422, 423, tlase ga setlhogo se segolo “Tlholelo.”) A Modimo o ne a tla gogela batho bao A nyatsang tlwaelo ya bone go Jesu yo o sa tswang go tsalwa?

Mathaio 2:1-16 e bontsha gore naledi e ne ya etelela balepa-dinaledi la ntlha go ba isa kwa go Kgosi Herode mme go tswa foo kwa go Jesu mme le gore Herode o ne a senka go bolaya Jesu. Ga go na kumako epe ya gore go na le ba bangwe gape kwantle ga balepa-dinaledi ba ba neng ba bona “naledi.” Morago ga ba se na go tsamaya, moengele wa ga Jehofa o ne a tlhagisa Josefa go tshabela kwa Egepeto go babalela ngwana. A “naledi” e ne e le sesupo se se tswang go Modimo kana e ne e le mongwe fela yo a neng a batla gore Morwa Modimo a nyelediwe?

Elatlhoko gore pego ya Bibela ga e re ba ne ba fitlhela loseanyana Jesu a le mo bojelong jwa dipitse, jaaka a tshwantshiwa ka tlwaelo ka keteko ya Keresemose. Fa balepa-dinaledi ba ne ba goroga, Jesu le batsadi ba gagwe ba ne ba nna mo ntlong. Fa e le kaga dingwaga tsa ga Jesu ka nako eo, gakologelwa gore, go ikaegile ka seo Herode a neng a se utlwa go tswa balepa-dinaleding, o ne a laela gore basimanyana botlhe ba dingwaga tse pedi le tse di kwa tlase mo kgaolong ya Bethelehema ba bolaiwe.—Math. 2:1, 11, 16.

Go aba dimpho jaaka karolo ya mokete; ditlhamane kaga “Santa Claus, Father Christmas,” jalo le jalo

Tlwaelo ya go aba dimpho ya Keresemose ga e a thewa mo go seo se neng sa dirwa ke ba “Magi.” Jaaka go supilwe fa godimo, ba ne ba se ka ba goroga ka nako ya botsalo jwa ga Jesu. Gape, ba ne ba aba dimpho, eseng go di abelana, mme go ngwananyana Jesu, tumalanong le seo se neng se tlwaelegile fa go ne go etelwa batho ba ba tlotlegang.

The Encyclopedia Americana e re: “Ka nako ya Saturnalia . . . mekete e ne e tlwaelegile, le go abelwana ga dimpho.” (1977, Bol. 24, ts. 299) Mo makgetlong a le mantsi seo se emela moya wa go aba wa Keresemose—go abelana dimpho. Moya o o supiwang mo go abeng dimpho mo go ntseng jalo ga o tlise boitumelo jwa mmatota, ka go bo o tlontlolola melao-metheo ya Bokeresete jaaka eo e fitlhelwang mo go Mathaio 6:3, 4 le 2 Bakorintha 9:7. Eleruri Mokeresete o ka abela ba bangwe dimpho jaaka tshupo ya lorato ka dinako tse dingwe mo ngwageng, a dira jalo gantsi fela kafa a batlang ka teng.

Go ikaegile ka gore ba nna kae, bana ba bolelelwa gore dimpho di tlisiwa ke Santa Claus, St. Nicholas, Father Christmas, Père Noël, Knecht Ruprecht, ba Magi, lemponyemponye Jultomten (kana Julenissen), kana moloi yo o bidiwang La Befana. (The World Book Encyclopedia, 1984, Bol. 3, ts. 414) Tota, ga go epe ya dipolelo tseno e eleng boammaaruri. A go bolelela bana dipolelo tse di ntseng jalo go ba thusa go rata boammaaruri, a mme tlwaelo e e ntseng jalo e tlotla Jesu Keresete, yo o neng a ruta gore Modimo o tshwanetse go obamelwa ka boammaaruri?—Yoh. 4:23, 24.

A go ka nna phoso epe ka go tlhakanela mo meletlong eo e ka tswang e medile mo metsweng e e seng ya bokeresete fa fela e sa dirwe ka mabaka a bodumedi?

Baef. 5:10, 11: “Lo nntse lo lèkèla go lemoga se se kgatlhañ Morèna; Me lo se ka loa nna le bolekane le ditihō tsa lehihi tse di senañ louñō, me bogolo lo di kgalemèlè.”

2 Bakor. 6:14-18: “Tshiamō e na le bolekane bohe le tshiamololo? kgotsa lesedi le na le kabalanō ehe le lehihi? Me Keresete o na le kutlwanō ehe le Beliale? kgotsa eo o dumèlañ o na le kabèlō ehe le eo o sa dumeleñ? Le tempela ea Modimo e na le tumalanō ehe le medimo ea disetwa? . . . Me ke gōna, Cwañ mo gare ga bōnè, lo lomologanè, go bua Yehofa, me lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ; me ke tla lo amogèla, Ke tla nna Rra lona, me lo tla nna bomorwaake le bomorwadiake, go bua Yehofa Mothataeotlhe.” (Lorato lwa mmatota lwa ga Jehofa le keletso e e nonofileng ya go mo itumedisa, di tla thusa motho go kgaogana le ditlwaelo tseo eseng tsa bokeresete tseo di ka nnang le boikuelo mo maikutlong. Motho yo o itseng tota le go rata Jehofa ga a ikutlwe gore go befela mekgwa eo e e tlotlang medimo ya maaka kana e e tlotlomatsang maaka ka tsela epe fela o amogiwa boitumelo. Lorato lwa mmaanete lo mo dira gore a ipelele, eseng tshiamololo, mme eleng boammaaruri. Bona 1 Bakorintha 13:6.)

Bapisa Ekesodo 32:4-10. Elatlhoko gore Baiseraele ba ne ba inaakanya le tlwaelo ya sedumedi ya Seegepeto mme ba e raya leina le lesha ba re, “modihō oa ga Yehofa.” Mme Jehofa o ne a ba gamola fela thata ka kotlhao ka ntlha ya se. Gompieno re bona fela ditlwaelo tsa lekgolo la dingwaga la bo-20 tseo di nyalanang le malatsi a boikhutso. Dingwe tsa tsone di ka bonala di se kotsi. Mme Jehofa o lemoga sentle ditlwaelo tsa sedumedi tsa seheitane tseo tseno di tswang go tsone. A pono ya gagwe ga e a tshwanela go nna yone e e leng kgang kgolo?

Tshwantshetso: A re re gongwe setlhopha sengwe sa batho se tla mo legaeng ja monna mongwe ba re ba ya koo go ya go keteka letsatsi ja gagwe ja botsalo. Ga a rate moletlo wa malatsi a botsalo. Ga a batle go bona batho ba ja bobe kana go tagwa kana go kopanela mo bopepeng. Mme bangwe ba bone ba dira dilo tseno tsotlhe, mme ba tlisetsa mongwe le mongwe yo o koo dimpho kwantle ga gagwe! Mo godimo ga seo sotlhe, ba kgetha letsatsi la botsalo jwa mongwe wa baba ba monna yoo gore le nne motlha oo go tla ketekiwang ka one. Monna yono o ne a tla ikutlwa jang? A o ne o tla batla go tlhakanela mo go seo? Seo ke sone se dirwang ka meletlo ya Keresemose.

Ista le ditlwaelo tse di tsamaelanang le yone di simologile kae?

The Encyclopædia Britannica e akgela jaana: “Ga go na tshupo ya keteko ya moletlo wa Ista mo Testamenteng e Ntšha kana mekwalo ya Borara ba seaposetoloi. Boitshepo jwa dipaka tse di kgethegileng e ne e le kgopolo e e neng e se teng mo megopolong ya Bakeresete ba ntlha.”—(1910), Bol. VIII, ts. 828.

The Catholic Encyclopedia e a re bolelela: “Dingwao tse dintsi thata tsa seheitane, tse di ketekang kgorogo ya dikgakologo, di ne tsa fetogela go nna Ista. Lee ke sesupo sa botshelo jo bo golang jwa ditshimologo tsa dikgakologo. . . . Mmutla ke sesupo sa seheitane mme ka metlha e nnile setshwantsho sa botsalo.”—(1913), Bol. V, ts. 227.

Mo bukeng ya The Two Babylons, ka Alexander Hislop, re a bala: “Lereo Ista ka bolone le raya eng? Ga se leina la Bokeresete. Le tshotse tshimologo ya lone ya Sekaladea mo phatleng fela ya lone. Ista ga se sepe fela fa e se Astarte, dingwe tsa direto tsa ga Beltis, mohumagadi wa legodimo, yo leina ja gagwe . . . jaaka le fitlhetswe ke Layard mo medimakong ya Asiria, eleng Ishtar. . . . Tshimologo ya Ista ke yone eo. Meletlo e e tumileng eo e sa ntseng e nna gone mo lobakeng lwa keteko ya yone le netefatsa ka botlalo tshupo ya ditiragalo ya mokgwa ono wa yone wa Sebabelona. Dikuku tse di sefapaano tsa “Good Friday,” le mae a a fetotsweng mmala a Paseka kana “Easter Sunday,” di ne di dirisiwa mo meletlong ya Sekaladia fela jaaka go dirwa le gompieno.”—(New York, 1943), dits. 103, 107, 108; bapisa Yeremia 7:18.

A meletlo ya Nnibijara e phoso mo Bakereseteng?

Go ya ka The World Book Encyclopedia, “Mmusi wa Roma Julius Caesar o ne a tlhoma January 1 jaaka Letsatsi ja Nnibijara ka 46 B.C. Baroma ba ne ba tlhaolela Janus letsatsi leno, modimo wa diheke, mabati, le ditshimologo. Kgwedi ya January e ile ya bidiwa ka Janus, yo o neng a na le difatlhego tse pedi—se sengwe se ne se lebile kwa pele se sengwe se ne se lebile kwa morago.”—(1984), Bol. 14, ts. 237.

Ka bobedi letsatsi le dingwao tse di tsamaelanang le meletlo ya Nnibijara di farologana naga ka naga. Mo mafelong a mantsi botlhapelwa le go nwa ke karolo ya mediro. Lefa go ntse jalo, Baroma 13:13 e a re tlhagisa: “A re sepeleñ ka tshiamō, yaka mo motshegariñ; e señ mo tlhapeloñ, le mo go tagweñ, e señ mo boakeñ le mo bohaweñ, e señ mo kgañyeñ le mo lehuheñ.” (Bona gape 1 Petere 4:3, 4; Bagalatia 5:19-21.)

Malatsi a boikhutso a kgakologelo ya “meya ya baswi” a thaegile kae?

Kgatiso ya 1910 ya The Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana: All Souls’ Day . . . letsatsi le le beetsweng kwa thoko mo Kerekeng ya Katoliki ya Roma go gopola baikanyegi ba ba re tlogetseng. Moletlo o itshetlegile ka thuto ya gore meya ya baikanyegi ba mo losong ba se kang ba tlhapisiwa maleo a masesanyane, kana ba se kang ba itshwarelwa ditlolo tsa nako e e fetileng, ga e ka ke ya fitlhelela Ponalo ya Seengele, mme le gore e ka thuswa go dira jalo ka thapelo le ka setlhabelo sa mmisa. . . . Ditumelo dingwe tse di rileng tse di tumileng tse di nyalanngwang le All Souls’ Day tshimologo ya tsone ke ya seheitane ebile di tswa bogologolong. Ka gone baswi go dumelwa ke batho fela ba ba tlwaelegileng ba dinaga tse dintsi tsa Katoliki gore ba boela mo magaeng a bone a pele mo bosigong jwa All Souls’ Day mme ba je dijo le batshedi.”—Bol. I, ts. 709.

The Encyclopedia Americana e re: “Dikarolo tsa dingwao tseo di nyalanngwang le Halloween di ka latisediwa go ya moletlong wa Druid mo metlheng ya pele ga Bokeresete. Ba Celts ba ne ba na le mekete ya medimo e megolo e mebedi—modimo wa letsatsi le modimo wa baswi (o o bidiwang Samhain), oo moletlo wa one o neng o tshwarwa ka November 1, tshimologong ya Nnibijara wa ba Celts. Mokete wa baswi ka iketlo o ne wa kopanyelediwa mo medirong ya Bokeresete.”—(1977), Bol. 13, ts. 725.

Buka ya The Worship of the Dead e supela go tshimologo eno: “Ditlhamane tsa merafe ya bogologolo tsotlhe di gokagane le ditiragalo tsa Morwalela . . . Botlhokwa jwa kgang eno bo sutšwa ke go nna gone ga keteko ya moletlo o mogolo wa baswi mo kgopolong ya tiragalo, eseng fela ka merafenyana e e rileng e e atamalaneng, mme gape ka e mengwe e e farologaneng thata, e ka tswa e le ka mawatle le ka makgolo a dingwaga a nako. Moletlo ono, gape, o o tshwarwang ke botlhe mo e ka nnang mo letsatsing le le tshwanang leo go lone, go ya ka pego ya ga Moshe, Morwalela o neng wa diragala ka lone, ke gore letsatsi ja lesome le bosupa ja kgwedi ya bobedi—kgwedi eo e neng ya batla e tsamaelana le November ya rona.” (London, 1904, Colonel J. Garnier, ts. 4) Ka gone meletlo eno tota e ne ya simolola ka go tlotla batho bao Modimo a neng a ba senya ka ntlha ya bosula jwa bone mo motlheng wa ga Noa.—Gen. 6:5-7; 7:11.

Malatsi a boikhutso a a ntseng jalo a a tlotlang “meya ya baswi” jaaka ekete e ne e tshela mo sebakeng sengwe a fapaana le tlhaloso ya Bibela ya loso jaaka seemo sa go sa ikutlwe gotlhelele.—Mor. 9:5, 10; Pes. 146:4.

Malebana le tshimologo ya tumelo mo bosasweng jwa moya wa motho, bona ditsebe 245, 246, tlase ga setlhogo se segolo “Loso” le ditsebe 299, 300, tlase ga “Moya” (Soul).

Letsatsi la “Valentine” le simologile kae?

The World Book Encyclopedia e a re itsise: “Letsatsi la Valentine le diragala mo letsatsing la moletlo wa baswela-tumelo ba babedi ba Bakeresete ba ba farologaneng ba ba neng ba bidiwa Valentine. Mme dingwao tse di nyalanang le letsatsi leo . . . ka gongwe di tswa moletlong wa bogologolo wa Roma o o neng o bidiwa Lupercalia o o neng o diragala February mongwe le mongwe a le 15. Moletlo oo o ne o tlotla Juno, modimogadi wa Roma wa basadi le lenyalo, le Pan, modimo wa tlholego.”—(1973), Bol. 20, ts. 204.

Tlwaelo ya go beela kwa thoko letsatsi la go tlotla bomma-bana e simologile kae?

Encyclopædia Britannica e re: “Ke moletlo o o tswang mo ngwaong ya kobamelo ya bomma-bana mo Gerika wa bogologolo. Kobamelo e e rulagantsweng ya bomma-bana, ka meletlo ya ga Cybele, kana Rhea, Mma-bana yo Mogolo wa Medimo, e ne e dirwa ka March a le lesome le botlhano go ralala Asia Minor.”—(1959), Bol. 15, ts. 849.

Ke melao-metheo efe ya Bibela e e supang kafa Bakeresete ba tla lebang ka teng go tlhakanela mo medirong ya go gopola ditiragalo tsa ditso tsa sepolotiki tsa morafe?

Yoh. 18:36: “Yesu a mo hetola [molaodi wa Roma], a re, Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno.”

Yoh. 15:19: “Ha lo no lo le ba [balatedi ba ga Jesu] lehatshe le ne le tla rata ba e leñ ba yeōna: me ereka lo se ba lehatshe, me ke lo itshenketse mo lehatshiñ, ke gōna lehatshe le lo ilañ.”

1 Yoh. 5:19: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (Bapisa Yohane 14:30; Tshenolō 13:1, 2; Daniele 2:44.)

Malatsi a mangwe a boikhutso a lefelo leo le naga eo

Go na le a le mantsi. Ga se otlhe a go ka tlotliwang ka one fano. Mme boikitsiso jwa ditso jo bo baakanyeditsweng fa godimo bo neela ditshupo tsa seo se ka lebelelwang malebana le letsatsi lepe fela la boikhutso, le melao-metheo ya Bibela e e setseng e tlotlilwe e baakanyetsa ka kaelo e e papametseng go bao keletso ya bone ya konokono e leng go dira seo se itumedisang Jehofa Modimo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela