LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 249-ts. 254
  • Madi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Madi
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Mongwe A Re—
  • Botshelo bo ka Bolokwa Jang ka Madi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Anaanela Mpho ya Botshelo E o E Abetsweng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Madi Ao A Bolokang Botshelo Eleruri
    Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
  • Baebele ya Reng ka go Tshelwa Madi?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 249-ts. 254

Madi

Tlhaloso: Seedi se eleruri se gakgamatsang seo se elelang mo ditshikeng tsa batho le mo diphologolong ka bontsi tse di disele dintsi, go otla le go tsamaisa okosijene, go ntsha leswe, le go nna le seabe se segolo mo go sireletseng mmele kgatlhanong le tshwaetso. Madi a gokagane fela thata le tsamaiso tsa botshelo mo eleng gore Bibela e re “botshelō yoa nama ke madi.” (Lefi. 17:11) Jaaka Motswedi wa botshelo, Jehofa o baakanyeditse ka ditaelo tse di papametseng malebana le tiro eo madi a ka e dirisediwang.

Bakeresete ba laelwa go ‘ithiba mo mading’

Dit. 15:28, 29: “Gonne, go le Mōea o o Boitshèpō, go le rona, [setlhopha se se laolang sa phuthego ya Bakeresete], re hitlhetse go le molemō, go re, re se ka ra lo baea morwalō opè go hetisa dilō tse di chwanetseñ tse; Eboñ go re, lo ithibè mo diloñ tse di isediwañ medimo ea disètwa ditlhabèlō, le mo madiñ a dilō tse di betilweñ, [kana, tse di bolailweng kwantle ga go tsholola madi a tsone], le mo boakeñ; tse e tla reñ ha lo ithibile mo go cōna, go bo go tla nna molemō mo go lona. Dumèlañ.” (Go ja ga bone madi go tshwantshanngwa le kobamelo ya medimo ya disetwa le boaka, dilo tseo ruri re se ketlang re batla go tshwarega mo go tsone.)

Nama ya diphologolo e ka jewa, mme eseng madi

Gen. 9:3, 4: “Dilō cotlhe tse di tsamaeañ tse di tshelañ, di tla nna diyō tsa lona; yaka merōgō e metala, ke di lo neile gotlhe hèla. Me nama e e tlhakanyeñ le botshelō yoa eōna, bo e leñ madi a eōna, lo se ka loa e ya.”

Phologolo epe fela e e ka jewang e tshwanetse ya tshololwa madi ka tshwanelo. Nngwe e e betilweng kana e e swetseng mo selageng kana e e fitlhetsweng e sule ga e a tshwanela go jewa. (Dit. 15:19, 20; bapisa Lefitiko 17:13-16.) Ka mo go tshwanang, dijo dipe fela tse madi kana metswakonyana ya madi e ileng ya latlhelwa mo go tsone ga di a tshwanela go jewa.

Ke tiriso ya madi a setlhabelo fela eo eleng yone Modimo a ileng a e amogela

Lefi. 17:11, 12: “Gonne botshelō yoa nama ke madi: me ke a lo neile mo sebeshoñ go dihèla meōea ea lona tetlanyō: gonne madi ko aōna a a dihañ tetlanyō ka ntlha ea botshelō. Ke gōna ka mouō ke reileñ bana ba Iseraela, ka re, A go se nnè motho opè oa lona eo o yañ madi.” (Ditlhabelo tseno tsotlhe tsa diphologolo tlase ga Molao wa ga Moshe di ne di tshwantshetsa setlhabelo se le sengwe ebong sa ga Jesu Keresete.)

Baheb. 9:11-14, 22: “Me ka Keresete a tsile, e le moperisiti eo mogolo . . . Le gōna e señ ka madi a dipodi, leha e le a dinamane, me e le ka madi a gagwè ka esi, ea re a sena go diha thèkololō e e emeñ ka bosakhutleñ, a tsènèla rure gañwe hèla mo Heloñ ga Boitshèpō. Gonne ha go kgatsa ba ba leshwè ka madi a dipodi le a dipōō, a na le melōra ea kgomo ea moroba, ha go mo, go na le go tlhapisa nama ea nna ntlè; Go golo yañ madi a ga Keresete, eo o rileñ a ikisetsa Modimo setlhabèlō ka esi ka Mōea o o sa khutleñ, a sena bogōlè, bogolo yañ madi a, a tla tlhapisa segakolodi sa lona a tlosa ditihō tse di shuleñ, gore lo dihèlè Modimo o o tshedileñ! . . . Me kwa ntlè ga go cholola madi ga go na boichwarèlō.”

Baef. 1:7: “Eo re nañ le thèkololō ea rona mo go èna [Jesu Keresete] ka madi a gagwè, eboñ boichwarèlō yoa ditlolō tsa rona, kaha dikhumoñ tsa tshegōhaco ea ōna.”

Bao ba neng ba iphaka go nna Bakeresete mo makgolong a dingwaga a pele a C.E. ba ne ba utlwisisa jang ditaolo tsa Bibela malebana le madi?

Tertullian (mo e batlang e nna 160-230 C.E.): “A ditsela tsa lona tse eseng tsa tlholego di lo tlhabise ditlhong fa pele ga Bakeresete. Ga re na le eleng madi a diphologolo mo dijong tsa rona, ka go bo tseno ke dijo fela. . . . Kwa ditshekong tsa Bakeresete lona [Baroma ba baheitane] le ba neela diboroso tse di nang le madi. Lefa go ntse jalo, lo tlhatswegile pelo, gore sone selo se tota le lekang go ba faposa mo tseleng e e siameng ka sone ga se dumelesege mo go bone. Ke jang gore e re lo ntse lo dumela ka botlalo gore ba tsitsibanngwa ke madi a phologolo, lo bo lo ka ithaya lwa re ba tla eletsa madi a motho ka matlho a mahibidu?”—Tertullian, Apologetical Works, and Minucius Felix, Octavius (New York, 1950), e ranotswe ke Emily Daly, ts. 33.

Minucius Felix (lekgolo la dingwaga la boraro C.E.): “Re ikgogona fela thata thata mo mading a batho, mo eleng gore ga re dirise le eleng madi a diphologolo tse di jewang mo dijong tsa rona.”—The Ante-Nicene Fathers (Grand Rapids, Mich.; 1956), e rulagantswe ke A. Roberts le J. Donaldson, Bol. IV, ts. 192.

Ditshelo tsa Madi

A kiletso ya Bibela e akareletsa madi a motho?

Ee, ebile Bakeresete ba pele ba ne ba e tlhaloganya ka tsela eo. Ditihō 15:29 e re “lo ithibè . . . mo madiñ.” Ga e re fela lo ithibe mo mading a diphologolo. (Bapisa Lefitiko 17:10, eo e neng e iletsa go ja ‘madi a mofuta ofe fela.’) Tertullian (yo o neng a kwala mo go hemeleng ditumelo tsa Bakeresete ba pele) o ne a tlhalosa ka gore: “Kiletso godimo ga ‘madi’ re tla e tlhaloganya go nna (kiletso) fela thata thata le mo mading a motho.”—The Ante-Nicene Fathers, Bol. IV, ts. 86.

A tota tshelo-madi e tshwana le go ja madi?

Mo sepateleng, fa molwetsi a ka se je ka molomo, o jesiwa ka tshika. Jaanong, a motho yo le ka motlha a iseng a tsenye madi mo ganong ja gagwe mme a ile a a amogela ka tshelo a tota o utlwa taolo ya go ‘ithiba mo . . . mading’? (Dit. 15:29) Go neela papiso, akanyetsa monna yo o bolelelwang ke ngaka gore o tshwanetse a ithiba mo taging. A o ne a tla bo a le kutlo fa a ne a ka lesa go nwa tagi mme a mpa ya tshelwa mo go ene ka ditshika tsa gagwe?

Mo kgannyeng ya molwetsi yo o ganang madi, a go na le dikalafi dipe tse dingwe?

Gantsi saline solution, Ringer’s solution, le dextran di ka dirisiwa jaaka koketso ya polasema ya madi, mme tseno di batlile di nna gone mo dipateleng tsotlhe tsa segompieno. Tota, dikotsi tse di ka nnang gone ka ditshelo tsa madi di a tilwa ka go dirisiwa ga metswako eno. Canadian Anaesthetists’ Society Journal (January 1975, ts. 12) e re: “Dikotsi tse di ka nnang gone tsa tshelo ya madi di thusa gore go nne le mesola ya tiriso ya dithuso tsa polasema: go tilwa tshwaetso ya baketiria kana megare, go ganwa ke madi le tsiboso ya kidibalo ka Rh.” Basupi ba ga Jehofa ga ba na kgano epe ya sedumedi ya go dirisiwa ga dioketsi tsa polasema fa di se na madi.

Basupi ba ga Jehofa tota ba solegelwa molemo ke botsogo jo bo molemo jwa kalafi ka go bo ba sa amogele madi. Ngaka nngwe e e neng ya kwala go American Journal of Obstetrics and Gynecology (June 1, 1968, ts. 395) e ne ya dumela ka gore: “Ga go na pelaelo ya gore seemo seo wena [ngaka] o arang ka go itse gore ga o na go dirisa tshelo ya madi se tla go dira gore o tokafatse bongaka jwa gago. O nna kelotlhoko fela thata mo go kganeleng tshika epe fela mo go dutleng.”

Mefuta yotlhe ya bongaka e ka dirwa ka katlego kwantle ga ditshelo tsa madi. Seno se akareletsa dikaro tsa pelo, tsa boboko, go kgaolwa ga ditokololo le go ntshiwa gotlhelele ga dirwe tsa kankere. Fa a ne a kwala go New York State Journal of Medicine (October 15, 1972, ts. 2527), Dr. Philip Roen o ne a re: “Ga re a okaoka go diragatsa dikgato tsa karo lefa e ka nna dife tse di laotsweng fa re lebane le kgano ya madi.” Dr. Denton Cooley, wa Texas Heart Institute, o ne a re: “Re ne ra kgatlhwa fela thata ke matswela [ka go dirisa dioketsi tsa polasema tse e seng tsa madi] mo Basuping ba ga Jehofa moo re neng ra simolola go dirisa motlhala oo mo balwetsing botlhe ba rona ba pelo.” (Union ya San Diego, December 27, 1970, ts. A-10) “Loaro lwa pelo go sa dirisiwe madi, lo kwa tshimologong lo neng lo diretswe maloko a bagodi a lekoko la Basupi ba ga Jehofa ka ntlha ya go bo tumelo ya bone e ba thibela go tshelwa madi, jaanong ka pabalesego le ile la dirisediwa ditshika tsa pelo tse di maneneketso mo maseanyaneng le mo baneng.”—Cardiovascular News, February 1984, ts. 5.

Fa Mongwe A Re—

‘Lo lesa bana ba lona ba a swa ka go bo lo gana ditshelo tsa madi. Ke bona seo e le bosetlhogo tota’

O ka nna wa araba ka gore: ‘Mme gone re ba dumelela ditshelo dingwe—tsa mofuta o o babalesegileng. Re amogela ditshelo tsa mofuta oo o sa tliseng kotsi ya dilo tse di jaaka AIDS, thurugo sebete, le malaria. Re batlela bana ba rona kalafi e e molemo-lemo, jaaka ke tlhomamisega gore motsadi mongwe le mongwe yo o lorato o ka go dira.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Fa go na le tatlhegelo ya madi e kgolo fela thata, tlhokafalo e kgolo ke go busetsa seedi. Kwa ntle ga pelaelo o lemoga gore madi a rona tota ke diphesente tse di fetang 50 tsa metsi; go tswa foo go na le disele tse dikhibidu le tse ditshweu, jalo jalo. Fa madi a mantsi a tshologile, mmele ka boone o tshela disele tse dintsi tse di ntseng di bolokilwe tsa madi, go ya le ditshika, mme seno se bo se akofisa go dirwa ga tse dintšha. Mme seedi se a tlhokafala. Dioketsi tsa polasema tseo di se nang madi di ka dirisiwa go tlatsa tlhokafalo eno, mme tseno re a di amogela.’ (2) Dioketsi tsa polasema di ile tsa dirisiwa mo diketeng tsa batho, ka matswela a a siameng thata.’ (3) ‘Mme ebile se se botlhokwa bogolo go rona ke seo Bibela ka boyone e se bolelang go Ditihō 15:28, 29.’

Kana o ka nna wa re: ‘Ke tlhaloganya boikutlo jwa gago. Ke gopola gore o akanya ka ngwana wa gago a le mo seemong seo. Jaaka batsadi re ne re ka dira sengwe le sengwe se se ka kgonegang go sireletsa molemo wa bana ba rona, a gago jalo? Ka jalo fa batho ba ba jaaka wena le nna ba ne ba ka gana kalafi nngwe ya tsa botsogo mo baneng ba bone, tota go tshwanetse ga bo go na le lebaka le le pateletsang.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘A o akanya gore batsadi bangwe ba ka tswa ba tlhotlhelediwa ke se Lefoko la Modimo le se bolelang fano mo go Ditihō 15:28, 29? (2) ‘Ka jalo potso ke, A re na le tumelo e e lekaneng go dira se se laotsweng ke Modimo?’

‘Ga le dumele mo ditshelong tsa madi’

O ka nna wa araba ka gore: ‘Dikoranta di ile tsa gatisa dipolelo kaga maemo mangwe ao di neng di ikutlwa gore Basupi bangwe ba ka nna ba swa fa e le gore ga ba amogele madi. A seo ke sone se o se gopotseng? . . . Ke goreng re tsaya seemo seo re se tsayang?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘A o rata mosadi wa gago (monna) mo go lekaneng mo eleng gore o ne o ka ikemisetsa go tsenya botshelo jwa gago mo kotsing ka ntlha ya gagwe? . . . Go na le banna bangwe bao ba tsenyang matshelo a bone mo kotsing ka dinaga tsa bone, mme ba tsewa jaaka megaka, a ga go jalo? Mme go na le mongwe yo o leng mogolo go na le motho ope kana selo sepe mo lefatsheng, mme yoo ke Modimo. A o ne o ka tsenya botshelo jwa gago mo kotsing ka gobo o mo rata ebile o ikanyega go bobusi jwa gagwe?’ (2) Kgang fano ke boikanyegi go Modimo. Ke Lefoko ja Modimo je le re bolelelang go ithiba mo mading. (Dit. 15:28, 29)’

Kana o ka nna wa re: ‘Go na le dilo tse dintsi tseo di tlwaelegileng gompieno ebile e le tseo Basupi ba ga Jehofa ba di ganang—ka sekai, go aka, kgokahalo, go utswa, go goga le, jaaka o sa tswa go umaka, tiriso ya madi. Ka baka lang? Ka gobo re laola matshelo a rona ka Lefoko ja Modimo.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘A o ne o itse gore Bibela e re re tshwanetse go ‘ithiba mo mading’? Ke eletsa go ka go e bontsha. (Dit. 15:28, 29)’ (2) ‘Gongwe o gakologelwa gore Modimo o ne wa bolelela batsadi ba rona ba ntlha, Adame le Efa, gore ba ne ba ka ja setlhare sengwe le sengwe sa tshimo mo Edena kwa ntle ga se le sengwe. Mme ba ne ba se ka ba utlwa, ba ja setlhare se se ileditsweng, mme ba latlhegelwa ke sengwe le sengwe. Abo ba ne ba se botlhale! Mme legale, ga go na setlhare sepe se se ilediwang jaanong. Mme morago ga Morwalela wa motlha wa ga Noa Modimo gape o ne a tlhoma kiletso e nngwe go setho. Fano jaanong e ne e kopanyeletsa madi. (Gen. 9:3, 4)’ (3) ‘Ka jalo potso e eleng gone tota ke gore, A re na le tumelo mo Modimong? Fa re mo utlwa, re na le tebelelo mo pele ga rona ya botshelo jo bo sa khutleng ka boitekanelo tlase ga Bogosi jwa gagwe. Le eleng fa re ka swa, o re tlhomamisetsa tsogo.’

‘Go tweng fa e le gore ngaka ya re, “O tla swa fa o sa tshelwe madi”?’

O ka nna wa araba ka gore: ‘Fa e le gore seemo ke se se masisi mo go kalo, a ngaka e ka tlhomamisetsa motho gore molwetsi ga a ketla a swa fa a ka fiwa madi?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Mme go na le mongwe yo o ka neelang motho botshelo gape, mme yoo ke Modimo. A ga o dumele gore, fa re thulane le loso, go furalela Modimo ka go tlola molao wa gagwe e tla bo e le phetso e e sa siamang? Eleruri ke na le tumelo mo Modimong. Wena? Lefoko la gagwe le solofetsa tsogo mo go bao ba bontshang tumelo mo go Morwawe. A o dumela seo? (Yoh. 11:25)’

Kana o ka nna wa re: ‘Go ka tswa go raya gore gongwe ka sebele ga a itse kafa a ka alafang bolwetsi joo ka gone kwantle ga tiriso ya madi. Fa go kgonega, re leka go mo itsise kaga ngaka eo e nang le boitemogelo jo bo tlhokafalang, kana re senka thuso mo ngakeng e nngwe.’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela